Mathaio 3:1-17
3 Mo malatsing ao Johane Mokolobetsi+ a tla a rera kwa nageng+ ya Judea,
2 a re: “Ikwatlhayeng,+ gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.+”
3 Tota e bile, yono ke ene yo go buiwang ka ene ka Isaia moporofeti+ mo mafokong ano: “Reetsang! Mongwe o goa kwa nageng a re, ‘Baakanyang+ tsela ya ga Jehofa! Tlhamalatsang ditsela tsa gagwe.’”
4 Mme ene Johane yono diaparo tsa gagwe e ne e le boboa+ jwa kamela le moitlamo wa letlalo+ mo lothekeng lwa gagwe; dijo tsa gagwe le tsone e ne e le tsie+ le tswina ya dinotshe+ ya naga.
5 Foo Jerusalema le Judea yotlhe le naga yotlhe e e dikologileng Joredane ba tswela kwa go ene,
6 mme batho ba ne ba kolobediwa ke ene mo Nokeng ya Joredane,+ ba ipolela maleo a bone ka tshosologo.
7 E rile a tshogana ka a bona ba le bantsi ba Bafarasai le Basadukae+ ba tla kolobetsong, a ba raya a re: “Lona bana ba dinoga tse di botlhole,+ ke mang yo o lo lomileng tsebe gore lo tshabe tšhakgalo e e tlang?+
8 Jalo he ungwang maungo a a tshwanelang boikwatlhao;+
9 mme lo se ka lwa ithaya lwa re, ‘Rraarona ke Aborahame.’+ Gonne ke a lo raya ka re Modimo o kgona go tsosetsa Aborahame+ bana mo majeng ano.
10 Selepe+ se setse se le fa moding wa ditlhare; setlhare sengwe le sengwe, he, se se sa ungweng maungo a a molemo ruri se tla rengwa+ se bo se latlhelwa mo molelong.+
11 Mme nna, ke lo kolobetsa ka metsi+ ka ntlha ya boikwatlhao+ jwa lona; mme yo o tlang+ morago ga me o nonofile go mpheta, yo ke sa lekanang go mo rola bompaatšhane.+ Yoo o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo+ le ka molelo.+
12 Loselo lwa gagwe lo mo seatleng sa gagwe, mme o tla phepafatsa seboana sa gagwe ka botlalo, e bile o tla phuthela korong ya gagwe mo ntlong ya polokelo,+ mme mmoko one o tla o ja ka molelo+ o o ka se kang wa tingwa.”
13 Foo Jesu a tla a tswa Galalea+ a ya kwa Joredane kwa go Johane, gore a kolobediwe+ ke ene.
14 Mme Johane a leka go mo itsa, a re: “Ke nna yo ke tlhokang go kolobediwa ke wena, mme a o tla mo go nna?”
15 Fa Jesu a fetola a mo raya a re: “Mma go nne jalo, mo nakong eno, gonne ka tsela eo go a tshwanela gore re diragatse gotlhe mo go siameng.”+ Foo a tlogela go mo itsa.
16 Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega,+ mme a bona moya wa Modimo o tla mo go ene+ o fologa jaaka lephoi.+
17 Bona! Gape, ga nna lentswe+ le tswa kwa magodimong le le neng le re: “Yono ke Morwaake,+ moratwa,+ yo ke mo amogetseng.”+

