Mathaio 5:1-48
5 E rile a bona boidiidi a tlhatlogela kwa thabeng; mme fa a sena go nna fa fatshe barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene;
2 mme a bula molomo a simolola go ba ruta, a re:
3 “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng,+ e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.+
4 “Go itumela ba ba hutsafetseng, e re ka ba tla gomodiwa.+
5 “Go itumela ba ba bonolo,+ e re ka ba tla rua lefatshe.+
6 “Go itumela ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe+ tshiamo, e re ka ba tla kgora.+
7 “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko,+ e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.
8 “Go itumela ba ba itshekileng mo pelong,+ e re ka ba tla bona Modimo.
9 “Go itumela ba ba kagiso,+ e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa+ Modimo.’
10 “Go itumela ba ba bogiseditsweng+ tshiamo, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.
11 “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba+ ba bo ba lo bogisa+ e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka.
12 Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo,+ e re ka maduo+ a lona a le magolo kwa magodimong; gonne ba ne ba bogisa baporofeti+ pele ga lona ka tsela eo.
13 “Lona lo letswai+ la lefatshe; mme fa letswai le tswapoga, botswai jwa lone bo ka busediwa jang? Ga le tlhole le ka dirisediwa sepe fa e se go latlhelwa kwa ntle+ gore le gatakwe ke batho.
14 “Lona lo lesedi la lefatshe.+ Motse ga o ka ke wa fitlhega fa o tlhomilwe mo godimo ga thaba.
15 Batho ba tshuba lobone ba bo ba lo tlhoma, e seng kafa tlase ga seroto se se lekanyang,+ mme mo godimo ga setlhomo sa lobone, mme lo phatsimela botlhe ba ba mo ntlong.
16 Ka tsela e e tshwanang a lesedi+ la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo+ mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.
17 “Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go senya Molao+ kgotsa Baporofeti. Ke tlile, e seng go senya, mme go diragatsa;+
18 gonne ammaaruri ke a lo raya ka re legodimo le lefatshe di tla feta+ ka bonako go na le gore tlhaka e le nngwe e nnye thata kgotsa ntlhana e le nngwe ya tlhaka ya Molao e fete ka gope mme dilo tsotlhe di sa diragala.+
19 Jalo, le fa e le mang yo o tlolang+ e le nngwe ya ditaelo tseno tse di potlana thata a ba a ruta batho go dira jalo, o tla bidiwa ‘mmotlana thata’ mo bogosing jwa magodimo.+ Mme motho yo o di dirang a ba a di ruta,+ yono o tla bidiwa ‘mogolo’+ mo bogosing jwa magodimo.
20 Gonne ke lo raya ke re fa tshiamo ya lona e sa tote go feta ya bakwadi le Bafarasai,+ ga lo kitla lo tsena+ ka gope mo bogosing jwa magodimo.
21 “Lo utlwile gore ba dinako tsa bogologolo tala ba ne ba tewa go twe, ‘O se ka wa bolaya motho;+ mme le fa e le mang yo o bolayang motho+ o tla ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso.’+
22 Le fa go ntse jalo, ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o tswelelang a shakgaletse+ morwarraagwe o tla ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso; mme le fa e le mang yo o bitsang morwarraagwe ka lefoko le le sa tshwanelang go buiwa la lenyatso o tla ikarabelela go Kgotlatshekelo e Kgolo; mme le fa e le mang yo o reng, ‘Seeleele ke wena se se nyatsegang!’ o tla lebanwa ke Gehena+ e e tukang.
23 “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong+ mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena,+
24 tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele,+ go tswa foo, fa o boile, isa mpho+ ya gago tshupelo.
25 “Nna bofefo go rarabolola dikgang le yo o ngongoregang ka wena kafa molaong, fa o sa ntse o na le ene lo le mo tseleng lo ya koo, gore ka tsela nngwe mongongoregi+ a tle a se ka a go neela moatlhodi, mme moatlhodi a go neela motlhokomedi wa kgotlatshekelo, mme wa latlhelwa mo kgolegelong.
26 Ammaaruri ke a go raya, Eleruri ga o kitla o tswa koo go fitlha o sena go duela ledi la tshipi la bofelo la tlhwatlhwa e nnye thata.+
27 “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’+
28 Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi+ mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong+ ya gagwe.
29 Jaanong, fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.+ Gonne go molemo thata mo go wena gore o latlhegelwe ke e le nngwe ya ditokololo tsa gago go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe+ mo Gehena.
30 Gape, fa e le gore seatla sa gago sa moja se a go kgopisa, se kgaole mme o se latlhele kgakala le wena.+ Gonne go molemo thata mo go wena gore o latlhegelwe ke e le nngwe ya ditokololo tsa gago go na le gore mmele otlhe wa gago o felele mo Gehena.
31 “Mo godimo ga moo go ne ga twe, ‘Le fa e le mang yo o tlhalang+ mosadi wa gagwe, a a mo neye lekwalo la tlhalo.’+
32 Le fa go ntse jalo, nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya kgokafalo,+ o mmaya mo boemong jwa go akafala,+ mme le fa e le mang yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng o dira boaka.+
33 “Gape lo utlwile gore ba dinako tsa bogologolo tala ba ne ba tewa ga twe, ‘O se ka wa ikana+ mme o bo o sa dire, o tshwanetse go duela maikano a gago mo go Jehofa.’+
34 Le fa go ntse jalo, nna ke lo raya ke re: Lo se ka lwa ikana+ ka gope, le fa e le ka legodimo, ka gonne ke setulo sa bogosi sa Modimo;+
35 le fa e le ka lefatshe, ka gonne ke sebeo sa dinao+ tsa gagwe; le fa e le ka Jerusalema, ka gonne ke motse+ wa Kgosi e kgolo.
36 Le fa e le ka tlhogo ya gago ga o a tshwanela go ikana, ka gonne ga o ka ke wa fetola thiri e le nngwe gore e nne tshweu kgotsa e nne ntsho.
37 Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa;+ gonne se se fetang tseno se tswa kwa go yo o boikepo.+
38 “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘Leitlho le tswele leitlho le leino le tswele leino.’+
39 Le fa go ntse jalo, nna ke lo raya ke re: O se ka wa emelelana le yo o boikepo; mme le fa e le mang yo o go fapholang mo lerameng+ la gago la moja, lebisa le lengwe gape kwa go ene.
40 Mme fa motho a batla go ya kgotlatshekelong le wena a ba a tsaya seaparo sa gago sa kafa teng, mo lese a tseye le sone seaparo sa gago sa kafa ntle;+
41 mme fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa mmaele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.+
42 Naya yo o go kopang, mme o se ka wa furalela yo o batlang go adima mo go wena kwantle ga morokotso.+
43 “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘O rate moagelani+ wa gago mme o tlhoe mmaba+ wa gago.’
44 Le fa go ntse jalo, ke a lo raya ka re: Tswelelang lo rate baba ba lona+ lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang;+
45 gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong,+ e re ka a tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang+ pula.
46 Gonne fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le maduo afe?+ A bakgethisi le bone ga ba dire sone seo?
47 Mme fa lo dumedisa bakaulengwe ba lona fela, ke eng se se sa tlwaelegang se lo se dirang? A batho ba ditšhaba le bone ga ba dire sone seo?
48 Jalo lo tshwanetse go itekanela, jaaka Rraalona wa selegodimo a itekanetse.+

