Mathaio 13:1-58
13 Mo letsatsing leo Jesu, fa a sena go tswa mo ntlong, a bo a ntse go bapa le lewatle;
2 mme boidiidi jo bogolo jwa phuthegela kwa go ene, mo a neng a ba a palama mokoro, a nna fa fatshe,+ mme boidiidi jotlhe bo ne bo eme mo lotshitshing.
3 Go tswa foo a ba bolelela dilo di le dintsi ka ditshwantsho, a re: “Bonang! Mojadi o ne a tswa a ya go jala;+
4 mme ya re a ntse a jala, dipeo dingwe tsa wela go bapa le tsela, mme dinonyane tsa tla tsa di ja tsa di fetsa.+
5 Tse dingwe tsa wela mo mafelong a a matlapa koo di neng di se na mmu o montsi gone, mme tsa akofa tsa mela ka ntlha ya go bo di se mo mmung o o boteng.+
6 E rile letsatsi le tlhaba tsa sha, mme ka go bo di se na modi tsa swaba.+
7 Tse dingwe, le tsone, tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola ya di hupetsa.+
8 Tse dingwe gape tsa wela mo mmung o o molemo mme tsa simolola go ungwa maungo,+ eno go menagane ga lekgolo, ele masome a marataro, e nngwe masome a mararo.+
9 A yo o nang le ditsebe a reetse.”+
10 Jalo barutwa ba tla mme ba mo raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa o bua le bone o dirisa ditshwantsho?”+
11 Fa a fetola a re: “Lona lo neilwe go tlhaloganya diphiri tse di boitshepo+ tsa bogosi jwa magodimo, mme batho bale ga baa go newa.+
12 Gonne le fa e le mang yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng a ba a totisiwe;+ mme le fa e le mang yo o se nang sepe, le se a nang le sone se tla tsewa mo go ene.+
13 Ke gone ka moo ke buang le bone ke dirisa ditshwantsho, ka gonne, go leba, ba lebela lefela, le go utlwa, ba utlwela lefela, le gone ga ba tlhaloganye;+
14 mme mo go bone boporofeti jwa ga Isaia bo a diragala, jo bo reng, ‘Go utlwa, lo tla utlwa mme lo sa tlhaloganye ka gope; mme, go leba, lo tla leba mme lo sa bone ka gope.+
15 Gonne pelo ya batho bano ga e tlhole e amogela sepe, mme ka ditsebe tsa bone ba utlwile mme ga ba arabele, ba tswetse matlho a bone; gore le ka motlha ba tle ba se ka ba bona ka matlho a bone mme ba utlwa ka ditsebe tsa bone mme ba go tlhaloganya ka dipelo tsa bone mme ba boele morago, mme ke ba fodise.’+
16 “Le fa go ntse jalo, go itumela matlho+ a lona ka gonne a a bona, le ditsebe tsa lona ka gonne di a utlwa.
17 Gonne ammaaruri ke a lo raya, Baporofeti ba le bantsi le banna ba ba siameng ba ne ba eletsa go bona dilo tse lo di bonang mme ba ne ba se ka ba di bona,+ le go utlwa dilo tse lo di utlwang mme ba ne ba se ka ba di utlwa.+
18 “Lona, he, reetsang setshwantsho sa monna yo o neng a jala.+
19 Koo mongwe a utlwang lefoko la bogosi mme a sa le tlhaloganye, yo o boikepo+ o a tla mme o tsubula se se jetsweng mo pelong ya gagwe; eno ke e e jetsweng go bapa le tsela.
20 Mme e e jetsweng mo mafelong a a matlapa, eno ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le amogele ka boipelo.+
21 Le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene mme o tswelela nakonyana, mme fa pitlagano kgotsa pogiso e sena go tsoga ka ntlha ya lefoko o akofa a kgotšwe.+
22 Mme e e jetsweng mo mitlweng, eno ke yo o utlwang lefoko, mme tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo+ le maatla a a tsietsang a dikhumo a hupetse lefoko, mme a nne yo o sa ungweng.+
23 Mme e e jetsweng mo mmung o o molemo, eno ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganya, yo tota o ntshang maungo e bile a ungwa, yono go menagane ga lekgolo, yole masome a marataro, yo mongwe masome a mararo.”+
24 A ba beela setshwantsho se sengwe, a re: “Bogosi jwa magodimo jaanong bo tshwana le motho yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe.+
25 Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero mo gare ga korong, a ba a tsamaya.
26 E rile mogwang o tlhoga o bo o ungwa maungo, foo mefero ya bonala le yone.
27 Jalo batlhanka ba mong wa ntlo ba tla mme ba mo raya ba re, ‘Mong wa rona, a o ne o sa jala peo e e molemo mo tshimong+ ya gago? Go tla jang, he, gore e bo e na le mefero?’+
28 A ba raya a re, ‘Mmaba, motho mongwe, o dirile seno.’+ Ba mo raya ba re, ‘A mme o batla gore re tswe re ye go e phutha?’
29 A re, ‘Nnyaa; e se ka ya tloga ya re, fa lo ntse lo phutha mefero, lwa kumola korong le yone.
30 Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo; mme mo pakeng ya thobo ke tla bolelela barobi ke re, Phuthang pele mefero lo bo lo e bofe ka dingata gore lo e je ka molelo,+ go tswa foo lo ye go phuthela korong mo ntlong ya me ya polokelo.’”+
31 A ba beela setshwantsho se sengwe,+ a re: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le tlhaka ya mosetara,+ e motho o neng a e tsaya a e jala mo tshimong ya gagwe;
32 e totatota, e leng e nnye thata mo dipeong tsotlhe, mme fa e godile e kgolo thata mo merogong e bile e nna setlhare, mo dinonyane tsa legodimo+ di tlang di bo di bona bonno mo dikaleng tsa sone.”+
33 A bua le bone setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le sebediso,+ se mosadi mongwe a neng a se tsaya mme a se fitlha mo dilekanyetsong tse tharo tse dikgolo tsa bupi, go fitlha leribi lotlhe le bela.”
34 Dilo tseno tsotlhe Jesu o ne a di bua le boidiidi ka ditshwantsho. Eleruri, o ne a sa bue le bone sepe fa e se ka setshwantsho;+
35 gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ka moporofeti yo o neng a re: “Ke tla bula molomo wa me ka ditshwantsho, ke tla itsise phatlalatsa dilo tse di fitlhilweng fa e sale go thaiwa.”+
36 Go tswa foo fa a sena go phatlalatsa boidiidi a tsena mo ntlong. Mme barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re: “Re tlhalosetse setshwantsho sa mefero ya mo tshimong.”
37 Fa a arabela a re: “Mojadi wa peo e e molemo ke Morwa motho;
38 tshimo ke lefatshe;+ mme peo e e molemo, bano ke bana ba bogosi; mme mefero ke bana ba yo o boikepo,+
39 mme mmaba yo o e jadileng ke Diabolo. Thobo+ ke bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo,+ mme barobi ke baengele.
40 Jalo, fela jaaka mefero e kokoanngwa e bo e jewa ka molelo, go tla nna jalo mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.+
41 Morwa motho o tla romela baengele ba gagwe, mme ba tla phutha go tswa mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopang+ le batho ba ba sa direng kafa molaong,
42 mme ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jo bo tukang.+ Ke gone koo selelo sa bone le phuranyo ya meno a bone di tla nnang gone.+
43 Ka nako eo basiami ba tla phatsima+ thata fela jaaka letsatsi+ mo bogosing jwa ga Rraabone. A yo o nang le ditsebe a reetse.+
44 “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le letlotlo le le fitlhilweng mo tshimong, le monna mongwe a neng a le bona mme a le fitlha; mme ka ntlha ya boipelo jo a nang le jone o a tsamaya a bo a rekisa+ dilo le fa e le dife tse a nang le tsone mme a reke tshimo eo.+
45 “Gape bogosi jwa magodimo bo tshwana le mogwebi yo o tsamayang a batla diperela tse dintle.
46 Ya re a bona perela e le nngwe ya tlhwatlhwa e e kwa godimo,+ a ya a rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone kwantle ga go diega mme a e reka.+
47 “Gape bogosi jwa magodimo bo tshwana le letlowa le le gogwang le le digetsweng kwa tlase mo lewatleng mme le gogoba ditlhapi tsa mofuta mongwe le mongwe.+
48 E rile le tlala ba le gogela mo lotshitshing mme, ba ntse fa fatshe, ba phuthela tse di siameng+ mo dijaneng, mme tse di sa tshwanelang+ ba di latlha.
49 Ke kafa go tla nnang ka gone mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo: baengele ba tla tswa mme ba ntshe ba ba boikepo+ mo go ba ba siameng+
50 ba tla ba latlhela mo bokepisong jo bo tukang. Ke gone koo selelo sa bone le phuranyo ya meno a bone di tla nnang gone.+
51 “A lo tlhalogantse dilo tseno tsotlhe?” Ba mo raya ba re: “Ee.”
52 Foo a ba raya a re: “E re ka go ntse jalo, motlhatlheledi mongwe le mongwe wa batho, fa a rutilwe ka bogosi jwa magodimo,+ o tshwana le monna, mong wa ntlo, yo o ntshang mo bobolokelong jwa gagwe jwa matlotlo dilo tse disha le tse dikgologolo.”+
53 Jaanong e rile Jesu a sena go fetsa ditshwantsho tseno a kgabaganya naga go tswa koo.
54 Mme fa a sena go tla mo karolong ya naga ya gagabo+ a simolola go ba ruta mo sinagogeng+ ya bone, mo ba neng ba tshwarwa ke kgakge mme ba re: “Monna yono o tsere kae botlhale jono le ditiro tseno tsa maatla?
55 A yono ga se morwa mmetli wa dikgong?+ A mmaagwe ga a bidiwe Marea, le bomorwarraagwe a ga se Jakobe le Josefa le Simone le Judase?
56 Le bokgaitsadie, a botlhe ga ba na le rona?+ Jaanong, monna yono o bone kae dilo tseno tsotlhe?”+
57 Jalo ba mo kgotšwela.+ Mme Jesu a ba raya a re: “Moporofeti ga a ke a tlhoka tlotlo fa e se kwa karolong ya naga ya gagabo le mo ntlong ya gagwe.”+
58 Mme o ne a se ka a dira ditiro di le dintsi tsa maatla koo ka ntlha ya go tlhoka tumelo ga bone.+

