Hosea 5:1-15

  • Eferaime le Juda di a atlholwa (1-15)

5  “Utlwang seno, lona baperesiti,+Tlhwayang tsebe, lona batho ba Iseraele,Reetsang, lona ba ntlo ya segosi,Gonne katlholo eno e ama lona;Ka gonne lo serai mo MisepaLe letlowa le le tsharolotsweng mo godimo ga Tabore.+  2  Batlhanongi bano ba nweleletse thata* mo go bolayeng,Mme ke ntse ke ba tlhagisa* botlhe.  3  Ke itse Eferaime,E bile Iseraele ga e a fitlhega mo go nna. Gonne wena Eferaime, jaanong o dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo;*Iseraele e iteswafaditse.+  4  Ditiro tsa bone ga di ba letle go boela kwa Modimong wa bone,Ka gonne go na le moya wa boaka* mo go bone;+E bile ga ba tseye Jehofa tsia.  5  Boikgogomoso jwa Iseraele bo mo latofaditse;*+Iseraele le Eferaime ba kgopilwe ka ntlha ya molato wa bone,Mme Juda o kgopilwe le bone.+  6  Ba ne ba tsaya letsomane la bone le motlhape wa bone,Go ya go di ntshetsa Jehofa e le setlhabelo. O ne a ba katogile.+  7  Ba diretse Jehofa boferefere,+Ka gonne ba ne ba tsholelwa barwa ba batswakwa.* Jaanong ba tla komediwa mo kgweding e le nngwe* fela mmogo le masimo a bone.*  8  Letsang lonaka+ mo Gibea, le terompeta mo Rama!+ Tlhabang mokgosi wa ntwa kwa Bethe-afene,+ wena Benjamine, etelela pele!  9  Wena Eferaime, o tla nna selo se se tshosang mo letsatsing la kotlhao.+ Ruri ke itsisitse se se tla diregalelang ditso tsa Iseraele. 10  Dikgosana tsa Juda di tshwana le batho ba ba busetsang molelwane kwa morago.+ Ke tla tshololela bogale jwa me mo go bone jaaka metsi. 11  Eferaime o gateletswe, o thubagantswe ke katlholo,Gonne o ne a ikemiseditse go sala mmaba wa gagwe morago.+ 12  Ka jalo, ke ne ke tshwana le motoutwane* mo go EferaimeE bile ke ne ke tshwana le sebodu mo bathong ba Juda. 13  E rile Eferaime a bona bolwetse jwa gagwe, le Juda a bona lethopa* la gagwe,Eferaime o ne a ya kwa Asiria+ mme a romela barongwa kwa kgosing e kgolo. Le fa go ntse jalo, e ne ya se ka ya kgona go lo fodisa,E bile e ne ya se ka ya kgona go fodisa lethopa la lona. 14  Gonne ke tla nna jaaka tawana mo go Eferaime,Le jaaka tau e e nonofileng* mo bathong ba Juda. Nna ka bonna, ke tla ba gagoganya ke bo ke tsamaya;+Ke tla ba tsaya, mme ga go na ope yo o tla ba gololang.+ 15  Ke tla tsamaya, ke tla boela kwa lefelong la me go fitlha ba lebana le ditlamorago tsa molato wa bone,Mme ka nako eo ba tla batla gore ke ba thuse.*+ Fa ba le mo matshwenyegong, ba tla mpatla.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “ba ntse ba na le seabe ka botlalo.”
^ Kgotsa “ke tla ba otlhaya.”
^ Kgotsa “o dirile boaka.”
^ Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Seheb., “mo sefatlhegong sa gagwe.”
^ Kgotsa “dikabelo tsa bone.”
^ Kgotsa gongwe “Mo kgweding fela ba tla bo ba komeditswe.”
^ Gongwe barwa ba ba tshotsweng ke basadi ba batswakwa e bile ba katogetse kgakala le Modimo.
^ Kgotsa “mmoto.”
^ Kgotsa “sekaku; tlhagala.”
^ Kgotsa “tawana e e seriri.”
^ Seheb., “ba tla batla sefatlhego sa me.”