Hosea 4:1-19

  • Jehofa o sekisa Iseraele (1-8)

    • Ga go na kitso ya Modimo mo lefatsheng (1)

  • Baiseraele ba obamela medingwana e bile ba dira boitsholo jo bo sa siamang (9-19)

    • Moya wa boaka o dira gore ba fapoge (12)

4  Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona batho ba Iseraele,Gonne Jehofa o tla sekisa banni ba lefatshe,+Ka gonne ga go na boammaaruri kgotsa lorato lo lo sa kgaotseng kgotsa kitso ya Modimo mo lefatsheng.+  2  Maikano a a seng boammaaruri le go aka+ le go bolaya+Le go utswa le boaka+ di aname,E bile batho ba tswelela ba bolaya batho ba bangwe.+  3  Ke gone ka moo lefatshe le tla hutsafalang+Le monni mongwe le mongwe mo go lone a tla nyelelang;Diphologolo tsa naga le dinonyane,Tota le ditlhapi, di tla nyelela.  4  “Le fa go ntse jalo, a go se nne le motho ope yo o ganetsang kgotsa yo o kgalemang,+Ka gonne batho ba gago ba tlhogoethata jaaka batho ba ba ganetsanang le moperesiti.+  5  Ka jalo, o tla kgopiwa go le motshegare,Le moporofeti o tla kgopiwa le wena, jaaka e kete go bosigo. Mme ke tla didimatsa* mmago.  6  Batho ba me ba tla didimadiwa,* ka gonne ga ba nkitse. E re ka ba sa batle go nkitse,+Le nna ga nkitla ke ba letla gore ba ntirele e le baperesiti;E bile e re ka ba ne ba lebala molao* wa Modimo wa bone,+Le nna ke tla lebala bomorwaabone.  7  Fa ba ne ba ntse ba oketsega, ba ne ba nteofela le go feta.+ Ke tla dira gore kgalalelo ya bone e nne matlhabisaditlhong.*  8  Ba ja ditlhabelo tsa boleo jo batho ba me ba bo dirang,E bile ba eletsa gore batho ba me* ba leofe.  9  Batho bano le moperesiti ba tla diragalelwa ke se se tshwanang;Ke tla ba otlhaya ka ntlha ya tsela e ba itshwarang ka yone,E bile ke tla ba tlisetsa ditlamorago tsa ditiro tsa bone.+ 10  Ba tla ja, mme ga ba kitla ba kgotsofala.+ Ba tla dira boitsholo jo bo sa siamang,* mme ga ba kitla ba oketsega,+Ka gonne ba tlhokomologile Jehofa. 11  Boaka* le beine le beine e ntšhaDi tlosa maikaelelo a go dira se se siameng.*+ 12  Batho ba me ba botsa medingwana ya bone ya logong,Ba dira se thobane* ya bone e ba bolelelang sone;Ka gonne moya wa boaka* o dira gore ba fapoge,E bile ga ba ikobele Modimo wa bone ka ntlha ya boaka* jo ba bo dirang. 13  Ba ntsha ditlhabelo mo dithabeng,+E bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo dithoteng,Ka fa tlase ga ditlhare tsa moakere* le tsa setorakisi le ka fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo,+ka gonne meriti ya tsone e le monate. Ke gone ka moo bomorwadialona ba gwebang ka mmele*Le dingwetsi tsa lona di dirang boaka. 14  Ga nkitla ke otlhaya bomorwadialona ka gonne ba gweba ka mmele,*E bile ga nkitla ke otlhaya dingwetsi tsa lona ka ntlha ya boaka jo ba bo dirang. Gonne banna ba tsamaya le diakaBa bo ba ntsha setlhabelo le diaka tsa tempele;Mme setšhaba seo se tla senngwa se sa itse.+ 15  Le fa gone o dira boaka,* wena Iseraele,+A Juda a se ka a nna le molato.+ Lo se ka lwa tla mo Gilegala+ kgotsa mo Bethe-afene,+E bile lo se ka lwa ikana lwa re ‘Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang.’+ 16  Gonne Iseraele o nnile tlhogoethata jaaka kgomo e e bodipa.+ A jaanong Jehofa o tla ba disa jaaka phelefu e potlana mo mafulong?* 17  Eferaime o ikgolagantse le medingwana.+ Mo tlogeleng! 18  Fa bojalwa* jwa bone bo fela,Ba dira boitsholo jo bo sa siamang.* E bile babusi ba gagwe* ba rata dilo tse di tlhabisang ditlhong.+ 19  Phefo e tla mo phuthela* mo diphukeng tsa yone,Mme ditlhabelo tsa bone di tla ba tlhabisa ditlhong.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “fedisa.”
^ Kgotsa “taelo.”
^ Kgotsa “fedisiwa.”
^ Kgotsa gongwe “Ba dirile gore kgalalelo ya me e nne matlhabisaditlhong.”
^ Kgotsa “ba itsholeletsa batho ba me gore.”
^ Kgotsa “boitsholo jo bo leswe jwa tlhakanelodikobo; ba tla dira boaka.”
^ Seheb., “Di tlosa pelo.”
^ Kgotsa “Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Kgotsa “thobane ya boitseanape.”
^ Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang.”
^ Mofuta mongwe wa ditlhare tse dikgolo. Ka Seesemane se bidiwa oak.
^ Kgotsa “ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Kgotsa “ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Seheb., “mafelong a a bulegileng?”
^ Kgotsa “bojalwa jwa korong.”
^ Kgotsa “boitsholo jo bo leswe jwa tlhakanelodikobo; ba dira boaka.”
^ Seheb., “dithebe.”
^ Kgotsa “e tla mo phepheulela.”