Hosea 3:1-5

  • Hosea o rekolola mosadi wa gagwe yo o dirileng boaka (1-3)

  • Iseraele o tla boela kwa go Jehofa (4, 5)

3  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re: “Tsamaya gape, mme o rate mosadi yo o ratiwang ke monna yo mongwe e bile a dira boaka,+ fela jaaka Jehofa a rata batho ba Iseraele+ le fa ba retologela kwa medimong e mengwe+ e bile ba rata dikuku tsa morara* o o swabisitsweng.”* 2  Ka jalo, ke ne ka mo ithekela ka dishekele tsa selefera di le 15 le ka barele* ya selekanyo sa dikilogerama di le 195.* 3  Foo ke ne ka mo raya ka re: “O tla tswelela o le wa me malatsi a le mantsi. O se ka wa dira boaka,* e bile o se ka wa tlhakanela dikobo le monna yo mongwe, mme le nna ga nkitla ke tlhakanela dikobo le wena.” 4  Gonne batho ba Iseraele ba tla nna lobaka lo loleele* ba se na kgosi,+ ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na pilara, ba se na khiba+ le difikantswe tsa terafime.*+ 5  Morago ga moo, batho ba Iseraele ba tla leka go boela kwa go Jehofa, Modimo wa bone+ le Dafide kgosi ya bone,+ mme kwa bokhutlong jwa malatsi ba tla tla kwa go Jehofa ba roroma gore ba bone bomolemo jwa gagwe gape.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
^ Go tewa tse di dirisiwang mo kobamelong ya maaka.
^ Semela se se tshwanang le korong.
^ Seheb., “sa homere le halofo.” Bona Dintlha B14.
^ Kgotsa “wa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
^ Seheb., “malatsi a le mantsi.”
^ Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”