Ditiro 9:1-43
9 Mme Saulo, ka a ne a sa ntse a hema go tshosetsa le go bolaya+ barutwa+ ba Morena, a ya kwa moperesiting yo mogolo
2 mme a mo kopa makwalo a a yang kwa disinagogeng kwa Damaseko, gore a tle a tlise mo Jerusalema le fa e le mang wa Tsela+ a bofilwe yo a neng a mmona, banna mmogo le basadi.
3 Jaanong fa a ne a ntse a le mo loetong o ne a atamela Damaseko, fa ka tshoganyetso lesedi le le tswang legodimong le ne le phatsima go mo dikologa,+
4 mme a wela fa fatshe a ba a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saulo, Saulo, o mpogisetsang?”+
5 A re: “O mang, Morena?” A re: “Ke nna Jesu, yo o mmogisang.+
6 Le fa go ntse jalo, nanoga+ mme o tsene mo motseng, mme o tla bolelelwa se o tshwanetseng go se dira.”
7 Jaanong banna ba ba neng ba le mo loetong le ene+ ba ne ba eme ba didimetse fela,+ eleruri, ba utlwa modumo wa lentswe,+ mme ba sa bone motho ope.
8 Saulo a tsoga fa fatshe, mme le fa matlho a gagwe a ne a bulegile o ne a sa bone sepe.+ Jalo ba mo goga ka seatla ba mo isa mo Damaseko.
9 O ne a se ka a bona sepe+ malatsi a le mararo, e bile a sa je le fa e le go nwa.
10 Mo Damaseko go ne go na le morutwa mongwe yo o neng a bidiwa Ananiase,+ mme Morena a mo raya mo ponatshegelong a re: “Ananiase!” A re: “Ke fano, Morena.”
11 Morena a mo raya a re: “Nanoga, ya kwa mmileng o o bidiwang Tlhamalalo, mme kwa ntlong ya ga Judase o batle monna yo o bidiwang Saulo, yo o tswang kwa Tareso.+ Gonne, bona! o a rapela,
12 mme mo ponatshegelong o bone monna yo o bidiwang Ananiase a tsena a ba a mmaya diatla gore a tle a kgone go bona gape.”+
13 Mme Ananiase a araba a re: “Morena, ke utlwile mo go ba le bantsi kaga monna yono, gore ke dilo tse di kana kang tse di utlwisang botlhoko tse a neng a di dira baitshepi ba gago kwa Jerusalema.
14 Mme ke yo o na le taolo e e tswang kwa baperesiting ba bagolo ya go golega botlhe ba ba bitsang leina la gago.”+
15 Mme Morena a mo raya a re: “Tsamaya, ka gonne monna yono ke sejana se se tlhophilweng+ mo go nna gore a sikarele leina la me kwa ditšhabeng+ mmogo le kwa dikgosing+ le kwa go bomorwa Iseraele.
16 Gonne ke tla mmontsha ka tlhamalalo gore ke dilo di le dintsi jang tse a tshwanetseng go di boga ka ntlha ya leina la me.”+
17 Jalo Ananiase a tswa a tsamaya mme a tsena mo ntlong, a mmaya diatla a ba a re: “Saulo, mokaulengwe, Morena, ene Jesu yo o neng a bonala kwa go wena mo tseleng e o neng o tla ka yone, o nthomile, gore o kgone go bona gape o bo o tladiwe ka moya o o boitshepo.”+
18 Mme ka yone nako eo ga wa mo matlhong a gagwe se se lebegang jaaka makape, mme a kgona go bona gape; mme a nanoga a kolobediwa,
19 a ja dijo mme a bona nonofo.+
O ne a nna malatsinyana le barutwa mo Damaseko,+
20 mme ka yone nako eo a simolola go rera Jesu+ mo disinagogeng, gore Yono ke Morwa Modimo.
21 Mme botlhe ba ba mo utlwang ba akabala mme ba re: “A yono ga se monna yo o neng a senya+ ba ba kwa Jerusalema ba ba bitsang leina leno, le yo o neng a tletse jone boikaelelo jono fano, gore a tle a ba ise ba bofilwe kwa baperesiting ba bagolo?”+
22 Mme Saulo a nna a bona maatla le go feta e bile o ne a akabatsa Bajuda ba ba neng ba nna mo Damaseko ka a ne a supa ka tsela e e utlwalang sentle gore yono ke Keresete.+
23 Jaanong e rile malatsi a le mantsi a tloga a wela, Bajuda ba gakololana mmogo gore ba mmolaye.+
24 Le fa go ntse jalo, Saulo o ne a itse leano le ba neng ba le mo logela. Mme ba ne ba lebeletse le dikgoro ka kelotlhoko motshegare le bosigo gore ba tle ba mmolaye.+
25 Jalo barutwa ba gagwe ba mo tsaya mme ba mo folosetsa kwa tlase bosigo ka phatlha mo loboteng, ba mo isa kwa tlase a le mo serotong.+
26 Fa a goroga kwa Jerusalema+ a dira maiteko a go ikopanya le barutwa; mme botlhe ba ne ba mo tshaba, ka gonne ba ne ba sa dumele gore o ne a le morutwa.
27 Jalo Barenabase a mo tla thuso+ mme a mo isa kwa baaposetoloing, a ba bolelela dintlha tsotlhe kafa a neng a bone Morena+ ka gone mo tseleng le gore o ne a buile le ene,+ le kafa a neng a buile ka bopelokgale ka gone mo leineng la ga Jesu kwa Damaseko.+
28 Mme a tswelela go nna le bone, a tsena a ba a tswa kwa Jerusalema, a bua ka bopelokgale mo leineng la Morena;+
29 mme o ne a bua e bile a ganetsana le Bajuda ba ba buang Segerika. Mme bano ba ne ba dira maiteko a go mmolaya.+
30 E rile bakaulengwe ba lemoga seno, ba mo tlisa mo Kaesarea ba bo ba mo romela kwa Tareso.+
31 Eleruri, he, phuthego+ mo Judea yotlhe fela le Galalea le Samarea ya tsena mo lobakeng lwa kagiso, e agiwa; mme ka e ne e tsamaya ka go boifa Jehofa+ le ka go gomodiwa ke moya o o boitshepo+ e ne ya nna ya ntsifala.
32 Jaanong fa Petere a ne a tsamaya mo dikarolong tsotlhe o ne a tla le mo baitsheping ba ba neng ba nna mo Lida.+
33 Koo a fitlhela monna mongwe yo o bidiwang Aenease, yo o neng a ntse a rapaletse mo borapamelong jwa gagwe dingwaga di le robedi, ka a ne a sule ditokololo.
34 Mme Petere a mo raya a re:+ “Aenease, Jesu Keresete o a go fodisa.+ Tsoga mme o alole bolao jwa gago.” Mme a tsoga ka yone nako eo.
35 Mme botlhe ba ba neng ba nna mo Lida le mo lebaleng la Sharona+ ba mmona, mme ba retologela mo Moreneng.+
36 Mme kwa Jopa+ go ne go na le morutwa mongwe yo o neng a bidiwa Tabitha, mo, fa go ranolwa, go rayang Dorekase. O ne a tota mo ditirong tse di molemo+ le dimpho tsa kutlwelobotlhoko tse a neng a di dira.
37 Mme mo malatsing ao ga diragala gore a bobole a ba a swe. Jalo ba mo tlhapisa ba bo ba mo latsa mo ntlwaneng e e kwa godimo.
38 Jaanong ka Lida e ne e le gaufi le Jopa,+ e rile barutwa ba utlwa gore Petere o ne a le mo motseng ono ba romela banna ba le babedi kwa go ene go mo rapela ba re: “Tsweetswee o se ka wa okaoka go tla go fitlha fela fa go rona.”
39 Foo Petere a nanoga mme a tsamaya le bone. Mme e rile a goroga, ba mo isa kwa godimo kwa ntlwaneng e e kwa godimo; mme batlholagadi botlhe ba itlhagisa kwa go ene ba lela e bile ba mmontsha diaparo di le dintsi tsa kafa teng le diaparo tsa kafa ntle+ tse Dorekase a neng a tle a di dire fa a ne a ntse a na le bone.+
40 Mme Petere a ntshetsa mongwe le mongwe kwa ntle+ mme, ya re a oba mangole, a rapela, mme, ya re a retologela kwa setopong, a re: “Tabitha, tsoga!” A bula matlho mme, ya re a tshogana ka a bona Petere, a rapamologa.+
41 Ya re a mo naya seatla, a mo kakatlolola,+ mme a bitsa baitshepi le batlholagadi mme a ba mo naya a tshela.+
42 Seno se ne sa itsiwe mo Jopa yotlhe fela, mme ba le bantsi ba ne ba nna badumedi mo Moreneng.+
43 O ne a nna kwa Jopa+ malatsi a le mantsi thata a na le Simone mongwe, mosugamatlalo.+

