Ditiro 2:1-47
2 Jaanong fa letsatsi la moletlo wa Pentekosete+ le ntse le tsweletse ba ne ba le mmogo botlhe mo lefelong le le lengwe fela,
2 mme ka tshoganyetso ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang, mme wa tlala ka ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone.+
3 Mme ba bona diteme tse e keteng tsa molelo+ mme tsa gasanngwa, e le nngwe ya nna mo go mongwe le mongwe wa bone,
4 botlhe ba tlala moya o o boitshepo+ mme ba simolola go bua ka diteme+ tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o ba naya gore ba bue.
5 Kafa go neng go ntse ka gone, go ne go na le Bajuda ba ba neng ba nna mo Jerusalema,+ batho ba ba nang le poifo ya bomodimo,+ ba ba tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe sa tse di kafa tlase ga legodimo.
6 Jalo, e rile modumo ono o utlwala, batho ba le bantsi ba phuthega mme ba akabala, ka gonne mongwe le mongwe o ne a ba utlwa ba bua ka puo ya gagwe.
7 Eleruri, ba ne ba akabala ba bo ba gakgamala ba re: “Bonang fano, botlhe bano ba ba buang ke Bagalalea,+ a ga go jalo?
8 Mme le fa go ntse jalo go tla jang gore mongwe le mongwe wa rona a bo a utlwa puo ya gagwe e re neng ra tsalwa ka yone?
9 Baparathia le Bameda+ le Baelama,+ le banni ba Mesopotamia, le Judea+ le Kapadokia, Ponto+ le kgaolo ya Asia,+
10 le Feregia+ le Pamfilia,+ Egepeto le dikarolo tsa Libia, e e ntlheng ya Kurene, le bajaki ba ba tswang kwa Roma, Bajuda le basokologi,+
11 Bakereta+ le Baarabia,+ re ba utlwa ba bua ka diteme tsa rona kaga dilo tse dikgolo tsa Modimo.”
12 Ee, ba ne ba akabetse botlhe e bile ba tseane, ba raana ba re: “Selo seno se kayang?”
13 Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ba sotla mme ba simolola go re: “Ba kgotshe beine e e botshe.”+
14 Mme Petere a ema ka dinao a na le ba ba lesome le bongwe+ mme a tlhatlosa lentswe a ba a bua jaana le bone: “Banna ba Judea le lona lotlhe banni ba Jerusalema,+ itseng seno lo bo lo tlhwaele mafoko a me tsebe.
15 Totatota, batho bano, ga baa tagwa,+ jaaka lo tsaya gore ba tagilwe, gonne ke ura ya boraro ya letsatsi.
16 Go na le moo, seno ke se se neng sa buiwa ka moporofeti Joele,
17 ‘Modimo a re: “Mme mo metlheng ya bofelo ke tla tshololela mongwe wa moya wa me+ mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta le makau a lona a tla bona diponatshegelo le bannabagolo ba lona ba tla lora ditoro;+
18 le e leng mo batlhankeng ba me le mo malateng a me ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo metlheng eo, mme ba tla porofeta.+
19 Mme ke tla naya dikgakgamatso mo legodimong kwa godimo le ditshupo mo lefatsheng kwa tlase, madi le molelo le mouwane wa mosi;+
20 letsatsi+ le tla fetolwa lefifi le ngwedi madi pele ga letsatsi le legolo le le le tlhomologileng thata la ga Jehofa le goroga.+
21 Mme mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”’+
22 “Banna ba Iseraele, utlwang mafoko ano: Jesu Monasaretha,+ monna yo Modimo a neng a lo mmontsha phatlalatsa ka ditiro tse di maatla+ le dikgakgamatso le ditshupo tse Modimo a neng a di dira ka ene mo gare ga lona,+ fela jaaka lona ka bolona lo itse,
23 monna yono, jaaka yo o neng a neelwa ka boikaelelo jo go sweditsweng ka jone le go itsetse pele ga Modimo,+ lo ne lwa mo kokotela mo koteng ka seatla sa batho ba ba se nang molao mme lwa mmolaya.+
24 Mme Modimo o ne a mo tsosa mo losong+ ka go bofolola ditlhabi tsa loso,+ ka gonne go ne go sa kgonege gore a tswelele a ngangatletswe ke lone.+
25 Gonne Dafide o bua jaana mabapi le ene, ‘Jehofa o ne a le fa pele ga matlho a me ka metlha; ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja gore ke tle ke se ka ka tshikhinngwa le ka motlha.+
26 Ka lebaka leno pelo ya me e ne ya itumela le loleme lwa me lwa ipela thata. Mo godimo ga moo, le e leng nama ya me e tla aga ka tsholofelo;+
27 ka gonne ga o na go tlogela moya wa me mo Hadese, le gone ga o na go letlelela motho wa gago yo o ikanyegang a bola.+
28 O nkitsisitse ditsela tsa botshelo, o tla ntlatsa ka boitumelo jo bogolo ka sefatlhego sa gago.’+
29 “Banna, bakaulengwe, go a letlelesega go bua le lona ka kgololesego ya go bua kaga tlhogo ya lotso Dafide, gore o ne a swa+ a ba a fitlhwa mme lebitla la gagwe le mo gare ga rona go fitlha mo letsatsing leno.
30 Jalo, ka gonne a ne a le moporofeti e bile a ne a itse gore Modimo o ne a mo ikanetse ka ikano gore o ne a tla nnisa yo o tswang mo leungong la lotheka lwa gagwe mo setulong sa gagwe sa bogosi,+
31 o ne a bona go sa le pele a ba a bua kaga tsogo ya ga Keresete, gore o ne a sa latlhwa mo Hadese le gone nama ya gagwe e ne ya se ka ya bola.+
32 Jesu yono Modimo o ne a mo tsosa mo losong, tiragalo e rotlhe re leng basupi ba yone.+
33 Jalo ka gonne a ne a tlhatlosediwa kwa seatleng sa moja sa Modimo+ a ba a amogela moya o o boitshepo o o solofeditsweng o tswa kwa go Rara,+ o tsholotse seno se lo se bonang e bile lo se utlwa.
34 Tota Dafide o ne a se ka a tlhatlogela kwa magodimong,+ mme ene ka boene a re, ‘Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: “Nna kafa seatleng sa me sa moja,+
35 go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago.”’+
36 Jalo a ntlo yotlhe ya Iseraele ruri e itse gore Modimo o ne a mo dira Morena+ le Keresete, Jesu yono yo lo neng lwa mmapola.”+
37 Jaanong e rile ba utlwa seno ba tlhabega mo pelong,+ mme ba raya Petere le baaposetoloi ba bangwe botlhe ba re: “Banna, bakaulengwe, re tla dirang?”+
38 Petere a ba raya a re: “Ikwatlhayeng,+ mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe+ mo leineng+ la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe+ maleo a lona, mme lo tla amogela mpho ya mahala+ ya moya o o boitshepo.
39 Gonne tsholofetso+ ke ya lona le ya bana ba lona le ya botlhe ba ba leng kgakala thata,+ botlhe fela ba Jehofa Modimo wa rona a ka ba biletsang kwa go ene.”+
40 Mme a naya bosupi ka botlalo ka mafoko a mangwe a le mantsi a ba a nna a ba rotloetsa, a re: “Bolokwang mo kokomaneng eno e e kgopameng.”+
41 Jalo ba ba neng ba amogela lefoko la gagwe ka pelo yotlhe ba kolobediwa,+ mme mo letsatsing leo go ne ga okediwa ka meya e ka nna dikete di le tharo.+
42 Mme ba ne ba tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi le mo go abalaneng,+ mo go jeng dijo+ le mo dithapelong.+
43 Eleruri, poifo e ne ya simolola go wela moya mongwe le mongwe, mme baaposetoloi ba simolola go dira dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo.+
44 Botlhe ba ba neng ba nna badumedi ba ne ba le mmogo mo go tlhakaneleng dilo tsotlhe,+
45 mme ba simolola go rekisa dithuo tsa bone+ le dithoto le go abela botlhe dipoelo, go ya fela kafa motho a neng a tlhoka ka gone.+
46 Mme malatsi ka go latelana ba ne ba le mo tempeleng ka metlha ba le seoposengwe,+ mme ba ne ba jela dijo tsa bone mo magaeng a bone e bile ba ja dijo ka go ipela+ mo gogolo le ka bopeloephepa jwa pelo,
47 ba baka Modimo e bile ba bona kamogelo ya batho botlhe.+ Mo godimo ga moo Jehofa a tswelela a ba oketsa+ letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.+

