Ditiro 19:1-41

19  Fa ditiragalo di ntse di tsweletse, Apolose+ a ntse a le kwa Korintha, Paulo a ralala dikarolo tse di fa gare ga naga mme a tla mo Efeso,+ mme a fitlhela barutwa bangwe; 2  a ba raya a re: “A lo ne lwa amogela moya o o boitshepo+ fa lo ne lo nna badumedi?” Ba mo raya ba re: “Aitsane, ga re ise re ke re utlwe gore a go na le moya o o boitshepo.”+ 3  Mme a re: “Lo ne lwa kolobediwa mo go eng he?” Ba re: “Mo kolobetsong ya ga Johane.”+ 4  Paulo a re: “Johane o ne a kolobetsa ka kolobetso e le tshwantshetso ya boikwatlhao,+ a bolelela batho gore ba dumele mo go yo o tlang morago ga gagwe,+ ke gore, mo go Jesu.” 5  Fa ba utlwa seno, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu.+ 6  Mme e rile Paulo a ba baya diatla,+ moya o o boitshepo wa tla mo go bone, mme ba simolola go bua ka diteme e bile ba porofeta.+ 7  Botlhe fela, e ne e le banna ba ka nna lesome le bobedi. 8  Ya re a tsena mo sinagogeng,+ a bua ka bopelokgale dikgwedi di le tharo, a neela dipuo e bile a dirisa mafoko a a tlhatswang pelo kaga bogosi+ jwa Modimo. 9  Mme e rile bangwe ba simolola go ikgwaralatsa mme ba sa dumele,+ ba bua busula ka ga Tsela+ fa pele ga batho ba le bantsi, a tswa mo go bone+ mme a lomolola barutwa mo go bone,+ a neela dipuo letsatsi le letsatsi mo holong ya sekolo sa ga Tirano. 10  Seno se ne sa diragala dingwaga di le pedi,+ mo e leng gore botlhe ba ba nnang mo kgaolong ya Asia+ ba ne ba utlwa lefoko la Morena, Bajuda mmogo le Bagerika. 11  Mme Modimo a nna a dira ditiro tse di maatla tse di sa tlwaelegang ka diatla tsa ga Paulo,+ 12  mo e leng gore le eleng matsela le dikhiba di ne di rutlwa mo mmeleng wa gagwe di isiwa kwa bathong ba ba bobolang,+ mme malwetse a ba tlogela, le meya e e boikepo ya tswa.+ 13  Mme bangwe ba Bajuda ba ba kgarakgatshegang ba ba neng ba dira tiro ya go leleka madimona+ le bone ba simolola go bitsa leina la Morena Jesu+ ba le fa go ba ba nang le meya e e boikepo, ba re: “Ke go laela ka tlhoafalo+ ka Jesu yo Paulo a mo rerang.” 14  Jaanong go ne go na le bana ba supa ba ga Sekefa mongwe, moperesiti yo mogolo wa Mojuda, ba dira seno. 15  Mme fa moya o o boikepo o araba wa ba raya wa re: “Ke itse Jesu+ e bile ke tlwaelane le Paulo;+ mme lona lo bomang?” 16  Foo monna yo moya o o boikepo o neng o le mo go ene a tlolela mo go bone,+ a ba fekeetsa ka go tlhomagana, mme a ba fenya, mo e leng gore ba ne ba tshaba ba tswa mo ntlong eo ba sa ikatega e bile ba gobetse. 17  Batho botlhe ba ne ba itse seno, Bajuda mmogo le Bagerika ba ba neng ba nna mo Efeso; mme poifo+ ya ba wela botlhe, le leina la Morena Jesu la tswelela go godisiwa.+ 18  Mme ba le bantsi ba bao jaanong e neng e le badumedi ba ne ba na le go tla mme ba ipobole+ ba bo ba bega ka phuthologo ditlwaelo tsa bone. 19  Eleruri, ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose+ ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe. Mme ba bala ditlhwatlhwa tsa tsone tsotlhe mme ba fitlhela di ja dipapetlana tsa selefera di le dikete di le masome a matlhano. 20  Ka gone lefoko la ga Jehofa la nna la gola ka tsela e e nonofileng e bile le fenya.+ 21  Jaanong e rile dilo tseno di weditswe, Paulo a ikaelela mo moyeng wa gagwe gore, fa a sena go ralala Makedonia+ le Akaia, o tla tsaya loeto a ya Jerusalema,+ a re: “Fa ke sena go fitlha koo gape ke tshwanetse go bona Roma.”+ 22  Jalo a romela kwa Makedonia ba le babedi ba bao ba neng ba mo direla, Timotheo+ le Eraseto,+ mme ene ka boene a diega nakonyana mo kgaolong ya Asia. 23  Ka yone nako eo go ne ga tsoga pheretlhego e kgolo+ kaga Tsela.+ 24  Gonne monna mongwe yo o neng a bidiwa Dimeterio, mothudi wa selefera, o ne a naya badiri ba ba ditswerere poelo e kgolo+ ka go dira ditempelana tsa selefera tsa ga Aretemise; 25  a ba phutha le ba ba neng ba dira mo dilong tse di ntseng jalo+ mme a re: “Banna, lo itse sentle gore re a tlhogonolofala mo kgwebong eno.+ 26  Gape, lo a bona e bile lo utlwa kafa Paulo yono, e seng mo Efeso+ fela, mme mo e ka nnang mo kgaolong yotlhe ya Asia, a tlhotlheleditseng boidiidi jo bogolo go dumela a ba a dira gore ba nne le kgopolo e sele, a re medimo e e dirilweng ka diatla+ ga se yone. 27  Mo godimo ga moo, go na le kotsi e seng fela ya gore tiro eno ya rona e tla nyatsega mme gape le ya gore tempele ya modimo o mogolo wa mosadi Aretemise+ e tla tsewa e se sepe mme le tlotlomalo ya gagwe e kgaolo yotlhe ya Asia le lefatshe le le nang le banni le e obamelang e tloga e dirwa lefela.” 28  Ya re banna bano ba utlwa seno e bile ba tlala bogale, ba simolola go goa, ba re: “Go mogolo Aretemise wa Baefeso!” 29  Jalo motse wa tlala tlhakatlhakano, mme ba thelesegela gongwe mo bobogelong, ba tsaya Gaio le Arisetareko+ ka dikgoka, Bamakedonia, ba ba tsamayang mmogo le Paulo. 30  Mme Paulo o ne a batla go tsena mo teng a ya kwa bathong, mme barutwa ba ne ba sa mo letle. 31  Le eleng bangwe ba balaodi ba meletlo le metshameko, ba ba neng ba le botsalano mo go ene, ba ne ba roma kwa go ene mme ba mo kopa gore a se ka a ipaya mo kotsing mo bobogelong. 32  Boammaaruri ke gore, bangwe ba ne ba goa selo se sengwe mme ba bangwe se sele;+ gonne kopano eno e ne e le mo pheretlhegong, e bile bontsi jwa bone ba ne ba sa itse lebaka la go bo ba ne ba phuthegile. 33  Jalo botlhe ba ntsha Alekesandere mo boidiiding, Bajuda ba mo kgoromeletsa kwa pele; mme Alekesandere a gwetlha ka seatla a batla go iphemela mo bathong. 34  E rile ba lemoga gore o ne a le Mojuda, ga tsoga mokgosi o le mongwe mo go bone botlhe jaaka ba ne ba goa mo e ka nnang diura di le pedi ba re: “Go mogolo+ Aretemise wa Baefeso!” 35  La bofelo, e rile mokwaledi wa motse a sena go didimatsa boidiidi,+ a re: “Banna ba Efeso, tota ke mang mo bathong yo o sa itseng gore motse wa Baefeso ke motlhokomedi wa tempele wa ga Aretemise yo mogolo le wa setshwantsho se se neng sa wa kwa legodimong? 36  Jalo e re ka dilo tseno e le tse go sa ka keng ga ganetsanngwa ka tsone, go matshwanedi gore lo sisibale le gore lo se ka lwa dira ka mafega.+ 37  Gonne lo tlisitse banna bano ba e seng dinokwane tsa tempele fano le gone e se batlhapatsi ba modimo wa rona wa sesadi. 38  Jalo fa e le gore Dimeterio+ le badiri ba ba ditswerere ba ba nang le ene ruri ba na le kgang kgatlhanong le mongwe, go na le malatsi a tsheko+ e bile go na le balaodi ba kgaolo ya puso;+ a ba tlise ditatofatso mongwe ka yo mongwe. 39  Mme, fa lo batla le fa e le eng kwantle ga seno, se tshwanetse go direlwa tshwetso mo kopanong ya gale le gale. 40  Gonne tota re mo kotsing ya go latofadiwa ka go tsuologela taolo ka ga tiragalo ya gompieno, ka go se na lebaka le le lengwe fela le le tla re letlang go ntsha lebaka la go bo go na le segopa se se sa laolesegeng seno.” 41  Mme e rile a sena go bua dilo tseno,+ a phatlalatsa kopano eno.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase