Ditiro 18:1-28

18  Morago ga dilo tseno a tloga mo Athena mme a tla mo Korintha. 2  Mme a bona Mojuda mongwe yo o neng a bidiwa Akhwila,+ motho wa kwa Ponto yo o neng a sa tswa go tla bosheng a tswa kwa Itali,+ le Perisila mosadi wa gagwe, ka go bo Kalaudio+ a ne a laetse gore Bajuda botlhe ba tloge mo Roma. Jalo a ya kwa go bone 3  mme ka go bo a ne a dira tiro ya diatla e e tshwanang le ya bone a nna kwa legaeng la bone, mme ba dira,+ gonne tiro ya bone ya diatla e ne e le ya go dira megope. 4  Le fa go ntse jalo, o ne a tle a neele puo mo sinagogeng+ ka sabata mongwe le mongwe a tlhotlheletsa Bajuda le Bagerika go dumela. 5  Jaanong, e rile Silase+ le Timotheo+ ba tla ba tswa kwa Makedonia, Paulo a simolola go tshwarega thata ka lefoko, a neela bosupi mo Bajudeng go rurifatsa gore Jesu ke Keresete.+ 6  Mme fa ba sena go nna ba ganetsa le go bua ka go kgoba, a tlhotlhora diaparo+ tsa gagwe a bo a ba raya a re: “A madi a lona+ a nne mo ditlhogong tsa lona. Ke phepa.+ Go tloga jaanong go ya pele ruri ke tla ya kwa bathong ba ditšhaba.”+ 7  Jalo a fuduga koo mme a tsena mo ntlong ya monna yo o neng a bidiwa Titio Juseto, moobamedi wa Modimo, yo ntlo ya gagwe e neng e tshwaragane le sinagoge. 8  Mme Kiresepo+ motlhankedi yo o okametseng wa sinagoge a nna modumedi mo Moreneng, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba dira jalo. Mme ba le bantsi ba Bakorintha ba ba neng ba utlwa ba simolola go dumela ba bo ba kolobediwa. 9  Mo godimo ga moo, Morena a raya Paulo+ bosigo ka ponatshegelo a re: “Se boife, mme nna o bue o se ka wa didimala, 10  ka gonne ke na le wena+ e bile ga go na motho ope yo o tla go tlhaselang gore a go utlwise botlhoko; gonne ke na le batho ba le bantsi mo motseng ono.” 11  Jalo a nna koo a sa tloge ngwaga le dikgwedi di le thataro, a ruta lefoko la Modimo mo gare ga bone. 12  Jaanong fa Galio a ne a le molaodi wa kgaolo ya puso+ ya Akaia, Bajuda ba tsogologela Paulo ba le seoposengwe ba bo ba mo isa kwa setulong sa katlholo,+ 13  ba re: “Motho yono o gogela+ batho kwa tumelong e sele mo go obameleng Modimo ka tsela e e seng ka fa molaong.” 14  Mme e rile Paulo a tloga a bula molomo, Galio a raya Bajuda a re: “Eleruri, fa e ne e le phoso nngwe kgotsa tiro ya boikepo ya boferefere, lona Bajuda, ke ne ke tla lo itshokela ka bopelotelele ke na le lebaka. 15  Mme fa e le gore ke dikganetsano ka puo le maina+ le molao+ mo gare ga lona, lona ka bolona bonang gore lo tswa jang ka gone. Ga ke eletse go nna moatlhodi wa dilo tseno.” 16  Foo a ba leleka fa setulong sa katlholo. 17  Jalo botlhe ba tshwara Sosethenese+ motlhankedi yo o okametseng wa sinagoge mme ba simolola go mo iteela fa pele ga setulo sa katlholo. Mme Galio o ne a se ka a itshwenya ka gope ka dilo tseno. 18  Le fa go ntse jalo, fa Paulo a sena go nna malatsi a le mantsinyana, a sadisa bakaulengwe sentle mme a tloga ka mokoro a ya kwa Siria, a na le Perisila le Akhwila, a ikgaotse moriri wa tlhogo bokhutshwane+ kwa Kenkerea,+ gonne o ne a na le ikano. 19  Jalo ba goroga kwa Efeso, mme a ba tlogela koo; a tsena mo sinagogeng+ mme a bontshana mabaka le Bajuda. 20  Le mororo ba ne ba nna ba mo kopa gore a nne nako e telelenyana, o ne a seka a dumalana 21  mme a ba sadisa sentle+ a bo a ba raya a re: “Ke tla boela mo go lona gape, fa Jehofa a rata.”+ Mme a tloga ka mokoro mo Efeso 22  a tla mo Kaesarea. A tlhatloga go ya go dumedisa phuthego, mme a fologela kwa Antioka. 23  E rile a sena go nna nakonyana koo a tloga mme a tsamaya go tswa lefelong go ya lefelong le lengwe a ralala naga ya Galatia+ le Feregia,+ a nonotsha+ barutwa botlhe. 24  Jaanong Mojuda mongwe yo o neng a bidiwa Apolose,+ motho wa kwa Alekesanderia, monna yo o setswerere mo puong, a goroga kwa Efeso; mme o ne a itse Dikwalo sentle.+ 25  Monna yono o ne a rutilwe ka molomo mo tseleng ya ga Jehofa mme, ka a ne a tuka mo moyeng,+ a bua le go ruta sentle dilo tse di leng kaga Jesu, mme a tlwaelane le kolobetso+ ya ga Johane fela. 26  Mme monna yono a simolola go bua ka bopelokgale mo sinagogeng. E rile Perisila le Akhwila+ ba mo utlwa, ba mo tseela mo go bone mme ba mo tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo. 27  Mo godimo ga moo, ka gonne a ne a eletsa go kgabaganyetsa kwa Akaia, bakaulengwe ba ne ba kwalela barutwa, ba ba rotloetsa gore ba mo amogele ka bopelonomi. Jalo e rile a fitlha koo, a thusa+ thata ba ba neng ba dumetse ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang+ [jwa Modimo]; 28  gonne ka nonofo e kgolo thata o ne a supa ka botlalo phatlalatsa gore Bajuda ba ne ba le phoso, fa a ntse a bontsha ka Dikwalo+ gore Jesu e ne e le Keresete.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase