Ditiro 22:1-30
22 “Banna, bakaulengwe+ le borra, utlwang go iphemela+ ga me mo go lona jaanong.”
2 (Ebu, e rile ba utlwa gore o ne a bua le bone ka puo ya Sehebera,+ ba didimala le go feta, mme a re:)
3 “Ke Mojuda,+ yo o tsaletsweng kwa Tareso wa Kilikia,+ mme ke rutetswe mo motseng ono fa dinaong tsa ga Gamaliele,+ ke rutwa Molao o o gagametseng+ wa bagologolwane, ke tlhoafetse+ mo Modimong fela jaaka lona lotlhe mo letsatsing leno.
4 Mme ke ne ka bogisa Tsela eno go fitlha losong,+ ke golega ke ba ke ntsha banna mmogo le basadi gore ba isiwe dikgolegelong,+
5 jaaka fa moperesiti yo mogolo le setlhopha sotlhe sa banna ba bagolwane+ se ka naya bosupi kaga me. Gape ke ne ka tsaya makwalo+ mo go bone a a yang kwa bakaulengweng kwa Damaseko, mme ke ne ke le mo tseleng ke ya go tlisa le ba ba neng ba le koo mo Jerusalema ba bofilwe gore ba otlhaiwe.
6 “Mme fa ke ne ke le mo loetong ke atamela Damaseko, e ka nna ka sethoboloko, ka tshoganyetso lesedi le legolo go tswa legodimong la phatsima mo tikologong yotlhe ya me,+
7 mme ka wela fa fatshe mme ka utlwa lentswe le nthaya le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang?’+
8 Ka araba ka re, ‘O mang, Morena?’ Mme a nthaya a re, ‘Ke nna Jesu Monasaretha, yo o mmogisang.’+
9 Jaanong banna ba ba neng ba na le nna+ eleruri ba ne ba bona lesedi mme ba se ka ba utlwa lentswe la yo o buang le nna.+
10 Foo ka re, ‘Ke direng,+ Morena?’ Morena a nthaya a re, ‘Nanoga, tsamaya o ye mo Damaseko, mme koo o tla bolelelwa sengwe le sengwe se o laoletsweng go se dira.’+
11 Mme e re ka ke ne ke sa kgone go bona sepe ka ntlha ya kgalalelo ya lesedi leo, ka goroga kwa Damaseko, ke gogwa ka seatla sa ba ba neng ba na le nna.+
12 “Jaanong Ananiase, monna mongwe yo o neng a na le poifo ya bomodimo go ya ka Molao, a bolelwa+ ka molemo ke Bajuda botlhe ba ba nnang koo,
13 a tla kwa go nna mme, ya re a ema fa go nna, a nthaya a re, ‘Saulo, mokaulengwe, boa o bone gape!’+ Mme ka mo leba ka yone nako eo.
14 A re, ‘Modimo wa borraaronamogologolwane+ o go tlhophile+ gore o itse thato ya gagwe le go bona+ Mosiami+ le go utlwa lentswe la molomo wa gagwe,+
15 ka gonne o tla nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe wa dilo tse o di boneng le tse o di utlwileng.+
16 Mme jaanong ke ka ntlha yang o diega? Nanoga, kolobediwa+ mme o tlhatswe+ maleo a gago ka go bitsa leina la gagwe.’+
17 “E rile ke sena go boela kwa Jerusalema+ mme ke rapela mo tempeleng, ka tshwarwa ke tsitego+
18 mme ka mmona a nthaya a re, ‘Itlhaganele mme o tswe mo Jerusalema ka bofefo, ka gonne ga ba na go dumela+ bosupi jwa gago kaga me.’
19 Mme ka re, ‘Morena, bone ka bobone ba itse sentle gore mo disinagogeng ka go latelana ke ne ke tle ke latlhele mo kgolegelong+ ke ba ke kgwathisa ba ba dumelang mo go wena;+
20 mme fa madi a ga Setefane+ mosupi wa gago a ne a tshololwa, le nna ka bonna ke ne ke eme gaufi mme ke amogela+ e bile ke disitse diaparo tsa kafa ntle tsa ba ba mmolayang.’
21 Mme le fa go ntse jalo a nthaya a re, ‘Tsamaya, ka gonne ke tla go romela kwa ditšhabeng tse di kgakala thata.’”+
22 Jaanong ba nna ba mo reetsa go fitlha mo lefokong leno, mme ba tlhatlosa mantswe, ba re: “Tlosa motho yono mo lefatsheng, gonne ga a tshwanelwe ke go tshela!”+
23 Mme ka gonne ba ne ba goakaka e bile ba latlhakanya diaparo tsa bone tsa kafa ntle e bile ba kubueletsa lorole mo moyeng,+
24 molaodi wa sesole a laela gore a tlisiwe mo bonnong jwa masole a ba a re a botsolotswe a kgwathisiwa, gore a itse ka botlalo gore ke ka lebaka lefe ba neng ba mo goelela+ ka tsela eno.
25 E rile ba sena go patlamisa Paulo gore a itewe ka seme, a raya motlhankedi wa masole yo o neng a eme foo a re: “A go kafa molaong gore lo kgwathise motho yo e leng Moroma+ e bile a sa bonwa molato?”
26 Ebu, e rile motlhankedi wa masole a utlwa seno, a ya kwa molaoding wa sesole mme a ntsha pego, a re: “O ikaeletse go dirang? Aitsane, monna yono ke Moroma.”
27 Jalo molaodi wa sesole a atamela mme a mo raya a re: “Mpolelela, A o Moroma?”+ A re: “Ee.”
28 Molaodi wa sesole a arabela a re: “Ke ne ka reka ditshwanelo tseno jaaka moagi ka madi a mantsi thata.” Paulo a re: “Mme nna ke ne tota ka tsalelwa+ mo go tsone.”
29 Jalo, ka yone nako eo, banna ba ba neng ba tloga ba mmotsolotsa ka go mo tlhokofatsa ba tswa mo go ene; mme molaodi wa sesole a boifa fa a lemoga gore e ne e le Moroma+ le gore o ne a mmofile.
30 Jalo, letsatsi le le latelang, jaaka fa a ne a eletsa go itse ka tlhomamo gore tota ke ka ntlha yang fa a ne a latofadiwa ke Bajuda, a mmofolola a ba a laela baperesiti ba bagolo le Sanehederine yotlhe gore ba kopane. A tlisa Paulo mme a mo emisa mo gare ga bone.+

