Ditiro 4:1-37
4 Jaanong fa ba babedi bano ba ntse ba bua le batho, baperesiti ba bagolo le molaodi wa tempele+ le Basadukae+ ba tla mo go bone,
2 ba betilwe ke pelo ka gonne ba ne ba ruta batho e bile ba ne ba bolela tsogo ya baswi ka tlhamalalo ka ga Jesu;+
3 ba ba tshwara mme ba ba tsenya mo kgolegelong go fitlha letsatsi le le latelang,+ gonne go ne go setse go le maitseboa.
4 Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba bao ba neng ba reeditse puo eno ba dumela,+ mme palo ya banna ya nna dikete di ka nna tlhano.+
5 Letsatsi le le latelang ga diragala mo Jerusalema gore babusi ba bone le banna ba bagolwane le bakwadi+ ba phuthege mmogo
6 (le Anase+ moperesiti yo mogolo le Kaiafase+ le Johane le Alekesandere le ba losika lwa moperesiti yo mogolo botlhe fela),
7 ba ba emisa mo gare ga bone ba bo ba simolola go botsa ba re: “Lo dirile selo seno ka maatla afe kgotsa mo leineng la ga mang?”+
8 Foo Petere, a tletse moya o o boitshepo,+ a ba raya a re:
“Babusi ba batho le banna ba bagolwane,
9 fa e le gore mo letsatsing leno re botsolotswa ka ntlha ya tiro e e molemo e e diretsweng monna yo o bobolang yono,+ gore monna yono o fodisitswe ka mang,
10 a go itsiwe ke lona lotlhe le ke batho botlhe ba Iseraele, gore mo leineng la ga Jesu Keresete Monasaretha,+ yo lo neng lwa mmapola+ mme yo Modimo a neng a mo tsosa mo baswing,+ ke ka yono go bo monna yono a eme fano fa pele ga lona a itekanetse sentle.
11 Leno ke ‘leje le le neng la tshwarwa ke lona baagi jaaka le e seng la sepe le jaanong le leng tlhogo ya sekhutlo.’+
12 Mo godimo ga moo, ga go na poloko mo go ope o sele, gonne ga go na leina le lengwe+ kafa tlase ga legodimo le batho ba le neilweng le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.”+
13 Jaanong e rile ba bona go bua ka bopelokgale ga ga Petere le Johane, e bile ba lemoga gore e ne e le banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela,+ ba gakgamala. Mme ba lemoga gore ba kile ba bo ba na le Jesu;+
14 mme ya re ba lebile monna yo o neng a alafilwe a eme le bone,+ ba se ka ba nna le sepe se ba neng ba ka se bua go mo ganetsa.+
15 Jalo ba laela gore ba ye kwa ntle ga holo ya Sanehederine, mme ba simolola go botsana,
16 ba re: “Re tla dirang ka banna bano?+ Ka gonne ruri ba dirile sesupo se se tlhomologileng, se se bonatshegang mo banning botlhe ba Jerusalema;+ e bile ga re ka ke ra se latola.
17 Le fa go ntse jalo, gore se tle se se ka sa anamisediwa kgakala go ya pele mo bathong, a re ba boleleleng ka go ba tshosetsa gore ba se ka ba tlhola ba bua ka leina leno le motho ope ka gope.”+
18 Foo ba ba bitsa mme ba ba laya, gore ba se ka ba bua sepe gope kgotsa go ruta ka leina la ga Jesu.
19 Mme fa Petere le Johane ba araba ba ba raya ba re: “Gore a go siame mo ponong ya Modimo go reetsa lona go na le go reetsa Modimo, ikatlholeleng.
20 Mme rona, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.”+
21 Jalo, e rile ba sena go ba tshosetsa gape, ba ba golola, e re ka ba ne ba se ka ba bona lebaka lepe le ba neng ba ka ba otlhaya ka lone le ka ntlha ya batho,+ ka gonne botlhe ba ne ba galaletsa Modimo ka ntlha ya se se neng se diregile;
22 gonne monna yo sesupo seno sa phodiso se neng se dirilwe mo go ene o ne a na le dingwaga tse di fetang masome a manè.
23 Fa ba sena go gololwa ba ya kwa bathong+ ba gagabo mme ba bega dilo tse baperesiti ba bagolo le banna ba bagolwane ba neng ba di ba boleletse.
24 Fa ba utlwa seno ba tlhatlosetsa mantswe a bone ka nako e le nngwe fela kwa Modimong+ ba re:
“Morena Molaodimogolo,+ ke Wena yo o neng wa dira legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone,+
25 le yo ka moya o o boitshepo o neng wa bua ka molomo wa ga rraaronamogologolwane Dafide,+ motlhanka wa gago wa re, ‘Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di ne tsa fuduega le batho ba ne ba tlhatlhanya ka dilo tse di lolea?+
26 Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa ema le babusi ba phuthega go nna seoposengwe kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe.’+
27 Fela jalo, Herode le Ponto Pilato+ ba na le banna ba ditšhaba le batho ba Iseraele, ba ne totatota ba phuthegile mmogo mo motseng ono kgatlhanong le motlhanka wa gago yo o boitshepo+ e bong Jesu, yo o neng wa mo tlotsa,+
28 gore ba dire dilo le fa e le dife tse seatla sa gago le boikaelelo bo di laoletseng e sale pele gore di diragale.+
29 Mme jaanong, Jehofa, tlhokomela matshosetsi a bone,+ mme o dire gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe,+
30 fa o ntse o otlolola seatla sa gago go fodisa le fa ditshupo le dikgakgamatso+ di ntse di dirwa ka leina+ la motlhanka+ yo o boitshepo wa gago e bong Jesu.”
31 Mme e rile ba sena go dira mokokotlelo, lefelo le ba neng ba phuthegetse mo go lone la reketla;+ mme botlhe fela ba tladiwa moya o o boitshepo+ e bile ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.+
32 Mo godimo ga moo, ba le bantsi ba ba neng ba dumetse ba ne ba le pelo e le nngwe le moya o le mongwe+ fela, e bile ga go na le a le mongwe yo o neng a bolela gore sengwe sa dilo tse a neng a na le tsone e ne e le sa gagwe; mme ba ne ba tlhakanetse dilo tsotlhe.+
33 Gape, ka maatla a magolo baaposetoloi ba ne ba tswelela ba neela bosupi kaga tsogo ya Morena Jesu;+ mme bopelonomi jo bo sa re tshwanelang bo ne bo le mo go bone botlhe ka selekanyo se segolo.
34 Tota e bile, go ne go se na ope yo o tlhokang mo go bone;+ gonne botlhe ba ba neng ba na le masimo kgotsa matlo ba ne ba tle ba di rekise mme ba tlise madi a dilo tse di rekisitsweng
35 mme ba a beye fa dinaong tsa baaposetoloi.+ Go tswa foo go abelwe+ mongwe le mongwe, go ya fela kafa a tlhokang ka gone.
36 Jalo Josefa, e bong Molefi, motho wa kwa Kupero, yo baaposetoloi ba neng ba mo naya sefane sa Barenabase,+ se fa se ranolwa se rayang, Morwa Kgomotso,
37 ka a ne a na le sebata sa lefatshe, a se rekisa mme a tlisa madi a bo a a baya fa dinaong tsa baaposetoloi.+

