Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Boammaaruri bo Nna le Maungo mo Bathong Ba o Ba Rutang?

A Boammaaruri bo Nna le Maungo mo Bathong Ba o Ba Rutang?

A Boammaaruri bo Nna le Maungo mo Bathong Ba o Ba Rutang?

BATSADI ba ga Eric ba ne ba utlwa botlhoko thata fa mosha yono a ne a ba bolelela gore ga a tlhole a batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ga ba a ka ba kgona go bonela seo pele. Fa Eric e ne e sa ntse e le mosimanyana o ne a nna le seabe mo thutong ya lelapa ya Baebele, a ya dipokanong tsa Bokeresete e bile a nna le seabe mo tirong ya go rera le phuthego. Tota re ka re, o ne a bonala a tshela ka tsela ya Bokeresete jwa boammaaruri. Mme fa a sena go tloga mo lapeng, batsadi ba gagwe ba ne ba lemoga gore o ne a sa dira gore boammaaruri jwa Baebele e nne jwa gagwe. Ba ne ba tshoga ba bo ba swaba fa ba sena go lemoga seo.

Bangwe ba ne ba nna le maikutlo a a tshwanang a go ikutlwa ba latlhegetswe fa motho yo ba ithutang Baebele le ene a tlogela go ithuta ba sa lebelela. Fa seo se direga, gantsi batho ba ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa ke sa kgona go bonela pele gore seno se tla direga?’ Mme gone a go a kgonega go bona gore a boammaaruri bo nna le maungo mo bathong ba re ba rutang pele ga ba tlhagelwa ke kotsi ya semoya? Mme e bile re ka tlhomamisega jang gore boammaaruri bo a dira mo go rona le mo bathong ba re ba rutang? Mo setshwantshong sa ga Jesu sa mojadi, Jesu o re thusa go bona karabo ya dipotso tseno.

Boammaaruri bo Tshwanetse go Fitlhelela Pelo

Jesu o ne a re: “Peo ke lefoko la Modimo. Mme e e [jadilweng] mo mmung o o molemo, bano ke ba e reng, fa ba sena go utlwa lefoko ka pelo e e molemo le e e siameng, ba le tshegetse mme ba ungwe maungo ka boitshoko.” (Luke 8:11, 15) Ka jalo, pele ga boammaaruri jwa Bogosi bo ka nna le matswela mo bathong ba re ba rutang, bo tshwanetse go mela mo dipelong tsa bone tsa tshwantshetso. Jesu o re tlhomamisetsa gore fela jaaka peo e e jetsweng mo mmung o o molemo, fa boammaaruri jwa Modimo bo setse bo amile motho pelo, bo a dira mo go ene mme bo tlhagise maungo ka yone nako eo. Ke eng se re tshwanetseng go se lebelela?

Re tshwanetse go ela tlhoko dinonofo tse di mo pelong e seng fela tsela e motho a lebegang ka yone kafa ntle. Go nna fela le thulaganyo ya ka metlha ya kobamelo ga se ka dinako tsotlhe go senolang se tota se diregang mo pelong ya motho. (Jeremia 17:9, 10; Mathaio 15:7-9) Re tshwanetse go leba kwa teng. Go tshwanetse ga nna le diphetogo mo dilong tse motho a di eletsang, mo maitlhomong a gagwe le mo dilong tse di tlang pele mo botshelong jwa gagwe. Motho yoo o tshwanetse go apara motho yo mosha yo o dumalanang le thato ya Modimo. (Baefeso 4:20-24) Ka sekai: Paulo o ne a re fa Bathesalonika ba sena go utlwa mafoko a a molemo, ba ne ba a amogela jaaka mafoko a Modimo. Mme gone ke go itshoka ga bone morago ga foo, le boikanyegi jwa bone le lorato lo ba neng ba na le lone tse di neng tsa mo tlhomamisetsa gore boammaaruri bo ne bo ‘dira mo go bone.’—1 Bathesalonika 2:13, 14; 3:6.

Ke boammaaruri gore go ise go ye kae sengwe le sengwe se se leng mo pelong ya moithuti, se tla senoga mo tseleng e a itshwarang ka yone fela jaaka sekai sa ga Eric se bontshitse. (Mareko 7:21, 22; Jakobe 1:14, 15) Ka maswabi go ka nna ga bo go setse go le thari fa mekgwa mengwe e e sa siamang e simolola go bonala sentle mo tseleng e motho a itshwarang ka yone. Ka jalo, kgwetlho e re nang le yone ke go lemoga makoa a a rileng mo mothong pele makoa ao a mo kgoreletsa semoyeng. Re tlhoka sengwe se se ka re thusang go bona pelo ya tshwantshetso. Re ka dira seo jang?

Ithute mo go Jesu

Ke boammaaruri gore, Jesu o ne a kgona go bala dipelo a sa fose. (Mathaio 12:25) Ga go ope wa rona yo o ka kgonang go dira jalo. Le fa go ntse jalo, o re bontshitse gore le rona re ka kgona go lemoga dilo tse motho a di eletsang, maitlhomo a gagwe le dilo tse di tlang pele mo go ene. Fela jaaka ngaka e e tshwanelegang e dirisa mekgwa e e farologaneng go lemoga gore bothata ke eng ka pelo ya mmatota ya molwetse, Jesu le ene o ne a dirisa Lefoko la Modimo go lemoga le go senola “dikakanyo le maikaelelo a pelo” le fa di ne di sa ntse di fitlhegile mo batho ba ka se kang ba di bona.—Diane 20:5; Bahebera 4:12.

Ka sekai, nako nngwe Jesu o ne a thusa Petere gore a lemoge bokoa bongwe jo a neng a na le jone jo moragonyana bo neng jwa nna sekgoreletsi. Jesu o ne a itse gore Petere o a mo rata. Tota Jesu o ne a sa tswa go neela Petere “dilotlolo tsa bogosi.” (Mathaio 16:13-19) Mme Jesu o ne a itse le gore Satane o tlhomile baaposetoloi ba gagwe matlho. Mo malatsing a a neng a tla ba ne ba tla gatelelwa thata gore ba ineele. Go bonala Jesu o ne a lemogile gore bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba na le makoa mangwe mo tumelong ya bone. Ka jalo ga a ka a okaoka go ba bolelela gore ke kae mo ba neng ba tshwanetse go baakanya gone. Ela tlhoko kafa Jesu a neng a simolola kgang eo ka gone e le gore ba tlotle ka yone.

Mathaio 16:21 e bolela jaana: “Go tswa ka nako eo go ya pele Jesu Keresete a simolola go bontsha barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go . . . [boga] . . . a ba a bolawe.” Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a ba bolelela fela dilo tse di neng di tla mo diragalela mme o ne a ba bontsha tsone. O tshwanetse a bo a ile a dirisa ditemana tsa Baebele tse di jaaka Pesalema 22:14-18 kgotsa Isaia 53:10-12 tse di bontshang gore Mesia o ne a tshwanetse go boga le go swa. Mme gone boammaaruri ke gore ka go ba balela le go nopola ka tlhamalalo go tswa mo Dikwalong, o ne a neela Petere le ba bangwe tshono ya gore ba tsibogele seo go tswa mo dipelong tsa bone. Ba ne ba tla itshwara jang fa ba utlwa gore ba tla bogisiwa?

Se se gakgamatsang ke gore, le fa Petere a ne a itshupile a le pelokgale e bile a tlhagafetse, tsela e a neng a araba ka yone mo lekgetlhong leno e ne ya bontsha gore sengwe se ne se tlhaela thata mo tseleng ya gagwe ya go akanya. O ne a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” Ga go pelaelo gore tsela ya ga Petere ya go akanya e ne e sa siama ka gonne fela jaaka Jesu a bontshitse, Petere o ne a sa “akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho”—e leng molato o mogolo o o neng o ka nna le diphelelo tse di masisi. Jaanong Jesu o ne a dira eng? Fa a sena go kgalema Petere, Jesu ne a mmolelela jaana ene le barutwa ba bangwe: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” O ne a buelela dintlha tse di fitlhelwang mo go Pesalema 49:8 le 62:12 go ba gakolola ka bopelonomi gore botshelo jo bo sa khutleng ga bo a ikaega ka batho, ba ba neng ba se kitla ba kgona go ba boloka, mme bo ikaegile ka Modimo.—Mathaio 16:22-28.

Le fa gone Petere a ne a ineelela poifo ka nakwana ka go itatola Jesu makgetlo a le mararo, ga go pelaelo gore puisano eno le tse dingwe tse Jesu a nnileng le tsone le bone di ne tsa mo thusa gore a tokafatse bomoya jwa gagwe ka bonako. (Johane 21:15-19) Malatsi a le 50 fela morago ga foo, Petere o ne a ema ka bopelokgale fa pele ga boidiidi kwa Jerusalema mme a nna mosupi wa gore Jesu o ne a tsosiwa. Mo dibekeng le mo dikgweding le mo dingwageng tse di neng tsa latela, o ne a lebana ka bopelokgale le go nna a golegwa gagwe le gape, a itewa le go tsenngwa mo kgolegelong mme a tlhoma sekao se se molemo sa bothokgami a sa boife sepe.—Ditiro 2:14-36; 4:18-21; 5:29-32, 40-42; 12:3-5.

Re ithuta eng mo go seno? A o kgona go bona gore Jesu o ne a dira eng gore a kgone go bona le go senola se se neng se le mo pelong ya ga Petere? Sa ntlha, o ne a tlhopha ditemana tse di tshwanetseng tse di neng di ka thusa Petere gore a lebise tlhokomelo ya gagwe mo a neng a na le bothata teng. Morago ga moo o ne a neela Petere tshono ya gore a mo neele karabo e e tswang pelong. Mme la bofelo o ne a neela Petere kgakololo e e oketsegileng ya Dikwalo gore a baakanye tsela e a akanyang le e a ikutlwang ka yone. O ka nna wa nna le maikutlo a gore tsela eno ya go ruta ke ya maemo a a kwa godimo thata mo o ka se kang wa kgona go e fitlhelela, le fa go ntse jalo a re sekaseke maitemogelo a mabedi a a bontshang kafa go baakanyetsa le go ikaega ka Jehofa go ka thusang mongwe le mongwe wa rona ka gone gore a latele sekai sa ga Jesu.

Leka go Bona Se se Mo Pelong

Fa rre mongwe wa Mokeresete a ne a lemoga gore barwa ba gagwe ba babedi, ba mongwe wa bone a leng mo ngwageng wa ntlha wa sekolo mme yo mongwe a leng mo go wa bobedi, ba tsere dimonamone mo desekeng ya morutabana, o ne a ba baya fa fatshe mme a buisana le bone. Go na le gore rraabone a tseye tiragalo eno e le bosilonyana fela jwa bongwana jo bo sa reng sepe, o bolela jaana, “Ke ne ka leka go bona se se mo dipelong tsa bone, gore ke eng se se ba tlhotlheleditseng gore ba dire selo seno se se bosula.”

Rre yono o ne a botsa basimanyana bano gore a ba gakologelwa tiragalo e e mo go Joshua kgaolo 7 ya se se neng sa diragalela Akane. Ka bonako fela basimane ba ne ba bona ntlha mme ba amogela gore ba dirile phoso. Digakolodi tsa bone di ne di setse di ba tshwenya. Ka jalo rraabone o ne a re ba bale Baefeso 4:28, e e reng: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla . . . gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang.” Rre yono o ne a dira gore bana bano ba reke dimonamone tse dingwe mme ba di neele morutabana mme seno se ne sa gatelela mo go bone kgakololo ya Dikwalo e ba e ithutileng.

Rraabone a re: “Fa re lemoga mekgwa mengwe e e maswe mo go bone, re beelana mabaka le bone re leka go e kumola mme re e emisetse ka e e molemo.” Ga go pelaelo gore batsadi bano ba ne ba nna le matswela a a molemo fa nako e ntse e tsamaya ka gonne ba ne ba etsa Jesu fa ba ruta bana ba bone. Kgabagare basimane bano ba ne ba bidiwa gore ba tle go nna maloko a ntlokgolo ya Bethele e e kwa Brooklyn, kwa mongwe wa bone a sa ntseng a direla teng morago ga dingwaga di le 25.

Ela tlhoko kafa Mokeresete mongwe a neng a kgona go thusa motho yo a ithutang Baebele le ene ka gone. Moithuti yono o ne a setse a tla dipokanong, a nna le seabe mo bodireding e bile a setse a tlhalositse gore o eletsa go kolobediwa. Le fa go ntse jalo, go ne go bonala a ikaegile thata ka bokgoni jwa gagwe go na le go ikaega ka Jehofa. Mosupi yono o tlhalosa jaana, “e re ka a ne a sa nyalwa, o ne a tlwaetse go itirela dilo ka tsela ya gagwe. Ke tshoga gore a ka nna a nna le bothata jwa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong kgotsa a wa semoyeng.”

Ka jalo Mosupi yono o ne a bona go le molemo gore a tlotle le moithuti yono ka Mathaio 6:33 a mo kgothaletsa go dira gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone tse di tlang pele, a beye Bogosi kwa pele mme a ikanye Jehofa gore e nne ene a tla mo rarabololelang mathata a gagwe. Kgaitsadi o ne a botsa moithuti jaana a sa okaoke: “A ka dinako tse dingwe go nna o le nosi go dira gore go nne thata gore o ikanye batho ba bangwe go akaretsa le Jehofa?” Moithuti yono o ne a dumela gore o ne a sa tlhole a rapela ka metlha. Go tswa foo mmoledi yono o ne a mo kgothaletsa gore a latele kgakololo e e fitlhelwang mo go Pesalema 55:22 mme a latlhele mekgweleo ya gagwe mo go Jehofa ka gonne jaaka 1 Petere 5:7 e re tlhomamisetsa, ‘o a re kgathalela.’ Mafoko ao a ne a mo ama pelo thata. Mosupi yono a re, “Leno e ne e le lengwe la makgetlo a le mmalwa a ke neng ka mmona a lela ka one.”

Dira Gore Boammaaruri bo Nne bo Dira mo go Wena

Re itumela thata fa re bona batho ba re ba rutang ba amogela dithuto tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, gore maiteko a rona a go thusa ba bangwe a atlege, re tshwanetse gore rona ka borona re ba tlhomele sekao se se molemo. (Jude 22, 23) Rotlhe re tlhoka go ‘direla poloko ya rona ka poifo le go roroma.’ (Bafilipi 2:12) Seno se akaretsa gore ka metlha re dire gore lesedi la Dikwalo le nne le phatsime mo dipelong tsa rona ka go batla mekgwa, dikeletso le maikutlo a gongwe a tlhokang go baakanngwa.—2 Petere 1:19.

Ka sekai, a tsela e o neng o tlhoafaletse ditiro tsa Bokeresete ka yone e ngotlegile? Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang? Lebaka le lengwe e ka nna gore gongwe o ikaegile thata ka bokgoni jwa gago. O ka lemoga jang gore go ntse jalo? Bala Hagai 1:2-11 mme o akanye ka kelotlhoko ka tsela e Jehofa a neng a beelana mabaka ka yone le Bajuda ba ba neng ba boetse kwa nagagaeng ya bone. Mme o ipotse jaana: ‘A ke amegile ka tsela e e feteletseng ka go nna le madi le dikhumo? A tota ke ikanya Jehofa gore e tla nna ene a tlhokomelang lelapa la me fa ke baya dilo tsa semoya kwa pele? Kgotsa a ke na le maikutlo a gore ke tshwanetse go itlhokomela pele?’ Fa go tlhokega gore o dire diphetogo mo tseleng e o akanyang ka yone kana e o ikutlwang ka yone, o se ka wa okaoka go di dira. Kgakololo ya Dikwalo e e jaaka e e fitlhelwang mo go Mathaio 6:25-33, Luke 12:13-21 le 1 Timotheo 6:6-12 e re thusa go nna le pono e e lekalekaneng ka dikhumo le dithoto, e leng selo se se dirang gore Jehofa a nne a re segofatse.—Malaki 3:10.

Go itlhatlhoba sentle ka tsela eno go ka re thusa tota. Go amogela gore re na le makoa mangwe fa re a bontshiwa go ka nna thata ga ba ga re kgoba marapo. Le fa go ntse jalo, fa o tsaya kgato ya ntlha go thusa ngwana wa gago ka lorato, kana motho yo o ithutang Baebele le ene tota le go ithusa wena ka bowena—go sa kgathalesege gore kgang eno e go ama go le kana kang kgotsa gore e masisi go le go kana kang—o ka nna wa tswa o tsaya kgato ya ntlha go boloka botshelo jwa gagwe kana jwa gago.—Bagalatia 6:1.

Mme go tweng fa go bonala maiteko a gago a sa nne le matswela a a molemo? O se ka wa ineela ka bonako. Go siamisa pelo e e sa itekanelang e ka nna maiteko a a masisi, a a tsayang nako mme ka dinako tse dingwe a a kgobang marapo. Mme gape e ka nna maiteko a a duelang.

Kgabagare Eric yo mmotlana yo go builweng ka ene kwa tshimologong o ne a itharabologelwa mme a simolola go “tsamaya mo boammaaruring” gape. (2 Johane 4) O bolela jaana: “Fa fela ke sena go lemoga gore ke latlhegetswe ke eng, ke ne ka boela gape kwa go Jehofa.” Batsadi ba ga Eric ba mo thusitse gore a boele a direle Modimo ka boikanyegi. Le fa gone a ne a sa rate maiteko a batsadi ba gagwe ba neng ba ntse ba a dira go mo thusa gore a sekaseke pelo ya gagwe, jaanong o anaanela thata se ba mo diretseng sone. O bolela jaana: “Batsadi ba me ba molemo tota. Ga ba a ka ba kgaotsa go nthata.”

Fa re phatsimisetsa batho ba re ba rutang lesedi la Lefoko la Modimo re a bo re supa bopelonomi jo bo lorato. (Pesalema 141:5) Nna o hukutse dipelo tsa bana ga gago le tsa batho ba o ithutang Baebele le bone gore o bone gore a tota ba apere botho jwa Bokeresete. Boloka boammaaruri bo dira mo go wena le mo go ba bangwe ka go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’—2 Timotheo 2:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Mafoko a Jesu a neng a a bua a ne a senola bokoa jo Petere a neng a na le jone

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dirisa Baebele go leka go bona se se mo pelong