Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo—A bo Tlhwatlhwakgolo Kgotsa Ga bo Na Mosola?

Botshelo—A bo Tlhwatlhwakgolo Kgotsa Ga bo Na Mosola?

Botshelo—A bo Tlhwatlhwakgolo Kgotsa Ga bo Na Mosola?

“E re ka motho a dirilwe mo setshwanong sa Modimo, go raya gore go bolaya motho ke go senya sengwe se se tlhwatlhwakgolo le se se boitshepo go di feta tsotlhe mo lefatsheng.”—The Plain Man’s Guide to Ethics, ya ga William Barclay.

‘SENGWE se se tlhwatlhwakgolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng.’ A le wena o leba botshelo jalo? Go bonala sentle gore batho ba bantsi ga ba dumalane le mokwadi yoo fa go lebilwe tsela e ba itshwarang ka yone. Batho ba ba dikgoka ba ba neng ba lateletse mekgele ya bogagapa, ba sa amege ka mongwe ka bone ba ile ba bolaya batho ba le bantsintsi setlhogo.—Moreri 8:9.

Bangwe ba Tsewa ba se Botlhokwa Mme ba a Bolawa

Ntwa ya Lefatshe I ke sekai se se tshwanelang. Rahisitori A.J.P. Taylor a re gangwe le gape mo ntweng eo e e maswe, “batho ba ne ba bolaelwa lefela.” Baeteledipele ba sesole ba ile ba batla maemo le tlotlo ka go dirisa masole jaaka e kete ke batho ba ba se nang mosola wa sepe. Kwa ntweng ya Verdun kwa Fora, go ne ga swa batho ba feta halofo ya milione. Taylor o kwala jaana: “Go ne go se na sekgele [sa botlhokwa bope fela] se ba neng ba ka se gapa kgotsa ba latlhegelwa ke sone, go na le moo go ne go bolawa batho gore go bonwe tlotlo.”

Batho ba le bantsi ba sa ntse ba sa tseye botshelo bo le botlhokwa le e seng. Mokanoki Kevin Bales a re mo metlheng ya bosheng, “go ntsifala ga batho mo lefatsheng go dirile gore mafelo a ditiro a tlale batho ba le bantsintsi ba ba humanegileng le ba go leng motlhofo go ba tsietsa.” Ba kgaratlha botshelo jwa bone jotlhe e le fela gore ba tswelele ba tshela mo tsamaisong e e gatelelang ya kgwebo e mo go yone “botshelo bo se nang mosola.” Bales a re ba ba ba tsietsang, ba ba tshwara jaaka batlhanka—“dilo fela tse ba itirelang madi ka tsone tse ba ka di latlhang fa ba fetsa go di dirisa.”—Disposable People.

“Go Kgaratlhela Phefo”

Go na le mabaka a mangwe a mantsi a a dirang gore batho ba bantsi gompieno ba ikutlwe ba se na mosola gotlhelele e bile ba itlhobogile—gore ga go na ope yo tota a kgathalang gore a ba a tshela kana ba a swa. Kwantle ga ntwa le go tlhoka tshiamiso, go na le leuba, bolwetse, go swelwa ke mongwe, le dilo tse dingwe tse dintsi tse di bogisang batho botlhe, mme seo se dira gore ba ipotse gore a tota go tshela go na le mosola.—Moreri 1:8, 14.

Gone ga se mongwe le mongwe yo o sotlegang thata le yo o tshelang botlhoko jalo. Mme le batho ba ba sa lebanang le kgatelelo e kgolo jalo gantsi ba dumalana le mafoko a ga Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo, yo o neng a botsa jaana: “Motho o boelwa ke eng mo tirong yotlhe ya gagwe ya bonatla le go kgaratlha ga pelo ya gagwe e a dirang ka natla ka yone kafa tlase ga letsatsi?” Batho ba bantsi fa ba sena go sekaseka dilo, ba lemoga gore bontsi jwa dilo tse ba di dirileng e ne e le “lefela le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 2:22, 26.

Batho ba bantsi ba ipotsa jaana fa ba akanya ka botshelo jwa bone, “A ke gone gotlhe?” Gone mme ke batho ba le kae ba ba wetsang botshelo jwa bone ba ikutlwa ba “kgotsofetse” tota jaaka tlhogo ya lotso Aborahame? (Genesise 25:8) Batho ba bantsi ba na le boikutlo jo bo sa feleng jwa gore botshelo jwa bone ga bo na mosola. Mme gone ga go tlhokege gore botshelo e nne lefela. Modimo o tsaya botshelo jwa motho mongwe le mongwe bo le tlhwatlhwakgolo mme o batla gore mongwe le mongwe a tshele botshelo jo bo kgotsofatsang tota. Seo se tla direga jang? Bala setlhogo se se latelang gore o utlwe gore sa reng ka kgang eno.