THUTO 37

Jehofa o Bua le Samuele

Jehofa o Bua le Samuele

Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ne a na le bana ba babedi ba basimane ba e neng e le baperesiti kwa motlaaganeng. Maina a bone e ne e le Hofeni le Finease. Ba ne ba sa ikobele melao ya ga Jehofa e bile ba sa dirisane sentle le batho. Fa Baiseraele ba ne ba tlisetsa Jehofa ditlhabelo, Hofeni le Finease ba ne ba itseela nama. Eli o ne a utlwalela dilo tse bana ba gagwe ba neng ba di dira mme ga a ka a ba kgalemela. A Jehofa o ne a tla letla gore dilo tseno gore di tswelele di direga?

Le fa Samuele a ne a le monnye mo go Hofeni le Finease, ga a ka a dira se ba neng ba se dira. Jehofa o ne a kgatlhiwa ke sekao sa ga Samuele. Bosigo bongwe fa Samuele a robetse, o ne a utlwa mongwe a bitsa leina la gagwe. O ne a tsoga a bo a ya kwa go Eli a re: ‘Ke nna yo!’ Mme Eli o ne a mo raya a re: ‘Ga ke a go bitsa. Tsamaya o ye go robala.’ Samuele o ne a ya go robala. Mme go ne ga direga gape. Fa Samuele a utlwa lentswe leno lekgetlo la boraro, Eli o ne a lemoga gore ke Jehofa a neng a bitsa Samuele. O ne a raya Samuele a re fa a utlwa lentswe leo gape, a re: ‘Bua Jehofa. Motlhanka wa gago o go reeditse.’

Samuele o ne a ya go robala. Go tswa foo, o ne a utlwa lentswe le re: ‘Samuele! Samuele!’ O ne a re: ‘Bua ka gonne motlhanka wa gago o go reeditse.’ Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Bolelela Eli gore ke tlile go mo otlhaya le lelapa la gagwe. O itse dilo tse bana ba gagwe ba di dirang mo motlaaganeng wa me mme ga a ba kgalemele.’ Mo mosong o o latelang, Samuele o ne a bula kgoro ya motlaagana fela jaaka a ne a tle a dire. O ne a tshaba go bolelela moperesiti yo mogolo se Jehofa a mo reileng sone. Mme Eli o ne a mmitsa a bo a re: ‘Ngwanaka, Jehofa o go reile a reng? Mpolelela sotlhe se a go se boleletseng.’ Samuele o ne a bolelela Eli.

Fa Samuele a ntse a gola, Jehofa o ne a tswelela a mo thusa. Baiseraele botlhe ba ne ba itse gore Jehofa o tlhophile Samuele gore e nne moporofeti le moatlhodi.

“O gakologelwe Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bosha jwa gago.”​—Moreri 12:1