SE O KA SE ITHUTANG MO BAEBELENG

A mo Galefela A bo A Mmolaya

Setswana
A mo Galefela A bo A Mmolaya
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/1102016014/univ/art/1102016014_univ_sqr_xl.jpg
lfb thuto 4 ts. 16-17

THUTO 4

A mo Galefela A bo A Mmolaya

A mo Galefela A bo A Mmolaya

Fa Adame le Efa ba sena go lelekiwa kwa tshimong ya Edene, ba ne ba nna le bana ba bantsi. Ngwana wa bone wa ntlha wa mosimane, e bong Kaine e ne ya nna molemi, mme wa bobedi e bong Abele e ne ya nna modisa.

Letsatsi lengwe Kaine le Abele ba ne ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo. A o a itse gore setlhabelo ke eng? Ke mpho e e kgethegileng. Jehofa o ne a rata mpho ya ga Abele, mme o ne a sa rate ya ga Kaine. Seo se ne sa galefisa Kaine. Jehofa o ne a kgalemela Kaine gore go galefa ga gagwe go ka dira gore a dire sengwe se se maswe. Mme Kaine ga a ka a reetsa.

Go na le moo, Kaine o ne a raya Abele a re: ‘A re ye kwa nageng.’ Fa ba le bosi kwa nageng, Kaine o ne a tlhasela monnawe a bo a mmolaya. Jehofa o ne a tla dirang ka seo? Jehofa o ne a otlhaya Kaine ka go mo romela kgakala le ba lelapa la gagwe. Kaine o ne a ka se tlhole a boa.

A go na le sengwe se re ka se ithutang mo kgannyeng eno? Re ka simolola go galefa fa dilo di sa dirwe jaaka re batla. Fa re utlwa gore re simolola go galefa​—kgotsa fa ba bangwe ba re kgalemelela go bo re galefile—​re tshwanetse go laola maikutlo a rona pele e nna one a re laolang.

E re ka Abele a ne a rata Jehofa e bile a dira se se siameng, Jehofa o tla mo gopola. Modimo o tla dira gore Abele a tshele gape fa a fetola lefatshe go nna paradaise.

“Agisana le morwarrago pele, go tswa foo o bo o boa o ya go isa mpho ya gago.”​—Mathaio 5:24