THUTO 74

Jesu o Nna Mesia

Jesu o Nna Mesia

Johane o ne a ntse a rera a re: ‘Yo mogolo mo go nna o etla.’ Fa Jesu a na le dingwaga di le 30, o ne a tswa kwa Galalea a ya kwa Nokeng ya Joredane kwa Johane a neng a kolobetsa batho gone. Jesu o ne a batla gore Johane a mo kolobetse, mme Johane o ne a re: ‘Ga ke a tshwanela go go kolobetsa. Ke wena o tshwanetseng go nkolobetsa.’ Jesu o ne a raya Johane a re: ‘Jehofa a re ke wena o tshwanetseng go nkolobetsa.’ Ba ne ba tsena mo nokeng mme Johane a tsenya mmele wa ga Jesu mo tlase ga metsi.

Fa Jesu a tswa mo metsing, o ne a rapela. Ka yone nako eo, magodimo a ne a bulega mme moya o o boitshepo o ne wa tla mo go Jesu e kete ke lephoi. Go tswa foo, Jehofa o ne a bua a le kwa legodimong a re: “O Morwaake yo o rategang; ke go amogetse.”

Jesu o ne a nna Keresete kgotsa Mesia fa moya wa ga Jehofa o sena go nna mo go ene. Jaanong e ne e le nako ya gore a simolole tiro e Jehofa a neng a mo romile go tla go e dira.

Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a ya go fetsa malatsi a le 40 kwa nageng. Fa a boa, o ne a ya kwa go Johane. Fa Jesu a tla kwa go ene, Johane o ne a re: ‘Yono ke Kwana ya Modimo e e tla tlosang boleo mo lefatsheng.’ Mafoko ao a ne a bontsha batho gore Jesu ke ene Mesia. A o itse gore Jesu o ile a diragalelwa ke eng fa a le kwa nageng? Mma re bone.

“Lentswe le ne la tswa kwa magodimong le re: ‘O Morwaake yo o rategang; ke go amogetse.’”​—Mareko 1:11