Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSUPA

O ne “A Tswelela a Gola fa Pele ga ga Jehofa”

O ne “A Tswelela a Gola fa Pele ga ga Jehofa”

1, 2. Maemo a ne a ntse jang fa Samuele a ne a bua le batho ba Iseraele, mme ke eng fa go ne go le botlhokwa gore a ba tlhotlheletse go ikwatlhaya?

SAMUELE o ne a lebile difatlhego tsa batho ba gaabo. Setšhaba se ne se phuthegetse kwa motseng wa Gilegala se biditswe ke monna yono yo o ikanyegang yo o nnileng moporofeti le moatlhodi ka dingwaga di le dintsi. E ne e le kgwedi ya Motsheganong kgotsa Seetebosigo mo khalendareng ya segompieno; paka ya pula e ne e setse e fetile. Masimo a korong a a mo kgaolong eno a ne a setse a siametse go ka rojwa. Go ne go na le tshisibalo e kgolo mo boidiiding joo. A Samuele o ne a tla kgona go fitlhelela dipelo tsa bone?

2 Batho ba ne ba sa lemoge gore kgang ya bone e masisi go le kana kang. Ba ne ba feditse le mogopolo gore ba batla kgosi ya motho. Ba ne ba sa bone gore ba tlontlolotse Modimo wa bone Jehofa le moporofeti wa gagwe. Tota ba ne ba gana gore Jehofa a nne Kgosi ya bone! A Samuele o ne a tla kgona go ba tlhotlheletsa gore ba ikwatlhaye?

Tsela e Samuele a godileng ka yone e ka re ruta go le gontsi ka go nna le tumelo mo go Jehofa le fa re lebane le tlhotlheletso e e bosula

3, 4. (a) Ke eng fa Samuele a ile a bua ka dingwaga tsa gagwe tsa bosha? (b) Ke eng fa sekao sa ga Samuele sa tumelo se re solegela molemo gompieno?

3 Samuele o ne a raya boidiidi a re: “Ke tsofetse e bile ke tlhogoputswa.” E re ka a ne a setse a le tlhogoputswa, se a neng a se bua se ne sa nna le bokao le go feta. Go tswa foo o ne a re: “Ke tsamaile fa pele ga lona go tloga bosheng jwa me go fitlha mo letsatsing leno.” (1 Sam. 11:14, 15; 12:2) Le fa Samuele a ne a setse a tsofetse, o ne a sa lebala dingwaga tsa gagwe tsa bosha. O ne a sa ntse a gakologelwa sentle dilo tse di neng tsa direga mo bosheng jwa gagwe. Ditshwetso tse a neng a di dira fa a ntse a gola, di ne tsa dira gore a tshele botshelo jo bo bontshang gore o na le tumelo e bile o ineetse mo Modimong wa gagwe, Jehofa.

4 Samuele o ne a tshwanelwa ke go nonotsha tumelo ya gagwe le go tswelela a na le yone, le fa gantsi a ne a dikologilwe ke batho ba ba se nang tumelo le ba ba sa ikanyegeng. Le gompieno, go sa ntse go le thata go nna le tumelo ka gonne re tshela mo lefatsheng le le senyegileng le le le se nang  tumelo. (Bala Luke 18:8.) Mma re boneng gore re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Samuele, go simolola ka nako ya fa a sa le mosimanyana.

“A Direla fa Pele ga ga Jehofa, e le Mosimane”

5, 6. Ke jang Samuele a godisitsweng ka tsela e e sa tlwaelegang, mme ke eng fa batsadi ba gagwe ba ne ba tlhomamisegile gore o tlhokometswe?

5 Samuele o godisitswe ka tsela e e sa tlwaelegang. Fela fa a sena go kgwisiwa, gongwe a le dingwaga di ka nna tharo kgotsa go feta, o ne a simolola go direla Jehofa tirelo e e boitshepo kwa motlaaganeng kwa Shilo, motse o o neng o le dikilometara di feta 30 go tswa kwa gaabo kwa Rama. Batsadi ba gagwe e bong Elekana le Hana, ba ne ba naya Jehofa morwaabone gore a dire tiro e e kgethegileng botshelo jotlhe jwa gagwe e le Monasirite. * A seno se ne se raya gore batsadi ba ga Samuele ba ne ba mo latlhile e bile ba sa mo rate?

6 Nnyaa, le e seng! Ba ne ba itse gore morwaabone o ne a tla tlhokomelwa sentle kwa Shilo. E re ka Samuele a ne a dira mmogo le Moperesiti yo Mogolo e bong Eli, ga go pelaelo gore moperesiti yono o ne a tlhokometse gore dilo di tsamaye sentle. Gape go ne go na le basadi ba le mmalwa ba ba neng ba rulagantswe sentle gore ba thuse ka ditiro tse di farologaneng tse di dirwang kwa motlaaganeng.—Ekes. 38:8; Baatlh. 11:34-40.

7, 8. (a) Batsadi ba ga Samuele ba ne ba mo kgothatsa jang ka lorato ngwaga le ngwaga? (b) Gompieno batsadi ba ka ithuta eng mo batsading ba ga Samuele?

7 Mo godimo ga moo, Hana le Elekana ga ba a ka ba lebala leitibolo leno la bone le le ileng la tsholwa ka gonne Jehofa a ile a araba thapelo. Hana o ne a kopile Modimo gore a mo neye morwa mme a solofetsa Modimo gore o tla mo naya morwa yoo gore a dire tirelo e e boitshepo botshelo jotlhe jwa gagwe. Ngwaga le ngwaga fa ba ya kwa motlaaganeng, Hana o ne a tlela Samuele seaparo se sesha se se se nang mabogo, se a mo diretseng sone gore a se apare fa a direla mo motlaaganeng. Ga go pelaelo gore mosimanyana yono o ne a itumelela maeto ao fela thata. Tota e bile, o ne a itumelela go bo batsadi ba gagwe ba mo kgothatsa ka lorato le go mo kaela fa ba ntse ba mo ruta gore go direla Jehofa mo lefelong leo le le kgethegileng ke tshiamelo e kgolo.

8 Gompieno batsadi ba ka ithuta go le gontsi mo go Hana le Elekana. Gantsi batsadi ba ba godisang bana ba tlhoma mogopolo thata mo dilong tse bana ba bone ba di tlhokang mo botshelong mme ba tlhokomologa tse ba di tlhokang mo semoyeng. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ga Samuele bone ba ne ba dira gore dilo tsa semoya di tle pele, mme seo se ne sa dira gore fa Samuele a gola a nne monna yo o ratang Jehofa.—Bala Diane 22:6.

9, 10. (a) Tlhalosa gore motlaagana o ne o ntse jang le gore Samuele yo mmotlana o ne a ikutlwa jang ka lefelo leo le le boitshepo. (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Ditiro tsa ga Samuele di ka tswa di ne di akaretsa eng, mme o akanya gore gompieno basha ba ka etsa jang sekao sa gagwe?

9 Akanya fela mosimane yono a ntse a gola mme a ithuta go le gontsi  fa a ntse a tsamayatsamaya mo dithoteng tse di dikologileng Shilo. Fa a leba kwa tlase mme a bona motse le mokgatsha o o neng o le mo letlhakoreng le lengwe la motse, pelo ya gagwe e tshwanetse ya bo e ne e phophoma ka boitumelo e bile a le motlotlo fa a bona motlaagana wa ga Jehofa. Ruri motlaagana oo e ne e le lefelo le le boitshepo. * O ne o agilwe dingwaga di ka nna 400 pele ga moo ka taelo ya ga Moshe, mme e ne e le one fela boremelelo jwa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.

10 Samuele yo mmotlana o ne a rata motlaagana fela thata. Mo pegong e a neng a e kwala moragonyana, re bala jaana: “Samuele o ne a direla fa pele ga ga Jehofa, e le mosimane, a ikgatlhile ka khiba ya leloba.” (1 Sam. 2:18) Seaparo seo se se se nang mabogo se ne se bontsha gore Samuele o thusa baperesiti mo motlaaganeng. Tota le fa e ne e se moperesiti, o ne a dira ditiro tse dingwe tse di jaaka go bula dikgoro tsa lolwapa lwa motlaagana mo mosong le go thusa Eli yo o tsofetseng. Le fa gone a ne a itumelela ditshiamelo tseno, fa nako e ntse e ya Samuele yo mmotlana o ne a simolola go tshwenyega. Sengwe se ne se sa tsamaye sentle mo ntlong ya ga Jehofa.

O ne A Nna a le Phepa mo Gare ga Batho ba ba Bosula

11, 12. (a) Hofeni le Finease ba ne ba palelwa ke go dira eng se se botlhokwa? (b) Hofeni le Finease ba ne ba dira boikepo le tlolomolao ya mofuta ofe kwa motlaaganeng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

11 Samuele o ne a sa ntse a le mmotlana fa a bona batho ba dira boikepo le tlolomolao. Eli o ne a na le barwa ba le babedi ba ba bidiwang Hofeni le Finease. Pego ya ga Samuele e balega jaana: “Bomorwa Eli e ne e le banna ba ba se nang molemo wa sepe; ba ne ba sa tlotle Jehofa.” (1 Sam. 2:12) Go a utlwala go bo dintlha tseno tse pedi tse di mo temaneng eno di latelana. Hofeni le Finease e ne e le “banna ba ba se nang molemo wa sepe”—mo go rayang “barwa ba ba se nang mosola”—ka gonne ba ne ba sa tlotle Jehofa. Ba ne ba nyatsa melao ya gagwe e e siameng. Mme seo se ne se dira gore ba dire le maleo a mangwe.

12 Molao wa Modimo o ne o tlhalosa sentle ditiro tsa baperesiti le tsela e ba neng ba tshwanetse go ntsha ditlhabelo ka yone kwa motlaaganeng. Mme go ne go na le lebaka le le utlwalang la seo! Ditlhabelo tseo di ne di emela thulaganyo yotlhe ya Modimo ya go itshwarela maleo a batho gore a ba amogele mme  ba bone masego le kaelo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Hofeni le Finease ba ne ba dira gore baperesiti ba bangwe ba tlontlolole melao e e malebana le ditshupelo. *

13, 14. (a) Batho ba ba siameng ba ne ba amiwa jang ke boikepo jo bo neng bo dirwa kwa motlaaganeng? (b) Ke jang Eli a ileng a palelwa ke boikarabelo jwa go nna rre le moperesiti yo mogolo?

13 Akanya Samuele yo mmotlana a gakgamaletse go bona batho ba dira dilo tse di bosula jalo ba sa kgalemelwe. O akanya gore o ne a bona batho ba le kae—bahumanegi, batho ba maemo a a kwa tlase le ba ba gateletsweng—ba tla kwa motlaaganeng o o boitshepo ba solofetse gore ba tla gomodiwa le go nonotshiwa semoyeng, mme ba bo ba boa ba swabisitswe, ba utlwisitswe botlhoko kgotsa ba tlontlolotswe? Mme o ne a ikutlwa jang fa a lemoga gore Hofeni le Finease ba ne ba itlhokomolositse le melao ya ga Jehofa ya boitsholo jwa tlhakanelodikobo, mme ba tlhakanela dikobo le bangwe ba basadi ba ba neng ba direla mo motlaaganeng? (1 Sam. 2:22) Gongwe o ne a solofetse gore Eli o tla dira sengwe ka gone.

Samuele o tshwanetse a bo a ne a tshwenngwa thata ke bosula jo bo neng bo dirwa ke bomorwa Eli

14 Eli ke ene a neng a ka kgona go baakanya bothata jono jo bo neng bo etegela pele. E re ka e ne e le moperesiti yo mogolo, o ne a ikarabelela ka se se neng se direga kwa motlaaganeng. E ne e le boikarabelo jwa gagwe gore a kgalemele bomorwawe. Kana gone, ba ne ba ikutlwisa botlhoko e bile ba utlwisa le batho ba bangwe ba bantsi botlhoko. Le fa go ntse jalo, Eli o ne a paletswe ke boikarabelo jwa go nna rre le moperesiti yo mogolo. O ne a sa ba kgalemele a tiisitse. (Bala 1 Samuele 2:23-25.) Tota bomorwawe ba ne ba tlhoka kgalemelo e e gagametseng. Maleo a ba neng ba a dira a ne a tshwanetse loso!

15. Ke molaetsa ofe o o maatla o Jehofa a neng a o romela kwa go Eli, mme ene le lelapa la gagwe ba ne ba tsibogela tlhagiso eo jang?

15 Boemo joo bo ile jwa ya bokgakaleng jwa gore Jehofa a romele “monna wa Modimo,” moporofeti mongwe yo o sa umakiwang ka leina, gore a ye go bolelela Eli molaetsa o o maatla wa katlholo. Jehofa o ne a raya Eli a re: “O nna o tlotla bomorwao go mpheta.” Ka jalo, Modimo o ne a bolelela pele gore bomorwa Eli ba ba boikepo ba ne ba tla swa ka letsatsi le le lengwe le gore lelapa la ga Eli le ne le tla boga, le bo le latlhegelwa ke tshiamelo ya lone ya boperesiti. A tlhagiso eo e e maatla e ne ya dira gore lelapa leo le fetoge? Pego eno ya Baebele e bontsha gore Eli le barwa ba gagwe ga ba a ka ba fetoga.—1 Sam. 2:27–3:1.

16. (a) Dipego di re bolelela eng ka tsela e Samuele yo mmotlana a neng a gola ka yone? (b) A dipego tseo di go nametsa pelo? Tlhalosa.

16 Dilo tseno tsotlhe tse di sa siamang di ne di ama Samuele yo mmotlana jang? Gangwe le gape mo pegong eno e e sa itumediseng, re utlwa  dikgang tse di molemo tse di itumedisang tsa kafa Samuele a ileng a gola a bo a gatela pele ka teng. Gopola gore mo go 1 Samuele 2:18, re ile ra bala gore Samuele ‘o ne a direla ka boikanyegi fa pele ga ga Jehofa, e le mosimane.’ Tota le fa Samuele a ne a le mmotlana, o ne a tlhomamisa gore go direla Modimo e nna selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. Mo temaneng ya 21 ya kgaolo eo, re bala ka sengwe se se nametsang pelo le go feta: “Mosimane Samuele a tswelela a gola fa pele ga ga Jehofa.” Fa a ntse a gola, kamano ya gagwe le Rraagwe yo o kwa legodimong e ne ya nonofa. Fa re na le kamano e e ntseng jalo le Jehofa, ga go pelaelo gore re tla sireletsega mo mekgweng epe fela e e bosula.

17, 18. (a) Basha ba Bakeresete ba ka etsa Samuele jang fa ba bona batho ba bangwe ba dira dilo tse di sa siamang? (b) Ke eng se se bontshang gore Samuele o ne a tlhophile go dira se se siameng?

17 Go ne go ka nna motlhofo gore Samuele a ipolelele gore fa moperesiti yo mogolo le bomorwawe ba ineetse mo go direng bosula, le ene a ka itirela maratwaepelo. Le fa go ntse jalo, fa batho ba bangwe ba dira dilo tse di sa siamang, tota le ba ba nang le taolo, ga re a tshwanela go dira seo seipato sa go leofa. Gompieno, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba latela sekao sa ga Samuele mme ba tswelela ba “gola fa pele ga ga Jehofa”—tota le fa batho ba ba tshelang le bone ba sa ba tlhomele sekao se se molemo.

18 Diphelelo tsa go bo Samuele a ile a tlhopha go ikobela Jehofa e nnile dife? Re bala jaana: “Mo nakong eno yotlhe mosimane Samuele o ne a ntse a golela pele e bile a ratega mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.” (1 Sam. 2:26) Ka jalo Samuele o ne a ratiwa, segolo jang ke batho ba kgakololo ya bone e neng e le botlhokwa. Jehofa le ene o ne a rata mosimane yono thata ka go bo a ikanyega. Tota Samuele o ne a itse gore Modimo wa gagwe o ne a tla dira sengwe ka bosula jotlhe jo bo neng bo dirwa mo Shilo, le fa gone a ne a ka tswa a ipotsa gore o tla dira seo leng. Bosigo bongwe dipotso tsa ga Samuele di ne tsa arabiwa.

 “Bua, Gonne Motlhanka wa Gago o Reeditse”

19, 20. (a) Tlhalosa se se neng sa diragalela Samuele bosigo bongwe kwa motlaaganeng. (b) Samuele o ne a tshwara Eli jang, mme o itsile jang gore o bidiwa ke mang?

19 E ne e le ka makuku mme go sa ntse go le lefifi; lesedinyana la lebone le legolo la mogope le ne le sa ntse le tuka. Mo nakong eno e go didimetseng thata ka yone, Samuele o ne a utlwa lentswe la mongwe a mmitsa. O ne a akanya gore o bidiwa ke Eli, yo jaanong a neng a tsofetse thata e bile a sa tlhole a bona sentle. Samuele o ne a tsoga mme “a sianela” kwa monnamogolong yoo. Akanya fela mosimanyana yono a tabogela kwa go Eli a sa rwala ditlhako, a ya go utlwa gore o mmiletsa eng? Ruri go ama pelo go bona tsela e Samuele a neng a tlotla le go bontsha Eli bopelonomi ka yone. Go sa kgathalesege gore Eli o dirile maleo a le mantsi go le kana kang, e ne e sa ntse e le moperesiti yo mogolo wa ga Jehofa.—1 Sam. 3:2-5.

20 Samuele o ne a tsosa Eli mme a re: “Ke fano, gonne o mpiditse.” Eli o ne a mo raya a re ga a mmitsa mme a mmolelela gore a ye go robala. Le fa go ntse jalo, go ne ga direga se se tshwanang ka makgetlo a mangwe a mabedi! La bofelo Eli o ne a lemoga gore go diragala eng. E ne e setse e le lobaka Jehofa a sa bue le batho ba gagwe ka ponatshegelo kgotsa ka molaetsa wa boporofeti, mme re tlhaloganya lebaka la go bo go ne go ntse jalo. Jaanong Eli o ne a lemoga gore Jehofa o bua le bone gape—a dirisa mosimanyana yono! Eli o ne a bolelela Samuele gore a ye go robala mme a mmolelela kafa a tshwanetseng go araba ka teng. Samuele o ne a mo reetsa. Go ise go ye kae, o ne a utlwa lentswe le bitsa: “Samuele, Samuele!” Mosimane o ne a araba: “Bua, gonne motlhanka wa gago o reeditse.”—1 Sam. 3:1, 5-10.

21. Re ka reetsa Jehofa jang gompieno, mme ke eng fa go le botlhokwa go dira jalo?

21 Kgabagare go ne go na le motlhanka yo o reetsang Jehofa kwa Shilo. Samuele o ne a reetsa Jehofa botshelo jotlhe jwa gagwe. A le wena o dira jalo? Ga go tlhokege gore re utlwe pele lentswe lengwe le le sa tlwaelegang le bua le rona bosigo. Gompieno, re ka re lentswe la Modimo le nna le bua le rona. Re le utlwa mo Lefokong la gagwe le le feletseng, Baebele. Fa re nna re reetsa Modimo le go dira se a se batlang, tumelo ya rona e tla gola le go feta. Ke sone se se neng sa direga ka Samuele.

Le fa Samuele a ne a boifa, o ne a ikanyega mme a bolelela Eli molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo

22, 23. (a) Molaetsa o kwa tshimologong Samuele a neng a tshaba go o bolela o ne wa diragadiwa jang? (b) Tsela e Samuele a neng a itsege ka yone e ne ya tswelela e gola jang?

22 Bosigo joo bo ne bo le botlhokwa thata mo botshelong jwa ga Samuele ka gonne o ne a simolola go itse Jehofa ka tsela e e kgethegileng, a nna moporofeti le mmueledi wa Modimo. Kwa tshimologong, mosimane yono o ne a tshaba go bolelela Eli molaetsa wa ga Jehofa, ka gonne e ne e le tlhagiso ya bofelo ya gore boporofeti jo bo ka ga lelapa leo bo tla tloga bo direga. Le fa go ntse jalo, Samuele o ne a nna pelokgale mme a bolelela Eli molaetsa oo, mme Eli o ne a amogela katlholo ya Modimo ka boikokobetso. Go ise go ye kae, sengwe le sengwe se Jehofa a se buileng se ne sa diragadiwa: Baiseraele ba ne ba ya go tlhabana le Bafilisitia, Hofeni le Finease ba ne ba bolawa mo letsatsing le le lengwe, mme Eli le ene o ne a  swa fa a utlwa gore Letlole le le boitshepo la ga Jehofa le thopilwe.—1 Sam. 3:10-18; 4:1-18.

23 Le fa go ntse jalo, tsela e e molemo e Samuele a neng a itsege ka yone e le moporofeti yo o ikanyegang e ne ya tswelela e gola. Pego eo ya re: “Jehofa ka nosi a itshupa a na le ene,” mme e oketsa ka gore Jehofa a dira gore boporofeti jotlhe jo Samuele a neng a bo bua bo direge.—Bala 1 Samuele 3:19.

“Samuele a Biletsa Kwa go Jehofa”

24. Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ne ba dira tshwetso efe, mme ke eng fa e ne e le boleo jo bo masisi?

24 A Baiseraele ba ne ba latela sekao sa ga Samuele mme ba nna batho ba ba ikanyegang le ba ba ratang dilo tsa semoya? Nnyaa. Fa nako e ntse e ya, ba ile ba dira tshwetso ya gore ga ba tlhole ba batla go atlholwa ke moporofeti. Ba ne ba batla go tshwana le ditšhaba tse dingwe mme ba batla go busiwa ke kgosi ya motho. Jehofa o ne a laela Samuele gore a ba neye se ba se batlang. Mme o ne a tshwanetse go bolelela Baiseraele gore ruri boleo jwa bone bo ne bo le masisi. Tota ba ne ba sa gane moporofeti yono, mme ba ne ba gana Jehofa ka boene! Ka jalo o ne a biletsa batho kwa Gilegala.

Samuele o ne a rapela a na le tumelo mme Jehofa a araba ka pula ya matlakadibe

25, 26. Samuele yo o tsofetseng o ne a thusa jang batho ba gaabo kwa Gilegala gore ba lemoge bomasisi jwa boleo jo ba bo diretseng Jehofa?

25 A re boeleng morago mo nakong ele ya fa go na le tshisibalo e kgolo fa Samuele a bua le Baiseraele kwa Gilegala. Fa a le koo, Samuele yo o tsofetseng o ne a gopotsa Baiseraele dilo tse di molemo tse a di dirileng tse di bontshang gore o a ikanyega. Re bala jaana: “Samuele a biletsa kwa go Jehofa.” O ne a kopa gore Jehofa a tlise pula ya matlakadibe.—1 Sam. 12:17, 18.

26 Pula ya matlakadibe? Ka paka e go sa neng pula ka yone? Seo se ne se gakgamatsa! Fa e le gore batho bangwe ba ne ba belaela kgotsa ba sotla, ga ba a ka ba kgona le go digela mafoko a bone. Ka tshoganyetso fela maru a ile a thiba mme ga fifala. Diphefo tse di neng di tsubutla di ne tsa senya korong e e mo masimong. Go ne ga utlwala modumo o mogolo thata wa ditumo tsa maru. Mme pula ya tshologa. Batho ba ne ba tsiboga jang? ‘Batho botlhe ba ne ba boifa Jehofa le Samuele thata.’ Kgabagare ba ne ba lemoga gore ba dirile boleo jo bo masisi.—1 Sam. 12:18, 19.

27. Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba etsang tumelo ya ga Samuele?

27 Jehofa Modimo ke ene a neng a fitlhelela dipelo tsa batsuolodi bano, e seng Samuele. Samuele o ne a bontsha tumelo mo Modimong wa gagwe go tloga bosheng jwa gagwe go fitlha a tsofala. Mme Jehofa o ne a mo segofatsa. Le gompieno, Jehofa ga a fetoga. O sa ntse a ema nokeng batho ba ba etsang tumelo ya ga Samuele.

^ ser. 5 Banasirite ba ne ba dirile maikano a a neng a akaretsa gore ba se ka ba nwa bojalwa le go beola meriri ya bone. Bontsi jwa bone ba ne ba dira maikano ka lobaka lo lo rileng fela, mme go ne go na le ba le mmalwa ba ba jaaka Samesone, Samuele le Johane Mokolobetsi ba ba neng ba nna Banasirite botshelo jotlhe jwa bone.

^ ser. 9 Lefelo le le boitshepo le ne le le khutlonnètsepa, tota le lebega jaaka tente e kgolo e e tlhomilweng mo foreiming ya logong. Le fa go ntse jalo, le ne le dirilwe ka didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo—matlalo a manyebi, matsela a a kgabisitsweng bontle le magong a a jang madi a mantsi a a manegilweng ka selefera le gauta. Lefelo leno le le boitshepo le ne le le mo lolwapeng lo lo khutlonnètsepa lo lo neng lo na le sebeso se sentle sa ditlhabelo. Fa nako e ntse e ya, go bonala go ile ga agiwa diphaposi tse dingwe go bapa le motlaagana gore di dirisiwe ke baperesiti. Samuele a ka tswa a ne a robala mo go nngwe ya diphaposi tseno.

^ ser. 12 Pego eno e na le dikai tse pedi tse di bontshang gore ba ne ba se na tlotlo. Sa ntlha, Molao o ne o tlhalosa sentle gore ke dikarolo dife tsa setlhabelo se se ntshiwang tse di neng di tshwanetse go jewa ke baperesiti. (Dute. 18:3) Le fa go ntse jalo, baperesiti ba ba boikepo ba ne ba sa dire se ba se laetsweng. Ba ne ba laela batlhokomedi ba bone gore ba tsenye foroko mo pitseng e tona ya nama e e bedisiwang, mme ba ba ntshetse dinama tse di nonneng! Sa bobedi, fa batho ba ne ba tlisa ditlhabelo tsa bone gore di fisiwe mo sebesong, baperesiti ba ba boikepo ba ne ba laela motlhokomedi gore a tshosetse motho yo o neelang tshupelo, a mo pateletse gore a mo neye nama e tala tota le pele mafura a setlhabelo a ntshediwa Jehofa tshupelo.—Lefi. 3:3-5; 1 Sam. 2:13-17.