THUTO 28

Tonki ya ga Balaame e a Bua

Tonki ya ga Balaame e a Bua

Baiseraele ba ne ba feditse dingwaga di ka nna 40 ba le mo nageng. Ba ne ba fentse metse le ditšhaba tse di maatla. Jaanong fa ba ntse ba tlhomile ditente tsa bone mo lebaleng la Moabe gaufi le Noka ya Joredane, nako e ne e gorogile ya gore ba tsene mo lefatsheng le Modimo a neng a ba solofeditse lone. Kgosi ya Moabe e bong Balake o ne a tshogile a akanya gore ba tlile go tsaya naga ya gagwe. Ka jalo, o ne a bitsa monna mongwe yo o bidiwang Balaame gore a tle kwa Moabe mme a hutse Baiseraele gore dilo di se ka tsa ba tsamaela sentle.

Mme Jehofa o ne a raya Balaame a re: ‘O se ka wa hutsa Baiseraele.’ Ka jalo, Balaame o ne a gana go ya kwa Moabe. Kgosi Balake o ne a mmitsa lekgetlo la bobedi mme a mo solofetsa gore o tla mo naya sengwe le sengwe se a se batlang. Balaame o ne a gana. Go tswa foo, Modimo o ne a re: ‘O ka nna wa tsamaya mme o fitlhe o bue fela se ke se go bolelelang.’

Balaame o ne a palama tonki ya gagwe mme a ya kwa Moabe. O ne a ikaeletse go ya go hutsa Baiseraele le fa Jehofa a ne a mo laetse gore a se ka a dira jalo. Moengele wa ga Jehofa o ne a bonala mo tseleng makgetlo a le mararo. Balaame o ne a sa bone moengele yoo mme tonki ya gagwe e ne e kgona go mmona. Sa ntlha, tonki e ne ya tswa mo tseleng e ya kwa sekgweng. Go tswa foo, tonki e ne ya ikgotlha ka lobota mme ya gobatsa leoto la ga Balaame. Tonki e ne ya feleletsa e rapama mo gare ga tsela. Balaame o ne a e betsa ka thobane.

Fa a ntse a e betsa, Jehofa o ne a dira gore tonki e bue. E ne ya botsa Balaame e re: ‘Ke eng o nnetse go mpetsa jaana?’ Balaame o ne a re: ‘O ntira sematla. Nka bo ke go bolaile fa ke ne ke tshotse tšhaka.’ Tonki e ne ya re: ‘O na le dingwaga di le dintsi o mpalama. A nkile ka go dira jaana?’

Go tswa foo, Jehofa o ne a dira gore Balaame a bone moengele. Moengele o ne a mo raya a re: ‘Jehofa o go reile a re o se ka wa hutsa Iseraele.’ Balaame o ne a re: ‘Ke dirile phoso. Ke tla boela gae.’ Mme moengele o ne a mo raya a re: ‘O ka nna wa ya kwa Moabe mme o fitlhe o bue fela se Jehofa a reng o se bue.’

A Balaame o ne a dira se moengele a mmoleletseng sone? Nnyaa. O ne a leka go hutsa Baiseraele ka makgetlo a le mararo mme mo makgetlong ao Jehofa o ne a dira gore a ba segofatse. Baiseraele ba ne ba tlhasela Moabe mme Balaame o ne a bolawa. Balaame a ka bo a ile a reetsa Jehofa!

“Lo ikele tlhoko gore lo se ka lwa nna pelotshetlha, ka gonne tota le fa motho a na le dilo tse dintsi, botshelo jwa gagwe ga bo a ikaega ka dilo tse a nang le tsone.”​—Luke 12:15