THUTO 32

Moeteledipele yo Mosha le Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale

Moeteledipele yo Mosha le Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale

Morago ga gore Joshua a etelele pele batho ba ga Jehofa ka dingwaga di le dintsi, o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 110. Fa Joshua a ne a sa ntse a tshela, Baiseraele ba ne ba obamela Jehofa. Mme fa a sena go tlhokafala, ba ne ba simolola go dira jaaka Bakanana mme ba obamela medimo e sele. Jehofa o ne a letla kgosi ya Bakanana e bong Jabine gore a tshedise Baiseraele botlhoko ka gonne ba ne ba sa tlhole ba mo ikobela. Baiseraele ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse. Ka jalo, Jehofa o ne a tlhoma moeteledipele yo mosha e bong Barake. O ne a tla thusa batho gore ba boele kwa go Jehofa.

Moporofeti wa mosadi e bong Debora o ne a kopa Barake gore a tle kwa go ene. O ne a mmolelela molaetsa o o tswang kwa go Jehofa o o neng o re: ‘Tsaya banna ba le 10 000 mme o ye go kopana le masole a ga Jabine kwa nokeng ya Kishone. Fa o le koo, o tla fenya moeteledipele wa masole a ga Jabine e bong Sisera.’ Barake o ne a raya Debora a re: ‘Ke tla ya fa fela o ka tla le nna.’ Debora o ne a mo raya a re: ‘Ke tla tsamaya le wena. Mme itse gore ga se wena yo o tlileng go bolaya Sisera. Jehofa o rile o tla bolawa ke mosadi mongwe.’

Debora o ne a tsamaya le Barake le masole a gagwe go fitlha kwa Thabeng ya Tabore go ya go ipaakanyetsa ntwa gone. Fa Sisera a utlwa seno, o ne a tsaya dikara tsa ntwa le masole a gagwe mme ba ya kwa nokeng eo. Debora o ne a raya Barake a re: ‘Gompieno Jehofa o tla dira gore o fenye.’ Barake le masole a gagwe a le 10 000 ba ne ba fologa thaba go ya go lwa le masole a a maatla a ga Sisera.

Go tswa foo, Jehofa o ne a dira gore noka ya Kishone e tlale. Dikara tsa ntwa tsa ga Sisera di ile tsa palelwa ke go tswa mo seretseng. Sisera o ne a di tlogela mme a tshaba. Barake le masole a gagwe ba ne ba fenya masole a ga Sisera, mme Sisera ene o ne a falola! O ne a sia mme a iphitlha mo tenteng ya mosadi mongwe yo o bidiwang Jaele. Mosadi yoo o ile a mo naya mashi mme a mo khurumetsa ka kobo. Motlhabani yono yo o neng a lapile, o ne a robala. Go tswa foo, Jaele o ne a kukuna mme a mo tlhaba mo tlhogong mme a swa.

Barake o ne a ya go batla Sisera. Jaele o ne a tswela kwa ntle mme a mo raya a re: ‘Tsena. Ke tla go bontsha monna yo o mmatlang.’ Barake o ne a tsena mme a fitlhela Sisera a sule. Barake le Debora ba ne ba opela ba galaletsa Jehofa ka gonne a ba thusitse go fenya baba ba bone. Baiseraele ba ne ba tshela ka kagiso ka dingwaga di le 40.

“Basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo . . . ke lesomo le legolo.”​—Pesalema 68:11