THUTO 67

Mabota a Jerusalema

Mabota a Jerusalema

A re boele morago dingwaga di le mmalwa. Modiredi wa ga Kgosi Aretaserese e bong Nehemia e ne e le Moiseraele yo o neng a nna mo motseng wa Peresia o o bidiwang Shushane. Morwarraagwe Nehemia o ne a tlisa dikgang tse di seng monate a tswa kwa Juda. O ne a re: ‘Batho ba ba boetseng Jerusalema ba mo kotsing. Mabota le dikgoro tse Bababelona ba di sentseng ga di a agiwa sesha.’ Nehemia o ne a utlwile botlhoko. O ne a batla go ya go thusa kwa Jerusalema, ka jalo, o ne a rapela gore kgosi e mo letle go tsamaya.

Moragonyana, kgosi e ne ya lemoga gore Nehemia ga a itumela. O ne a mo raya a re: ‘Ga ke ise ke go bone o ntse jaana. Bothata ke eng?’ Nehemia o ne a re: ‘Ke utlwisitswe botlhoko ke gore Jerusalema e sentswe.’ Kgosi e ne ya mmotsa jaana: ‘O batla gore ke go direle eng?’ Ka yone nako eo, Nehemia o ne a rapelela mo pelong. O ne a raya kgosi a re: ‘Ke kopa go ya go aga mabota a Jerusalema sesha.’ Kgosi Aretaserese o ne a letla Nehemia go tsamaya a bo a tlhomamisa gore o tla goroga sentle. Gape o ne a tlhoma Nehemia go nna mmusi wa Juda a bo a mo naya logong gore a age dikgoro tsa motse ka lone.

Fa Nehemia a goroga kwa Jerusalema, o ne a tlhatlhoba mabota a motse. Go tswa foo, o ne a phutha baperesiti le babusi a bo a ba raya a re: ‘Go maswe. Re tshwanetse go simolola tiro.’ Batho ba ne ba dumela mme ba simolola go aga mabota a motse.

Mme batho bangwe ba ba neng ba tlhoile Baiseraele ba ne ba simolola go ba sotla, ba re: ‘Phokoje e ka diga lobota lo lo le agang.’ Badiri ba ne ba ba itlhokomolosa mme ba tswelela ka tiro. Lobota lo ne lo ntse lo tlhatloga e bile lo nonofa.

Batho ba ba neng ba tlhoile Bajuda ba ne ba batla go tlhasela Jerusalema ba tlhaga mo matlhakoreng a a farologaneng. E rile Bajuda ba utlwela ka leano leo, ba ne ba tshoga. Mme Nehemia o ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tshoga. Jehofa o na le rona.’ O ne a dira gore go nne le batho ba ba tlhokomelang badiri mme batho ba ba neng ba batla go ba tlhasela ba ne ba ba ne ba palelwa.

Bajuda ba ne ba fetsa go aga mabota le dikgoro tsa motse ka malatsi a le 52 fela. Nehemia o ne a rulaganya gore Balefi ba tle mo Jerusalema fa tempele e kgakolwa. O ne a ba kgaoganya ka ditlhopha di le pedi tsa baopedi. Ba ne ba palama lobota ka Kgoro ya Motswedi ba bo ba dikologa motse ba fapaana. Ba ne ba letsa diterompeta, disimbala le diharepa e bile ba opelela Jehofa. Esera o ne a tsamaya le setlhopha se sengwe mme Nehemia a tsamaya le se sengwe go fitlha ba kopana kwa tempeleng. Batho botlhe​—banna, basadi le bana—​ba ne ba naya Jehofa ditlhabelo e bile ba itumetse. Modumo wa bone wa boitumelo o ne o utlwala kgakala.

“Ga go na sebetsa sepe se se diretsweng go go utlwisa botlhoko se se tla atlegang.”​—Isaia 54:17