THUTO 80
Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba le 12
Fa Jesu a sena go fetsa ngwaga le dikgwedi di le thataro a ntse a rera, o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso nngwe ya botlhokwa. O ne a tshwanelwa ke go tlhopha batho ba ba tla tsamayang le ene le ba ba tla etelelang pele mo phuthegong ya Bokeresete. Jesu o ne a batla gore Jehofa a mo thuse go dira tshwetso eo. Ka jalo, o ne a ya kwa thabeng mme a rapela bosigo jotlhe. Mo mosong, Jesu o ne a phutha barutwa ba gagwe mme a tlhopha ba le 12 go nna baaposetoloi ba gagwe. Ke bafe ba o gopolang maina a bone? Maina a bone e ne e le Petere, Anderea, Jakobe, Johane, Filipo, Barotholomeo, Thomase, Mathaio, Jakobe morwa Alefaeo, Thadaeo, Simone le Judase Isekariota.
Anderea, Petere, Filipo, Jakobe
Baaposetoloi bano ba ne ba tla tsamaya le Jesu kwa a yang gone. Fa Jesu a sena go ba ruta, o ne a ba romela gore ba ye go rera. Jehofa o ne a ba naya maatla a go leleka madimona le go fodisa batho.
Johane, Mathaio, Barotholomeo, Thomase
Jesu o ne a bitsa baaposetoloi bao a re ke ditsala tsa gagwe e bile o ne a ba tshepa. Bafarasai ba ne ba akanya gore baaposetoloi
ga ba a rutega. Mme Jesu o ne a ba rutile go dira tiro eo. Ba ne ba na le Jesu fa a bolawa le fa a sena go tsosiwa. Bontsi jwa bone bo ne bo tswa kwa Galalea jaaka Jesu. Bangwe ba bone ba ne ba na le basadi.Jakobe morwa Alefaeo, Judase Isekariota, Thadaeo, Simone
Baaposetoloi bao ba ne ba dira diphoso. Ka dinako tse dingwe ba ne ba bua ba sa akanye e bile ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Ka dinako tse dingwe ba ne ba fela pelo ka bonako. Gape ba ne ba ngangisana ka gore ke mang yo o botlhokwa thata mo go bone. Mme e ne e le batho ba ba siameng ba ba ratang Jehofa. Ba ne ba tla simolola phuthego ya Bokeresete fa Jesu a sena go ya kwa legodimong.
“Ke lo bitsa ditsala, ka gonne ke lo boleletse dilo tsotlhe tse ke di utlwileng kwa go Rre.”—Johane 15:15