THUTO 83

Jesu o Naya Batho ba Bantsi Dijo

Jesu o Naya Batho ba Bantsi Dijo

Pele ga moletlo wa Tlolaganyo ka ngwaga wa 32, baaposetoloi ba ne ba boa ba tswa kwa tirong ya go rera. Ba ne ba lapile, ka jalo, Jesu o ne a ba kopa gore ba tseye sekepe se sennye mme ba ye go ikhutsa kwa Bethesaida. Mme fa sekepe seo se fitlha fa lotshitshing lwa lewatle, Jesu o ne a lemoga gore batho ba ile ba ba sala morago. Le fa Jesu a ne a batla go ya go ikhutsa le baaposetoloi ba gagwe, o ne a ya kwa go bone. O ne a fodisa batho ba ba neng ba lwala mme a fetsa letsatsi lotlhe a ba ruta ka Bogosi Jwa Modimo. Fa go nna maitseboa, baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tla kwa go ene mme ba mo raya ba re: ‘Batho bano ba tshwerwe ke tlala. Ba kope gore ba tsamaye ba ye go ithekela sengwe sa go ja.’

Jesu o ne a ba raya a re: ‘Ga ba tlhoke go tsamaya. Lona ba neyeng sengwe sa go ja.’ Baaposetoloi ba ne ba mmotsa ba re: ‘A o batla gore re ye go ba rekela sengwe sa go ja?’ Moaposetoloi Filipo o ne a re: ‘Ga re na madi a a lekaneng go rekela batho bano botlhe dijo.’

Jesu o ne a re: ‘A go na le dijo?’ Anderea o ne a re: ‘Re na le marotho a le matlhano le ditlhapi tse pedi tse dinnye. Ga di kitla di ba lekana.’ Jesu o ne a re: ‘Di tliseng kwano.’ O ne a kopa batho gore ba nne ka ditlhopha. O ne a tsaya dijo tseo, a leba kwa legodimong, a rapela. Go tswa foo, a di naya baaposetoloi gore ba di neye batho. Banna ba le 5 000, basadi le bana ba ne ba ja mme ba kgora. Go tswa foo, baaposetoloi ba ne ba phutha dijo tsotlhe tse di setseng mme tsa tlatsa dibasekete di le 12. Jesu o ne a dirile kgakgamatso e kgolo tota!

Batho ba ne ba itumetse tota mo ba neng ba batla gore Jesu e nne kgosi ya bone. Mme Jesu o ne a itse gore e ne e se nako ya gore Jehofa a mo dire kgosi. Ka jalo, o ne a kopa batho gore ba boele malapeng a bone a bo a raya baaposetoloi ba gagwe a re ba ye kwa karolong e nngwe ya Lewatle la Galalea. Baaposetoloi ba ne ba tsena mo sekepeng mme Jesu ene a ya kwa thabeng. O ne a ya go dirang? O ne a ya go rapela Rraagwe. Le fa Jesu a ne a na le tiro e ntsi, o ne a ipha nako ya go rapela.

“Lo se ka lwa direla dijo tse di nyelelang, go na le moo, direlang dijo tse di sa senyegeng tse di nayang botshelo jo bo sa khutleng, jo Morwa motho a tla lo bo nayang.”​—Johane 6:27