THUTO 102
Tshenolo e e Yang Kwa go Johane
Fa Johane a le mo kgolegelong kwa setlhaketlhakeng sa Patamose, Jesu o ne a mmontsha diponatshegelo tse 16 kgotsa ditshwantsho tsa dilo tse di tla diregang. O ne a mmontsha gore leina la ga Jehofa le tla itshepisiwa jang, gore Bogosi jwa gagwe bo tla tla jang le gore thato ya Modimo e tla diragala jang mo lefatsheng jaaka e direga kwa legodimong.
Mo ponatshegelong nngwe, Johane o bona Jehofa a dutse mo setulong sa gagwe sa Bogosi kwa legodimong, a dikologilwe ke bagolwane ba le 24 ba ba apereng diaparo tse ditshweu e bile ba rwele dirwalo tsa segosi tsa gauta. Go tswa dikgadima le modumo wa maru mo setulong sa Bogosi. Bagolwane bao ba khubama fa pele ga Jehofa le go mo obamela. Mo ponatshegelong e nngwe Johane o bona batho ba le bantsi ba ditšhaba le dipuo tse di farologaneng ba obamela Jehofa. Kwana e bong Jesu, o a ba tlhokomela le go ba isa kwa metsing a botshelo. Moragonyana, Johane o bona Jesu a simolola go busa e le Kgosi kwa legodimong le bagolwane ba le 24. Mo ponatshegelong e e latelang, Johane o bona Jesu a lwa le Satane
le madimona a gagwe. Jesu o ba ntsha kwa legodimong a ba latlhela mo lefatsheng.Go tswa foo, Johane o bona Kwana le ba ba 144 000 ba eme mo Thabeng ya Siona. Gape o bona moengele a fofa mo lefatsheng a raya batho a re ba boife Modimo e bile ba mo galaletse.
Mo ponatshegelong e e latelang, go lowa ntwa ya Haramagedona. Mo go yone, Jesu le masole a gagwe ba fenya Satane le batho ba gagwe ba ba sa siamang. Mo ponatshegelong ya bofelo, Johane o bona go na le kagiso kwa legodimong le mo lefatsheng. Satane le batho ba gagwe ba a fedisiwa. Baengele kwa legodimong le batho botlhe mo lefatsheng ba galaletsa leina la ga Jehofa e bile ba obamela ene fela.
“Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go tšhwetla tlhogo mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”—Genesise 3:15