Mika 5:1-15

  • Mmusi o tla nna mogolo mo lefatsheng lotlhe (1-6)

    • Mmusi o tla tswa kwa Bethelehema (2)

  • Masalela a tla nna jaaka monyo le jaaka tau (7-9)

  • Lefatshe le tshwanetse go phepafadiwa (10-15)

5  “Jaanong o a itshegaka,Wena morwadi yo o tlhaselwang;Mmaba o kampile go re dikologa.+ Ba itaya moatlhodi wa Iseraele mo lerameng ka thobane.+  2  Mme wena, Bethelehema Eferatha,+Wena yo monnye thata gore o ka nna mo diketeng* tsa Juda,Mo go wena go tla tswa mongwe yo o tla nnang mmusi mo Iseraele mo boemong jwa me,+Yo o simologileng mo metlheng ya bogologolo, mo malatsing a bogologolo.  3  Ka jalo, Modimo o tla tlogela batho ba gagweGo fitlha ka nako ya fa mosadi wa moimana a belega. Mme bomorwarraagwe ba bangwe botlhe ba tla boela kwa bathong ba Iseraele.  4  O tla ema a bo a disa ka nonofo ya ga Jehofa,+Ka leina le legolo la ga Jehofa, Modimo wa gagwe. Mme ba tla nna ka pabalesego,+Ka gonne jaanong bogolo jwa gagwe bo tla fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.+  5  Mme o tla tlisa kagiso.+ Fa Moasiria a ka tlhasela lefatshe la rona a bo a gataka ditora tsa rona tse di sireletsegileng,+Re tla tlhoma badisa ba le supa gore ba mo tlhasele,ruri re tla tlhoma dikgosana* di le robedi go tswa mo bathong.  6  Ba tla senya lefatshe la Asiria ka tšhaka,+Le lefatshe la ga Nimerode+ kwa dikgorong tsa lone. Mme o tla re golola mo seatleng sa Moasiria,+Fa a tlhasela lefatshe la rona le fa a gataka naga ya rona.  7  Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna mo ditšhabeng di le dintsiJaaka monyo o o tswang kwa go Jehofa,Jaaka dipula tse dikgolo mo dimeleng,Tse di sa solofeleng mo mothongKgotsa tse di sa leteleng bomorwa batho.  8  Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna mo ditšhabeng,Mo merafeng e le mentsi,Ba tla nna jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa,Jaaka tawana* mo gare ga matsomane a dinku,E e di ralalang e bo e tlola e di phamola e di gagolaka;Mme go se na ope yo o di gololang.  9  O tla tsholeletsa baba ba gago seatla,Mme o tla fedisa baba ba gago botlhe.” 10  Jehofa a re, “Mo letsatsing leo,Ke tla fedisa dipitse tsa gago ke bo ke senya dikara tsa gago. 11  Ke tla senya metse e e mo lefatsheng la gagoKe bo ke diga mafelo otlhe a gago a a sireletsegileng. 12  Ke tla fedisa boloi jo o bo dirang,*E bile ga go na ope yo o dirang maselamose yo o tla salang.+ 13  Ke tla senya ditshwantsho tsa gago tse di betlilweng le dipilara tsa gago,Mme ga o kitla o tlhola o ikobela tiro ya diatla tsa gago.+ 14  Ke tla kumola dikota tsa gago tse di boitshepo*+Ke bo ke fedisa metse ya gago. 15  Ke tla ipusolosetsa mo ditšhabeng tse di neng tsa se ka tsa ikobaKe galefile e bile ke shakgetse.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dikgotleng.”
Kgotsa “baeteledipele.”
Kgotsa “tawana e e seriri.”
Seheb., “jo bo mo seatleng sa gago.”
Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.