Mika 2:1-13

  • Ruri go latlhega bagateledi! (1-11)

  • Baiseraele ba a kopanngwa gore ba nne ka kutlwano (12, 13)

    • Lefatshe le tla nna le modumo wa batho ba bantsi (12)

2  “Ruri go latlhega ba ba logang maano a a utlwisang botlhoko,Ba ba akanyang se se bosula mo malaong a bone! Ka masa ba bo ba se diragatsa,Ka gonne go le mo maatleng a bone.+  2  Ba eletsa masimo e bile ba a a gapa;+Le matlo, e bile ba a a tsaya;Ba tsietsa motho gore ba mo tseele ntlo ya gagwe,+Ba tsietsa motho gore ba mo tseele boswa jwa gagwe.  3  Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke rulaganya go lo tlisetsa masetlapelo+ a lo se kitlang lo a falola.*+ Ga lo kitla lo tlhola lo tsamaya ka mabela,+ ka gonne ke nako ya masetlapelo.+  4  Mo letsatsing leo, batho ba tla bua seane ka lona,Mme ba tla lo lelela mo go botlhoko.+ Ba tla re: “Re gapetswe dilo tsa rona!+ Modimo o ne a tsaya naga ya rona a bo a e naya batho ba bangwe,+O e neile setšhaba se se sa mo direleng.”  5  Ka jalo, ga o kitla o nna le ope mo phuthegong ya ga Jehofa yo o tla phuthololang mogala o o lekanyangGore a kgaoganye naga.  6  “Tlogelang go rera!” bone ba a rera,“Dilo tseno ga di a tshwanela go rerwa;Ga re kitla re tlontlololwa!”  7  Lona ditlogolwana tsa ga Jakobe, lo utlwile batho ba re: “A Jehofa o fedile pelo? A tseno ke ditiro tsa gagwe?” A mafoko a me ga a thuse ba ba inkobelang?  8  Le fa go ntse jalo, bosheng jaana batho ba me ba fetogile mmaba. Ba ba fetang ka tsela ba le pelokgale jaaka ba ba boang kwa ntweng,Lo ba tseela mokgabisa o montle mmogo le* seaparo lo sa iphitlhe.  9  Lo leleka basadi ba batho ba me mo matlong a bone a ba itumelelang go nna mo go one;Lo amoga bana ba bone dilo tse dintlentle tse ke ba segofaditseng ka tsone lo bo lo sa di ba busetse. 10  Ema mme o tsamaye, ka gonne leno ga se lefelo la go ikhutsa. Go na le tshenyo, tshenyo e kgolo+ ka ntlha ya ditiro tsa gago tse di seng phepa.+ 11  Fa motho a dira dilo tse di se nang mosola e bile a tsietsa le go bua maaka ano a re: “Ke tla lo rerela ka beine le ka senô se se tagang,”Foo e tla bo e le motho fela yo o rerelang batho bano!+ 12  Lona ba ga Jakobe, ruri ke tla lo phutha lotlhe fela;Ke tla phutha ba ba setseng ba Iseraele.+ Ke tla ba baya mmogo ka kutlwano, jaaka dinku di le mo lesakeng,Jaaka letsomane le le fulang mmogo;+Go tla utlwala modumo wa batho ba bantsi.’+ 13  Yo o phunyang phatlha o tla tsamaya kwa pele ga bone;Ba tla oketsa phatlha eo ba bo ba feta mo kgorong mme ba tla tswa ka yone.+ Kgosi ya bone e tla fetela kwa pele ga bone,Jehofa a le kwa pele ga bone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “a lo se kitlang lo ntsha melala ya lona mo go one.”
Kgotsa gongwe “o o mo.”