Baroma 4:1-25

  • Aborahame o bolelwa a siame ka tumelo (1-12)

    • Aborahame, rre wa botlhe ba ba nang le tumelo (11)

  • Tsholofetso e bonwa ka ntlha ya tumelo (13-25)

4  Mme gone, re ka reng ka rraaronamogolo, Aborahame? 2  Ka sekai, fa e le gore Aborahame o ne a bolelwa e le motho yo o siameng ka ntlha ya dilo tse a di dirileng, o ne a tla nna le lebaka la go ipelafatsa, mme e seng fa pele ga Modimo. 3  Gonne lokwalo lwa reng? “Aborahame o ne a dumela mo go Jehofa,* mme o ne a tsewa* e le motho yo o siameng.”+ 4  Jaanong fa motho a bereka, madi a a a amogelang ga a tsewe e le mpho* mme a tsewa e le sengwe se a tshwanetseng go se newa.* 5  Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa motho a sa bereke mme a dumela mo Modimong yo o bolelang gore motho yo o bosula o siame, motho yoo o tsewa a siame ka ntlha ya tumelo ya gagwe.+ 6  Dafide le ene o ne a bua ka motho yo o itumelang ka gonne Modimo a mo tsaya e le motho yo o siameng tota le fa a sa berekela tshiamo eo, a re: 7  “Go itumela ba ba itshwaretsweng diphoso le ba maleo a bone a phimotsweng;* 8  go itumela motho yo Jehofa* a se kitlang a gakologelwa boleo jwa gagwe.”+ 9  Jaanong, a batho ba ba rupileng ke bone fela ba ba itumelang kgotsa a le batho ba ba sa rupang ba a itumela?+ Gonne ra re: “Tumelo ya ga Aborahame ke yone e e dirileng gore a tsewe e le motho yo o siameng.”+ 10  Jaanong, o ne a tsewa e le motho yo o siameng leng? A ke fa a ne a setse a rupile kgotsa fa a ne a ise a rupe? O ne a tsewa e le motho yo o siameng fa a ne a ise a rupe. 11  Mme o ne a amogela sesupo,+ e leng go rupa, e le letshwao la* gore o bolelwa e le motho yo o siameng ka ntlha ya tumelo ya gagwe pele a rupa. Seo se ne sa direga gore a tle a nne rre wa botlhe ba ba nang le tumelo+ le fa ba sa rupa, gore ba bolelwe e le batho ba ba siameng; 12  le gore a tle a nne rre wa bana ba ba rupileng. Mme e seng gore a nne rre wa ba ba rupileng fela, mme gape a nne wa ba ba latelang tumelo e rraaronamogolo Aborahame+ a neng a na le yone pele a rupa. 13  Gonne Aborahame kgotsa ditlogolwana* tsa gagwe ga ba a ka ba newa tsholofetso ya go rua lefatshe+ ka gonne ba latela molao, mme ba ne ba e newa ka gonne a na le tumelo.+ 14  Gonne fa e le gore batho ba ba bonang ditsholofetso tseo ke ba ba latelang molao, go raya gore tumelo ga e na mosola e bile tsholofetso e e neng ya newa Aborahame ga e kitla e diragadiwa. 15  Boammaaruri ke gore, molao wa ga Moshe o dira gore batho ba otlhaiwe,*+ mme fa o seyo, ga go na molao ope o o ka tlolwang.+ 16  Ke gone ka moo re bonang ditsholofetso tsa Modimo ka ntlha ya tumelo, ka gonne di ikaegile ka bopelonomi jo bogolo jwa Modimo.+ Ditlogolwana* tsotlhe tsa gagwe di ka kgona go bona ditsholofetso tseo,+ e seng fela ba ba latelang molao wa ga Moshe, mme gape le ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya ga Aborahame, yo e leng rre wa rona rotlhe.+ 17  (Seno ke fela jaaka go kwadilwe go twe: “Ke go tlhomile gore o nne rre wa ditšhaba di le dintsi.”)+ Aborahame o ne a na le tumelo e e ntseng jalo mo Modimong, Ene yo o tsosang baswi le yo o buang ka dilo tse di iseng di nne teng jaaka e kete di teng.* 18  Go ne go lebega go ka se kgonege gore Aborahame a nne le bana, mme o ne a na le tsholofelo e bile a dumela gore o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi go dumalana le se se neng sa buiwa fa go ne go twe: “Losika* lwa gago lo tla nna lontsi.”+ 19  Le fa gone a ne a sa koafala mo tumelong, o ne a tsaya mmele wa gagwe jaaka e kete o setse o sule (ka gonne o ne a na le dingwaga di ka nna 100).+ Gape o ne a itse gore Sara o godile thata gore a ka tshola bana.+ 20  Mme ga a ka a belaela e bile tumelo ya gagwe ga e a ka ya koafala mo go se Modimo a neng a se solofeditse. Go na le moo, tumelo ya gagwe e ne ya dira gore a nonofe, mme o ne a galaletsa Modimo. 21  O ne a tlhatswegile pelo gore Modimo o ne a tla se diragatsa se a se solofeditseng.+ 22  Ka jalo, “o ne a tsewa e le motho yo o siameng.”+ 23  Le fa go ntse jalo, mafoko a a reng, “o ne a tsewa e le motho yo o siameng,” a ne a sa lebisiwa mo go ene fela,+ 24  mme a ne a lebisitswe le mo go rona, gore le rona re tle re tsewe re siame ka gonne re dumela mo Modimong yo o neng a tsosa Jesu, Morena wa rona mo baswing.+ 25  Modimo o ne a letla batho gore ba bolaye Jesu ka ntlha ya maleo a rona+ e bile o ne a tsosiwa gore Modimo a tle a re bolele re siame.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “kaiwa.”
^ Kgotsa “bopelonomi jo bogolo.”
^ Kgotsa “e le sekoloto.”
^ Kgotsa “itshwaretsweng.” Seger., “bipilweng.”
^ Kgotsa “e le go tlhomamisa.”
^ Seger., “losika.”
^ Seger., “gore go nne le tšhakgalo.”
^ Seger., “Losika.”
^ Kgotsa gongwe “yo o bitsang dilo tse di seyong a re di teng.”
^ Seger., “Ditlogolwana.”