Amose 6:1-14

  • Go latlhega ba ba sa tshwenyegeng ka sepe! (1-14)

    • Malao a a dirilweng ka lonaka lwa tlou; dikopi tse dikgolo tsa beine (4, 6)

6  “Ruri go latlhega ba ba itshepang thata* mo SionaLe ba ba ikutlwang ba sireletsegile mo thabeng ya Samarea,+E leng batho ba ba tlotlegang ba ditšhaba tse di tseelwang kwa godimo,Ba Baiseraele ba yang kwa go bone!  2  Kgabaganyetsang kwa Kalene mme lo bone. Tswang koo mme lo ye kwa Hamathe yo Mogolo,+Lo bo lo ya kwa Gathe wa Bafilisitia. A ba botoka go gaisa magosi ano,*Kgotsa a naga ya bone e kgolo go gaisa ya lona?  3  A lo itebatsa letsatsi la masetlapelo+Lo bo lo dira gore go buse batho ba ba ratang thubakanyo?+  4  Ba rapama mo ditulong tse di dirilweng ka lonaka lwa tlou+ e bile ba iketlile mo disofeng+Ba ntse ba ja diphelefu tsa letsomane le dinamane* tse di nonneng;+  5  Ba tlhama dipina tsa boeleele tse di tsamaisanang le modumo wa harepa,*+E bile ba dira diletswa jaaka Dafide;+  6  Ba nwa beine e tletse mo dikoping tse dikgolo,+E bile ba itlotsa ka leokwane la boleng jo bo kwa godimo. Le fa go ntse jalo, ga ba tshwenyege ka* masetlapelo a a tlelang batho ba ga Josefa.+  7  Ka jalo, ba tla nna ba ntlha go isiwa botshwarwa,+Mme nako ya go ijesa monate e tla fela.  8  ‘Nna Morena Molaodimogolo Jehofa ke ikanne,’+ go bua Jehofa Modimo wa masomosomo,‘“Ke ila boikgogomoso jwa ga Jakobe,+Ke tlhoile ditora tsa gagwe tse di sireletsegileng,+Mme ke tla tsenya motse ono le se se tletseng mo go one mo seatleng sa baba ba one.+ 9  “‘“Mme le fa batho ba le lesome ba ka sala mo ntlong e le nngwe, le bone ba tla swa. 10  Mongwe wa losika* o tla tla go ntsha ditopo tsa bone a bo a di fisa ka bongwe ka bongwe. O tla ntshetsa ditopo* tsa bone kwa ntle ga ntlo; go tswa foo, o tla raya ope fela yo o mo diphaposing tse di kwa teng tsa ntlo a re, ‘A go sa ntse go na le batho ba bangwe ba ba nang le wena?’ Mme ene o tla re, ‘Ga go na ope!’ Foo o tla re, ‘Didimala! Gonne eno ga se nako ya go umaka leina la ga Jehofa.’” 11  Gonne Jehofa ke ene a ntshitseng taelo,+Mme o tla diga ntlo e kgolo gore e sale e le mokoa wa maje,Le ntlo e potlana gore e sale e le marope fela.+ 12  A dipitse di tla siana mo lefikeng,Kgotsa a motho o tla lema koo ka dikgomo? Gonne lo fetotse tshiamiso lwa e dira semela se se botlhole,Le maungo a tshiamo lwa a dira longana.*+ 13  Lo itumelela selo se se se nang mosola,Mme lwa re: “A ga re a nna maatla* ka ntlha ya nonofo ya rona?”+ 14  Ka jalo, lona Baiseraele, ke tla romela setšhaba sengwe gore se tle go lo tlhasela,’+ go bua Jehofa, Modimo wa masomosomo,‘Mme se tla lo gatelela go simologa kwa Lebo-hamathe*+ go ya go fitlha kwa Molapong wa Araba.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “ba ba sa tshwenyegeng ka sepe.”
^ Go lebega go tewa bogosi jwa Juda le jwa Iseraele.
^ Kgotsa “dipowana.”
^ Kgotsa “seletswa sa megala.”
^ Seheb., “ga ba a ka ba lwatswa ke.”
^ Seheb., “Morwarraagwe rraagwe.”
^ Seheb., “marapo.”
^ Kgotsa “bogalaka.”
^ Seheb., “a itseela dinaka.”
^ Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”