Amose 7:1-17

  • Diponatshegelo tse di bontshang gore bokhutlo jwa Iseraele bo gaufi (1-9)

    • Tsie (1-3), molelo (4-6), mogala o o tlhamalatsang (7-9)

  • Amose o bolelelwa gore a tlogele go porofeta (10-17)

7  Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a neng a se mpontsha mo ponatshegelong: Ke ne ka mmona a dira gore go nne le lesogodi la tsie fa dijalo tse di jadilweng morago* di ne di simolola go tlhoga. Tseno ke dijalo tse di jadilweng fa bojang jwa kgosi bo sena go segiwa. 2  Fa lesogodi leo le fetsa go ja dimela tsa naga, ke ne ka re: “Ao tlhe Morena Molaodimogolo Jehofa, tsweetswee itshwarele batho ba gago!+ Jakobe o tla falola* jang? Gonne o bokoa!”+ 3  Ka jalo, Jehofa o ne a ikwatlhaela* seno.+ Jehofa o ne a re, “Seno ga se kitla se diragala.” 4  Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a neng a se mpontsha mo ponatshegelong: Ke ne ka bona Morena Molaodimogolo Jehofa a tlisa katlholo ya molelo. Molelo oo o ne wa tuka go fitlha lewatle le kgala e bile o ne wa laila karolo nngwe ya naga. 5  Foo ke ne ka re: “Ao tlhe Morena Molaodimogolo Jehofa, tsweetswee emisa seno.+ Jakobe o tla falola* jang? Gonne o bokoa!”+ 6  Ka jalo, Jehofa o ne a ikwatlhaela* seno.+ Morena Molaodimogolo Jehofa o ne a re, “Seo le sone ga se kitla se diragala.” 7  Seno ke se a neng a se mpontsha mo ponatshegelong: Ke ne ka bona Jehofa a eme mo loboteng lo lo dirilweng ka mogala o o tlhamalatsang,* mme mo seatleng o ne a tshotse mogala o o tlhamalatsang. 8  Foo Jehofa o ne a nthaya a re: “O bona eng, Amose?” Ka jalo, ke ne ka re: “Mogala o o tlhamalatsang.” Mme Jehofa o ne a nthaya a re: “Jaanong ke lekanya batho ba me ba Iseraele ke dirisa mogala o o tlhamalatsang. Ga nkitla ke tlhola ke ba itshwarela.+ 9  Mafelo a a kwa godimo a ga Isake+ a tla fetoga marope, le mafelo a a boitshepo a Iseraele a tla senngwa;+ mme ke tla tlhasela losika lwa ga Jeroboame ka tšhaka.”+ 10  Amasia yo e leng moperesiti wa kwa Bethele+ o ne a romela molaetsa ono kwa go Kgosi Jeroboame+ wa Iseraele: “Amose o go logela leano la boferefere mo Iseraele.+ Lefatshe le ka se kgone go itshokela mafoko otlhe a gagwe.+ 11  Gonne Amose a re, ‘Jeroboame o tla bolawa ka tšhaka, mme ruri Iseraele o tla isiwa botshwarwa a tswa mo nageng ya gagwe.’”+ 12  Go tswa foo, Amasia o ne a raya Amose a re: “Wena mmoni wa diponatshegelo, tsamaya, tshabela kwa nageng ya Juda, o ipatlele senkgwe* teng, mme o ka nna wa porofeta teng.+ 13  Le fa go ntse jalo, o se ka wa tlhola o porofeta kwa Bethele,+ ka gonne ke lefelo le le boitshepo la kgosi+ e bile ke ntlo ya bogosi.” 14  Foo Amose o ne a araba Amasia a re: “Ke ne ke se moporofeti kgotsa morwa moporofeti; mme ke ne ke le modisa,+ e bile ke ne ke tlhokomela ditlhare tsa difeige tsa mosikamore.* 15  Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ntlogedisa tiro ya go sala letsomane morago, mme Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Tsamaya, o ye go porofetela batho ba me ba Iseraele.’+ 16  Jaanong utlwa lefoko la ga Jehofa: ‘Wena o a re, “O se ka wa bolelela Iseraele molaetsa wa katlholo+ e bile o se ka wa bolela+ gore ditlogolwana tsa ga Isake di tlile go atlholwa.” 17  Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: “Mosadi wa gago o tla nna seaka mo motseng, mme bomorwao le bomorwadio ba tla bolawa ka tšhaka. Lefatshe la gago le tla kgaoganngwa ka mogala o o lekanyang, mme wena o tla swela kwa lefatsheng le le itshekologileng; mme ruri Iseraele o tla isiwa botshwarwa a tswa mo nageng ya gagwe.”’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa tse di jadilweng ka January le February.
Seheb., “ema.”
Seheb., “o ne a fetola mogopolo ka.”
Seheb., “ema.”
Seheb., “o ne a fetola mogopolo ka.”
Kgotsa “setlhamalatsalobota.”
Seheb., “o je senkgwe.”
Kgotsa “ke ne ke le mopomi wa difeige tsa mosikamore.”