Bakorintha wa Bobedi 2:1-17

  • Paulo o ikaeletse go tlisa boitumelo (1-4)

  • Moleofi o a itshwarelwa a bo a busediwa (5-11)

  • Paulo kwa Teroase le kwa Makedonia (12, 13)

  • Bodiredi, masole a a fentseng kwa ntweng (14-17)

    • Ga re dire kgwebo ka lefoko la Modimo (17)

2  Gonne ke dirile tshwetso ya gore ke se ka ka tla kwa go lona gape gore ke se ka ka lo utlwisa botlhoko.  Gonne fa ke lo utlwisa botlhoko, ke mang yo o tla dirang gore ke itumele fa e se ene yo ke mo utlwisitseng botlhoko?  Ke gone ka moo ke neng ka lo kwalela, gore fa ke tla ke se ka ka utlwa botlhoko ka ntlha ya lona mme ke itumele, ka gonne ke a itse gore se se dirang gore ke itumele se dira gore le lona lo itumele.  Ke ne ka lo kwalela ke lela thata, ke tshwenyegile e bile pelo ya me e utlwile botlhoko thata, e seng ka boikaelelo jwa gore ke lo utlwise botlhoko,+ mme gore lo itse kafa ke lo ratang thata ka gone.  Jaanong fa e le gore go na le mongwe yo o lo utlwisitseng botlhoko,+ ga a utlwisa nna botlhoko, mme o utlwisitse lona botlhoko. Mme gone, ga ke a ikaelela go lo tlhaba ka mafoko.  Tsela e motho yoo yo o leofileng a kgalemilweng ke batho ba le bantsi ka yone e lekane;  jaanong lo tshwanetse go mo itshwarela ka pelo yotlhe le go mo gomotsa,+ gore a se ka a fekeediwa* ke go utlwa botlhoko jo bo feteletseng.+  Ka jalo, ke lo rotloetsa gore lo mo tlhomamisetse gore lo a mo rata.+  Gape ke ne ka lo kwalela ka mabaka ano: Go bona gore a lo tla reetsa dilo tsotlhe tse ke di lo kwaletseng. 10  Fa lo itshwarela mongwe le mongwe ka sepe fela se a se dirileng, le nna ke a mo itshwarela. Tota e bile, mongwe le mongwe yo ke mo itshwaretseng, (fa e le gore ke ne ke tlhoka go itshwarela mongwe) ke ne ke mo itshwarela e le go thusa lona e bile Keresete e ne e le mosupi wa gore ke dirile jalo, 11  gore re se ka ra tsiediwa ke Satane,+ ka gonne re itse ditsela* tse a di dirisang go re raela.+ 12  Jaanong e rile ke goroga kwa Teroase+ gore ke bolele dikgang tse di molemo ka ga Keresete, mme ke bulegelwa ke tshono* mo tirong ya Morena, 13  ke ne ka tshwenyega thata ka gonne ke sa bone Tito,+ mokaulengwe wa me. Ka jalo, ke ne ka ba sadisa sentle mme ka ya Makedonia.+ 14  Mme a re lebogeng Modimo, yo ka metlha a re etelelang pele re na le Keresete jaaka e kete o etelela pele masole a a tswang kwa ntweng a fentse. Kitso ya Modimo ke sengwe se se nkgang monate e bile Modimo o dira gore batho mo lefelong lengwe le lengwe ba utlwe monko wa yone a dirisa tiro e re e dirang! 15  Gonne mo Modimong re lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo go ba ba bolokwang le mo go ba ba nyelelang; 16  mo go ba ba nyelelang re lonko lo lo tswang mo losong lo ya losong,+ mo go ba ba bolokwang re lonko lo lo tswang mo botshelong lo ya botshelong. Mme ke mang yo o tshwanelegang go dira tiro eno? 17  Ke rona, ka gonne ga re dire kgwebo* ka lefoko la Modimo+ jaaka batho ba le bantsi ba dira, mme re bua ka dipelo tse di phepa re le balatedi ba ga Keresete fa pele ga Modimo e bile re romilwe ke Modimo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “komediwa.”
Kgotsa “maikaelelo; maano.”
Seger., “ke bulelwa kgoro.”
Kgotsa “ga re dire poelo.”