Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Pelokgale ka Ntlha ya Tumelo le Poifomodimo

Go Nna Pelokgale ka Ntlha ya Tumelo le Poifomodimo

Go Nna Pelokgale ka Ntlha ya Tumelo le Poifomodimo

“O nne pelokgale o bo o nonofe . . . Jehofa Modimo wa gago o na le wena.”—JOSHUA 1:9.

1, 2. (a) Go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng, Baiseraele ba ne ba na le tshono e e kana kang ya go fenya Bakanana? (b) Joshua o ne a tlhomamisediwa eng?

KA 1473 B.C.E., setšhaba sa Iseraele se ne se ipaakanyeditse go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Fa Moshe a ne a gakolola Iseraele ka dikgwetlho tse ba neng ba tlile go lebana le tsone, o ile a re: “Gompieno o kgabaganya Joredane gore o tsene o ye go gapela ditšhaba tse dikgolo le tse di thata go go feta thuo, metse e megolo le e e sireletsegileng go fitlha kwa magodimong, setšhaba sa batho ba bagolo ba baleele, bomorwa Baanake, ba o [utlwileng ka bone] go twe, ‘Ke mang yo o ka emang a nitame fa pele ga bomorwa Anake?’” (Duteronome 9:1, 2) Ee, batlhabani bao ba mekaloba ba ne ba itsege thata! Mo godimo ga moo, Bakanana bangwe ba ne ba na le sesole se se nang le didiriswa tsa maemo a a kwa godimo, ka dipitse le dikara tse di nang le ditshipi tse di tlhabang mo maotwaneng a tsone.—Baatlhodi 4:13.

2 Kafa letlhakoreng le lengwe, Iseraele e ne e ntse e le setšhaba sa makgoba mme ba ne ba feditse dingwaga di le 40 ba le mo nageng. Ka gone, fa o leba dilo go ya kafa batho ba di lebang ka teng, go ne go sa bonale fa ba ka fenya. Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a na le tumelo; o ne a kgona go ‘bona’ gore Jehofa ke ene a ba gogang. (Bahebera 11:27) Moshe o ne a raya batho a re: “Jehofa Modimo wa gago o kgabaganya fa pele ga gago. . . . O tla ba nyeletsa, e bile ene ka boene o tla ba fenya fa pele ga gago.” (Duteronome 9:3; Pesalema 33:16, 17) Morago ga loso lwa ga Moshe, Jehofa o ne a tlhomamisetsa Joshua gore o tla mo ema nokeng a re: “Nanoga, kgabaganya Joredane eno, wena le setšhaba seno sotlhe, o tsene mo lefatsheng le ke le ba nayang, e bong bomorwa Iseraele. Ga go na ope yo o tla emang a nonofile fa pele ga gago malatsi otlhe a botshelo jwa gago. Ke tla nna le wena fela jaaka ke ne ke na le Moshe.”—Joshua 1:2, 5.

3. Ke eng se se neng sa dira gore Joshua a nne le tumelo le bopelokgale?

3 Gore Jehofa a eme Joshua nokeng, Joshua o ne a tshwanetse go bala Molao wa Modimo, go tlhatlhanya ka one le go tshela go ya ka one. Jehofa o ne a re: “O tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale. A ga ke a go laela? O nne pelokgale o bo o nonofe. O se ka wa garoga pelo kgotsa wa tshoga, gonne Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.” (Joshua 1:8, 9) Joshua o ne a itshupa a le pelokgale, a nonofile le go atlega ka gonne a ile a reetsa Modimo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba dingwaga tsa gagwe ba ne ba se ka ba reetsa. Seo se ne sa dira gore ba se ka ba atlega mme ba swela mo nageng.

Batho ba ba Tlhaelang Tumelo ba ba Seng Pelokgale

4, 5. (a) Boikutlo jwa ditlhodi tse di lesome bo ne bo farologana jang le jwa ga Joshua le Kalebe? (b) Jehofa o ne a tsibogela go tlhoka tumelo ga batho jang?

4 Dingwaga tse 40 pelenyana fa Baiseraele ba ne ba atamela la ntlha kwa Kanana, Moshe o ne a romela banna ba le 12 go ya go tlhola naga eo. Ba le lesome ba ne ba boa ba boifa. Ba ne ba ngongorega jaana: “Batho botlhe ba re ba boneng mo gare ga lone ke banna ba bogolo jo bo boitshegang. Mme re bone Banefilime gone, bomorwa Anake, ba ba tswang mo Banefilimeng; mo re neng ra nna jaaka ditsiakgope fela mo matlhong a rona.” A e ne e le “batho botlhe”—e seng Baanake fela—ba e neng e le mekaloba? Nnyaa. A Baanake e ne e le ditlogolwana tsa Banifileme ba pele ga Morwalela? Legoka! Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya dipego tseno tse di feteletsang dilo, bothibelelo jotlhe bo ne jwa aparelwa ke poifo. Batho ba ne ba bo ba batla go boela kwa Egepeto, lefatshe le ba neng ba le makgoba kwa go lone!—Dipalo 13:31–14:4.

5 Lefa go ntse jalo, batho ba le babedi mo ditlhoding tseno, e leng Joshua le Kalebe, ba ne ba gakaletse go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ba ne ba re: Bakanana “ke senkgwe mo go rona. Boitshireletso jwa bone bo fapogile mo godimo ga bone, mme Jehofa o na le rona. Lo se ka lwa ba boifa.” (Dipalo 14:9) A Joshua le Kalebe ba ne ba na le bopelokgale jwa go tlhoka tlhaloganyo? Legoka! Bone le setšhaba sotlhe ba ne ba bone kafa Jehofa a neng a nyenyefatsa Egepeto e e maatla le medimo ya teng ka Dipetso Tse di Lesome. Ka nako eo ba ne ba bone Jehofa a nwetsa Faro le masole a gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. (Pesalema 136:15) Ga go pelaelo gore, ditlhodi tse di lesome le batho ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke bone ba ne ba se na seipato sa go boifa. Jehofa o ile a bua jaana a bontsha go utlwa botlhoko: “Batho bano . . . ga ba kitla ba dumela mo go nna ka lobaka lo lo kae ka ntlha ya ditshupo tsotlhe tse ke neng ka di dira mo go bone?”—Dipalo 14:11.

6. Bopelokgale bo amana jang le tumelo, mme seno se bonala jang mo metlheng ya bofelo?

6 Jehofa o ne a tlhalosa modi wa bothata—bogatlapa jwa batho bano bo ne bo bontsha go tlhoka tumelo ga bone. Ee, tumelo le bopelokgale di amana fela thata, di amana thata jaana mo moaposetoloi Johane a neng a kwala jaana ka phuthego ya Bokeresete le ntwa ya yone ya semoya: “Eno ke phenyo e e fentseng lefatshe, tumelo ya rona.” (1 Johane 5:4) Gompieno, tumelo e e tshwanang le ya ga Joshua le Kalebe e dirile gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di rerwe mo lefatsheng lotlhe ke Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse thataro, ba basha le ba bagolo, ba ba nonofileng le ba ba bokoa. Ga go mmaba ope yo o kgonneng go didimatsa lesomo leno le le nonofileng le le le pelokgale.—Baroma 8:31.

O se “Kate ka Morago”

7. Go “kata ka morago” go kaya eng?

7 Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale ka gonne ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga moaposetoloi Paulo, yo o ileng a kwala jaana: “Jaanong ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong, mme re mofuta o o nang le tumelo gore re kgone go boloka moya o tshela.” (Bahebera 10:39) Go ‘kata ka morago,’ jaaka fa Paulo a boletse, ga go bolele go tsenwa ke poifo fela ka nakwana, ka gonne batlhanka ba le bantsi ba Modimo go tle go direge gore ba boife ka dinako dingwe. (1 Samuele 21:12; 1 Dikgosi 19:1-4) Go na le moo go kaya go “boela morago, o ikgogona,” go kaya go “se kgomarele boammaaruri ka thata,” jaaka fa dikishinare nngwe ya Baebele e tlhalosa. E oketsa ka gore “go kata ka morago” e ka tswa e le sekapuo sa tshwantshiso se se amanang le go “folosa seile [ya sekepe] mme ka go dira jalo o fokotsa lobelo” mo tirelong ya Modimo. Ke boammaaruri gore, batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng ga ba tlelwe ke kakanyo ya go “fokotsa lobelo” fa mathata a tlhaga—e ka ne e le pogiso, bolwetse kana diteko tse dingwe. Go na le moo, ba gagamalela pele mo go direleng Jehofa, ba itse sentle gore o amega thata ka bone le gore o itse ditlhaelo tsa bone. (Pesalema 55:22; 103:14) A o na le tumelo e e ntseng jalo?

8, 9. (a) Jehofa o ile a nonotsha jang tumelo ya Bakeresete ba pele? (b) Ke eng se re ka se dirang go aga tumelo ya rona?

8 Nako nngwe baaposetoloi ba ne ba ikutlwa ba tlhaela tumelo, ka jalo ba ne ba raya Jesu ba re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.” (Luke 17:5) Kopo eo ya bone e ne ya arabiwa, segolobogolo ka Pentekosete ya 33 C.E., fa moya o o boitshepo o ba o solofeditsweng o ne o tla mo barutweng mme o ba naya temogo e e kgolwane ka Lefoko la Modimo le boikaelelo jwa gagwe. (Johane 14:26; Ditiro 2:1-4) Fa barutwa ba sena go nonotshiwa tumelo, ba ne ba simolola go tswa letsholo la go rera le le neng la dira gore dikgang tse di molemo di bolelwe “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo,” le mororo ba ne ba ganediwa.—Bakolosa 1:23; Ditiro 1:8; 28:22.

9 Gore re nonotshe tumelo ya rona le go gagamalela pele mo bodireding, le rona re tshwanetse go ithuta le go tlhatlhanya ka Dikwalo le go rapelela moya o o boitshepo. Ke fela fa re nwetsa boammaaruri jwa Modimo mo megopolong le mo dipelong tsa rona—jaaka Joshua, Kalebe le barutwa ba Bakeresete ba pele—re ka kgonang go nna le tumelo e e tla re nayang bopelokgale jo bo tlhokegang go itshoka mo ntweng ya rona ya semoya le go e fenya.—Baroma 10:17.

Ga go A Lekana go Dumela Fela Gore Modimo o Teng

10. Tumelo ya boammaaruri e akaretsa eng?

10 Jaaka fa re bone mo bathong ba ba ikanyegang ba bogologolo, tumelo e e dirang gore motho a nne le bopelokgale le boitshoko ga e akaretse fela go dumela gore Modimo o teng. (Jakobe 2:19) E re tlhoka gore re itse Jehofa ka botlalo le go mo ikanya ka botlalo. (Pesalema 78:5-8; Diane 3:5, 6) E bolela gore re dumele ka pelo yotlhe gore go reetsa melao ya Modimo le melaometheo ya gagwe go tla re solegela molemo thata. (Isaia 48:17, 18) Gape tumelo e akaretsa gore re tlhomamisege ka botlalo gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe le gore o tla nna “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:1, 6; Isaia 55:11.

11. Joshua le Kalebe ba ile ba segofadiwa jang ka ntlha ya tumelo le bopelokgale jwa bone?

11 Tumelo e e ntseng jalo e nna e ntse e gola. E a gola fa re ntse re dirisa boammaaruri mo botshelong jwa rona re “utlwa” melemo ya jone, re “bona” dithapelo tsa rona di arabiwa, le fa re ntse re lemoga kafa Jehofa a re kaelang ka teng mo botshelong ja rona ka ditsela tse dingwe. (Pesalema 34:8; 1 Johane 5:14, 15) Re ka tlhomamisega gore tumelo ya ga Joshua le Kalebe e ne ya nonofa fa ba ntse ba utlwa bomolemo jwa Modimo. (Joshua 23:14) Akanya ka dintlha tseno: Ba ne ba kgona go wetsa mosepele wa dingwaga tse 40 mo nageng fela jaaka Modimo a ne a ba solofeditse. (Dipalo 14:27-30; 32:11, 12) Ba ne ba newa tiro ya boikarabelo mo dingwageng tse thataro tsa go gapa Kanana. Kgabagare, ba ne ba itumelela botshelo jo boleele ka botsogo jo bo molemo mme mongwe le mongwe wa bone a bo a abelwa naga ya gagwe ka namana. Ruri Jehofa o duela batho ba ba mo direlang ka boikanyegi le ka bopelokgale!—Joshua 14:6, 9-14; 19:49, 50; 24:29.

12. Jehofa o ‘godisa lefoko la gagwe’ ka tsela efe?

12 Bopelonomi jwa lorato jo Modimo a neng a bo bontsha Joshua le Kalebe bo re gakolola mafoko ano a mopesalema: “O godiseditse lefoko la gago kwa godimo ga leina la gago lotlhe.” (Pesalema 138:2) Fa Jehofa a dirisa leina la gagwe go tlhomamisa tsholofetso nngwe, go diragadiwa ga tsholofetso eo go a “godisiwa” ka tsela ya gore go diragala ka tsela e e fetang e e neng e solofetswe. (Baefeso 3:20) Ee, le ka motlha Jehofa ga a ke a swabisa batho ba ba ‘mo itumelelang thata.’—Pesalema 37:3, 4.

Monna yo o ‘Itumedisitseng Modimo Sentle’

13, 14. Ke eng fa Enoke a ile a tlhoka go nna le tumelo le bopelokgale?

13 Re ka ithuta go le gontsi ka tumelo le bopelokgale ka go sekaseka sekao sa mosupi yo mongwe wa pele ga motlha wa Bokeresete—Enoke. Tota le pele Enoke a simolola go porofeta, go ka direga gore o ne a itse gore tumelo ya gagwe le bopelokgale di ne di tlile go lekwa. Ke eng fa re rialo? Ka gonne Jehofa o ile a bolela kwa Edene gore go ne go tla nna le bobaba, kana letlhoo fa gare ga batho ba ba direlang Modimo le ba ba direlang Satane Diabolo. (Genesise 3:15) Gape Enoke o ne a itse gore letlhoo leo le ne la runya kwa tshimologong ya hisitori ya batho fa Kaine a ne a bolaya monnawe e bong Abele. Ee ruri, rraabone, Adame, o ne a tshela dingwaga di ka nna 310 morago ga gore Enoke a tsholwe.—Genesise 5:3-18.

14 Le fa go ntse jalo, go sa kgathalasege dilo tseno tsotlhe, ka bopelokgale Enoke o ne a “tswelela go tsamaya le Modimo wa boammaaruri” mme a kgala “dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang” tse batho ba neng ba di bua ka Jehofa. (Genesise 5:22; Jude 14, 15) Go emela kobamelo ya boammaaruri ka bopelokgale jalo go bonala go ile ga dira gore Enoke a nne le baba ba le bantsi, mme seo se ne se tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing. Seo se ne sa dira gore Jehofa a namole moporofeti wa gagwe mo dinaleng tsa loso. Morago ga gore Enoke a senolelwe gore “o ne a itumedisitse Modimo sentle” Jehofa o ne a ‘fudusa’ botshelo jwa gagwe ka loso, gongwe e le ka go dira gore a nne mo maibing ka tsela ya boporofeti.—Bahebera 11:5, 13; Genesise 5:24.

15. Ke sekao sefe se se molemo se Enoke a se tlhometseng batlhanka ba ga Jehofa gompieno?

15 Fa Paulo a sena go umaka go fudusiwa ga ga Enoke, o ne a gatelela botlhokwa jwa tumelo ka go re: “Mo godimo ga moo, kwantle ga tumelo ga go kgonege go . . . itumedisa [Modimo] sentle.” (Bahebera 11:6) Ee, go nna le tumelo go ne ga thusa Enoke go nna le bopelokgale jwa go tsamaya le Jehofa le go bolela molaetsa wa gagwe wa katlholo mo lefatsheng le le boikepo. Ka go dira jalo, Enoke o re tlhometse sekao se se molemo tota. Le rona re na le tiro e e ntseng jalo e re tshwanetseng go e dira mo lefatsheng leno le le kgatlhanong le kobamelo ya boammaaruri le le le tletseng ka mefuta yotlhe ya ditiro tse di maswe.—Pesalema 92:7; Mathaio 24:14; Tshenolo 12:17.

Go Nna Pelokgale ka Ntlha ya Poifomodimo

16, 17. Obadia e ne e le mang, mme o ne a iphitlhela a le mo maemong a a ntseng jang?

16 Ntle le tumelo, go na le nonofo e nngwe gape e e thusang motho go nna pelokgale, nonofo eo ke go boifa Jehofa ka tlotlo. A re sekasekeng sekai se se molemo sa monna yo o neng a boifa Modimo, yo o tshetseng mo motlheng wa ga moporofeti Elija le Kgosi Ahabe, yo o neng a busa bogosi jo bo kwa bokone jwa Iseraele. Mo motlheng wa ga Ahabe, kobamelo ya ga Baale e ne e aname ka selekanyo se segolo mo bogosing jwa bokone. Tota e bile, baporofeti ba ga Baale ba le 450 le baporofeti ba le 400 ba dikota tse di boitshepo, tse di tshwantshetsang dirwe tsa bonna, ba ne ba ‘jela mo tafoleng ya ga Jesebele,’ mosadi wa ga Ahabe.—1 Dikgosi 16:30-33; 18:19.

17 Jesebele yo e neng e le mmaba yo o setlhogo wa ga Jehofa, o ne a leka go nyeletsa kobamelo ya boammaaruri mo nageng eo. O ne a bolaya bangwe ba baporofeti ba ga Jehofa le e leng go leka go bolaya Elija, yo o neng a kgona go falola ka go tshabela ka kwa ga Joredane ka kaelo ya Modimo. (1 Dikgosi 17:1-3; 18:13) Akanya fela kafa go neng go le thata ka teng go kgomarela kobamelo e e itshekileng mo bogosing jwa bokone ka nako eo! Se se maswe le go feta, go tweng fa e ne e le gore o bereka mo ntlong ya segosi? Ao ke maemo a Obadia, * yo o boifang Modimo, yo e neng e le mookamedi wa ntlo ya ga Ahabe, a neng a lebana le one.—1 Dikgosi 18:3.

18. Ke eng se se neng sa dira gore Obadia a nne moobamedi wa ga Jehofa yo o molemo?

18 Ga go pelaelo gore Obadia o ne a le kelotlhoko e bile a dira dilo ka botlhale mo kobamelong ya gagwe go Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a ineela go dira se se phoso. Tota e bile, 1 Dikgosi 18:3 ya re: “Obadia ka boene o ne a itshupile e le yo o boifang Jehofa thata.” Ee, Obadia o ne a boifa Modimo ka tsela e e sa tshwaneng le epe! Poifo e e ntseng jalo e e siameng, e ne ya mo thusa go nna pelokgale ka tsela e e sa tlwaelegang, jaaka fa go ile ga bonala ka bonako fela morago go gore Jesebele a bolaye baporofeti ba ga Jehofa.

19. Ke eng se Obadia a ileng a se dira se se bontshang bopelokgale?

19 Re bala jaana: “Ga diragala gore fa Jesebele a fedisa baporofeti ba ga Jehofa, Obadia a tsaya baporofeti ba le lekgolo mme a nna a ba fitlhile ka ditlhopha tsa masome a matlhano sengwe le sengwe mo logageng, mme a ba naya senkgwe le metsi.” (1 Dikgosi 18:4) Jaaka fa o ka akanya, go fepa banna ba le lekgolo ka sephiri e ne e le tiro e e kotsi. Obadia o ne a sa lebana fela le gore a tile go bonwa ke Ahabe le Jesebele mme gape o ne a tshwanelwa ke go tila go lemogiwa ke baporofeti ba maaka ba le 850 ba ba neng ba tla gangwe le gape kwa ntlong ya segosi. Kwantle ga moo, ga go pelaelo gore, baobamedi ba bangwe ba bantsi ba maaka mo nageng eo, go tloga ka ba maemo a a kwa tlase go ya go dikgosana, ba ne ba ka dirisa tshono nngwe le nngwe go senola Obadia e le gore ba ratwe ke kgosi le mohumagadi. Le fa go ntse jalo, ka bopelokgale Obadia o ne a kgona go tlamela baporofeti ba ga Jehofa, a ntse a faraferwe jalo ke baobamedi bao botlhe ba maaka. Ruri go boifa Modimo go ka naya motho bopelokgale jo bogolo!

20. Poifomodimo ya ga Obadia e ne ya mo thusa jang, mme sekao sa gagwe se re thusa jang?

20 E re ka Obadia a ile a bontsha bopelokgale ka ntlha ya go thusiwa ke go nna le poifomodimo, go bonala Jehofa a ile a mo sireletsa mo babeng ba gagwe. Diane 29:25 ya re: “Go boifa batho ke gone mo go bayang seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tla sirelediwa.” Obadia e ne e le motho fela yo o tshwanang le ba bangwe; o ne a tshaba gore o tla tshwarwa le go bolawa, fela jaaka le rona re ne re ka ikutlwa jalo. (1 Dikgosi 18:7-9, 12) Lefa go ntse jalo, poifomodimo e ile ya mo thusa go nna le bopelokgale jwa go fenya maikutlo ape fela a go boifa batho. Obadia ke sekao se se molemo mo go rona rotlhe, segolobogolo mo go ba go obamela Jehofa ga bone go ka bayang kgololesego ya bone kana le e leng botshelo jwa bone mo kotsing. (Mathaio 24:9) E kete rotlhe re ka lwela go direla Jehofa ka “poifo ya bomodimo le tshisimogo.”—Bahebera 12:28.

21. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Tumelo le poifomodimo ga se tsone fela dinonofo tse di re thusang go nna pelokgale; lorato lo ka re thusa le e leng go feta. Paulo o ile a re: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla le wa lorato le wa go itekanela sentle ga mogopolo.” (2 Timotheo 1:7) Mo setlhogong se se latelang, re tla bona kafa lorato lo ka re thusang ka teng go direla Jehofa ka bopelokgale mo malatsing ano a bofelo a a tletseng mathata.—2 Timotheo 3:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 E seng moporofeti Obadia.

A o Ka Araba?

• Ke eng se se neng sa thusa Joshua le Kalebe go nna pelokgale?

• Tumelo ya boammaaruri e akaretsa eng?

• Ke eng fa Enoke a ile a bolela molaetsa wa Modimo ka bopelokgale?

• Poifomodimo e thusa motho jang go nna pelokgale?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Jehofa o ile a laela Joshua jaana: “O nne pelokgale o bo o nonofe”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Obadia o ne a tlamela baporofeti ba Modimo le go ba sireletsa

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Enoke o ne a bua lefoko la Modimo ka bopelokgale