Dikgosi wa Ntlha 17:1-24

  • Moporofeti Elija o porofeta gore go tla nna le leuba (1)

  • Magakabe a naya Elija dijo (2-7)

  • Elija o etela motlholagadi kwa Sarepate (8-16)

  • Morwa motlholagadi o a swa a bo a tsosiwa (17-24)

17  Jaanong Elija*+ wa Motisheba, moagi wa kwa Gileade,+ o ne a raya Ahabe a re: “Ke ikana ka Jehofa, Modimo yo o tshelang wa Iseraele yo ke mo direlang,* mo dingwageng tseno ga go kitla go nna le monyo kgotsa pula, fa e se ka lefoko la me!”+ 2  Jehofa o ne a mo raya a re: 3  “Tloga fano, mme o ye kwa ntlheng ya botlhaba o bo o iphitlha kwa Mokgatšheng* wa Kerithe, kwa botlhaba jwa Joredane. 4  O tla nwa metsi mo molapong, mme ke tla laela magakabe gore a go tlamele ka dijo teng koo.”+ 5  Ka yone nako eo, o ne a tsamaya mme a dira go dumalana le se Jehofa a neng a se mmoleletse; o ne a tsamaya mme a nna fa Mokgatšheng* wa Kerithe, kwa botlhaba jwa Joredane. 6  Mme magakabe a ne a mo tlisetsa senkgwe le nama mo mosong le senkgwe le nama maitseboa, mme o ne a nwa metsi mo molapong.+ 7  Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi a a rileng, molapo oo o ne wa kgala,+ ka gonne go ne go se na pula mo lefatsheng. 8  Foo Jehofa o ne a mo raya a re: 9  “Tsamaya o ye kwa Sarepate, e e mo kgaolong ya Sidona, mme o nne teng. Ke tla laela motlholagadi teng gore a go tlamele ka dijo.”+ 10  Ka jalo, o ne a tsamaya mme a ya kwa Sarepate. Fa a goroga fa kgorong ya motse, go ne go na le motlholagadi foo a rwalela dikgong. Ka jalo, Elija o ne a mo tlhaeletsa mme a re: “Tsweetswee, ntlela metsinyana ke nwe.”+ 11  Fa a tswa a ya go tla ka one, o ne a mo tlhaeletsa a re: “Tsweetswee, o ntlele le senkgwenyana.” 12  Foo o ne a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo wa gago, Modimo yo o tshelang. Ga ke na senkgwe, ke na le bupi jo bo lekanang seatla mo nkgong e kgolo le leokwane le lennye mo nkgong e nnye.+ Jaanong ke rwalela dikgong di le mmalwanyana, mme ke tla ya gae ke ya go direla nna le morwaake sengwe sa go ja. E tla bo e le tsone dijo tsa rona tsa bofelo, go tswa foo re tla swa.” 13  Go tswa foo, Elija o ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa. Tsamaya mme o dire jaaka o buile. Le fa go ntse jalo, o ntirele pele senkgwenyana se se kgolokwe ka bupi jo bo leng teng, mme o se tlise kwa go nna. Morago ga moo, o ka nna wa direla wena le morwao sengwe se lo ka se jang. 14  Gonne seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: ‘Nkgo e kgolo ya bupi ga e kitla e kgaritlhega, le nkgo e nnye ya leokwane ga e kitla e kgaritlhega go fitlha ka letsatsi le Jehofa a nesang pula mo lefatsheng ka lone.’”+ 15  Ka jalo, o ne a tsamaya mme a dira jaaka Elija a buile, mme mosadi yoo mmogo le Elija le ba lelapa la mosadi yoo ba ne ba ja ka malatsi a le mantsi.+ 16  Nkgo e kgolo ya bupi ga e a ka ya kgaritlhega, le nkgo e nnye ya leokwane ga e a ka ya kgaritlhega, go ya ka se Jehofa a neng a se boleletse Elija. 17  Morago ga dilo tseno, morwa wa mosadi yo o neng a mo file boroko o ne a lwala, mme bolwetse jwa gagwe bo ne jwa nna maswe thata mo a neng a swa.+ 18  Foo mosadi yoo o ne a raya Elija a re: “Ke go dirile eng,* wena monna wa Modimo wa boammaaruri? A o tlile go nkgopotsa molato wa me le go bolaya morwaake?”+ 19  Le fa go ntse jalo, Elija o ne a mo raya a re: “Nneye morwao.” Go tswa foo, o ne a mo tsaya mo mabogong a mosadi yoo mme a mo isa kwa ntlwaneng e e kwa borulelong e a neng a nna kwa go yone, mme o ne a mo rapamisa mo bolaong jwa gagwe.+ 20  O ne a goela kwa go Jehofa a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa me,+ a o tlisa kutlobotlhoko le mo motlholagading yo ke nnang le ene ka go bolaya morwawe?” 21  Go tswa foo, o ne a namalala mo godimo ga ngwana gararo a bo a goela kwa go Jehofa a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa me, tsweetswee, dira gore botshelo jwa ngwana yono bo boele mo go ene.” 22  Jehofa o ne a reetsa kopo ya ga Elija,+ mme botshelo jwa ngwana bo ne jwa boela mo go ene mme o ne a tshela gape.+ 23  Elija o ne a tsaya ngwana mme a mo ntsha kwa ntlwaneng e e kwa borulelong a mo tsenya mo ntlong a bo a mo naya mmaagwe; mme Elija o ne a re: “Bona, morwao o a tshela.”+ 24  Foo mosadi yoo o ne a raya Elija a re: “Jaanong ke a itse gore ruri o monna wa Modimo+ le gore lefoko la ga Jehofa le o le buileng ke boammaaruri.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Modimo Wa me Ke Jehofa.”
Seheb., “yo ke emang fa pele ga gagwe.”
Kgotsa “kwa Molapong.”
Kgotsa “kwa Molapong.”
Kgotsa “Ke dira eng ka wena, . . .?”