Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota

Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota

Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota

“O tla boloka batho ba ba boikokobetso.”—2 SAMUELE 22:28.

1, 2. Ke eng se bontsi jwa babusi ba lefatshe ba neng ba tshwana ka sone?

DIPHIRAMITI tsa Egepeto di re itsise ka banna ba ba kileng ba bo ba busa naga eo. Batho ba bangwe ba ba tlotlegang ba ba kileng ba tshela ke Senakaribe wa kwa Asiria, Alexander yo Mogolo wa kwa Gerika le Julius Caesar wa kwa Roma. Go na le sengwe se babusi bano botlhe ba tshwanang ka sone. Ga ba a ka ba itshupa e le batho ba ba nang le boikokobetso jwa mmatota.—Mathaio 20:25, 26.

2 A o ka akanya fela mongwe wa babusi bano ba ba umakilweng fa godimo a tle a etele batho ba maemo a a kwa tlase mo pusong ya gagwe gore a ye go ba gomotsa? Legoka! Kgotsa a o ka akanya fela ba etela batho ba ba tshwenyegileng maikutlo kwa magaeng a bone a maemo a a kwa tlase go ya go ba kgothatsa? A bo boikutlo jwa bone ka batho ba maemo a a kwa tlase bo farologana thata jang le jwa Molaodimogolo wa lobopo, Jehofa Modimo!

Sekao Se se Di Fetang Tsotlhe sa Boikokobetso

3. Molaodimogolo o dirisana jang le batho ba gagwe?

3 Jehofa o mogolo ka tsela e e ka se kang ya lekanngwa e bile ke wa maemo a a kwa godimo, le fa go ntse jalo, “matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Mme Jehofa o dira eng fa a fitlhela baobamedi ba gagwe ba maemo a a kwa tlase ba ngomogile pelo ka ntlha ya mathata a a farologaneng? Ka tsela nngwe re ka re, ‘o aga’ le batho ba ba ntseng jalo ka moya wa gagwe o o boitshepo gore a “rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.” (Isaia 57:15) Ka gone, baobamedi ba gagwe ba ba rudisitsweng moya ba ka kgona go boa ba mo direla ka boipelo. A bo Modimo a le boikokobetso jang ne!

4, 5. (a) Mopesalema o ne a ikutlwa jang ka tsela e Modimo a busang ka yone? (b) ‘Go ikokobetsa’ ga Modimo gore a thuse batho ba “maemo a a kwa tlase” go kaya eng?

4 Ga go ope mo lobopong yo o ileng a ikokobetsa ka tsela e e tshwanang le e Morena Molaodimogolo a ileng a ikokobetsa ka yone gore batho ba ba nang le boleo ba solegelwe molemo. Mopesalema o ne a ka kwala jaana: “Jehofa o kwa godimo ga ditšhaba tsotlhe; kgalalelo ya gagwe e kwa godimo ga magodimo. Ke mang yo o tshwanang le Jehofa Modimo wa rona, ene yo o nnang kwa godimo? O a ikokobetsa gore a lebe legodimo le lefatshe, o tsholetsa motho wa maemo a a kwa tlase go tswa mo loroleng; o godisa mohumanegi go tswa mo kgatamping ya molora.”—Pesalema 113:4-7.

5 Jehofa Modimo o boitshepo mme ka gone ga a ke a nna “mabela.” (Mareko 7:22, 23) ‘Go ikokobetsa’ go ka kaya go ikisa mo maemong a motho yo o kwa tlase kana go fologa mo maemong a gago a a kwa godimo fa o dirisana le motho wa maemo a a kwa tlase. Ruri Pesalema 113:6 e tlhalosa Modimo wa rona yo o boikokobetso sentle fa e bua ka ene e mo tlhalosa a tlhokomela baobamedi ba gagwe ba ba sa itekanelang ka dilo tse ba di tlhokang!—2 Samuele 22:36.

Lebaka La go Bo Jesu A ne A le Boikokobetso

6. Ke tsela efe e e di fetang tsotlhe e Jehofa a bontshitseng boikokobetso ka yone?

6 Tsela e e di fetang tsotlhe e Modimo a bontshitseng boikokobetso le lorato ka yone e ne e le ka go romela Morwawe yo o rategang wa leitibolo mo lefatsheng gore a tsholwe le go godisiwa e le motho gore batho ba bolokwe. (Johane 3:16) Jesu o ile a re ruta boammaaruri ka Rraagwe wa selegodimo mme go tswa foo a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo go tlosa “boleo jwa lefatshe.” (Johane 1:29; 18:37) Jesu o ne a iketleeleditse go dira se Modimo a mo laelang sone, a bontsha ka botlalo botho jwa ga Rraagwe, go akaretsa le boikokobetso jwa ga Jehofa. Seo e ne e le sekao se se di fetang tsotlhe sa boikokobetso le lorato se se kileng sa tlhomiwa ke sengwe sa dibopiwa tsa Modimo. Ga se botlhe ba ba neng ba anaanela boikokobetso jwa ga Jesu, baba ba gagwe ba ile ba bo ba mo tsaya e le “wa maemo a a kwa tlase thata mo bathong.” (Daniele 4:17) Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ile a lemoga gore badumedi ka ene ba ne ba tshwanetse go etsa Jesu, ba dira jalo ka go dirisana mmogo ka boikokobetso.—1 Bakorintha 11:1; Bafilipi 2:3, 4

7, 8. (a) Jesu o ne a ithuta go nna boikokobetso jang? (b) Jesu o ile a ikuela jang mo go ba e neng e tla nna barutwa ba gagwe?

7 Paulo o ile a gatelela sekao se se molemo sa ga Jesu fa a ne a kwala jaana: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu, yo, le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, a neng a se ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho. Mo godimo ga moo, e rile a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.”—Bafilipi 2:5-8.

8 Bangwe ba ka ipotsa gore, ‘Jesu o ne a ithuta boikokobetso jang?’ O ne a thusiwa thata ke go fetsa nako e ntsi a na le Rraagwe wa selegodimo, mme mo nakong eo yotlhe e ne e le “modiri yo o setswerere” wa Modimo fa ba ntse ba bopa dilo tsotlhe. (Diane 8:30) Morago ga botsuolodi jwa kwa Edene, Morwa Modimo wa leitibolo o ne a kgona go lemoga tsela e e boikokobetso e Rraagwe a neng a dirisana le batho ba ba leofileng ka yone. Ke gone ka moo fa Jesu a ne a le mo lefatsheng a ileng a etsa boikokobetso jwa ga Rraagwe mme a ikuela jaana: “Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.”—Mathaio 11:29; Johane 14:9.

9. (a) Ke eng se Jesu a neng a se rata thata ka bana? (b) Jesu o ne a ruta thuto efe ka go dirisa ngwana?

9 E re ka Jesu a ne a na le boikokobetso jwa mmatota, bana ba ne ba sa mo tshabe. Go na le moo, ba ne ba mo rata. Ene ka boene o ne a bontsha go rata bana mme a ipha nako le bone. (Mareko 10:13-16) Ke eng se Jesu a neng a se rata thata ka bana? Ga go pelaelo gore ba ne ba na le dinonofo tse ka dinako tse dingwe bangwe ba barutwa ba gagwe ba neng ba di tlhaela. Go a itsege gore bana ba tseela bagolo kwa godimo. O ka bona seno go ya ka dipotso tse dintsi tse ba di botsang. Ee, bana ga ba tshwane le bontsi jwa batho ba ba godileng, bone ba rutega motlhofo e bile ga ba ke ba rata go ikgogomosa. Nako nngwe Jesu o ne a tsaya ngwana mongwe mme a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa lo sa sokologe lo bo lo nna jaaka bana ba babotlana, ga lo na go tsena mo bogosing jwa magodimo ka gope.” O ne a tswelela ka go re: “Le fa e le mang yo o tla ikokobetsang jaaka ngwana yo mmotlana yono ke ene yo mogolo thata mo bogosing jwa magodimo.” (Mathaio 18:3, 4) Jesu o ne a umaka molao ono: “Mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Luke 14:11; 18:14; Mathaio 23:12.

10. Ke dipotso dife tse re tla di sekasekang?

10 Boammaaruri joo bo ne jwa tsosa dipotso tsa botlhokwa. Tsholofelo ya rona ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ka tsela nngwe e ikaegile ka go lwela go nna le boikokobetso jwa mmatota, mme gone ke eng fa ka dinako tse dingwe go le thata gore Bakeresete ba ikokobetse? Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo go ikokobetsa mme re itshokele diteko re sa ikgogomose? Ke eng se se ka re thusang go nna le boikokobetso jwa mmatota?—Jakobe 4:6, 10.

Lebaka La go Bo go Se Motlhofo go Ikokobetsa

11. Ke eng fa go sa gakgamatse go bo go se motlhofo go nna boikokobetso?

11 Fa e le gore o fitlhela go se motlhofo go nna boikokobetso, ga o nosi. Bogologolo ka 1920, makasine ono o ne wa akgela jaana fa o bua ka kgakololo ya Baebele ya gore re nne boikokobetso: “Jaaka fa re bona, Morena o tsaya kgang ya go nna boikokobetso e le botlhokwa thata, mme seno se tshwanetse go kgothaletsa barutwa botlhe ba boammaaruri go lwela go supa nonofo eno letsatsi le letsatsi.” Go tswa foo makasine ono o ne wa re: “Le fa go na le kgakololo eno ya Dikwalo, go bonala bosaitekanelang bo dira gore batho ba ba fetogang batho ba Morena le ba ba simololang go tsamaya mo tseleng eno ba nne le mathata a le mantsi le dikgwetlho di le dintsi mo kgannyeng eno go feta epe e sele.” Seo se gatelela lengwe la mabaka a go bo go se motlhofo gore Bakeresete ba boammaaruri ba nne boikokobetso—bosaitekanelang jwa rona jo bo dirang gore re batle go itlotlomatsa ka tsela e e sa tshwanelang. Seno ke ka gonne re le ditlogolwana tsa banyalani ba ba neng ba dira boleo, e bong Adame le Efa, ba ba neng ba ineelela go fenngwa ke dikeletso tsa bogagapa.—Baroma 5:12.

12, 13. (a) Lefatshe le dira jang gore go se ka ga nna motlhofo gore Bakeresete ba nne boikokobetso? (b) Ke mang yo o dirang gore go nne thata gore re nne boikokobetso?

12 Lebaka le lengwe le le dirang gore go se ka ga nna motlhofo go nna boikokobetso ke ka gonne re dikaganyeditswe ke lefatshe le le kgothaletsang batho go itseela kwa godimo ga ba bangwe. Mongwe wa mekgele ya lefatshe leno ke go batla go kgotsofatsa “keletso [e e boikepo] ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” (1 Johane 2:16) Go na le gore barutwa ba ga Jesu ba laolwe ke dikeletso tse di ntseng jalo tsa lefatshe, ba tshwanetse go boloka leitlho la bone le sa raraana le go tlhoma mogopolo mo go direng thato ya Modimo.—Mathaio 6:22-24, 31-33; 1 Johane 2:17.

13 Lebaka la boraro la go bo go se motlhofo go nna boikokobetso ke ka gonne mosimolodi wa boikgogomoso, e bong Satane Diabolo, o laola lefatshe leno. (2 Bakorintha 4:4; 1 Timotheo 3:6) Satane o rotloetsa batho go nna le mekgwa ya gagwe e e boikepo. Ka sekai, o ne a batla gore Jesu a mo obamele ka go solofetsa Jesu gore o tla mo naya “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” Ka go bo Jesu a le boikokobetso, o ne a gana tsholofetso eo ya ga Diabolo a sa okaoke. (Mathaio 4:8, 10) Ka tsela e e tshwanang, Satane o tlhotlheletsa Bakeresete gore ba batle go ikgalaletsa. Go na le moo, Bakeresete ba ba boikokobetso ba lwela go etsa sekao sa ga Jesu ka go lebisa kgalalelo le tlotlo kwa Modimong.—Mareko 10:17, 18.

Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota

14. ‘Boikokobetso jo e seng jone’ ke eng?

14 Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Bakolosa, o ne a ba tlhagisa ka boikokobetso jo e seng jwa boammaaruri jo bo direlwang go kgatlha batho. Paulo o ile a tlhalosa boikokobetso joo a re ke “boikokobetso jo e seng jone.” Batho ba ba itirang e kete ba boikokobetso ga ba bontshe go gola semoyeng. Go na le moo, ba itshupa e le batho ba ba ‘gogomositsweng’ ke boikgogomoso. (Bakolosa 2:18, 23) Jesu o ile a umaka dikai tsa boikokobetso jo bo ntseng jalo jo e seng jwa boammaaruri. O ne a kgala Bafarasai ka ntlha ya dithapelo tsa bone tse ba neng ba di rapela gore ba bonwe ke batho le go itima dijo ga bone ba sosobanya difatlhego gore ba bonwe ke batho. Go na le moo, dithapelo tsa rona di tshwanetse go rapelwa ka boikokobetso e le gore Modimo a di tseye tsia.—Mathaio 6:5, 6, 16.

15. (a) Re ka dira eng gore re tswelele re na le mogopolo o o ikokobeditseng? (b) Dikai dingwe tse di molemo tsa boikokobetso ke dife?

15 Bakeresete ba thusiwa go nna le mogopolo o o ikokobeditseng ka tsela ya mmatota ka go tlhoma mogopolo mo dikaing tse di di fetang tsotlhe tsa boikokobetso, e bong Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Go dira jalo go akaretsa go ithuta Baebele ka metlha le dikgatiso tsa go ithuta Baebele tse re di abelwang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Thuto e e ntseng jalo e botlhokwa thata mo balebeding ba Bakeresete, ‘gore dipelo tsa bone di se ka tsa ikgogomosetsa bomorwarraabone.’ (Duteronome 17:19, 20; 1 Petere 5:1-3) Akanya ka dikai di le mmalwa tsa batho ba ba neng ba segofalediwa go nna boikokobetso, ba ba jaaka Ruthe, Hana, Elisabetha, le ba bangwe ba bantsi. (Ruthe 1:16, 17; 1 Samuele 1:11, 20; Luke 1:41-43) Gape, akanya ka dikai di le dintsi tse di molemo tsa banna ba ba itsegeng ba ba neng ba tswelela ba direla Jehofa ka boikokobetso, ba ba jaaka Dafide, Josia, Johane Mokolobetsi le moaposetoloi Paulo. (2 Ditiragalo 34:1, 2, 19, 26-28; Pesalema 131:1; Johane 1:26, 27; 3:26-30; Ditiro 21:20-26; 1 Bakorintha 15:9) Mme go tweng ka dikai di le dintsi tsa segompieno tsa batho ba ba boikokobetso mo phuthegong ya Bokeresete? Ka go tlhatlhanya ka dikai tseno, Bakeresete ba boammaaruri ba tla thusiwa go nna le “mogopolo wa go ikokobeletsana.”—1 Petere 5:5.

16. Bodiredi jwa Bokeresete bo re thusa jang go nna boikokobetso?

16 Go nna le seabe ka metlha mo bodireding jwa Bokeresete le gone go ka re thusa go nna boikokobetso. Go nna le mogopolo o o ikokobeditseng go ka re thusa go nna le matswela fa re bua le batho ba re sa ba itseng ba re kopanang le bone mo tirong ya ntlo le ntlo le mo mafelong a mangwe. Go ntse jalo segolobogolo fa beng ba matlo ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi kana ba re tshwara makgwakgwa. Gantsi batho ba na le go re botsa dipotso ka dilo tse re di dumelang mme go nna boikokobetso go ka thusa Mokeresete go nna a araba dipotso tseo “ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Batlhanka ba ba boikokobetso ba Modimo ba ile ba fudugela kwa ditshimong tse disha mme ba ile ba thusa batho ba ditso tse di farologaneng le ba maemo a a sa tshwaneng. Ka boikokobetso, badiredi bao ba ka tshwanelwa ke go itshokela tiro e e boima ya go ithuta puo e ntšha e le gore ba kgone go thusa batho ba ba ba itsiseng dikgang tse di molemo. A tiro e e molemo ruri!—Mathaio 28:19, 20.

17. Ke maikarabelo afe a Bokeresete a a re tlhokang go nna boikokobetso?

17 Bakeresete ba le bantsi ba ile ba diragatsa dikabelo tsa bone ka boikokobetso, ba amega thata ka dilo tse ba bangwe ba di tlhokang e seng tse bone ba di tlhokang. Ka sekai, go tlhoka rre wa Mokeresete boikokobetso gore a dirise nako e a ka bong a e dirisetsa dilo tsa gagwe ka namana go baakanyetsa le go tshwara thuto e e molemo ya Baebele le bana ba gagwe. Gape boikokobetso bo thusa bana go tlotla batsadi le go ba ikobela le mororo ba sa itekanela. (Baefeso 6:1-4) Basadi ba ba nang le banna ba e seng Bakeresete gantsi ba lebana le maemo a a ba tlhokang boikokobetso fa ba ntse ba leka go gapa balekane ba bone ka ‘boitshwaro jwa bone jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.’ (1 Petere 3:1, 2) Boikokobetso le lorato lwa go intsha setlhabelo di tlhokega thata le fa re tlhokomela batsadi ba rona ba ba lwalang le ba ba godileng.—1 Timotheo 5:4.

Boikokobetso bo Rarabolola Mathata

18. Boikokobetso bo ka re thusa jang go rarabolola mathata?

18 Batlhanka botlhe ba Modimo mo lefatsheng ga ba itekanela. (Jakobe 3:2) Ka dinako tse dingwe, go ka tsoga go sa utlwane kana dikgotlhang gareng ga Bakeresete ba babedi. Motho a ka nna le lebaka le le utlwalang la go ngongorega ka yo mongwe. Gantsi maemo a a ntseng jalo a ka rarabololwa ka go dirisa kgakololo eno: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakolosa 3:13) Ke boammaaruri gore, ga go motlhofo go dira go ya ka kgakololo eno, le fa go ntse jalo, boikokobetso bo tla thusa motho go e dirisa.

19. Re tshwanetse go gakologelwa eng fa re bua le motho yo o re kgopisitseng?

19 Ka dinako tse dingwe Mokeresete a ka nna a akanya gore bothata bongwe jo bo mo kgopisitseng bo masisi thata gore a ka bo itlhokomolosa. Boikokobetso bo tla mo thusa go atamela motho yo a akanyang gore o mo kgopisitse e le gore ba rarabolole kgang ka kagiso. (Mathaio 18:15) Selo sengwe se se dirang gore ka dinako tse dingwe mathata gareng ga Bakeresete a se ka a rarabologa ke gore mongwe wa bone kana boobabedi ga ba batle go dumela gore ba phoso. Kana yo o tsayang kgato ya go atamela yo mongwe, a ka dira jalo ka boikutlo jwa gore ene ga a molato e bile a bua le yo mongwe ka go mo latofatsa. Go na le moo, go nna le moya wa mmatota wa go ikokobetsa go tla thusa go rarabolola mathata a le mantsi.

20, 21. Sengwe sa dilo tsa botlhokwa tse di ka re thusang go nna boikokobetso ke sefe?

20 Selo sa botlhokwa se se ka re thusang go nna boikokobetso ke go rapela Modimo re mo kopa thuso le moya wa gagwe. Le fa go ntse jalo, se lebale gore, “Modimo . . . o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang [go akaretsa le moya wa gagwe o o boitshepo].” (Jakobe 4:6) Ka jalo fa o na le kgotlhang le modumedi ka wena, rapela Jehofa gore a go thuse go amogela ka boikokobetso molato o monnye kana o mogolo o o ka tswang o nnile le one mo go direng gore go nne le kgotlhang eo. Fa e le gore o ile wa utlwa botlhoko mme motho yo o go kgopisitseng o kopa gore o mo itshwarele, nna boikokobetso go mo itshwarela. Fa go dira jalo go se motlhofo, kopa Jehofa ka thapelo gore a go thuse go fenya mabela a a ka tswang a setse mo pelong ya gago.

21 Go itse melemo e le mentsi ya go nna boikokobetso go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re lwele go nna le nonofo eno e e molemo. A bo Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re tlhomela sekao se se molemo jang mo go nneng le nonofo eno! Le ka motlha o se lebale mafoko ano a Modimo a re tlhomamisetsang ka one: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.”—Diane 22:4.

Dintlha Tsa go Tlhatlhanya

• Ke bomang ba e leng dikai tse di gaisang tse dingwe tsotlhe tsa boikokobetso?

• Ke eng fa go se motlhofo go nna boikokobetso?

• Ke eng se se ka re thusang go nna boikokobetso?

• Ke eng fa go le botlhokwa thata jaana go nna boikokobetso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Jesu o ne a le boikokobetso ka mmatota

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Lefatshe le kgothaletsa batho go itseela kwa godimo ga ba bangwe

[Motswedi wa Setshwantsho]

WHO photo by L. Almasi/K. Hemzǒ

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Boikokobetso bo re thusa go bua le batho ba re sa ba itseng mo bodireding

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Gantsi dikgotlhang di ka rarabololwa fa re di bipa ka lorato

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Go na le ditsela di le dintsi tse Bakeresete ba ka bontshang boikokobetso ka tsone