Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa Ga a Na go Go Tlogela ka Gope

Jehofa Ga a Na go Go Tlogela ka Gope

Jehofa Ga a Na go Go Tlogela ka Gope

BAKERESETE ba kwa Judea ba ne ba ganediwa ka tsela e e setlhogo, mme ba ne ba tshwanetse go emelana le go rata dikhumo ga batho ba ba neng ba ba dikologile. Moaposetoloi Paulo o ne a ba kgothatsa ka go nopola mafoko a Jehofa a neng a a bolelela Baiseraele fa ba ne ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Paulo o ne a kwala jaana: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” (Bahebera 13:5; Duteronome 31:6) Ga go pelaelo gore tsholofetso eno e ne ya nonotsha Bakeresete ba Bahebera ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Yone tsholofetso eo e tshwanetse go re nonotsha gore re kgone go lebana le mathata a re a bakelwang ke go bo re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Fa re ikanya Jehofa mme re dira dilo ka tsela e e tshwanetseng, o tla re tshegetsa le fa re lebane le maemo a a thata. Go bona kafa Jehofa a ka diragatsang tsholofetso eno ka gone, a re sekasekeng sekai sa fa motho a senyegelwa ke tiro.

Go Lebana le Maemo A o Sa a Lebelelang

Palo ya batho ba ba tlhokang tiro e ntse e gola lefatshe ka bophara. Go ya ka makasine mongwe wa kwa Poland, botlhokatiro bo tsewa e le “bongwe jwa mathata a magolo mo go tsa loago le ikonomi.” Tota le batho ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng ba angwa ke bothata jono. Ka sekai ka 2004, botlhokatiro bo ne bo amile le dinaga tse e leng maloko a Organization for Economic Cooperation and Development tota, ka gonne bo ne bo “tlhatlogetse kwa godimo ka dimilione di le 32, mme seo e ne e le palo e e kwa godimo thata go feta ya nako ya Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi ya bo1930.” Kwa Poland, Central Statistical Office e ne ya bontsha gore go tloga ka December 2003, go ne go na le batho ba ba tlhokang tiro ba ba ka nnang dimilione di le tharo, e leng “palo e e dirang diperesente di le 18 tsa baagi ba ba tshwanetseng go ka bo ba bereka.” Motswedi mongwe wa dikgang o bolela gore ka 2002 selekanyo sa baagi ba Baafrika ba ba tlhokang tiro mo Afrika Borwa se ne sa fitlha go diperesente di le 47,8!

Go tlhoka tiro le go kgaolwa mo tirong o sa lebelela ke dingwe tsa dilo tse di ka diragalelang batho ba le bantsi thata go akaretsa le batlhanka ba ga Jehofa tota. “Motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” di wela mongwe le mongwe fela. (Moreri 9:11) Re ka nna ra iphitlhela re bua mafoko a ga mopesalema Dafide a a reng: “Matshwenyego a pelo ya me a ntsifetse.” (Pesalema 25:17) A o ka kgona go lebana le maemo ano a a thata? Maemo ano a ka ama maikutlo a rona, bomoya jwa rona le dithoto tsa rona. Fa o sa bereke, a maemo a gago a ka boela a siama gape?

Go Itshoka fa re Tshwenyegile Thata mo Maikutlong

Moithutatlhaloganyo e bong Janusz Wietrzyński o ne a bolela gore, “banna ke bone ba utlwang botlhoko thata fa ba latlhegetswe ke tiro” gonne ka tlwaelo go lebeletswe gore e nne bone ba tlamelang lelapa. O ne a bolela gore go tlhoka tiro go ka dira gore monna “a fetofetoge maikutlo thata,” a ka simolola a galefile mme a feleletsa a itlhobogile fela. Rre yo o latlhegetsweng ke tiro a ka nna a ikutlwa a se na mosola ope e bile a ka nna a simolola go “nna le dikgotlhang le ba lelapa la gagwe.”

Adam e bong rre wa Mokeresete yo o nang le bana ba le babedi o tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka gone fa a ne a latlhegelwa ke tiro: “Ke ne ke tenega motlhofo fela; mme sengwe le sengwe se ne se ntshera. Tota le fa ke robetse ke ne ke lora fela ka tiro le kafa nka tlamelang ka gone bana ba me le mosadi wa me yo le ene a neng a latlhegetswe ke tiro re sa lebelela.” Fa banyalani bangwe ba ba nang le ngwana e bong Ryszard le Mariola ba latlhegelwa ke tiro ya bone, ba ne ba kolota madi a le mantsi a ba neng ba a adimile kwa bankeng. Mosadi o bolela jaana: “Ke ne ke nna ke tshwenyegile, segakolodi sa me se mpolelela gore ke dirile phoso ka go adima madi ao. Ke ne ke ntse ke akanya gore tseno tsotlhe ke molato wa me.” Fa re lebane le maemo a a tshwanang le ano go motlhofo gore re ikutlwe re galefile, re tlaletswe kana re sa itse gore re ikutlwa jang. Ka jalo re ka kgona jang go laola maikutlo a a sa siamang a re ka nnang le one?

Baebele e re naya kgakololo e e molemo ya kafa re ka nnang re na le maikutlo a a siameng ka gone. Moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Fa re atamela Jehofa ka thapelo o tla re naya “kagiso ya Modimo” e leng go nna le mogopolo o o ritibetseng o o bakwang ke gore re na le tumelo mo go ene. Mosadi wa ga Adam e bong Irena o bolela jaana: “Fa re rapela, re ne ra bolelela Jehofa boemo jwa rona le kafa re tlileng go tlhofofatsa matshelo a rona le eleng go feta ka gone. Monna wa me yo gantsi a leng bonako go tlhobaela, o ne a simolola go nna le tsholofelo ya gore tharabololo e ne e tla tlhaga.”

Fa o latlhegelwa ke tiro o sa lebelela, o na le tshono e e molemo ya go dirisa kgakololo ya ga Jesu Keresete ya mo Therong ya kwa Thabeng: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng. . . . Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:25, 33) Ryszard le Mariola ba ne ba dirisa kgakololo eno gore ba kgone go lebana le go tshwenyega mo maikutlong. Mariola o gakologelwa jaana: “Ka dinako tsotlhe monna wa me o ne a nkgothatsa mme a gatelela gore Jehofa ga a kitla a re latlha.” Monna wa gagwe o oketsa jaana: “E re ka re ne re rapela mmogo ka metlha, re ikutlwa re atamalane thata le Modimo e bile re atamalane thata rona ka borona, mme seno se re neile kgomotso e re neng re e tlhoka.”

Moya o o boitshepo wa Modimo le one o tla re thusa go lebana le maemo ano. Nngwe ya dinonofo tse moya o dirang gore re nne le tsone e leng boikgapo, e ka re thusa gore re nne re ritibetse mo maikutlong. (Bagalatia 5:22, 23) Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo mme gone go a kgonega ka gonne Jesu o ne a solofetsa gore ‘Rara yo o kwa—legodimong o tla naya moya o o boitshepo ba ba mo o kopang.’—Luke 11:13; 1 Johane 5:14, 15.

O se Ka wa Tlhokomologa Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

Go latlhegelwa ke tiro o sa lebelela go ka dira gore tota le Mokeresete yo o nonofileng sentle semoyeng a kgobege marapo, mme gone ga re a tshwanela go tlhokomologa dilo tse re di tlhokang semoyeng. Ela tlhoko sekai sa ga Moshe yo o neng a na le dingwaga di le 40, yo botshelo jwa gagwe bo neng jwa fetoga fa a ne a latlhegelwa ke maemo a gagwe mo bathong ba maemo a a kwa godimo mme a tshwanelwa ke go nna modisa e leng tiro e Baegepeto ba neng ba e nyatsa. (Genesise 46:34) Moshe o ne a tshwanelwa ke go tlwaelana le maemo a gagwe a masha. Mo dingwageng di le 40 tse di neng tsa latela o ne a letla Jehofa gore a mo thapise le go mmaakanyetsa ditiro tse disha tse di neng di larile kwa pele. (Ekesodo 2:11-22; Ditiro 7:29, 30; Bahebera 11:24-26) Go sa kgathalesege mathata a Moshe a neng a lebana le one, o ne a tsepamisitse mogopolo mo dilong tsa semoya mme a iketleeleditse go amogela thapiso e e tswang kwa go Jehofa. A le ka motlha re se ka ra letla maemo a a thata gore a fekeetse dilo tse re di tsayang di le botlhokwa tsa semoya!

Le fa go latlhegelwa ke tiro ka tshoganyetso go utlwisa botlhoko, eo ke yone nako e e siameng ya gore re nonotshe kamano ya rona le Jehofa le batho ba gagwe. Adam yo o umakilweng pelenyana le ene o ne a ikutlwa ka tsela eo. O bolela jaana: “Fa nna le mosadi wa me re ne re latlhegelwa ke ditiro, le ka motlha ga re ise re akanye ka go nna re sa ye dipokanong tsa Bokeresete kana go fokotsa seabe sa rona mo tirong ya go rera. Tsela e re neng re leba dilo ka yone e ne ya re sireletsa gore re se ka ra tshwenyega mo go feteletseng ka letsatsi le le latelang.” Ryszard le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang: “Fa re ne re sa ye dipokanong le bodireding re ka bo re sa kgona go lebana le bothata jwa rona; ruri re ka bo re ile ra fekeediwa ke matshwenyego. Go tlotla le ba bangwe ka dilo tsa semoya go a kgothatsa ka gonne go dira gore re tlhome megopolo ya rona mo dilong tse bone ba di tlhokang mme re se ka ra akanya ka mathata a re nang le one.”—Bafilipi 2:4.

Ee, go na le gore o tshwenyege thata ka tiro, leka go dirisa nako e e oketsegileng e o nang le yone mo ditirong dingwe tsa semoya, go ithuta Baebele, go nna le seabe mo ditirong dingwe tsa phuthego kana go oketsa bodiredi jwa gago. Go na le gore o nne fela o se na se o se dirang, o tla nna le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena,”—mme seo se tla go tlisetsa boitumelo wena le batho le fa e ka nna bafe ba ba peloephepa ba ba reetsang molaetsa o o o rerang wa Bogosi.—1 Bakorintha 15:58.

Go Tlamela ba Lelapa la Gago ka Dilo Tsa Nama

Le fa go ntse jalo, go ikotla semoyeng ga go na go tlatsa mpa ya gago. Re tshwanetse go nna re akantse ka molaomotheo o o reng: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Adam o dumela jaana: “Jaaka Bakeresete, re na le boikarabelo jwa gore re tseye matsapa a go batla tiro le fa gone bakaulengwe ba ka tsiboga ka bonako go re thusa ka dilo tse re di tlhokang.” Re ka ikaega ka Jehofa le batho ba gagwe gore ba re tshegetse mme gone re se ka ra lebala gore re tshwanetse go tsaya matsapa a go batla tiro.

Ke eng se re ka se dirang go supa gore re tsaya matsapa? Adam o tlhalosa jaana: “O se ka wa phutha matsogo fela o letile gore Modimo a go direle kgakgamatso nngwe. Fa o ntse o batla tiro, o se ka wa okaoka go bolelela bathapi gore wena o Mosupi wa ga Jehofa. Gantsi bathapi ba tsaya seo se le botlhokwa.” Ryszard o gakolola jaana: “Botsa mongwe le mongwe fela ka diphatla tiro tse di ka nnang teng, nna o ikgolaganye le mekgatlho e e batlelang batho ditiro, bala dipapatso tse di jaaka: ‘Go batliwa mosadi yo o ka kgonang go tlhokomela motho yo o golafetseng’; kgotsa ‘Re na le tiro ya nakwana: Ya go sela disetoroberi.’ Nna o batle fela! O se ka wa tlhopha ditiro, le fa o ka tshwanelwa ke go dira tiro nngwe ya maemo a a kwa tlase kana tiro nngwe e o sa e rateng.”

Ruri ‘Jehofa ke mothusi wa gago.’ Ga ‘a na go go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’ (Bahebera 13:5, 6) Ga go tlhokege gore o tshwenyege ka tsela e e feteletseng. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.” (Pesalema 37:5) Go ‘pitikela tsela ya rona mo go Jehofa’ go raya gore re ikaege ka ene le go dira dilo ka tsela ya gagwe le fa dilo di lebega di sa re tsamaele sentle.

Adam le Irena ba ne ba kgona go itlamela ka go tlhatswa difensetere le go phepafatsa ditepisi le ka go somarela madi fa ba reka dilo. Gape, nako le nako ba ne ba ikgolaganya le mekgatlho e e batlelang batho ditiro. Irena o bolela jaana: “Gantsi re ne re bona thuso ka yone nako e re neng re e tlhoka ka yone.” Monna wa gagwe o oketsa jaana: “Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra lemoga gore dilo tse re neng re rapela ka tsone e ne e se tse di dumalanang le thato ya Modimo. Seno se re rutile gore re ikaege ka botlhale jwa gagwe mme re se ka ra ikaega ka ditlhaloganyo tsa rona. Go botoka go leta ka tlhoafalo, re letetse tharabololo e Modimo a tla re nayang yone.”—Jakobe 1:4.

Ryszard le Mariola ba ne ba dira ditiro tse di farologaneng tsa nakwana fa ba ntse ba rera mo ditshimong tse go nang le tlhokego e kgolo kwa go tsone. Ryszard o bolela jaana: “Fa re ne re sa tlhole re na le sepe se re ka se jang, re ne re bona ditiro tse re di tlhokang ka nako e e tshwanetseng. Re ne re gana go dira ditiro tse di duelang sentle tse di neng di tla kgoreletsa maikarabelo a rona mo dilong tsa puso ya Modimo. Re ne re bona go le botoka go letela Jehofa.” Ba ne ba dumela gore Jehofa o ne a tsamaisa dilo ka tsela e e neng ya dira gore ba kgone go hira folete ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mme kgabagare Ryszard o ne a bona tiro.

Go latlhegelwa ke tiro go ka go utlwisa botlhoko thata, mme ke ka ntlha yang fa o sa go tseye e le tshono ya go iponela gore Jehofa ga a ka ke a go latlha? Jehofa o a go tlhokomela. (1 Petere 5:6, 7) O ne a solofetsa jaana ka moporofeti Isaia: “O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.” (Isaia 41:10) O se ka wa letla maemo a o neng o sa a lebelela a a akaretsang go latlhegelwa ke tiro a go kgoba marapo. Dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang mme o latlhele tsotlhe mo go Jehofa. Letela Jehofa “le eleng ka tidimalo.” (Dikhutsafalo 3:26) O tla nna le masego a magolo.—Jeremia 17:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Dirisa nako eo go dira ditiro tsa semoya

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Ithute go somarela, le go se tlhophe ditiro fa o ntse o batla mmereko