Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bolokwa Ga ba Ba Tlhophang Lesedi

Go Bolokwa Ga ba Ba Tlhophang Lesedi

Go Bolokwa Ga ba Ba Tlhophang Lesedi

“Jehofa ke lesedi la me le poloko ya me. Ke tla boifa mang?”—PESALEMA 27:1.

1. Jehofa o dira dilo dife tse di re nayang botshelo?

JEHOFA ke Motswedi wa lesedi la letsatsi le le dirang gore dilo di tshele mo lefatsheng. (Genesise 1:2, 14) Gape ke Mmopi wa lesedi la semoya le le nyeletsang lefifi le le kotsi la lefatshe la ga Satane. (Isaia 60:2; 2 Bakorintha 4:6; Baefeso 5:8-11; 6:12) Batho ba ba tlhophang lesedi ba ka bua jaana jaaka mopesalema: “Jehofa ke lesedi la me le poloko ya me. Ke tla boifa mang?” (Pesalema 27:1a) Le fa go ntse jalo, jaaka go ile ga direga mo motlheng wa ga Jesu, batho ba ba tlhophang lefifi ba ka lebelela fela go bona katlholo e e sa itumediseng.—Johane 1:9-11; 3:19-21, 36.

2. Mo metlheng ya bogologolo go ne ga direga eng ka batho ba ba neng ba gana lesedi la ga Jehofa le ba ba neng ba reetsa lefoko la gagwe?

2 Mo motlheng wa ga Isaia, bontsi jwa batho ba Jehofa a dirileng kgolagano le bone ba ne ba gana lesedi. Ka ntlha ya seo, Isaia o ile a bona go senngwa ga setšhaba sa bogosi jwa Iseraele jwa bokone. Mme ka 607 B.C.E., Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa mme baagi ba Juda ba isiwa botshwarwa. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba reetsa lefoko la ga Jehofa ba ne ba nonotshiwa gore ba kgone go ganetsa botlhanogi jwa motlha oo. Malebana le 607 B.C.E., Jehofa o ne a solofetsa gore batho ba ba neng ba mo reetsa ba ne ba tla falola. (Jeremia 21:8, 9) Gompieno, rona ba re ratang lesedi re ka ithuta go le gontsi mo go se se neng sa direga ka nako eo.—Baefeso 5:5.

Boitumelo Jwa Ba ba Mo Leseding

3. Gompieno, re ka ikanya mang, mme ke ‘setšhaba sefe se se siameng’ se re se ratang, e bile ke ‘motse ofe o o nonofileng’ o “setšhaba” seno se nang le one?

3 “Re na le motse o o nonofileng. [Modimo] o baya poloko go nna dipota le lorako lwa phemelo. Bulang dikgoro, gore setšhaba se se siameng se se itshwarang ka boikanyego se tsene.” (Isaia 26:1, 2) Ano e ne e le mafoko a boipelo a batho ba ba neng ba ikanya Jehofa. Bajuda ba ba ikanyegang mo motlheng wa ga Isaia ba ne ba ikanya Jehofa gore ke ene fela Motswedi wa tshireletsego ya mmatota, e seng medimo ya maaka ya baagikabone. Le gompieno re mo ikanya fela jalo. Mo godimo ga moo, re rata “setšhaba se se siameng” sa ga Jehofa—“Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Mathaio 21:43) Jehofa le ene o rata setšhaba seno ka ntlha ya boikanyegi jwa sone. Ka ntlha ya masego a gagwe, Iseraele wa Modimo o na le “motse o o nonofileng,” mokgatlho wa sekamotse o o mo emang nokeng le go mo sireletsa.

4. Ke tsela efe ya go akanya e go leng molemo go nna le yone?

4 Batho ba ba mo ‘motseng’ ono ba a lemoga gore “[Jehofa] o tla dibela mokgwa o o tshegeditsweng sentle ka kagiso e e tswelelang pele, ka gonne motho o dirwa gore a [ikanye Jehofa].” Jehofa o ema nokeng batho ba megopolo ya bone e sekametseng mo go mo ikanyeng le ba ba tshelang go ya ka melaometheo ya gagwe e e siameng. Ka gone, batho ba ba ikanyegang ba Juda ba ne ba sekegela tsebe kgakololo eno ya ga Isaia: “Ikanyeng Jehofa ka bosakhutleng, gonne Jah Jehofa ke Lefika la bosakhutleng.” (Isaia 26:3, 4; Pesalema 9:10; 37:3; Diane 3:5) Batho ba ba nang le tsela e e ntseng jalo ya go akanya ba ikanya “Jah Jehofa” gore ke ene fela Lefika la bone la tshireletso. Ba itumelela go nna le “kagiso e e tswelelang pele” le ene.—Bafilipi 1:2; 4:6, 7.

Baba ba Modimo ba Tlhabisiwa Ditlhong

5, 6. (a) Babelona wa bogologolo o ne a tlhabisiwa ditlhong jang? (b) “Babelona o Mogolo” o ne a tlhabisiwa ditlhong jang?

5 Go tweng fa batho ba ba ikanyang Jehofa ba bogisiwa? Ga ba a tshwanela go boifa. Jehofa o letla dilo tse di ntseng jalo ka lobakanyana, morago o a namola, mme babogisi ba lebana le katlholo ya gagwe. (2 Bathesalonika 1:4-7; 2 Timotheo 1:8-10) Akanya ka se se neng sa diragalela ‘motse mongwe o o goleditsweng.’ Isaia a re: “[Jehofa] o isitse kwa tlase ba ba nnang kwa bogodimong, motse o o goleditsweng. O a o kokobetsa, o o kokobeletsa mo lefatsheng; o o kgomisa lorole. Lonao lo tla o gataka, dinao tsa yo o bogisiwang, dikgato tsa batho ba maemo a a kwa tlase.” (Isaia 26:5, 6) Motse o o goleditsweng o go buiwang ka one fano e ka tswa e le Babelona. Motse oo o ne wa bogisa batho ba Modimo tota. Mme gone go ne ga direga eng ka Babelona? Ka 539 B.C.E., e ne ya phutlhamisiwa ke Bameda le Baperesia. A go kokobediwa ruri!

6 Mo motlheng wa rona, mafoko a ga Isaia a boporofeti a tlhalosa sentle se se diragaletseng “Babelona o Mogolo” fa e sa le ka 1919. Motse oo o o goleditsweng o ne wa phutlhama ka tsela e e tlhabisang ditlhong mo ngwageng oo fa o ne o patelesega go golola batho ba ga Jehofa mo botshwarong jwa semoya. (Tshenolo 14:8) Se se neng sa direga morago ga foo se ne sa tlhabisa ditlhong le go feta. Setlhotshwana seo sa Bakeresete se ne sa simolola go ‘gataka’ ba e kileng ya bo e le bagateledi ba bone. Ka 1922 ba ne ba simolola go itsise bokhutlo jo bo tlang jwa Labokeresete, ba bolela modumo wa go gelebetega ga terompeta wa baengele ba banè ba Tshenolo 8:7-12 le ditatlhego tse tharo tse di boleletsweng pele mo go Tshenolo 9:1–11:15.

“Tselana ya Mosiami ke Thokgamo”

7. Batho ba ba retologelang kwa leseding la ga Jehofa ba bona kaelo efe, ba tshepa mang, mme ba rata eng thata?

7 Jehofa o golola batho ba ba retologelang kwa leseding la gagwe e bile o kaela ditselana tsa bone jaaka fa Isaia a bontsha fa a re: “Tselana ya mosiami ke thokgamo. E re ka o thokgame, o tla rethefatsa tsela ya mosiami. Ee, re solofetse mo go wena ka ntlha ya tselana ya dikatlholo tsa gago, wena Jehofa. Moya o ntse o eletsa leina la gago le segopotso sa gago.” (Isaia 26:7, 8) Jehofa ke Modimo o o siameng mme baobamedi ba gagwe ba tshwanetse go ikobela melao ya gagwe e e siameng. Fa ba dira jalo, Jehofa o a ba kaela, a rethefatsa tsela ya bone. Fa batho bano ba ba pelonomi ba sekegela kaelo ya gagwe tsebe, ba bontsha gore ba tshepa Jehofa le gore ba rata leina la gagwe—“segopotso” sa gagwe—ka pelo yotlhe.—Ekesodo 3:15.

8. Isaia o ile a bontsha boikutlo bofe jo bo molemo?

8 Isaia o ne a rata leina la ga Jehofa. Seno se bonala mo mafokong ano a gagwe a a latelang: “Ke ntse ke go eletsa ka moya wa me bosigo; ee, ke nna ke go batla ka moya wa me; ka gonne, fa go na le dikatlholo tse di tswang kwa go wena tsa lefatshe, banni ba naga e e ungwang ruri ba tla ithuta tshiamo.” (Isaia 26:9) Isaia o ne a eletsa Jehofa ‘ka moya wa gagwe’—ka bojotlhe jwa gagwe. Akanya o bona moporofeti yono a dirisa nako ya gagwe ya tshisibalo mo bosigong go rapela Jehofa, a mmolelela megopolo ya gagwe e e boteng e bile a kopa kaelo ya ga Jehofa ka tlhoafalo. A sekao se se molemo ruri! Mo godimo ga moo, Isaia o ne a ithuta tshiamo go tswa mo ditseleng tse Jehofa a neng a atlhola ka tsone. Ka seno, o re gopotsa botlhokwa jwa go nna re le kelotlhoko re ntshitse matlho dinameng go lemoga thato ya ga Jehofa.

Batho Bangwe ba Tlhopha Lefifi

9, 10. Ke ditiro dife tsa bopelonomi tse Jehofa a ileng a di direla setšhaba sa gagwe se se sa ikanyegeng, mme sone se ile sa tsibogela seo jang?

9 Jehofa o ile a bontsha Juda bopelonomi jwa lorato mme ka maswabi ga se botlhe ba ba neng ba tsibogela seo. Gangwe le gape bontsi jwa bone bo ne bo tlhopha go tsuologa le go tlhanoga go na le go tlhopha lesedi la boammaaruri jwa ga Jehofa. Isaia o ile a re: “Le fa moikepi a ka utlwelwa botlhoko, ruri ga a kitla a ithuta tshiamo. Mo lefatsheng la tshiamo o tla dira ka tshiamololo mme ga a kitla a bona tlotlomalo ya ga Jehofa.”—Isaia 26:10.

10 Mo motlheng wa ga Isaia, fa Jehofa a ne a sireletsa Juda mo babeng ba gagwe, bontsi jwa bone bo ne jwa gana go tsaya seno tsia. Fa a ne a segofatsa setšhaba ka go nna le kagiso, se ne sa se ka sa bontsha go mo leboga. Ka gone Jehofa o ne a latlha Bajuda gore ba direle “beng ba bangwe,” mme kgabagare a letla gore ba isiwe botshwarong kwa Babelona ka 607 B.C.E. (Isaia 26:11-13) Le fa go ntse jalo, kgabagare masalela a setšhaba a ne a boela nagagaeng ya bone morago ga go otlhaiwa.

11, 12. (a) Bagateledi ba Juda ba ne ba na le isagwe e e ntseng jang? (b) Ka 1919 isagwe ya batho ba pele e neng e le bagateledi ba batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng e ne e ntse jang?

11 Go tweng ka bagateledi ba Juda? Isaia o araba jaana ka tsela ya boporofeti: “Ba sule; ga ba kitla ba tshela. Ka go bo ba se na maatla mo losong, ga ba kitla ba nanoga. Ka gone o lebisitse tlhokomelo ya gago gore o ba nyeletse o senye go umakiwa gotlhe ga bone.” (Isaia 26:14) Ee, morago ga gore Babelona e phutlhame ka 539 B.C.E., e ne e sa tlhole e na le isagwe. Fa nako e ntse e ya, motse ono o ne o se kitla o tlhola o nna gone. O ne o tla nna o “se na maatla mo losong,” mme mmuso o mogolo wa one o ne o tlile go nyelela gotlhelele. A bo seno e le tlhagiso e kgolo jang ne mo go ba ba ikanyang batho ba ba maatla ba lefatshe leno!

12 Dintlha dingwe tsa boporofeti jono di ile tsa diragadiwa fa Modimo a ne a letla gore batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba tsene mo botshwarong jwa semoya ka 1918 mme a bo a ba golola ka 1919. Go tloga ka nako eo go ya pele, isagwe ya yo e kileng ya bo e le mogateledi wa bone, segolobogolo Labokeresete, e ne e le letobo. Mme gone, masego a Jehofa a neng a tlile go a abela batho ba gagwe a ne a le magolo eleruri.

“O Okeditse Setšhaba”

13, 14. Ke masego afe a magolo a batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba nnileng le one go tloga ka 1919?

13 Ka 1919 Modimo o ile a segofatsa moya wa go ikwatlhaya wa batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng mme a dira gore ba oketsege. Kwa tshimologong go ne ga lebisiwa tlhokomelo mo tirong ya go phutha maloko a bofelo a Iseraele wa Modimo mme go tswa foo ga simololwa ga phutha “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe.” (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Masego ano a ne a boleletswe pele mo boporofeting jono jwa ga Isaia: “O okeditse setšhaba; wena Jehofa, o okeditse setšhaba; o ikgalaleditse. O katoseditse melelwane yotlhe ya lefatshe kgakala. Wena Jehofa, ba ile ba lebisa tlhokomelo ya bone kwa go wena fa ba le mo matshwenyegong; ba ile ba gorometsa thapelo ka go sebaseba fa o ba otlhaya.”—Isaia 26:15, 16.

14 Gompieno, melelwane ya Iseraele wa Modimo e atologetse mo lefatsheng lotlhe, mme boidiidi jo bogolo jo go okeditsweng ka jone gone jaanong palo ya jone e fitlha go dimilione di le thataro tsa batho ba ba nnang le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. (Mathaio 24:14) A masego a magolo jang ne go tswa kwa go Jehofa! Mme a bo seno se leretse leina la gagwe kgalalelo e kgolo jang ne! Gompieno leina leo le utlwiwa mo dinageng tse 235—tsela e e molemo ruri ya go diragadiwa ga tsholofetso ya gagwe.

15. Ke tsogo efe ya tshwantshetso e e ileng ya direga ka 1919?

15 Juda e ne e tlhoka gore Jehofa a e thuse go tswa mo botshwarong kwa Babelona. Ba ne ba ka se ka ba kgona go go dira ka bobone. (Isaia 26:17, 18) Go gololwa ga Iseraele wa Modimo ka 1919 le gone go ile ga nna bosupi fela jalo jwa gore Jehofa o ba eme nokeng. Go ka bo go sa direga fa e ne e se ka ene. Maemo a ba neng ba le mo go one a ne a fetogile thata jaana mo Isaia a ileng a a tshwantsha jaana le tsogo: “Baswi ba gago ba tla tshela. Ditopo tsa rona—di tla tsoga. Tsogang lo goe ka boipelo, lona banni ba ba mo loroleng! Gonne monyo wa lona o tshwana le monyo wa morogo, mme lefatshe le tla letla le ba ba se nang maatla mo losong gore ba tsholwe.” (Isaia 26:19; Tshenolo 11:7-11) Ee, batho ba ba se nang maatla ka go bo ba sule, ba ne ba tla tsalwa sesha, jaaka fa go ka tualo, gore ba tle go boa ba dira dilo ka tlhagafalo gape!

Tshireletsego mo Dinakong Tse di Kotsi

16, 17. (a) Ka 539 B.C.E., ke eng se Bajuda ba neng ba tshwanelwa ke go se dira gore ba falole go phutlhama ga Babelona? (b) Gompieno ‘diphaposi tse di kwa teng’ e ka tswa e le eng, mme di re solegela molemo jang?

16 Ka metlha batlhanka ba ga Jehofa ba tlhoka tshireletso ya gagwe. Le fa go ntse jalo, o tla tloga a otlololela lefatshe la ga Satane seatla ka lekgetlo la bofelo mme baobamedi ba gagwe ba tla tlhoka thuso ya gagwe go feta le fa e le leng pele. (1 Johane 5:19) Jehofa o tlhagisa jaana malebana le nako eo e e kotsi: “Tsamayang, batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo tswale dikgoro fa lo sena go tsena. Lo iphitlhe ka nakwana fela go fitlha katlholo e feta. Gonne bonang! Jehofa o tswa mo lefelong la gagwe go tla go sekisa tlolo ya monni wa lefatshe, mme lefatshe ruri le tla baya tshololo ya gagwe ya madi mo pontsheng mme ga le kitla le tlhola le bipa ba ba bolailweng ba lone.” (Isaia 26:20, 21; Sefania 1:14) Tlhagiso eno e ne ya thusa Bajuda go falola fa Babelona e ne e phutlhama ka 539 B.C.E. Batho ba ba neng ba e sekegela tsebe ba ile ba nna mo matlong a bone ba sireletsegile go tswa mo masoleng a a neng a tlhasela mo mebileng.

17 Gompieno go ka direga gore ‘diphaposi tse di kwa teng’ tsa boporofeti jono di tshwantshetsa diphuthego tse di dikete di le masomesome tsa batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Diphuthego tseno ke tshireletso le e leng gone jaanong, ke lefelo le Bakeresete ba bonang pabalesego mo go lone gareng ga bakaulengwe ba bone, ba tlhokometswe ka lorato ke bagolwane. (Isaia 32:1, 2; Bahebera 10:24, 25) Seno se ntse jalo segolobogolo fa o akanya ka tsela e bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo leng gaufi ka teng jo mo go jone go falola go tla ikaegang ka go nna kutlo.—Sefania 2:3.

18. Jehofa o tla tloga a “bolaya setshedi se setona sa lewatle” jang?

18 Isaia o porofeta jaana malebana le nako eo: “Mo letsatsing leo Jehofa, ka tšhaka ya gagwe e e thata e kgolo le e e nonofileng, o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go Lefiathane, noga e e lelemelang, mo go Lefiathane, noga e e boferefere, mme ruri o tla bolaya setshedi se setona thata sa lewatle se se mo lewatleng.” (Isaia 27:1) “Lefiathane” wa segompieno ke eng? Go lebega e le “noga ya kwa tshimologong,” Satane ka boene le tsamaiso ya gagwe e e boikepo ya dilo, e a e dirisang go tlhabantsha Iseraele wa Modimo. (Tshenolo 12:9, 10, 17; 13:14, 16, 17) Ka 1919 Lefiathane o ne a se ka a tlhola a na le tlhotlheletso mo bathong ba Modimo. Fa go ntse go ya o tla nyelediwa gotlhelele. (Tshenolo 19:19-21; 20:1-3, 10) Ka gone, Jehofa o tla “bolaya setshedi se setona sa lewatle.” Fa go sa ntse go le jalo, ga go na sepe se Lefiathane a ka lekang go tlhabantsha batho ba ga Jehofa ka sone se se ka atlegang go ya go ile. (Isaia 54:17) A bo go re kgothatsa jang ne go tlhomamisediwa seno!

“Tshimo ya Mofine ya Beine e e Phophomang”

19. Seemo sa masalela ke sefe gompieno?

19 Ka ntlha ya lesedi leno le le tswang mo go Jehofa, a ga re na mabaka a gore re itumele? Ee, ruri re na le one! Isaia o tlhalosa ka tsela e e molemo boipelo jo batho ba ga Jehofa ba nang le jone fa a kwala jaana: “Mo letsatsing leo lo mo opelele lo re: ‘Tshimo ya mofine ya beine e e phophomang! Nna, Jehofa, ke a mo dibela. Ke tla mo nosetsa nako le nako. Gore ope a se ka a lebisa tlhokomelo ya gagwe kgatlhanong le ene, ke tla mo dibela le eleng bosigo le motshegare.’” (Isaia 27:2, 3) Jehofa o ile a tlhokomela ‘tshimo ya gagwe ya mofine,’ masalela a Iseraele wa Modimo le ditsala tsa bone tse di dirang ka natla. (Johane 15:1-8) Matswela e nnile a a dirang gore leina la gagwe le galalediwe le gore batlhanka ba gagwe ba ipele mo lefatsheng.

20. Jehofa o sireletsa phuthego ya Bokeresete jang?

20 Re ka itumelela gore Jehofa ga a tlhole a galefetse batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ka tsela e a neng a ba galefetse ka yone pele fa a ne a letla gore ba ye botshwarong jwa semoya ka 1918. Jehofa ka boene a re: “Ga ke na tšararego epe. Ke mang yo o tla nnayang ditlhatshana tse di mitlwa le mefero kwa tlhabanong? Ke tla di gata. Ke tla di tlhosetsa ka molelo ka nako e le nngwe fela. E seng jalo a a tshware kago ya me e e thata, a a dire kagiso le nna; a kagiso a e dire le nna.” (Isaia 27:4, 5) Jehofa o tlhomamisa gore mefine ya gagwe e nna e tlhagisa ‘beine e ntsi e e phophomang’ ka go gataka le go tlhosetsa ka molelo tlhotlheletso epe fela ya sekamefero e e ka e kgoreletsang. Ka gone, a go se nne le motho ope yo o bayang phuthego ya Bokeresete mo kotsing! A botlhe ba ‘tshware kago ya ga Jehofa ya phemelo,’ ka go lwela gore a ba amogele le go ba sireletsa. Fa re dira jalo, re dira kagiso le Modimo—selo se se botlhokwa thata jaana mo e bileng Isaia a se umakang gabedi.—Pesalema 85:1, 2, 8; Baroma 5:1.

21. Naga e e ungwang e ile ya tladiwa jang ka “maungo”?

21 O tswelela pele a ba segofatsa jaana: “Mo malatsing a a tlang Jakobe o tla mela medi, Iseraele o tla ntsha dithunya a bo a tlhoge; mme ba tla tlatsa naga e e ungwang ka maungo.” (Isaia 27:6) Temana eno e ile ya diragadiwa fa e sa le ka 1919, e leng se se re nayang bosupi jo bo molemo jwa maatla a ga Jehofa. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tladitse lefatshe ka “maungo” a dijo tsa semoya tse di otlang. Ka boitumelo ba boloka melao ya Modimo ya maemo a a kwa godimo mo gare ga lefatshe leno le le senyegileng. Mme Jehofa o tswelela pele a ba segofatsa ka go dira gore ba oketsege. Ka ntlha ya moo, dimilione tsa ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe, ba “direla [Modimo] tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.” (Tshenolo 7:15) E kete le ka motlha re ka se ka ra tlhokomologa tshiamelo e kgolo e re nang le yone ya go ja “maungo” le go a abela batho ba bangwe!

22. Ke masego afe a a tlelang batho ba ba amogelang lesedi?

22 Mo nakong eno e e thata, e mo go yone lefifi le bipileng lefatshe le lefifi le lentshontsho le aparetseng ditlhopha tsa ditšhaba, a ga re lebogele gore Jehofa o phatsimisetsa batho ba gagwe lesedi? (Isaia 60:2; Baroma 2:19; 13:12) Mo bathong botlhe ba ba amogelang lesedi leno, le tla ba leretse go ritibala mo maikutlong le boipelo gone jaanong le e leng botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. Go a utlwala he gore rona ba re ratang lesedi re bo re baka Jehofa go tswa pelong re bua jaana jaaka mopesalema: “Jehofa ke kago e e thata ya botshelo jwa me. Ke tla tshaba mang? Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o letle pelo ya gago e nonofe. Ee, solofela mo go Jehofa.”—Pesalema 27:1b, 14.

A o A Gakologelwa?

• Baganetsi ba batho ba ga Jehofa ba tlile go diragalelwa ke eng?

• Ke koketsego efe e e bolelelwang pele mo go Isaia?

• Re tshwanetse go nna re le mo ‘diphaposing dife tse di kwa teng,’ mme ka ntlha yang?

• Ke eng fa seemo sa batho ba ga Jehofa se dira gore a bakwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 22]

KGATISO E NTŠHA

Bontsi jwa tshedimosetso e e sekasekilweng mo ditlhogong tseno tse pedi tse di ithutiwang e ne ya neelwa e le puo mo thulaganyong ya kopano ya kgaolo ya 2000/2001. Kwa bofelong jwa puo eo go ile ga gololwa kgatiso e ntšha ya setlhogo se se reng Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I. Mo bukeng eno ya ditsebe tse 416 go tlotlwa ka dikgaolo tsa ntlha tse 40 tsa buka ya Isaia temana ka temana.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke basiami fela ba ba letlwang go tsena mo ‘motseng o o nonofileng’ wa ga Jehofa, phuthego ya gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Isaia o ne a senka Jehofa “bosigo”

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jehofa o sireletsa ‘tshimo ya gagwe ya mofine’ mme o dira gore e ungwe