Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO YA BOSOMENNÈ

O ne A Ithuta go Nna Kutlwelobotlhoko

O ne A Ithuta go Nna Kutlwelobotlhoko

1. Jona o ne a tshwanetse go tsaya loeto lwa mofuta ofe, mme o ne a ikutlwa jang ka motse o a yang kwa go one?

JONA o ne a tla nna le nako e ntsi ya go akanya. O ne a tshwanetse go tsaya loeto lwa dikilometara di feta 800 ka dinao, lo lo neng lo ka mo tsaya kgwedi gongwe go feta. Sa ntlha, o ne a tshwanetse go tlhopha gore a o tla dirisa tsela e khutshwane kgotsa e e potologang mme gone e babalesegile, go tswa foo a bo a tsamaya mo mekgatšheng le mo ditselaneng tse di mo dithabeng. Gongwe o ne a tla tshwanelwa ke go iphaphatha ka Sekaka se segolo sa Siria, go kgabaganya dinoka tse dikgolo tse di jaaka Euferatese le go batla lefelo le a ka latsang tlhogo mo go lone mo ditoropong le mo metseng ya batswakwa ya Siria, Mesopotamia le Asiria. Fa malatsi a ntse a ya, o ne a tlhobaela le go feta fa a akanya gore o atamela motse wa Ninife.

2. Jona o ithutile jang gore ga a tshwanela go tshabela kabelo e a e neilweng?

2 Sengwe se Jona a neng a tlhomamisegile ka sone ke gore: Ga a ka ke a tshabela kabelo eno gape. O ne a kile a leka go tshaba. Jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, ka bopelotelele Jehofa o ne a ruta Jona thuto ya botlhokwa a dirisa setsuatsue mo lewatleng mme a mo falotsa ka kgakgamatso a dirisa tlhapi e kgolo. Malatsi a le mararo moragonyana, tlhapi eno e ne ya tlhatsetsa Jona mo lotshitshing lwa lewatle a ntse a tshela. Mme mo lekgetlong leno o ne a le kutlo e bile a le boikokobetso le go feta.—Jona, kgao. 1, 2.

3. Ke nonofo efe e Jehofa a neng a e bontsha Jona, mme go tsoga potso efe?

3 Fa Jehofa a ne a laela Jona go ya kwa Ninife lekgetlo la bobedi, moporofeti yono o ne a nna kutlo mme a tsaya loeto lo loleele go ya kwa botlhaba. (Bala Jona 3:1-3.) Le fa go ntse jalo, a o ne a letla gore kotlhao ya ga Jehofa e fetole tsela e a neng a leba dilo ka yone? Kana gone, Jehofa o ile a mo utlwela botlhoko, a dira gore a se ka a nwela mo lewatleng, a se ka a mo otlhaela botsuolodi jwa gagwe mme a mo naya tshono e nngwe gore a dire kabelo eno. Morago ga tseno tsotlhe, a Jona o ne a ithutile go utlwela batho ba bangwe botlhoko? Gantsi go thata gore batho ba ba sa itekanelang ba ithute go bontsha kutlwelobotlhoko. Mma re bone gore re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jona.

Molaetsa wa Katlholo le Tsela E e Sa Lebelelwang e Baninife ba Itshwarang ka Yone

4, 5. Ke eng fa Jehofa a ile a re Ninife ke “motse o mogolo,” mme seo se re ruta eng ka ene?

4 Jona ga a ka a leba Ninife ka tsela e Jehofa a neng a e leba ka yone. Re bala jaana: “Jaanong Ninife e ne e le motse o mogolo mo Modimong.” (Jona 3:3) Pego ya ga Jona e nopola Jehofa ka makgetlo a le mararo a re “Ninife motse o mogolo.” (Jona 1:2; 3:2; 4:11) Ke eng fa motse ono o ne o le mogolo kgotsa o le botlhokwa mo go Jehofa?

5 Ninife e ne e le motse wa bogologolo, mongwe wa metse ya ntlha e Nimerode a neng a e aga morago ga Morwalela. E ne e le motse o mogolo o go bonalang o ne o na le ditoropo tse dingwe di le mmalwa, mme go ne go ka tsaya motho malatsi a le mararo go tswa kwa ntlheng e nngwe ya one go ya kwa go e nngwe fa a tsamaya ka dinao. (Gen. 10:11; Jona 3:3) Motse wa Ninife o ne o na le ditempele tse dikgolo, dipota tse di nonofileng le dikago tse dingwe tse di kgatlhang. Mme ga se dilo tseno tse di neng di dira gore motse ono o nne botlhokwa mo go Jehofa Modimo. Jehofa o ne a amegile thata ka batho. Mo metlheng eo, motse wa Ninife e ne e le one o o nang le batho ba bantsi. Tota le fa ba ne ba dira dilo tse di bosula, Jehofa o ne a amega ka bone. O rata batho botlhe mme o batla go bona mongwe le mongwe wa bone a ikwatlhaya mme a ithuta go dira se se siameng.

Jona o ne a fitlhela Ninife e le motse o mogolo o o tletseng bosula

6. (a) Ke eng fa Jona a ka tswa a ile a tshosiwa ke motse wa Ninife? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Re ithuta eng mo kgannyeng ya gore Jona o ile a rera?

6 Fa kgabagare Jona a goroga mo motseng wa Ninife, o tshwanetse a bo a ile a tshosiwa thata ke go bona batho ba bantsintsi ba ba neng ba feta 120 000. * O ne a tsamaya letsatsi lotlhe, a tsenelela mo gare ga motse oo o o tletseng batho, gongwe a batlana le lefelo le le tshwanetseng le a neng a tla simolola go bolela molaetsa wa gagwe a le mo go lone. O ne a tla bua jang le batho bano? A o ne a ithutile puo ya Baasiria? Kgotsa a Jehofa o ne a mo neile bokgoni joo ka tsela ya kgakgamatso? Ga re itse. Gongwe Jona o ne a bua molaetsa wa gagwe ka puo ya Sehebera mme go na le moranodi yo o tlhalosetsang Baninife. Se re se itseng ke gore molaetsa wa gagwe o ne o sa raraana, mme gone o ne o ka mo lotlhanya le batho: “Go setse malatsi a le masome a manè fela, mme Ninife o tla ribegediwa.” (Jona 3:4) O ne a bua ka bopelokgale e bile a boaboeletsa. Ka go dira jalo, o ne a bontsha bopelokgale jo bo tlhomologileng le tumelo, e leng dinonofo tse gompieno Bakeresete ba di tlhokang go feta le fa e le leng pele.

Molaetsa wa ga Jona o ne o sa raraana mme gone o ne o ka mo lotlhanya le batho

7, 8. (a) Batho ba Ninife ba ne ba dira eng fa ba utlwa molaetsa wa ga Jona? (b) Kgosi ya Ninife e ne ya dira eng fa e sena go utlwa molaetsa wa ga Jona?

7 Baninife ba le bantsi ba ne ba ema mme ba reetsa se Jona a se buang. Ga go pelaelo gore o ne a akanya gore batho ba ne ba tla mo galefela le go mo tshwara makgwakgwa ka ntlha ya molaetsa wa gagwe. Go na le moo, go ne ga direga sengwe se a neng a sa se lebelela. Batho ba ne ba reetsa! Molaetsa wa gagwe o ne wa anama ka bonako. Go ise go ye kae, go ne go buiwa ka boporofeti jwa ga Jona jwa katlholo mo motseng otlhe. (Bala Jona 3:5.) Bahumi le bahumanegi, ba ba maatla le ba ba bokoa, basha le bagolo, botlhe ba ne ba ikwatlhaya. Ba ne ba itima dijo. Go ise go ye kae kgosi e ne ya utlwela gore batho ba ne ba ikwatlhaya.

Jona o ne a tlhoka bopelokgale le tumelo gore a rere kwa Ninife

8 Kgosi le yone e ne ya ikwatlhaya fa e sena go utlwa molaetsa wa ga Jona. E re ka e ne e boifa Modimo, e ne ya ema mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola diaparo tsa yone tsa segosi tse di magasigasi, ya apara letsela la kgetsi le le tshwanang le le batho ba yone ba neng ba le apere, mme ya “nna fa fatshe mo meloreng.” Kgosi mmogo le batlotlegi ba yone kgotsa “ba bagolo,” ba ne ba ntsha taelo ya gore go itima dijo go batho ba neng ba go simolotse, jaanong go dirwe semolao. O ne a laela gore batho botlhe ba apare letsela la kgetsi, le diruiwa tota. * O ne a dumela ka boikokobetso gore batho ba gagwe ba molato gonne ba ne ba dira bosula e bile ba tletse thubakanyo. Fa kgosi e ne e bontsha gore e na le tsholofelo ya gore Modimo wa boammaaruri o tla ba utlwela botlhoko fa a bona ba ikwatlhaya, e ne ya re: “Modimo . . . a ka nna a boela morago mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang, gore re se ka ra nyelela.”—Jona 3:6-9.

9. Batshwayadiphoso ba belaela eng ka Baninife, mme re itse jang gore ga ba bue boammaaruri?

9 Batshwayadiphoso bangwe ga ba dumele kgang ya gore Baninife ba ile ba fetoga ka bonako jalo. Mme gone, bakanoki ba Baebele ba ne ba lemoga gore se Baninife ba se dirileng se ne se tlwaelegile ka gonne batho ba ditso tsa metlha ya bogologolo ba ne ba tlhotlhelediwa ke tumelabotlhodi e bile ba fetofetoga maikutlo. Mo godimo ga moo, re a itse gore batshwayadiphoso bao ga ba bue boammaaruri, ka gonne moragonyana Jesu Keresete le ene o ne a bua ka go ikwatlhaya ga Baninife. (Bala Mathaio 12:41.) Jesu o ne a itse se a buang ka sone, ka gonne o ne a tshela kwa legodimong mme o ile a bona fa dilo tseno tsotlhe di direga. (Joh. 8:57, 58) Boammaaruri ke gore le ka motlha ga re a tshwanela go swetsa ka gore batho ga ba ka ke ba ikwatlhaya—go sa kgathalesege gore re ka tswa re bona ba le setlhogo go le kana kang. Ke Jehofa fela yo o kgonang go bona se se mo pelong ya motho.

Kafa Kutlwelobotlhoko ya Modimo e Farologanang ka Teng le go Nna Peloethata ga Batho

10, 11. (a) Jehofa o ne a dira eng fa Baninife ba ikwatlhaya? (b) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore seno se ne se sa kaye gore Jehofa o ipona phoso?

10 Jehofa o ne a dira eng fa Baninife ba ikwatlhaya? Moragonyana Jona o ne a kwala jaana: “Modimo wa boammaaruri a bona ditiro tsa bone, gore ba ne ba boetse morago ba dule mo tseleng ya bone e e bosula; ka jalo Modimo wa boammaaruri a ikwatlhaela masetlapelo a a neng a buile gore o tla a ba tlisetsa; mme a se ka a a tlisa.”—Jona 3:10.

11 A seno se kaya gore Jehofa o ne a ipona phoso go bo a ne a batla go atlhola Baninife? Nnyaa. Baebele ya re tshiamiso ya ga Jehofa e itekanetse. (Bala Duteronome 32:4.) Go ne go sa tlhole go tlhokega gore Jehofa a galefele Baninife. O ne a bona diphetogo mo bathong bao mme a lemoga gore ga go tlhole go tlhokega gore a ba otlhaye. Jaanong Jehofa o ne a swetsa ka gore a ba bontshe kutlwelobotlhoko.

12, 13. (a) Jehofa o bontsha jang gore o tekatekano, o fetofetoga le maemo e bile o kutlwelobotlhoko? (b) Ke eng fa se Jona a neng a se porofeta e ne e se maaka?

12 Jehofa ga a ka tsela e gantsi baeteledipele ba bodumedi ba mo tlhalosang ka yone, ba re ke Modimo yo o sa fetofetogeng le maemo, yo o sa amegeng ka batho le yo o setlhogo. Go farologana le seo, o tekatekano, o fetofetoga le maemo e bile o kutlwelobotlhoko. Fa a tshwanelwa ke go atlhola baikepi, o ba tlhagisa pele a dirisa baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng, ka gonne o rata go bona baikepi ba dira se Baninife ba ileng ba se dira—ba ikwatlhaya le go fetola ditsela tsa bone. (Esek. 33:11) Jehofa o ne a raya moporofeti wa gagwe Jeremia a re: “Ka nako epe fela e ke ka buang ka yone kgatlhanong le setšhaba le bogosi go bo kumola le go bo rutla le go bo senya, mme setšhaba seo se boa mo bosuleng jwa sone jo ke buileng ka jone, le nna ke tla ikwatlhaela masetlapelo a ke neng ke akantse go a diragatsa mo go sone.”—Jer. 18:7, 8.

Modimo o batla go bona baikepi ba ikwatlhaya le go fetola ditsela tsa bone, jaaka Baninife ba ile ba dira

13 A se Jona a neng a se porofeta e ne e le maaka? Nnyaa; o ne a tlhagisa batho ka se se neng se tla direga fa ba sa ikwatlhaye. Boporofeti joo bo ne bo tlhagisa Baninife ka ditiro tsa bone tse di bosula, mme ba ne ba di tlogela. Fa ba ne ba ka tswelela ka ditiro tsa bone tse di boikepo, Modimo o ne a tla ba senya. Mme ke sone se se neng sa direga moragonyana.—Sefa. 2:13-15.

14. Jona o ne a itshwara jang fa Jehofa a bontsha Baninife kutlwelobotlhoko?

14 Jona o ne a itshwara jang fa tshenyego eo e ne e sa tle ka nako e a neng a e lebeletse ka yone? Re bala jaana: “Le fa go ntse jalo mo go Jona, go ne go sa itumedise ka gope, mme a tuka bogale.” (Jona 4:1) Jona o ne a bo a rapela ka tsela e e neng e utlwala e kete o kgalema Modimo! O ile a bo a re a ka bo a ile a nna kwa legaeng la gagwe, kwa nageng ya gaabo. A re o ne a ntse a itse gore Jehofa a ka se tlise masetlapelo mo Ninife, a bo a dira seo seipato sa go bo a ile a ya kwa Tareshishe. Go tswa foo a ikopela go swa, a re go swa go botoka go na le go tshela.Bala Jona 4:2, 3.

15. (a) Ke eng se se ka tswang se ile sa dira gore Jona a galefe a bo a ngomoge pelo? (b) Jehofa o ile a dirisana jang le moporofeti wa gagwe yo o ngomogileng pelo?

15 Jona o ne a tshwenngwa ke eng? Ga re itse gore o ne a akanya eng mme se re se itseng ke gore o ne a boleletse batho botlhe gore Ninife e tlile go senngwa. Ba ne ba mo dumela. Jaanong Ninife e ne e se kitla e senngwa. A o ne a tshaba go sotliwa kgotsa go bidiwa moporofeti wa maaka? Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, o ne a sa itumelela go bo batho ba ile ba ikwatlhaya le go bo Jehofa a ile a ba utlwela botlhoko. Go na le moo, go bonala a ile a galefa, a itlhomogela pelo mme a tshwenyega ka gore batho ba mo leba jang. Le fa go ntse jalo, Modimo wa ga Jona yo o kutlwelobotlhoko o ne a sa ntse a bona se se molemo mo moporofeting yono yo o ngomogileng pelo. Go na le gore Jehofa a mo otlhaye ka go bo a le lenyatso, o ne a mmotsa potso eno e e bonolo le e e neng e mo thusa gore a itshekatsheke: “A go siame go bo o tuka bogale?” (Jona 4:4) A Jona o ne a araba? Baebele ga e bue sepe.

16. Ke ka ditsela dife bangwe ba ka iphitlhelang ba sa lebe dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone, mme re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jona?

16 Go motlhofo go nyatsa tsela e Jona a ileng a itshwara ka yone, mme re tshwanetse go gopola gore gantsi batho ba ba sa itekanelang ga ba lebe dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone. Bangwe ba ka nna le maikutlo a gore Jehofa a ka bo a thibetse masetlapelo mangwe kgotsa a atlhotse baikepi ka bonako kgotsa a sa bolo go fedisa tsamaiso eno e e bosula ya dilo. Sekao sa ga Jona se re gopotsa gore fa re sa lebe dilo ka tsela e Jehofa Modimo a di lebang ka yone, ka metlha e a bo e le rona re tlhokang go baakanya tsela e re lebang dilo ka yone—e seng Ene.

Thuto e Jehofa a Neng a e Ruta Jona

17, 18. (a) Jona o ne a dira eng fa a tswa kwa Ninife? (b) Dikgakgamatso tse Jehofa a neng a di dira ka semela sa segwana di ne tsa ama Jona jang?

17 Moporofeti yono yo o sa itumelang o ne a tloga kwa Ninife mme a se ka a ya gae, go na le moo, a ya kwa ntlheng e e kwa botlhaba, kwa karolong e e okametsweng ke dithaba. O ne a aga loobo mme a nna mo go lone a leta gore a bone se se tla diragalelang Ninife. Gongwe o ne a sa ntse a solofetse go bona motse oo o senngwa. Jehofa o ne a tla ruta jang monna yono yo o tlhogoethata go nna kutlwelobotlhoko?

18 Mo bosigong joo, Jehofa o ne a medisa semela sa segwana. Fa Jona a tsoga o ne a bona semela seno se se neng se godile thata, se makakaba a sone a magolo a neng a dirile moriti o o fetang wa loobo lwa gagwe. O ne a itumela fela thata. “Jona a simolola go ipelela” semela seno, gongwe a tsaya gore go tlhoga ga sone ka kgakgamatso ke sesupo sa gore Modimo o a mo segofatsa le go mo amogela. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a batla go dira se se fetang fela go sireletsa Jona mo mogoteng le go dira gore a se ka a galefa. O ne a batla go fitlhelela pelo ya gagwe. Ka jalo, Modimo o ne a dira dikgakgamatso tse dingwe. O ne a romela seboko gore se tlhasele le go bolaya semela seo. Go tswa foo, a romela “phefo ya botlhaba e e phaphalatsang” go fitlha Jona a ‘idibala’ ka ntlha ya mogote. Jona o ne a kgobega marapo gape mme a kopa Modimo gore a swe.—Jona 4:6-8.

19, 20. Ke eng se Jehofa a neng a se bolelela Jona ka semela sa segwana?

19 Jehofa o ne a botsa Jona gape gore a go siame go bo a tuka bogale, mme mo lekgetlong leno a galefela go bo semela sa segwana se sule. Go na le gore a ikwatlhaye, o ne a leka go ipuelela ka gore: “Go siame go bo ke tuka bogale, go ya losong.” Jaanong go ne go tshwanela gore Jehofa a mo rute thuto ya botlhokwa.—Jona 4:9.

Modimo o ne a dirisa semela sa segwana go ruta Jona go nna kutlwelobotlhoko

20 Modimo o ne a bua le Jona, a re moporofeti yono o utlwisiwa botlhoko ke go swa ga semelanyana fela se se neng sa gola mo bosigong bo le bongwe, se a sa se jalang e bile a sa dira gore se gole. Mme Modimo o ne konela jaana: “Nna, a ga ke a tshwanela go utlwela Ninife botlhoko motse o mogolo, o go nang le batho ba ba fetang dikete di le lekgolo le masome a mabedi mo go one ba gotlhelele ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema, re sa bale diruiwa tse dintsi?”—Jona 4:10, 11. *

21. (a) Jehofa o ne a dirisa setshwantsho sefe go ruta Jona? (b) Pego ya ga Jona e ka re thusa jang go itlhatlhoba ka kelotlhoko?

21 A o tlhaloganya se tota Jehofa a neng a se kaya fa a ne a dirisa setshwantsho seno? Jona o ne a sa dira sepe fela go tlhokomela semela seo. Mme Jehofa ke ene a neng a bopile Baninife le go ba tlhokomela jaaka a dira ka dibopiwa tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. A go ne go utlwala gore Jona a tseye semela se le sengwe se le botlhokwa go feta matshelo a batho ba le 120 000 le diruiwa tsotlhe tsa bone? A gongwe Jona o ne a dirwa ke gore o ikakanyetsa a le nosi? Kana gone, o ile a tlhomogela semela seo pelo fela ka gonne se ne se solegela ene molemo. A go galefela Baninife ga gagwe le gone go ne go sa tlhotlhelediwe ke go bo a ikakanyetsa a le nosi—keletso ya go itseela kwa godimo a batla gore batho ba mo lebe sentle le go bontsha gore o nepile? Pego ya ga Jona e ka re thusa go itlhatlhoba ka kelotlhoko. Tota ke mang wa rona yo a ka se kang a nna le tshekamelo eo? Ruri re tshwanetse go leboga Jehofa go bo ka bopelotelele a re ruta gore re leke thata go akanyetsa batho ba bangwe, go nna pelotlhomogi le go nna kutlwelobotlhoko—jaaka ene!

22. (a) Ke eng se se bontshang gore Jona o ne a amilwe ke kaelo e e botlhale ya ga Jehofa malebana le go nna kutlwelobotlhoko? (b) Ke thuto efe e rotlhe re tshwanetseng go ithuta yone?

22 Kgangkgolo ke gore, a tota Jona o ile a ithuta sengwe mo go se se mo diragaletseng? Buka e e bidiwang ka leina la gagwe e konela ka potso e e sa arabiwang e Jehofa a neng a e mmotsa. Batshwayadiphoso bangwe ba ka nna ba ngongorega ka gore Jona ga a ka a e araba. Boammaaruri ke gore o ne a e araba. Buka e a neng a e kwala ke yone karabo. Bosupi bo bontsha gore Jona ke ene a kwadileng buka e e bidiwang ka leina la gagwe. Akanya fela moporofeti yono, a boetse kwa nageng ya gaabo, a babalesegile mme a kwala pego eno. Bona ka leitlho la mogopolo monnamogolo yo o botlhale, yo o ikokobeditseng a ntse a tshikinya tlhogo fa a tlhalosa diphoso tsa gagwe, botsuolodi jwa gagwe le kafa a neng a le tlhogoethata ka gone a gana go bontsha bopelotlhomogi. Ga go pelaelo gore Jona o ile a ithuta thuto ya botlhokwa mo kaelong e e botlhale ya ga Jehofa. O ne a ithuta go nna kutlwelobotlhoko. A le rona re tla dira jalo?—Bala Mathaio 5:7.

^ ser. 6 Go fopholediwa gore mo motlheng wa ga Jona, motsemogolo wa ditso di le lesome tsa Iseraele e leng Samarea o ka tswa o ne o na le baagi ba le 20 000 go ya go ba le 30 000—palo e e kwa tlase ga kwatara ya batho ba Ninife. Ka nako eo, Ninife e ka tswa e ne e le one motse o mogolo go gaisa mo lefatsheng.

^ ser. 8 Gongwe kgang eno e a gakgamatsa, mme gone go ne go kile ga direga se se tshwanang mo metlheng ya bogologolo. Mokwalahisitori wa Mogerika Herodotus o ne a kwala gore fa Baperesia ba bogologolo ba ne ba hutsafalela loso lwa mojenerale yo o neng a ratiwa ke batho, ba ne ba akaretsa leruo la bone mo mekgweng ya bone ya go hutsafala.

^ ser. 20 Fa Modimo a ne a re batho bao ba ne ba sa itse pharologanyo fa gare ga seatla sa moja le sa molema, o ne a raya gore botlhokakitso ke jone bo neng bo dira gore ba itlhokomolose melao ya gagwe.