Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO YA BONÈ

“Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”

“Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”

1, 2. (a) Tlhalosa loeto lwa ga Ruthe le Naomi le khutsafalo e kgolo e ba leng mo go yone. (b) Loeto lwa ga Ruthe lo farologana jang le lwa ga Naomi?

RUTHE o tsere mosepele le Naomi mo tseleng e e ralalang dipoa tsa Moabe tse di kwa godimo le tse di ratiwang ke diphefo. Akanya fela basadinyana bano ba babedi ba tsamaya ba le bosi mo nageng e e atlhameng. Ruthe o a bona gore letsatsi le setse le phirima, mme o leba matsalaagwe a ipotsa gore a ga se nako ya go batla lefelo le ba tla latsang tlhogo mo go lone. O rata Naomi fela thata mme a ka dira sotlhe se a ka se kgonang go mo tlhokomela.

2 Basadi bano ba babedi ba mo khutsafalong e e seng kana ka sepe. E setse e le dingwaga di le dintsi Naomi e le motlholagadi, mme bosheng jaana o sa tswa go welwa ke masetlapelo a mangwe—loso lwa bomorwawe ba babedi, Kilione le Mahelone. Ruthe le ene o mo khutsafalong. Mahelone e ne e le monna wa gagwe. Ene le Naomi ba tsamaya mmogo go ya kwa lefelong le le lengwe, kwa motseng wa Bethelehema kwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, loeto lwa bone lo farologane ka tsela nngwe. Naomi o boela gae. Ruthe ene o ya kwa lefelong le a sa le itseng, a tlogela ba losika, naga ya gaabo le dingwao tsotlhe tsa yone—go akaretsa le medimo ya yone.—Bala Ruthe 1:3-6.

3. Ke dipotso dife tse dikarabo tsa tsone di ka re thusang go etsa tumelo ya ga Ruthe?

3 Ke eng se se dirang gore mosadi yono yo mosha a dire phetogo e kgolo jalo? Ruthe o tla kgona jang go simolola botshelo jo bosha le go tlhokomela Naomi? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno go tla re thusa go etsa tumelo ya ga Ruthe wa Momoabe. (Bona lebokose le le reng, “ Buka e Nnye e e Kwadilweng ka Botswerere.”) Sa ntlha, mma re boneng gore go tlile jang gore basadi bano ba babedi ba tseye loeto lono lo loleele go ya Bethelehema.

Lelapa le le Wetsweng ke Masetlapelo

4, 5. (a) Ke eng fa lelapa la ga Naomi le ile la fudugela kwa Moabe? (b) Naomi o ne a lebana le dikgwetlho dife kwa Moabe?

4 Ruthe o goletse kwa Moabe, naga e nnye e e kwa botlhaba jwa Lewatle le le Suleng. Kgaolo eno e ne e na le dithaba tse di katoganeng tse di nang le ditlhare e bile go na le melatswana e e boteng e e kgabaganyang mo go tsone. Gantsi ‘masimo a Moabe’ a ne a na le mmu o o nonneng o o tlhagisang dijalo, tota le ka nako ya fa Iseraele e wetswe ke leuba. Tota e bile leo e ka tswa e le lone lebaka le le dirileng gore Ruthe a kopane le Mahelone le ba lelapa la gaabo.—Ruthe 1:1.

5 Leuba le le neng le aparetse Iseraele le ne la dira gore monna wa ga Naomi e bong Elimeleke, a swetse ka gore ene le mosadi wa gagwe le bomorwawe ba babedi ba fuduge mo nageng ya bone mme ba ye go nna batswakwa kwa Moabe. Go fudugela koo go ka tswa go ile ga tlisetsa mongwe le mongwe mo lelapeng leno dikgwetlho tse di lekang tumelo ka gonne Baiseraele ba ne ba tshwanetse go obamela Jehofa ka metlha kwa lefelong le le boitshepo le a neng a le tlhophile. (Dute. 16:16, 17) Naomi o ne a kgona go boloka tumelo ya gagwe e nonofile. Le fa go ntse jalo, o ne a hutsafetse fela thata fa monna wa gagwe a tlhokafala.—Ruthe 1:2, 3.

6, 7. (a) Ke eng fa Naomi a ka tswa a ile a tshwenyega fa bomorwawe ba nyala basadi ba Bamoabe? (b) Ke eng fa re ka re Naomi o ne a tshwere dingwetsi tsa gagwe sentle?

6 Naomi a ka tswa a ile a utlwa botlhoko gape moragonyana fa bomorwawe ba nyala basadi ba Bamoabe. (Ruthe 1:4) O ne a itse gore rremogologolwane wa setšhaba sa gaabo e bong Aborahame, o ne a tsaya matsapa go batlela morwawe e bong Isake mosadi mo bathong ba gaabo ba ba neng ba obamela Jehofa. (Gen. 24:3, 4) Moragonyana, Molao wa ga Moshe o ne wa tlhagisa Baiseraele gore ba se ka ba letla bomorwaabone le bomorwadiabone ba nyalana le batswakwa gore batho ba Modimo ba se ka ba faposiwa mme ba obamela medingwana.—Dute. 7:3, 4.

7 Le fa go ntse jalo, Mahelone le Kilione ba ne ba nyala basadi ba Bamoabe. Fa e le gore seno se ne sa tshwenya kgotsa sa kgoba Naomi marapo, go bonala a ile a tlhomamisa gore o bontsha dingwetsi tsa gagwe e bong Ruthe le Orepa lorato le bopelonomi jwa mmatota. Gongwe a dira jalo ka tsholofelo ya gore letsatsi lengwe ba tla nna baobamedi ba ga Jehofa jaaka ene. Mme gone, Ruthe le Orepa ba ne ba rata Naomi. Kamano eo e e molemo e ne ya ba thusa fa ba welwa ke masetlapelo. Basadi bano ba basha ba ne ba nna batlholagadi pele ope wa bone a tshola ngwana.—Ruthe 1:5.

8. Ke eng se se ka tswang se dirile gore Ruthe a simolole go kgatlhegela kobamelo ya ga Jehofa?

8 A bodumedi jo Ruthe a godiseditsweng mo go jone bo ile jwa mo thusa go itshokela masetlapelo ao? Ga go lebege jalo. Bamoabe ba ne ba obamela medingwana e le mentsi, yo mogolo mo go yone e le Kemoshe. (Dipa. 21:29) Go bonala bodumedi jwa Bamoabe le jone bo ne bo dira dilo tse di setlhogo le tse di tshosang tse di neng di dirwa mo motlheng oo, tse di akaretsang go dira ditlhabelo ka bana. Dilo tsotlhe tse Ruthe a neng a di ithuta mo go Mahelone kgotsa mo go Naomi ka Modimo wa Iseraele yo o lorato le yo o kutlwelobotlhoko e bong Jehofa, o ne a fitlhela di farologane thata le tse ene a neng a di tlwaetse ka medimo ya gaabo. Jehofa ke Modimo yo o lorato, e seng yo o setlhogo. (Bala Duteronome 6:5.) Fa Ruthe a ne a utlwisitswe botlhoko ke go swelwa ke monna, o tshwanetse a bo a ile a atamalana thata le Naomi a bo a iketleeletsa go reetsa fa mosadi yono yo o godileng a mmolelela ka Modimo mothatayotlhe e bong Jehofa, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang le tsela e e lorato le e e pelotlhomogi e a neng a dirisana le batho ba gagwe ka yone.

Ruthe o ne a atamalana thata le Naomi ka nako ya khutsafalo le ya masetlapelo

9-11. (a) Ke tshwetso efe e Naomi, Ruthe le Orepa ba neng ba e dira? (b) Re ka ithuta eng mo masetlapelong a a neng a wela Naomi, Ruthe le Orepa?

9 Naomi ene o tshwanetse a bo a ne a swegaswega pelo go itse ka se se diregang kwa nageng ya gaabo. Letsatsi lengwe o ne a utlwalela gore leuba la kwa Iseraele le fedile, gongwe a bolelelwa ke mogwebi yo o yang kwa mafelong a a farologaneng. Jehofa o ne a simolotse go thusa batho ba gagwe gape. Bethelehema e ne ya boa ya nna se leina la yone le se kayang e leng, “Ntlo ya Senkgwe.” Naomi o ne a swetsa ka gore a boele gae.—Ruthe 1:6.

10 Ruthe le Orepa ba ne ba tla dira eng? (Ruthe 1:7) Mathata a bone a ne a dirile gore ba atamalane thata le Naomi. Go bonala Ruthe e le ene yo o neng a amilwe thata ke bopelonomi jwa ga Naomi le tumelo ya gagwe e e nitameng mo go Jehofa. Batlholagadi bano ba bararo ba ne ba tsaya loeto mmogo go ya kwa Juda.

11 Pego eno ya ga Ruthe e re gopotsa gore masetlapelo le go swelwa go diragalela batho botlhe, ba ba siameng, ba ba ikanyegang le ba ba bosula. (Mor. 9:2, 11) Gape e re bontsha gore fa re utlwisitswe botlhoko thata ke go swelwa, go ka nna molemo go batla kgomotso mo bathong ba bangwe—segolobogolo ba Jehofa, Modimo yo Naomi a neng a mo obamela, e leng botshabelo jwa bone.—Dia. 17:17.

Lorato lo lo Ikanyegang Lwa ga Ruthe

12, 13. Ke eng fa Naomi a ne a batla gore Ruthe le Orepa ba boele gae go na le gore ba tsamaye le ene, mme kwa tshimologong basadi bano ba basha ba ne ba mo raya ba reng?

12 Fa batlholagadi bano ba bararo ba setse ba tsamaile sekgala se seleele, Naomi o ne a simolola go tshwenyega ka sengwe gape. O ne a akanya ka basadi bano ba basha le ka lorato lo ba lo bontshitseng ene le bomorwawe. O ne a tshwentswe ke gore a ka nna a ba okeletsa mathata. Fa ba ne ba ka tlogela naga ya bone mme ba tsamaya le ene, o ne a tla ba direla eng kwa Bethelehema?

13 Kgabagare, Naomi o ne a ba raya a re: “Tsamayang, boang, mongwe le mongwe a ye kwa ntlong ya ga mmaagwe. E kete Jehofa a ka lo direla bopelonomi jwa lorato, fela jaaka lo bo diretse banna ba jaanong ba suleng, lwa ba lwa bo direla le nna.” Gape o ne a bontsha gore o na le tsholofelo ya gore Jehofa o ne a tla ba segofatsa ka banna ba bangwe le botshelo jo bo botoka. Pego eno ya re: “Go tswa foo a ba atla, mme ba tsholetsa mantswe a bone ba lela.” Jaanong re kgona go bona lebaka la go bo Ruthe le Orepa ba ne ba atamalane thata le mosadi yono yo o pelonomi le yo o akanyetsang. Boobabedi ba ne ba nna ba re: “Nnyaa, re tla boela le wena kwa bathong ba gaeno.”—Ruthe 1:8-10.

14, 15. (a) Orepa o ne a boela kwa go eng? (b) Naomi o ne a leka go tlhotlheletsa Ruthe jang gore ba kgaogane?

14 Le fa go ntse jalo, Naomi o ne a ka se fetolwe mogopolo motlhofo fela. O ne a bua a tiisitse gore ga go sepe se a ka ba direlang sone kwa Iseraele ka gonne o ne a se na monna yo o tla mo tlamelang, a se na barwa ba ba ka ba nyalang e bile go se na tsholofelo ya gore dilo tseno di tla tsamaya di direga. O ne a ba bolelela gore o utlwisiwa botlhoko ke go bo a ka se kgone go ba tlhokomela. Orepa o ne a lemoga gore se Naomi a neng a se bua se boammaaruri. Kwa Moabe go ne go na le lelapa la gaabo, mmaagwe le legae le a neng a tla nna kwa go lone. O ne a bona go le molemo gore a sale kwa Moabe. Ka jalo, o ne a atla Naomi a hutsafetse, a bo a tsamaya.—Ruthe 1:11-14.

15 Ruthe ene o ne a tla dira eng? Se Naomi a neng a se bua, le ene se ne se mo ama. Le fa go ntse jalo, re bala jaana: “Ruthe ene, a mo ngaparela.” Gongwe Naomi o ne a setse a tsweletse ka mosepele fa a lemoga gore Ruthe o ne a tla a mo setse morago. O ne a mo kopa a tiisitse a re: “Bona! Mogokao wa motlholagadi o boetse kwa bathong ba gagabo le kwa medimong ya gagwe. Boa le mogokao wa motlholagadi.” (Ruthe 1:15) Mafoko a ga Naomi a senolela mmadi ntlha nngwe ya botlhokwa. Orepa o ne a sa boela kwa bathong ba gaabo fela mme gape o ne a boetse kwa “medimong ya gagwe.” O ne a kgotsofaletse go tswelela a obamela Kemoshe le medingwana e mengwe ya maaka. A ke tsela e Ruthe le ene a neng a ikutlwa ka yone?

16-18. (a) Ruthe o ne a bontsha jang lorato lo lo ikanyegang? (b) Re ka ithuta eng mo go Ruthe ka lorato lo lo ikanyegang? (Bona le ditshwantsho tsa basadi bano ba babedi.)

16 Fa Ruthe a ntse a lebile Naomi mo tseleng eo e e neng e se na ope, o ne a tlhomamisegile ka tshwetso e a e dirileng. O ne a rata Naomi fela thata—le Modimo yo Naomi a neng a mo direla. Ka jalo, Ruthe o ne a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe ke lese go tsamaya le wena; ka gonne kwa o yang gone ke tla ya gone, le kwa o lalang gone bosigo ke tla lala gone. Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me. Kwa o swelang gone ke tla swela gone, mme ke gone kwa ke tla fitlhelwang gone. E kete Jehofa a ka ntirela jalo a ba a oketsa fa nna le wena re ka kgaoganngwa ke [sengwe se sele fa e se] loso fela.”—Ruthe 1:16, 17.

“Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me”

17 Ruri mafoko ao a ga Ruthe a a kgatlha—mo e leng gore le morago ga dingwaga di ka nna 3 000 a tlhokafetse, batho ba sa ntse ba a gopola. A bontsha sentle nonofo e e molemo, e leng lorato lo lo ikanyegang. Lorato lwa ga Ruthe lo ne lo nonofile e bile lo ikanyega mo e leng gore o ne a ikemiseditse go kgomarela Naomi gongwe le gongwe kwa a yang gone. Ba ne ba tla kgaoganngwa ke loso fela. Batho ba gaabo Naomi e ne e tla nna batho ba gaabo, ka gonne Ruthe o ne a iketleeleditse go tlogela sengwe le sengwe se a neng a se tlwaetse kwa Moabe—tota le medingwana ya Bamoabe. Go farologana le Orepa, Ruthe ene o ne a ka bua go tswa pelong gore o batla gore Modimo wa ga Naomi e bong Jehofa e nne Modimo wa gagwe. *

18 Jaanong ba ne ba tswelela ka loeto lwa bone lo loleele ba le babedi fela ba ya Bethelehema. Go ya ka phopholetso nngwe, loeto lono lo ka tswa lo ile lwa tsaya beke yotlhe. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba hutsafetse, go bonala ba ile ba gomotsana.

19. O akanya gore re ka bontsha jang lorato lo lo ikanyegang lwa ga Ruthe mo lelapeng, mo ditsaleng le mo phuthegong?

19 Batho ba le bantsi mo lefatsheng gompieno ba a hutsafala. Mo metlheng e re tshelang mo go yone e Baebele e reng ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” re lebana le masetlapelo a mantsi le khutsafalo. (2 Tim. 3:1) Ka jalo, nonofo eno e Ruthe a ileng a e bontsha e botlhokwa thata go feta le fa e le leng pele. Lorato lo lo ikanyegang—mofuta wa lorato lo lo kgomarelang selo mme lo sa batle go se tlogela—lo botlhokwa thata mo lefatsheng leno le le tletseng mathata. Re tshwanetse go lo bontsha mo lenyalong, mo lelapeng, mo ditsaleng le mo phuthegong ya Bokeresete. (Bala 1 Johane 4:7, 8, 20.) Fa re lwela go nna le lorato lo lo ntseng jalo, re etsa sekao se se tlhomologileng sa ga Ruthe.

Ruthe le Naomi Kwa Bethelehema

20-22. (a) Botshelo jwa ga Naomi kwa Moabe bo ne jwa mo ama jang? (b) Naomi o ne a na le mogopolo ofe o o phoso ka mathata a gagwe? (Bona le Jakobe 1:13.)

20 Gone ke boammaaruri gore, go bua fela o re o na le lorato lo lo ikanyegang go farologana le go lo bontsha ka ditiro. Ruthe o ne a nna le tshono ya go bontsha lorato lo lo ikanyegang, e seng fela mo go Naomi mme le mo go Jehofa, Modimo yo a neng a tlhopha gore e nne wa gagwe.

21 Kgabagare basadi bano ba babedi ba ne ba goroga kwa Bethelehema, motse o o bokgakala jwa dikilometara di ka nna lesome ka fa borwa jwa Jerusalema. Go bonala Naomi le ba lelapa la gagwe ba ne ba itsege thata mo motsaneng ono, ka gonne mongwe le mongwe o ne a bua ka go boa ga gagwe. Basadi ba koo ba ne ba nnela go mo keleka ba re, “A yo ke ene Naomi?” Go bonala a ne a sa tshwane le pele ga a fudugela kwa Moabe; ditebego tsa gagwe le tsela e a neng a tsamaya ka yone di ne di bontsha gore o feditse dingwaga di le dintsi a sotlega e bile a hutsafetse.—Ruthe 1:19.

22 Naomi o ne a bolelela basadi bao ba losika lwa gagwe le ba e kileng ya bo e le baagelani ba gagwe ka dilo tse di utlwisang botlhoko tse di mo diragaletseng mo botshelong. E bile o ne a bona go le botoka gore a se ka a tlhola a bidiwa Naomi mo go kayang “Boitumelo Jwa Me,” mme a bidiwe Mara mo go kayang “Botlhoko.” Ao, Naomi wa batho! Fela jaaka Jobe yo o neng a tshela pele ga gagwe, Naomi o ne a akanya gore Jehofa Modimo ke ene a mmaketseng mathata—Ruthe 1:20, 21; Jobe 2:10; 13:24-26.

23. Ruthe o ne a simolola go akanya ka eng, mme Molao wa ga Moshe o ne o na le thulaganyo efe ya go thusa bahumanegi? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

23 Fa basadi bano ba babedi ba ntse ba tlwaela botshelo jwa kwa Bethelehema, Ruthe o ne a simolola go akanya ka gore a ka tlamela jang ene le Naomi ka tsela e e molemo. O ne a utlwela gore Molao o Jehofa a neng a o file batho ba gagwe kwa Iseraele o ne o akaretsa thulaganyo e e lorato ya go thusa bahumanegi. Ba ne ba letlelelwa go tsena mo masimong ka nako ya thobo ba bo ba tsamaya ka fa morago ga barobi, ba ronopa se se salang mo tshimong le go roba dijalo tse di neng di tlhogile mo dintlheng tsa tshimo. *Lefi. 19:9, 10; Dute. 24:19-21.

24, 25. Ruthe o ne a dira eng fa a sena go tsena mo masimong a ga Boase, mme tiro ya go ronopa e ne e ntse jang?

24 E ne e le nako ya thobo ya barele, gongwe e le kgwedi ya Moranang mo khalendareng ya rona ya segompieno, mme Ruthe o ne a ya kwa masimong go ya go bona gore ke mang yo o tla mo letlang go bereka go ya ka thulaganyo ya go ronopa. O ne a tsena mo masimong a monna mongwe yo o bidiwang Boase, mong wa naga yo o humileng, gape e le wa losika lwa ga Elimeleke, monna wa ga Naomi yo o tlhokafetseng. Le fa gone Molao o ne o mo letla go ronopa, ga a ka a tsaya dilo motlhofo; o ne a kopa tetla ya go ronopa mo lekawaneng le le neng le okametse barobi. Le ne la mo naya tetla mme Ruthe a simolola tiro ka yone nako eo.—Ruthe 1:22–2:3, 7.

25 Akanya fela Ruthe a ntse a tsamaya ka fa morago ga barobi. Fa ba ntse ba sega barele ka disekele tsa bone tsa legweka, a inama gore a sele se se wang mo go bone kgotsa se ba se tlogetseng, a bo a phutha ditlhaka go nna dingata, go tswa foo a bo a di isa kwa lefelong le moragonyana a ka di phothelang mo go lone. E ne e le tiro e e tsayang nako, e e lapisang mme e nna thata le go feta fa letsatsi le ntse le ya. Le fa go ntse jalo, Ruthe o ne a tswelela a bereka, a ikhutsa fela fa a phimola mofufutso mo phatleng le fa a ja dijo tse di motlhofo tsa motshegare mo “ntlong”—gongwe mo lefelong le le diretsweng gore badiri ba nne le moriti.

Ruthe o ne a iketleeleditse go dira tiro e e boima ya maemo a a kwa tlase gore a tlamele ene le Naomi

26, 27. Boase o ne a na le botho jo bo ntseng jang, mme o ne a tshwere Ruthe jang?

26 Gongwe Ruthe o ne a sa akanye gore o lebilwe kgotsa a sa solofela seo, mme gone o ne a lebilwe. Boase o ne a mmona mme a botsa lekau le le okametseng gore ke mang. E re ka Boase e ne e le monna yo o nang le tumelo e e nonofileng, o ne a dumedisa badiri ba gagwe—mme bangwe ba bone e ka tswa e ne e le badiri ba letsatsi le le lengwe fela kgotsa e le batswakwa—ka mafoko a a reng: “Jehofa a nne le lona.” Mme le bone ba ne ba mo araba jalo. Monna yono yo o godileng yo o neng a rata Jehofa o ne a simolola go amega ka Ruthe jaaka rre.—Ruthe 2:4-7.

27 Boase o ne a bitsa Ruthe, “morwadiaka” fa a mmolelela gore a nne a tla mo masimong a gagwe go tla go ronopa, le gore a nne gaufi le barweetsana ba ntlo ya gagwe gore a se ka a tshwenngwa ke banna ba ba berekang mo tshimong. O ne a tlhomamisa gore Ruthe o na le se a ka se jang ka nako ya dijo tsa motshegare. (Bala Ruthe 2:8, 9, 14.) Mme sa botlhokwa le go feta, o ne a mo akgola le go mo kgothatsa. O ne a dira seo jang?

28, 29. (a) Ruthe o ne a itiretse leina le le ntseng jang? (b) O ka bona jang botshabelo mo go Jehofa fela jaaka Ruthe?

28 Fa Ruthe a botsa Boase gore ke eng fa a mo direla molemo ntswa e le motswakwa, o ne a araba ka gore o utlwile ka dilo tsotlhe tse a di diretseng matsalaagwe e bong Naomi. Go ka direga gore Naomi o ne a bua molemo ka Ruthe mo basading ba kwa Bethelehema mme Boase a utlwa seo. Gape o ne a itse gore Ruthe o ne a simolotse go obamela Jehofa, ka gonne o ne a re: “E kete Jehofa a ka duela tsela e o dirang ka yone, mme e kete o ka nna le tuelo e e feletseng go tswa kwa go Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o tlileng go senka botshabelo kafa tlase ga diphuka tsa gagwe.”—Ruthe 2:12.

29 Abo mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a kgothatsa Ruthe jang ne! O ne a dirile tshwetso ya go senka botshabelo ka fa tlase ga diphuka tsa ga Jehofa Modimo, fela jaaka lemphorwana le le ikutlwang le babalesegile gaufi le motsadi wa lone. O ne a leboga Boase go bo a ile a bua le ene ka tsela e e gomotsang. Mme o ne a tswelela a bereka go fitlha maitseboa.—Ruthe 2:13, 17.

30, 31. Re ka ithuta eng mo go Ruthe ka go nna le mekgwa e e siameng ya go bereka, go bontsha kanaanelo le lorato lo lo ikanyegang?

30 Tumelo e Ruthe a e bontshitseng ka ditiro ke sekao se se molemo tota mo go rona rotlhe ba gompieno re lebaneng le maemo a a thata a ikonomi. O ne a sa tseye gore batho ba tshwanetse go mo thusa ka go bo e le motlholagadi, mme gone o ne a anaanela sengwe le sengwe se a neng a se newa. O ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke go bereka ka natla letsatsi lotlhe gore a tlhokomele motho yo a mo ratang, tota le fa tiro eo e ne e le ya maemo a a kwa tlase. O ne a amogela ka lorato kgakololo ya gore a ka bereka jang a sireletsegile le gore a bereke le batho ba ba siameng, mme o ne a e dirisa. Sa botlhokwa le go feta, ga a ka a lebala botshabelo jwa gagwe jwa mmatota—Rraagwe yo o neng a mo sireletsa e bong Jehofa Modimo.

31 Fa re bontsha lorato lo lo ikanyegang jaaka Ruthe mme re latela sekao sa gagwe sa boikokobetso, sa go dira ka natla le go bontsha kanaanelo, le rona tumelo ya rona e ka nna sekao se se ka thusang ba bangwe. Mme gone, Jehofa o ne a tlamela Ruthe le Naomi jang? Kgaolo e e latelang e tla tlotla ka kgang eno.

^ ser. 17 Re lemoga gore Ruthe ga a ka a dirisa fela sereto “Modimo,” jaaka batswakwa ba le bantsi ba ne ba ka dira; gape o ne a dirisa leina la Modimo, Jehofa. The Interpreter’s Bible ya re: “Ka jalo mokwadi o gatelela gore motswakwa yono e ne e le molatedi wa Modimo wa boammaaruri.”

^ ser. 23 E ne e le thulaganyo e e kgethegileng, mme go ka direga gore go ne go se thulaganyo e e ntseng jalo kwa gaabo Ruthe. Mo motlheng oo, kwa Botlhabagare jwa bogologolo, batlholagadi ba ne ba sa tshwarwe sentle. Buka nngwe ya re: “Fa monna wa gagwe a sena go swa, gantsi motlholagadi o ne a tla ikaega ka bomorwawe gore ba mo tlamele; fa a se na bana, o ne a tla tshwanelwa ke gore a ithekise go nna lekgoba, a gwebe ka mmele kgotsa a swe.”