Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA NTLHA

“Le Mororo a Sule, o sa Ntse a Bua”

“Le Mororo a Sule, o sa Ntse a Bua”

1. Ke eng se se neng se thibela lelapa la ga Adame le Efa go tsena mo tshingwaneng ya Edene, mme ke eng se Abele a neng a ka rata go bona se direga?

ABELE o ne a lebile letsomane la gagwe la dinku fa le ntse le fula ka tshosologo mo thoteng. Mme gongwe o ile a leba ka kwa ga dinku tsa gagwe kwa lefelong lengwe le le kgakajana le a neng a kgona go bona lesedinyana le letobo kwa go lone. O ne a itse gore koo go na le tšhaka e e bogale e e tsabakelang e e nnang e dikologa, e thibile tsela e e tsenang mo tshingwaneng ya Edene. Batsadi ba gagwe ba ne ba kile ba nna koo, mme jaanong bone kgotsa bana ba bone ba ne ba sa tlhole ba kgona go tsena mo tshingwaneng eo. Akanya pheswana ya maitseboa e ntse e foka moriri wa ga Abele fa a ntse a lebile kwa godimo a akanya ka Mmopi wa gagwe. A batho ba ne ba ka kgona go nna le kamano le Modimo gape? Ke sone se Abele a neng a ka rata go bona se direga.

2-4. Abele o bua le rona jang gompieno?

2 Abele o bua le wena gompieno. A o a mo utlwa? O ka nna wa akanya gore seo se ka se kgonege. Aitsane, morwa yono wa bobedi wa ga Adame ga a bolo go swa. Mmele wa gagwe ga o tlhole o le teng, o ile wa nna lerole makgolo a dingwaga a ka nna 60 a a fetileng. Baebele e re ruta seno ka baswi: “Ga ba itse sepe gotlhelele.” (Mor. 9:5, 10) Mo godimo ga moo, mo Baebeleng ga go na lefoko le fa le le lengwe le Abele a kileng a le bua. Jaanong o bua le rona jang?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana ka Abele: “Le mororo a sule, o sa ntse a bua ka yone.” (Bala Bahebera 11:4.) O bua le rona ka eng? Ka tumelo. Abele ke motho wa ntlha go nna le nonofo eo e e tlhomologileng. Tumelo ya gagwe e ne e nonofile thata jaana mo sekao sa gagwe se sa ntseng se tshela, sekao se se molemo se le gompieno re ka kgonang go se latela. Fa re ithuta mo tumelong ya ga Abele e bile re e etsa, pego ya gagwe e ka bua le rona ka tsela ya mmatota le e e tla re solegelang molemo.

4 Mme gone re ka ithuta eng ka Abele le ka tumelo ya gagwe, e re ka go sa buiwe thata ka ene mo Baebeleng? Mma re bone.

O Godile ka Nako ya fa “Lefatshe le Thaiwa”

5. Jesu o ne a kaya eng fa a amanya Abele le nako ya fa “lefatshe le thaiwa”? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

5 Abele o ne a tsholwa nakwana fela fa batho ba ntlha ba sena go  bopiwa. Moragonyana, Jesu o ne a amanya Abele le nako ya fa “lefatshe le thaiwa” (Bala Luke 11:50, 51.) Ga go pelaelo gore Jesu o ne a bua ka lefatshe la batho ba ba neng ba ka rekololwa mo boleong. Le fa Abele e ne e le motho wa bonè mo lefatsheng, go bonala e le ene motho wa ntlha yo Modimo a neng a bona gore a ka rekololwa. * Abele o godile go se na batho bape ba a ka etsang sekao sa bone se se molemo.

6. Abele o ne a na le batsadi ba ba ntseng jang?

6 Le fa batho ba ne ba se na lobaka lo loleele ba tshela, ba ne ba tshwanelwa ke go lebana le maemo a a hutsafatsang. Go bonala batsadi ba ga Abele e bong Adame le Efa, ba ne ba le bantle e bile ba le matlhagatlhaga. Le fa go ntse jalo, ba ile ba dira boleo jo bo masisi, mme ba ne ba itse seo. Ba ne ba kile ba bo ba itekanetse, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri. Mme ba ne ba tsuologela Jehofa Modimo, ka jalo ba lelekwa mo legaeng la bone la Paradaise mo tshingwaneng ya Edene. E re ka ba ile ba itetla go laolwa ke dikeletso tsa bone—ba sa akanyetse le bana ba bone—ba ile ba latlhegelwa ke boitekanelo le botshelo jo bo sa khutleng.—Gen. 2:15–3:24.

7, 8. Ke mafoko afe a Efa a neng a a bua fa Kaine a tsholwa, mme a ka tswa a ne a akantse eng?

7 Fa Adame le Efa ba sena go lelekwa mo tshingwaneng, ba ne ba tshela boima. Mme gone, fa ba sena go tshola ngwana wa bone wa ntlha, ba ne ba mmitsa Kaine, mo go kayang “Sengwe se se Tshotsweng,” mme Efa o ne a re: “Ke tshotse monna ka thuso ya ga Jehofa.” Mafoko a gagwe a bontsha gore a ka tswa a ne a akantse ka tsholofetso e Jehofa a neng a e dira kwa tshingwaneng, fa a ne a bolelela pele gore mosadi mongwe o  tla tshola “losika,” kgotsa ngwana yo letsatsi lengwe a tla fedisang yo o bosula yo o neng a tsietsa Adame le Efa. (Gen. 3:15; 4:1) A Efa o ne a akanya gore ke ene mosadi yo go buiwang ka ene mo boporofeting le gore Kaine ke “losika” lo lo solofeditsweng?

8 Fa e le gore o ne a akanya jalo, tota o ne a fositse. Mo godimo ga moo, fa e le gore ene le Adame ba ne ba jala dikgopolo tse di ntseng jalo mo go Kaine fa a ntse a gola, ga go pelaelo gore ba ne ba dira gore a nne boikgogomoso. Fa nako e ntse e ya, Efa o ne a tshola morwa wa bobedi, mme ga re bone ba bua mafoko mangwe a a supang gore e ka tswa e le ene “losika.” Ba ne ba mmitsa Abele, mo go rayang “Mohemo,” kgotsa “Lefela.” (Gen. 4:2) A go tlhopha leina le le ntseng jalo go ne go bontsha gore ga ba a lebelela go le gontsi mo go ene, jaaka e kete Kaine o botlhokwa go feta Abele? Ga re a tlhomamisega.

9. Ke eng se gompieno batsadi ba ka ithutang sone mo batsading ba rona ba ntlha?

9 Gompieno batsadi ba ka ithuta go le gontsi mo batsading bao ba ntlha. A se lo se buang le se lo se dirang se ruta bana ba lona go nna mabela, boikgogomoso le go nna pelotshetlha? Kgotsa a se ba ruta go rata Jehofa Modimo le go batla go nna ditsala tsa gagwe? Ka maswabi, batsadi ba ntlha ba ne ba palelwa ke go diragatsa maikarabelo a bone. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le tsholofelo ka bana bone.

Ke Eng se se Neng sa Thusa Abele go Nna le Tumelo?

10, 11. Kaine le Abele ba ne ba dira ditiro dife, mme Abele o ile a nna le nonofo efe?

10 Fa basimane bao ba babedi ba ntse ba gola, go bonala Adame a ile a ba ruta ditiro tse ba tshwanetseng go di dira go tlamela lelapa. Kaine o ne a nna molemi; Abele a nna modisa wa dinku.

11 Mme Abele ene o ne a dira sengwe se se botlhokwa le go feta. Fa dingwaga di ntse di feta, o ne a nna le tumelo—nonofo e e molemo e Paulo a neng a kwala ka yone moragonyana. A ko o akanye fela ka seno! Go ne go se na motho ope yo Abele a neng a ka etsa sekao sa gagwe. Mme gone, o thusitswe ke eng gore a nne le tumelo mo go Jehofa Modimo? Ela tlhoko dilo di le tharo tse di ka tswang di thusitse Abele go nna le tumelo e e nonofileng.

12, 13. Go ela tlhoko popo ya ga Jehofa go ka tswa go ile ga thusa Abele jang gore tumelo ya gagwe e gole?

12 Popo ya ga Jehofa. Ke boammaaruri gore Jehofa o ne a hutsitse mmu, mme a dira gore go tlhoge mitlwa le sitlwasitlwane tse di neng di kgoreletsa temothuo. Le fa go ntse jalo, lefatshe le ne le sa ntse le kgona go ntsha dijo tse di neng di tlamela lelapa la gaabo Abele. Mme diphologolo tsone di ne di sa hutsiwa, go akaretsa dinonyane le ditlhapi; kgotsa dithaba, matsha, dinoka le mawatle; kgotsa loapi, maru, letsatsi, ngwedi le dinaledi. Gongwe le gongwe kwa Abele a neng a leba gone, o ne a bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa lorato, botlhale le bomolemo jwa ga Jehofa Modimo, ene yo o bopileng dilo tsotlhe. (Bala Baroma 1:20.) Ga go pelaelo gore fa Abele a ntse a tlhatlhanya ka popo le ka dinonofo tsa Modimo, tumelo ya gagwe e ne ya nonofa.

Popo e ne ya thusa Abele gore a nne le tumelo e e nonofileng mo Mmoping yo o lorato

 13 Abele o tshwanetse a bo a ile a ipha nako ya go akanya ka Jehofa. Mmone ka leitlho la mogopolo a tlhokometse letsomane la gagwe. Modisa o ne a tshwanelwa ke go tsamaya thata. O ne a etelela pele diphologolo tseo tse di bonolo go ya kwa dithabeng, a ralala mekgatšha le dinoka—a nna a di batlela mafulo a matala, mafelo a a siameng a go bona metsi le mafelo a a sireletsegileng a di ka ikhutsang mo go one. Mo dibopiweng tsotlhe tsa Modimo, go bonala dinku e le tsone tse di ka se kgoneng go ikemela, jaaka e kete di ne di bopetswe go ikaega ka motho gore a di kaele le go di sireletsa. A Abele o ne a lemoga gore le ene o tlhoka kaelo, tshireletso le tlhokomelo ya Mongwe yo o botlhale le yo o maatla go feta motho ope fela? Ga go pelaelo gore o ne a tle a ntshe maikutlo ao fa a rapela, mme seo se ne sa dira gore tumelo ya gagwe e tswelele e gola.

14, 15. Ditsholofetso tsa ga Jehofa di ne tsa thusa Abele jang gore a nne le dilo di le dintsi tse a ka tlhatlhanyang ka tsone?

14 Ditsholofetso tsa ga Jehofa. Adame le Efa ba tshwanetse ba bo ba ile ba bolelela bomorwaabone ka dilo tse di diragetseng kwa tshingwaneng ya Edene tse di neng tsa dira gore ba lelekwe. Ka jalo, Abele o ne a na le dilo tse dintsi tse a ka tlhatlhanyang ka tsone.

15 Jehofa o ile a re mmu o tla hutsega. Abele o ne a kgona go bona mitlwa le sitlwasitlwane tse di neng di diragatsa mafoko ao. Gape Jehofa o ne a boleletse pele gore Efa o tla nna le ditlhabi tsa boimana le tsa pelegi. Fa bomonnawe Abele ba tsholwa, ga go pelaelo gore o ne a bona mafoko ao le one a diragadiwa. Jehofa o ne a bonela pele gore Efa o ne a ka se kgotsofalele tlhokomelo le lorato lo monna wa gagwe a mo nayang lone, mme Adame le ene o ne a tla mo laola. Abele o ne a bona fa seo se diragalela batsadi ba gagwe. Fa dilo tseno tsotlhe di direga, Abele o ne a bona gore tota lefoko la ga Jehofa le a ikanyega. Ka jalo, o ne a na le mabaka a a utlwalang a go dumela mo tsholofetsong ya Modimo e e ka ga “losika,” kgotsa motho yo letsatsi lengwe a neng a tla baakanya bosula jo bo simologileng kwa Edene.—Gen. 3:15-19.

16, 17. Abele a ka tswa a ile a ithuta eng mo ditšherubeng tsa ga Jehofa?

16 Batlhanka ba ga Jehofa. Go ne go se na batho bape ba Abele a neng a ka latela sekao sa bone se se molemo, mme ka nako eo batho e ne e se bone fela dibopiwa tse di botlhale mo lefatsheng. Fa Jehofa a ne  a leleka Adame le Efa kwa tshingwaneng, o ne tlhomamisa gore bone kgotsa bana ba bone ba se ka ba kgona go tsena mo Paradaiseng eo. Gore ope a se ka a tsena, Jehofa o ne a tlhoma ditšheruba—baengele ba maemo a a kwa godimo—le tšhaka e e tsabakelang e e bogale e e nnang e dikologa.—Bala Genesise 3:24.

17 Akanya fela gore go ne go ntse jang fa Abele a bona ditšheruba tseo fa a sa ntse a le mosimanyana. E re ka mebele ya tsone e ne e tshwana le ya batho, o tshwanetse a bo a ne a bona di nonofile tota. Mme “tšhaka” eo, e e tsabakelang, e e ntseng e dikologa, le yone e tshwanetse ya bo e ne e mo gakgamatsa. Fa Abele a ntse a gola, a o ne a tle a bone ditšheruba tseo di lapile mme di tlogetse kabelo ya tsone? Nnyaa. Dibopiwa tseo tse di nonofileng tse di botlhale di ne di nna mo kabelong ya tsone bosigo le motshegare, ngwaga le ngwaga, ka masomesome a dingwaga. Ka jalo, Abele o ne a ithuta gore Jehofa Modimo o na le batlhanka ba ba siameng, ba ba ikanyegang. Fa a ntse a lebile ditšheruba tseo, o ne a kgona go bona gore di a ikanyega e bile di utlwa Jehofa, e leng dinonofo tse a neng a sa di bone mo lelapeng la gaabo. Ga go pelaelo gore sekao seo sa baengele se ile sa nonotsha tumelo ya gagwe.

Botshelo jotlhe jwa gagwe, Abele o ne a kgona go bona gore ditšheruba e ne e le batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang le ba ba kutlo

18. Ke dilo dife tse di ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona gompieno?

18 Tumelo ya ga Abele e ne ya nonofa le go feta fa a ntse a tlhatlhanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a di senotseng ka ga Gagwe mo popong, mo ditsholofetsong tsa gagwe le mo dikaong tsa batlhanka ba Gagwe ba baengele. Ruri re ka ithuta go le gontsi mo sekaong sa ga Abele. Basha ke bone ba segolobogolo ba ka gomodiwang ke go itse gore ba ka kgona go nna le tumelo ya mmatota mo go Jehofa Modimo, tota le fa ba malapa a bone ba sa ba tlhomele sekao se se molemo. E re ka go na le dilo tse di gakgamatsang tse re di bonang mo popong e bile re na le  Baebele e e feletseng, gape re na le dikao tse dintsi tsa batho ba ba nang le tumelo, re na le mabaka a a utlwalang a go nonotsha tumelo ya rona gompieno.

Lebaka La go Bo Setlhabelo sa ga Abele Se ne Se Amogelesega

19. Fa nako e ntse e ya, ke boammaaruri bofe jwa botlhokwa jo Abele a ileng a bo tlhaloganya?

19 Fa tumelo ya ga Abele mo go Jehofa e ntse e gola, o ne a batla tsela ya go bontsha tumelo eo ka ditiro. Mme gone, ke eng se motho yo o sa reng sepe a ka se nayang Mmopi wa lobopo lotlhe? Ga go pelaelo gore Modimo o ne a sa tlhoke mpho kgotsa thuso epe mo bathong. Fa nako e ntse e ya, Abele o ne a tlhaloganya boammaaruri jono jo bo botlhokwa: Gore fa a ka naya Jehofa se se molemolemo a dira jalo ka maitlhomo a a siameng, Rraagwe yo o lorato o tla itumela.

Abele o ne a na le tumelo fa a ntsha setlhabelo sa gagwe; go ne go sa nna jalo ka Kaine

20, 21. Kaine le Abele ba ne ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo tsa mofuta ofe, mme Jehofa o ile a tsibogela seo jang?

20 Abele o ne a ipaakanyetsa go dira setlhabelo ka dinku dingwe mo letsomaneng la gagwe. O ne a tlhopha tse di itekanetseng sentle, maitibolo, mme a ntsha setlhabelo ka dikarolo tse a neng a bona di le molemolemo. E re ka Kaine le ene a ne a batla go segofadiwa le go amogelwa ke Modimo, o ne a dira setlhabelo ka dijalo tse a di lemileng. Mme maitlhomo a gagwe a ne a sa tshwane le a ga Abele. Seo se ne sa bonala fa bana bano ba motho ba ntsha ditlhabelo tsa bone.

21 Bomorwa Adame ka bobedi ba ka tswa ba ile ba dirisa dibeso le molelo go ntsha ditlhabelo tsa bone, gongwe ba lebilwe ke ditšheruba, tse e neng e le tsone fela baemedi ba ga Jehofa ba ba neng ba tshela mo lefatsheng ka nako eo. Jehofa o ne a tsibogela seo! Re bala jaana: ‘Jehofa o ne a lebile Abele le tshupelo ya gagwe ka kamogelo.’ (Gen. 4:4) Pego eno ya Baebele ga e re bolelele gore Modimo o ne a bontsha jang gore o amogela tshupelo eo.

22, 23. Lebaka la go bo Jehofa a ile a amogela setlhabelo sa ga Abele ke lefe?

22 Ke eng fa Modimo a ile a amogela setlhabelo sa ga Abele fela? A e ne e le ka ntlha ya setlhabelo se a se ntshitseng? Abele o ne a ntsha setlhabelo sa phologolo e e tshelang, e e hemang, mme a tsholola madi a yone a a tlhwatlhwakgolo. A Abele o ne a lemoga kafa setlhabelo seo se tla nnang botlhokwa ka gone? Makgolokgolo a dingwaga morago ga motlha wa ga Abele, Modimo o ne a dirisa setlhabelo sa kwana e e se nang bogole bope go tshwantshetsa setlhabelo sa Morwawe yo o itekanetseng, “Kwana ya Modimo,” yo madi a gagwe a a se nang molato a neng a tla tshololwa. (Joh. 1:29; Ekes. 12:5-7) Le fa go ntse jalo, gongwe ka nako eo, Abele o ne a sa itse kgotsa a sa tlhaloganye kgang eo go le kalo.

23 Se re tlhomamisegileng ka sone ke gore: Abele o ne a ntsha setlhabelo sa phologolo e e molemo go gaisa mo go tse a neng a na le tsone. Jehofa ga a ka a amogela setlhabelo seo fela, mme o ne a amogela le motho yo o se ntshitseng. Abele o ne a ntsha setlhabelo ka gonne a ne a rata Jehofa e bile a na le tumelo e e nonofileng mo go ene.

24. (a) Ke eng fa re re go ne go se sepe se se phoso ka tshupelo ya ga Kaine? (b) Ke ka tsela efe Kaine a tshwanang le batho ba le bantsi ba motlha ono?

 24 Go ne go sa nna jalo ka Kaine. Jehofa “ga a a ka a leba Kaine le tshupelo ya gagwe ka kamogelo epe.” (Gen. 4:5) Go ne go se sepe se se phoso ka tshupelo ya ga Kaine; moragonyana Molao wa Modimo o ne wa letlelela gore go dirwe tshupelo ka dilo tse di jadilweng. (Lefi. 6:14, 15) Baebele ya re “ditiro tsa [ga Kaine] di ne di le boikepo.” (Bala 1 Johane 3:12.) Fela jaaka batho ba le bantsi gompieno ba dira, go bonala Kaine a ne a akanya gore go siame go itira e kete o rata go obamela Modimo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ditiro tsa gagwe di ne tsa bontsha gore ga a na tumelo mo go Jehofa e bile ga a mo rate.

25, 26. Jehofa o ne a naya Kaine tlhagiso efe, mme Kaine o ne a dira eng?

25 Fa Kaine a bona gore setlhabelo sa gagwe ga se a dira gore Jehofa a mo amogele, a o ne a leka go ithuta mo sekaong sa ga Abele? Nnyaa. O ne a galefela morwarraagwe fela thata mme a mo tlhoa. Jehofa o ne a bona se se diregang mo pelong ya ga Kaine mme ka bopelotelele a leka go mo thusa. O ne a tlhagisa Kaine gore ditiro tsa gagwe di tla dira gore a feleletse a wetse mo boleong jo bo masisi, mme a mo solofetsa gore fa a ka fetola ditsela tsa gagwe o tla “godisiwa.”—Gen. 4:6, 7.

26 Kaine o ne a itlhokomolosa tlhagiso eo ya Modimo. O ne a kopa monnawe, yo o neng a sa belaele sepe, gore a ye le ene kwa nageng. Fa ba le koo, Kaine o ile a tlhasela Abele mme a mmolaya. (Gen. 4:8) Tota re ka re, Abele o ne a nna motho wa ntlha yo o neng a bogisediwa tumelo, moswelatumelo wa ntlha. Le fa a sule, Jehofa o ne a sa mo lebala.

27. (a) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Abele o tlile go tsosiwa mo baswing? (b) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore letsatsi lengwe re tla bona Abele?

27 Ka tsela ya tshwantshetso, madi a ga Abele a ne a goela kwa go Jehofa Modimo a batla go busolosediwa kgotsa tshiamiso. Mme Modimo o ne a dira tshiamiso ka go otlhaela Kaine yo o bosula boleo jwa gagwe. (Gen. 4:9-12) Sa botlhokwa le go feta, pego ya tumelo ya ga Abele e bua le rona gompieno. Nako e a e tshetseng—gongwe dingwaga di ka nna lekgolo—e ne e le khutshwane mo bathong ba motlha oo, mme Abele o ne a tshela ka tsela e e itumedisang Modimo. O ne a swa a itse gore Rraagwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o a mo rata le go mo itumelela. (Baheb. 11:4) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore o sireletsegile mo mogopolong wa ga Jehofa o o sa lebaleng, mme o letetse go tsosiwa gore a tshele mo lefatsheng la paradaise. (Joh. 5:28, 29) A o tla bo o na le ene koo? Go ka kgonega fa e le gore o ikemiseditse go etsa tumelo e e tlhomologileng ya ga Abele le go mo reetsa fa a bua.

^ ser. 5 Polelwana e e reng “lefatshe le thaiwa” e akaretsa kgopolo ya go jala peo, mo go kayang go tshola, ka jalo polelwana eno e amana le batho ba ntlha ba ba neng ba tsholwa. Mme gone, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a amanya Abele le nako ya fa “lefatshe le thaiwa” e seng le Kaine, yo e neng e le motho wa ntlha go tsholwa? Ditshwetso le dilo tse Kaine a neng a di dira di ne di bontsha gore o tsuologela Jehofa Modimo ka boomo. Fela jaaka batsadi ba gagwe, Kaine ga a tlhage mo lenaaneng la batho ba ba tla tsosiwang mo baswing le ba ba tla rekololwang.