Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMEAMABEDIPEDI

O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko

O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko

1, 2. Petere a ka tswa a ne a solofetse eng fa Jesu a ntse a bua kwa Kaperenama, mme gone go ne ga direga eng?

PETERE o ne a lebile difatlhego tsa bareetsi ba ga Jesu a tshwenyegile. Ba ne ba le mo sinagogeng kwa Kaperenama. Petere o ne a nna mo motseng ono; kgwebo ya gagwe ya go tshwara ditlhapi e ne e le mono, mo lotshitshing lo lo ka fa bokone jwa Lewatle la Galalea; bontsi jwa ditsala tsa gagwe, ba losika le ba a dirang kgwebo le bone ba ne ba nna mono. Ga go pelaelo gore Petere o ne a solofetse gore batho ba motse wa gaabo ba tla leba Jesu jaaka ene le gore ba tla itumelela go ithuta ka Bogosi jwa Modimo mo morutising yo mogolo go gaisa botlhe. Mme ga go a ka ga direga jaaka a ne a solofetse.

2 Batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba reeditse. Bangwe ba ne ba ngunanguna, ba ganetsa se Jesu a se buang. Mme se se neng se tshwenya Petere le go feta e ne e le tsela e barutwa ba ga Jesu ba bangwe ba neng ba itshwara ka yone. Difatlhego tsa bone di ne di sa tlhole di bontsha boitumelo jo ba neng ba na le jone fa ba simolola go ithuta dilo tse disha le go ipelela go ithuta boammaaruri. Jaanong ba ne ba lebega ba sa itumela e bile ba tenegile. Bangwe ba ne ba ntsha maikutlo a bone ba re puo ya ga Jesu e a tsitsibanya. E re ka ba ne ba sa tlhole ba batla go mo reetsa, ba ne ba tswa mo sinagogeng—ba bo ba tlogela go nna baletedi ba ga Jesu.—Bala Johane 6:60, 66.

3. Tumelo ya ga Petere e ne ya mo thusa go dira eng ka makgetlo a le mmalwa?

3 Go ne go le thata mo go Petere le mo baaposetoloing ba bangwe ka nako eo. Petere o ne a sa tlhaloganye ka botlalo se Jesu a neng a se bua mo letsatsing leo. Ga go pelaelo gore o ile a tlhaloganya lebaka la go bo mafoko a ga Jesu a ka utlwala a kgopisa fa motho a sa tlhaloganye bokao jwa one. Mme Petere o ne a tla dira eng? E ne e se lekgetlo la ntlha boikanyegi jwa gagwe mo go Mong wa gagwe bo lekwa; e bile e ne e se lekgetlo la bofelo. A re boneng gore tumelo ya ga Petere e ne ya mo thusa jang go nna a ikanyega le fa a lebane le diteko.

O ne A Ikanyega Le fa Ba Bangwe ba sa Ikanyege

4, 5. Ke dilo dife tse Jesu a ileng a di dira tse batho ba neng ba sa di lebelela?

4 Gantsi Petere o ne a gakgamadiwa ke tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone le e a neng a bua ka yone. Ka dinako tse dingwe Mong wa gagwe o ne a dira dilo kgotsa a bua ka tsela e e sa tsamaisaneng le se batho  ba neng ba se lebeletse. Letsatsi pele ga foo, Jesu o ne a ile a fepa boidiidi jwa batho ba le diketekete ka kgakgamatso. Ka ntlha ya seo, ba ne ba leka go mo dira kgosi. Le fa go ntse jalo, o ne a gakgamatsa batho ba le bantsi ka go tswa mo gare ga bone, a laela barutwa ba gagwe gore ba palame mokoro mme ba ye kwa Kaperenama. Fa barutwa ba ntse ba tsamaya ka mokoro mo bosigong joo, Jesu o ne a ba gakgamatsa gape ka go tsamaya mo godimo ga Lewatle la Galalea go le diphefo tsa matsubutsubu, a ruta Petere thuto ya botlhokwa ya go nna le tumelo.

5 Mo mosong, ba ne ba lemoga gore boidiidi joo bo ne jwa dikologa letsha mme jwa ba sala morago. Mme gone go bonala batho bao ba ne ba tlhotlhelediwa ke go bo ba eletsa go bona Jesu a ba direla dijo ka kgakgamatso, e seng ke go bo ba eletsa go utlwa dithuto tsa boammaaruri. Jesu o ne a ba kgalemelela moya wa bone wa go rata dilo tse di bonalang. (Joh. 6:25-27) Motlotlo oo o ne wa tswelela kwa sinagogeng kwa Kaperenama, kwa Jesu a neng a boa a dira dilo tse ba neng ba sa di lebelela, a leka go ba ruta thuto nngwe ya botlhokwa e batho ba neng ba utlwa e tsitsibanya.

6. Jesu o ne a dirisa setshwantsho sefe, mme bareetsi ba gagwe ba ne ba itshwara jang?

6 Jesu o ne a sa batle gore batho bao ba mo tseye e le motho fela yo o ba fepang, mme o ne a batla gore ba mo tseye e le motho yo o ba fang dijo tsa semoya tse di tswang kwa Modimong, yo botshelo le loso lwa gagwe di neng di tla dira gore batho ba bangwe ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, o ne a dira setshwantsho, a itshwantsha le mana, senkgwe se se neng sa fologa kwa legodimong mo motlheng wa ga Moshe. Fa bangwe ba ganetsa ntlha eo, o ne a dirisa setshwantsho se se utlwalang sentle go tlhalosa gore go ne go tlhokega gore batho ba je nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe gore ba bone botshelo. Fa a bua jalo, batho ba ne ba galefa fela thata. Bangwe ba ne ba re: “Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?” Bontsi jwa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlogela go mo sala morago. *Joh. 6:48-60, 66.

7, 8. (a) Petere o ne a sa ntse a sa tlhaloganye eng ka seabe sa ga Jesu? (b) Petere o ne a araba jang potso e Jesu a neng a e botsa baaposetoloi?

7 Petere o ne a tla dira eng? Le ene o tshwanetse a bo a ne a sa tlhaloganye mafoko a ga Jesu. O ne a ise a tlhaloganye gore Jesu o ne a tshwanetse go swa gore a diragatse thato ya Modimo. A Petere le ene o ne a raelesega go tlogela go sala Jesu morago jaaka barutwa ba ba fetofetogang maikutlo ba ba neng ba mo tlogela mo letsatsing leo? Nnyaa; go ne go na le sengwe sa botlhokwa se se neng se dira gore Petere a farologane le banna bao. E ne e le eng?

8 Jesu o ne a leba baaposetoloi ba gagwe mme a re: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” (Joh. 6:67) O ne a bua le bone ba le 12, mme  Petere ke ene a ileng a araba. Gantsi ke ene a neng a araba pele. Petere a ka tswa a ne a le mogolo mo go bone botlhe. Le fa re sa tlhomamisege ka seo, se re se itseng ke gore ke ene a neng a rata go bua thata go feta ba bangwe mo setlhopheng seo; go bonala gantsi a ne a sa okaoke go ntsha maikutlo a gagwe. Mo lekgetlong leno o ne a bua mafoko ano a a itumedisang a a sa lebalegeng: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.”—Joh. 6:68.

9. Petere o ne a bontsha jang gore o ikanyega mo go Jesu?

9 A mafoko ao ga a go ame pelo? Tumelo e Petere a neng a na le yone mo go Jesu e ne ya mo thusa go nna le nonofo nngwe ya botlhokwa—boikanyegi. Petere o ne a lemoga sentle gore Jesu e ne e le ene fela Mmoloki yo Jehofa a mo rometseng le gore Jesu o ne a boloka ka mafoko a gagwe—dithuto tse a neng a di ruta ka Bogosi jwa Modimo. O ne a itse gore tota le fa a sa tlhaloganye dilo dingwe, go ne go se na gope kwa a ka yang teng fa e le gore o batla go amogelwa ke Modimo le go bona masego a botshelo jo bo sa khutleng.

Re tshwanetse go ikanya dithuto tsa ga Jesu, tota le fa di sa tsamaisane le se re se lebeletseng kgotsa se re se ratang

10. Gompieno re ka etsa jang boikanyegi jwa ga Petere?

10 A le wena o ikutlwa ka tsela eo? Ka maswabi, gompieno batho ba le bantsi mo lefatsheng ba re ba rata Jesu mme gone ga ba ikanyege mo go ene. Go bontsha gore re ikanyega mo go Keresete, re tshwanetse go rata dithuto tsa ga gagwe fela jaaka Petere. Re tshwanetse go di ithuta, go tlhaloganya bokao jwa tsone, le go tshela go dumalana le tsone—tota le fa di re gakgamatsa ka gonne di sa tsamaisane le se re se lebeletseng kgotsa se re se ratang. Ke fela fa re ikanyega re ka solofelang go bona botshelo jo bo sa khutleng jo Jesu a re batlelang jone.—Bala Pesalema 97:10.

O ne A Ikanyega fa a Kgalemelwa

11. Jesu o ne a isa balatedi ba gagwe kae? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

11 Nakwana fela morago ga nako eo e ba neng ba tshwaregile thata ka yone, Jesu o ne a tsaya baaposetoloi ba gagwe le barutwa ba bangwe mme ba tsaya mosepele o moleele go ya kwa bokone. Setlhoa se se tletseng kapoko sa Thaba ya Heremone, e e kwa bokone jwa Lefatshe le le Solofeditsweng, ka dinako dingwe se ne se bonala le fa o le mo metsing a a phepa a Lewatle la Galalea. Fa ba ntse ba atamela metse e e gaufi le Kaesarea Filipi, thaba eo e ne e bonala e le kwa godimo le go feta. * Fa ba le mo tikologong eo e ntle, e ba neng ba kgona go bona Lefatshe le le Solofeditsweng go ela ntlheng ya borwa, Jesu o ne a botsa balatedi ba gagwe potso ya botlhokwa.

12, 13. (a) Ke eng fa Jesu a ne a batla go itse gore boidiidi bo akanya gore ke ene mang? (b) Mafoko a Petere a neng a a raya Jesu a bontsha jang gore o ne a na le tumelo e e nonofileng?

12 O ne a ba botsa a re, “Boidiidi jwa re ke mang?” Akanya fela Petere a tlhomile Jesu matlho, a lemoga kafa Mong wa gagwe a leng pelonomi,  a leng maatla e bile a le botlhale ka gone. Jesu o ne a batla go itse gore bareetsi ba gagwe ba akanya gore ke ene mang, morago ga se ba se boneng le se ba se utlwileng. Barutwa ba ga Jesu ba ile ba araba potso eo ka go mmolelela dingwe tsa dikgopolo tse di phoso tse bontsi jwa batho ba neng ba na le tsone ka kgang ya gore Jesu ke ene mang. Mme Jesu o ne a batla go itse mo go oketsegileng. A balatedi ba gagwe ba ba atamalaneng thata le ene le bone ba ne ba na le dikgopolo tseo tse di phoso? O ne a ba botsa jaana: “Mme lona, lwa re ke mang?”—Luke 9:18-20.

13 Le fano gape, Petere o ne a itlhaganelela go araba. O ne a bua a sa potapote e bile a le pelokgale a tlhalosa tsela e ba le bantsi ba ba neng ba le koo ba ikutlwang ka yone. O ne a re: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.” Ruri Jesu o tshwanetse a bo a ne a nyenya a itumetse fa a ntse a akgola Petere ka lorato. O ne a gopotsa Petere gore Jehofa Modimo—e seng motho ope—ke ene a dirileng gore ba ba nang le tumelo ya mmatota ba tlhaloganye boammaaruri jono jwa botlhokwa. Petere o ne a thusitswe go lemoga nngwe ya dithuto tsa botlhokwa thata tse Jehofa a neng a di senotse—gore Mesia yo o sa bolong go solofediwa, kgotsa Keresete, ke mang!—Bala Mathaio 16:16, 17.

14. Jesu o ne a naya Petere tshiamelo efe ya botlhokwa?

14 Keresete yono ke ene yo boporofeti jwa bogologolo bo mmitsang leje le baagi ba neng ba tla le gana. (Pes. 118:22; Luke 20:17) Jesu o ne a akantse ka boporofeti joo fa a ne a bolela gore Jehofa o tla tlhoma phuthego mo go lone leje le Petere a neng a sa tswa go le tlhalosa. Go tswa foo, o ne a naya Petere tshiamelo nngwe ya botlhokwa thata mo phuthegong eo. Ga a ka a naya Petere maemo a a fetang a baaposetoloi ba bangwe jaaka bangwe ba ne ba akanya, go na le moo, o ne a mo naya boikarabelo. O ne a mo naya “dilotlolo tsa bogosi.” (Math. 16:19) Petere o ne a tla nna le tshiamelo ya go bulela mefuta e le meraro ya batho tsholofelo ya go tsena mo Bogosing jwa Modimo—ba ntlha e ne e tla nna Bajuda, go bo go latela Basamarea, mme ba bofelo e ne e tla nna Baditšhaba kgotsa batho ba e seng Bajuda.

15. Ke eng se se neng sa dira gore Petere a kgaleme Jesu, mme o ne a mo raya a reng?

15 Le fa go ntse jalo, moragonyana Jesu o ne a re ba ba neilweng go le gontsi go tla lebelelwa go le gontsi mo go bone, mme re bona boammaaruri jwa mafoko ao mo go se se diragaletseng Petere. (Luke 12:48) Jesu o ne a tswelela a senola dithuto tsa botlhokwa ka ga Mesia, go akaretsa le thuto ya gore o ne a tlile go boga le go bolawa kwa Jerusalema. Petere o ne a tshwenyega fa a sena go utlwa dilo tseno. O ne a tseela Jesu kwa thoko mme a mo kgalema a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.”—Math. 16:21, 22.

16. Jesu o ne a kgalema Petere a reng, mme rotlhe re ka solegelwa molemo jang ke kgakololo e e mo mafokong ao a ga Jesu?

 16 Ga go pelaelo gore Petere o ne a na le maitlhomo a a siameng, ka jalo karabo ya ga Jesu e tshwanetse ya bo e ile ya mo gakgamatsa. Jesu o ne a fularela Petere, a leba barutwa ba bangwe—ba le bone ba ka tswang ba ne ba akantse se se tshwanang—mme a re: “Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.” (Math. 16:23; Mar. 8:32, 33) Rotlhe re ka solegelwa molemo ke mafoko ao a ga Jesu. Go ka nna motlhofo gore re dire dilo ka tsela e rona re akanyang ka yone go na le go akanyetsa tsela e Modimo a akanyang ka yone. Fa re dira jalo, re ka kgothaletsa mongwe re sa lemoge go dira sengwe se se itumedisang Satane go na le go dira se se itumedisang Modimo, tota le fa boikaelelo jwa rona e le go thusa. Mme gone, Petere o ne a araba jang?

17. Jesu o ne a kaya eng fa a raya Petere a re a ‘mo pote ka fa morago’?

17 Petere o tshwanetse a bo a ile a lemoga gore Jesu o ne a sa reye gore ke ene Satane Diabolo. Tota e bile, Jesu ga a ka a bua le Petere ka tsela e a neng a bua le Satane ka yone. Jesu o ne a raya Satane a re: “Tsamaya;” mme a raya Petere a re: “Mpota kafa morago.” (Math. 4:10) Jesu ga a ka a latlha moaposetoloi yono gonne o ne a bona se se molemo mo go ene, go na le moo o ne a mmontsha tsela e e phoso e a neng a akanya ka yone. Go bonala sentle gore Petere o ne a tshwanetse go tlogela go nna sekgopi fa pele ga Mong wa gagwe, mme o ne a tshwanetse go mo pota ka fa morago, a nne molatedi wa gagwe yo o mo emang nokeng.

Ke fela fa re amogela kotlhao ka boikokobetso e bile re ithuta mo go yone, re ka tswelelang re atamalane le Jesu Keresete le Rraagwe, Jehofa Modimo

18. Petere o ile a bontsha jang boikanyegi, mme re ka mo etsa jang?

18 A Petere o ne a nna manganga, a galefa kgotsa a ngala? Nnyaa; o ne a amogela kgakololo ka boikokobetso. Le mo lekgetlong leno o ne a bontsha gore o a ikanyega. Botlhe ba ba latelang Keresete ba tlhoka kgakololo ka dinako dingwe. Ke fela fa re amogela kotlhao ka boikokobetso e bile re ithuta mo go yone, re ka tswelelang re atamalane le Jesu Keresete le Rraagwe, Jehofa Modimo.—Bala Diane 4:13.

Petere o ne a nna a ikanyega le fa a kgalemelwa

O ne A Segofalediwa Boikanyegi Jwa Gagwe

19. Jesu o ne a bua mafoko afe a a gakgamatsang, mme Petere a ka tswa a ne a tshwenyegile ka eng?

19 Go ise go ye kae Jesu o ne a bua mafoko a mangwe gape a a gakgamatsang: “Ammaaruri ke a lo raya ka re go na le bangwe ba bao ba emeng fano ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope go fitlha ba bona Morwa motho pele a tla a le mo bogosing jwa gagwe.” (Math. 16:28) Ga go pelaelo gore mafoko ao a ne a dira gore Petere a ipotse dipotso. Tota Jesu a ka tswa a kaya eng? Gongwe Petere o ne a tshwenyegile a akanya gore  kgalemelo e a sa tswang go e newa e kaya gore a ka se nne le tshiamelo eo e e kgethegileng.

20, 21. (a) Tlhalosa ponatshegelo e Petere a neng a e bona. (b) Puisano ya banna ba ba neng ba le mo ponatshegelong e ne ya thusa Petere jang?

20 Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang beke morago ga moo, Jesu o ne a tsaya Jakobe, Johane le Petere a ya le bone “kwa thabeng e e kwa godimo”—gongwe Thaba ya Heremone, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 25. E tshwanetse ya bo e ne e le bosigo, ka gonne banna bano ba bararo ba ne ba otsela. Mme fa Jesu a ntse a rapela, go ne ga direga sengwe se se neng sa dira gore ba thanye.—Math. 17:1; Luke 9:28, 29, 32.

21 Jesu o ne a simolola go fetoga fa pele ga bone. Sefatlhego sa gagwe se ne sa simolola go phatsima, sa galalela go fitlha se tsabakela jaaka letsatsi. Diaparo tsa gagwe le tsone di ne di tsabakela ka bosweu. Go ne ga bonala banna ba babedi ba na le Jesu, yo mongwe a tshwana le Moshe mme yo mongwe a tshwana le Elija. Ba ne ba bua le ene “kaga  go tloga ga gagwe mo a neng a laoletswe go go diragatsa kwa Jerusalema”—go bonala ba ne ba bua ka go swa le go tsosiwa ga gagwe. Ruri Petere o ile a lemoga gore o ne a le phoso fa a ne a akanya gore Jesu ga a na go boga le go swa!—Luke 9:30, 31.

22, 23. (a) Petere o ne a bontsha jang moya wa go nna matlhagatlhaga le go nna pelonomi? (b) Petere, Jakobe le Johane ba ne ba amogela masego afe a mangwe mo go jone bosigo joo?

22 Petere o ne a ikutlwa a tlhotlheletsega go nna le seabe ka tsela nngwe mo ponatshegelong eo e e sa tlwaelegang—gongwe a batla gore e tseye lobaka lo loleele. Go ne go bonala e kete Moshe le Elija ba tlogela Jesu. Ka jalo, Petere o ne a re: “Moruti, go molemo go bo re le fano, jalo a re tlhomeng megope e le meraro, o mongwe e le wa gago mme o mongwe e le wa ga Moshe mme o mongwe e le wa ga Elija.” Ke boammaaruri gore baemedi bano ba babedi, ba mo ponatshegelong ba neng ba tshwana le batlhanka ba ga Jehofa ba ba sa bolong go tlhokafala, ba ne ba sa tlhoke megope. Tota Petere ga a ka a akanya pele ga a bua. Mme gone, a ga o ikutlwe o rata monna yono yo o matlhagatlhaga le yo o pelonomi?—Luke 9:33.

Petere, Jakobe le Johane ba ne ba segofadiwa ka go bona ponatshegelo e e kgatlhang

23 Petere, Jakobe le Johane ba ne ba amogela masego a mangwe mo bosigong joo. Go ne ga nna le leru mme la ba okama mo thabeng. Go ne ga utlwala lentswe mo go lone—lentswe la ga Jehofa Modimo! O ne a re: “Yono ke Morwaake, ene yo o tlhophilweng. Mo reetseng.” Seno e ne ya nna bokhutlo jwa ponatshegelo eo, mme ba ne ba sala le Jesu mo thabeng.—Luke 9:34-36.

24. (a) Ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e ne ya solegela Petere molemo jang? (b) Rona re ka solegelwa molemo jang ke ponatshegelo eo gompieno?

24 Ruri Petere o ne a solegelwa molemo thata ke ponatshegelo eo—mme le rona e re solegelwa molemo! Masome a dingwaga moragonyana, o ne a kwala ka tshiamelo e a neng a nna le yone ya go bona Jesu e le Kgosi e e galalelang ya kwa legodimong, le go nna mongwe wa batho ba ba ileng ba ‘bona tlotlomalo ya gagwe ka matlho.’ Ponatshegelo eo e ne ya tlhomamisa dipolelelopele tse dintsi tse di mo Lefokong la Modimo mme ya nonotsha tumelo ya ga Petere gore a kgone go itshokela diteko tse a neng a tla lebana le tsone. (Bala 2 Petere 1:16-19.) Le rona, fela jaaka Petere, e ka re nonotsha tumelo fa re nna re ikanyega mo go Mong wa rona yo Jehofa a mo tlhomileng, re ithuta mo go ene, re amogela kgalemelo ya gagwe, mme ka boikokobetso re mo latela letsatsi le letsatsi.

^ ser. 6 Re kgona go bona gore boidiidi jono bo ne bo sa tlhomama fa re bapisa tsela e ba neng ba itshwara ka yone fa Jesu a bua le bone mo sinagogeng le tsela e ba neng ba itshwara ka yone letsatsi pele ga foo fa ba ne ba bua ba itumetse ba re Jesu ke moporofeti wa Modimo.—Joh. 6:14.

^ ser. 11 Le fa gone loeto loo lo ne lo le dikilometara di le 50 go tswa mo lotshitshing lwa Lewatle la Galalea, setlhopha seo se ne sa tsamaya mo karolong e e bogodimo jwa dimetara di ka nna 210 kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle go ya go dimetara di ka nna 350 go feta bogodimo jwa lewatle, se raletse dikgaolo tse di neng di le dintle thata.