Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Konelo

Konelo

“Lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—BAHEBERA 6:12.

1, 2. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le tumelo gone jaanong? Tshwantsha.

TUMELO. Ke lefoko le le tshwanelang tota le le tlhalosang nonofo nngwe e e kgatlhang thata. Mme gone, fa re utlwa kgotsa re bona lefoko leo, go tla bo go le botlhale gore re akanye ka lefoko lengwe gape: “Go potlaka!” Ka gonne, fa re se na tumelo, re tshwanetse go potlakela go nna le yone. Mme fa e le gore re setse re na le tumelo, re tshwanetse go potlakela go e sireletsa le go e nonotsha. Lebaka?

2 Akanya o tsamaya mo sekakeng se segolo. Mme o tlhoka metsi. Fa o ka a bona, o tshwanetse go a sireletsa gore a se ka a nna mogote. Gape o tla tshwanelwa ke go a tlatsa gore a go tshwarelele go fitlha o goroga kwa o yang gone. Gompieno, re tshela mo sekakeng sa semoya, lefatshe le le nang le batho ba le mmalwa fela ba ba nang le tumelo ya mmatota—e e jaaka metsi ao—ba ba ka nnang ba felelwa ke tumelo eo fa ba ka se potlakele go e sireletsa le go e nonotsha. Re mo letlhokong le legolo; fela jaaka re ka se kgone go tshela re se na metsi, re ka se tshele semoyeng fa re se na tumelo.—Bar. 1:17.

3. Jehofa o re neile eng go re thusa go nna le tumelo, mme ke dilo dife tse pedi tse re tshwanetseng go gopola go di dira?

3 Jehofa o itse gore go potlakile go le kana kang gompieno gore re nne le tumelo, e bile o itse gore go thata go le kana kang gore re tswelele re na le yone le go e ngomaela. Ke ka moo a re fileng dikao tse re ka di etsang. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo go kwala jaana: “Lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Baheb. 6:12) E bile ke ka moo phuthego ya ga Jehofa e re kgothaletsang go dira ka natla go etsa dikao tsa banna le basadi ba ba ikanyegang, ba ba tshwanang le ba re ithutileng ka bone mo bukeng eno. Mme jaanong ke eng se re tshwanetseng go se dira? A re ikgopotseng dilo di le pedi: (1) Re tshwanetse go tswelela re nonotsha tumelo ya rona; (2) re tshwanetse go nna re akantse ka tsholofelo ya rona.

4. Satane o itshupile jang gore ke mmaba wa tumelo, mme gone ke eng fa re sa tshwanela go mo tshaba?

4 Tswelela o nonotsha tumelo ya gago. Go na le mmaba yo mogolo wa tumelo—Satane. Mmusi yono wa lefatshe o fetotse tsamaiso eno ya dilo gore e tshwane le sekaka se go leng thata go nna le tumelo mo go sone. O maatla go re feta. A mme gone re tshwanetse go tshaba go nna le tumelo le go tswelela re e nonotsha? Le e seng! Jehofa ke Tsala e kgolo ya botlhe ba ba batlang go nna le tumelo ya mmatota. O re tlhomamisetsa gore fa a le ka fa letlhakoreng la rona, re ka kgona go ganetsa Diabolo le go dira gore a re tshabe! (Jak. 4:7) Re ka mo ganetsa ka go ipha nako letsatsi le letsatsi re nonotsha tumelo ya rona le go e aga. Re ka dira seo jang?

5. Go tlile jang gore banna le basadi ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba nne le tumelo? Tlhalosa.

5 Jaaka re bone, banna le basadi ba tumelo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ga ba a tsholwa ba na le tumelo. Tsela e ba neng ba tshela ka yone ke bosupi jwa gore tumelo e nna gone ka thuso ya moya wa ga Jehofa o o boitshepo. (Bagal. 5:22, 23) Ba ne ba rapelela gore a ba thuse, mme ka ntlha ya seo Jehofa a tswelela a nonotsha tumelo ya bone. E kete le rona re ka dira jaaka bone, le ka motlha re sa lebale gore Jehofa o naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang one, le ba ba tshelang go dumalana le se ba se rapelelang. (Luke 11:13) A go na le sengwe gape se re ka se dirang?

6. Re ka solegelwa molemo jang ka botlalo fa re bala dipego tsa Baebele?

6 Mo bukeng eno, re tlotlile ka dikao di le mmalwa fela tsa batho ba ba ileng ba bontsha tumelo e e tlhomologileng. Go na le ba bangwe ba bantsintsi! (Bala Bahebera 11:32.) Re ka ithuta go le gontsi thata mo go mongwe le mongwe wa bone. Fa re bala dipego tsa Baebele tse di buang ka batho ba tumelo re di tlodisa matlho fela, tumelo ya rona e ka se nonofe. Gore re solegelwe molemo ka botlalo ke se re se balang, re tshwanetse go ipha nako e e lekaneng ya go dira dipatlisiso ka se go buiwang ka sone mo dipegong tsa Baebele. Fa re nna re gopotse gore banna bao le basadi ba ba sa itekanelang ba ne ba na le “maikutlo a a tshwanang le a rona,” dikao tsa bone e tla nna tsa mmatota mo go rona. (Jak. 5:17) Fa re itsenya mo ditlhakong tsa bone, re ka kgona go akanya kafa ba ka tswang ba ne ba ikutlwa ka gone fa ba lebane le dikgwetlho le mathata a a tshwanang le a rona.

7-9. (a) Bangwe ba banna le basadi ba tumelo ba bogologolo ba ka bo ba ile ba ikutlwa jang ka go obamela Jehofa ka tsela e re mo obamelang ka yone gompieno? (b) Ke eng fa re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona ka ditiro?

7 Gape re ka nonotsha tumelo ya rona ka ditiro. Aitsane, “tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jak. 2:26) A ko o akanye fela gore banna le basadi ba re tlotlileng ka bone ba ka bo ba ile ba itumela jang fa Jehofa a ka bo a ba abetse tiro e a re abetseng yone gompieno!

8 Ka sekai, o akanya gore Aborahame o ka bo a ile a ikutlwa jang fa a ka bo a boleletswe gore a ka kgona go obamela Jehofa le baobamedimmogo le ene mo Diholong tsa Bogosi tse dintle le kwa dikopanong tse dikgolo, tse kwa go tsone go tlotliwang ka ditsholofetso tse a neng a di bona “di le kgakala” e bile di tlhalosiwa ka botlalo, go na le go obamela mo dibesong tsa maje tse di neng di agilwe mo nageng? (Bala Bahebera 11:13.) Mme o akanya gore Elija ene o ka bo a ile a ikutlwa jang fa a ne a ka bolelelwa gore tiro ya gagwe e tla nna go bolelela batho molaetsa o o gomotsang le o o nayang tsholofelo, go na le go newa kabelo ya go bolaya baporofeti ba ba boikepo ba ga Baale mme gape a tshwanelwa ke go direla Jehofa ka nako e ka yone go busang kgosi e e boikepo ya motlhanogi? Ga go pelaelo gore banna bao le basadi ba tumelo ba ne ba tla itumelela go amogela kabelo ya go obamela Jehofa ka tsela e re mo obamelang ka yone gompieno.

9 Ka jalo, a re tsweleleng re nonotsha tumelo ya rona ka ditiro. Fa re dira jalo, re tla bo re etsa sekao sa banna le basadi ba tumelo ba go buiwang ka bone mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Jaaka go tlhalositswe mo Matsenong a buka eno, re tla ikutlwa re atamalane thata le bone jaaka ditsala tsa rona. Mme gone, go ise go ye kae botsala joo e tla nna selo sa mmatota.

10. Re tla ipelela eng mo Paradaiseng?

10 Nna o akantse ka tsholofelo ya gago. Ka metlha banna le basadi ba ba ikanyegang ba ne ba nonotshiwa ke tsholofelo e Modimo a ba neileng yone. A go ntse jalo le ka wena? Ka sekai, akanya ka boipelo jo bo tla nnang teng fa re kopana le batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang fa ba setse ba tsosiwa mo baswing ka nako ya “tsogo ya ba ba siameng.” (Bala Ditiro 24:15.) Ke dipotso dife tse o ka ratang go ba botsa tsone?

11, 12. Mo lefatsheng le lesha, ke dipotso dife tse o ka ratang go di botsa (a) Abele? (b) Noa? (c) Aborahame? (d) Ruthe? (e) Abigaile? (f) Esethere?

11 Fa o kopana la Abele, a o ka itumelela go mmotsa gore batsadi ba gagwe ba ne ba ntseng jang? Kgotsa gongwe o ka mmotsa jaana: “A o kile wa bua le ditšheruba tse di neng di disitse tsela e e tsenang mo Edene? A di ne tsa go araba?” Mme ke eng se o ka ratang go se botsa Noa? O ka nna wa mmotsa gore: “A o ne o tle o tshosiwe ke Banefilime? O ile wa kgona jang go fetsa ngwaga o ntse o tlhokometse diphologolo tsotlhe tse di neng di le mo arakeng?” Fa o kopana le Aborahame, gongwe o ka mmotsa jaana: “A o kile wa kopana le Sheme? Ke mang yo o neng a go ruta ka Jehofa? A go ne go le thata gore o tswe kwa Ure?”

12 Akanya gape ka dipotso dingwe tse o ka nnang wa di botsa basadi ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba tsositswe. “Ruthe, ke eng se se neng sa go tlhotlheletsa gore o nne moobamedi wa ga Jehofa?” “Abigaile, a o ne o tshaba go bolelela Nabale kafa o ileng wa thusa Dafide ka gone?” “Esethere, go ne ga direga eng ka wena le Moredekai fa pego ya lona e e mo Baebeleng e sena go fela?”

13. (a) Ke dipotso dife tse batho ba ba tsositsweng mo baswing ba ka nnang ba go botsa tsone? (b) O ikutlwa jang ka tsholofelo ya go kopana le banna le basadi ba ba ikanyegang ba bogologolo?

13 Ke boammaaruri gore le wena banna bao le basadi ba ba ikanyegang ba ka nna ba go botsa dipotso tse dintsi. Ruri go tla bo go itumedisa tota go ba bolelela ka dinako tse di kgatlhang tsa metlha ya bofelo le kafa Jehofa a ileng a segofatsa batho ba gagwe ka gone ka dinako tsa mathata! Ga go pelaelo gore ba tla itumela tota fa ba ithuta kafa Jehofa a ileng a diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe ka gone. Ka nako eo, re tla bo re sa tlhole re tlhoka go bona ka leitlho la mogopolo batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Ba tla bo ba na le rona mo Paradaiseng! Ka jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang gone jaanong gore batho bao e nne ba mmatota mo go wena. Tswelela o etsa tumelo ya bone. E kete o ka ipelela go direla Jehofa mmogo le bone e le ditsala tsa gago tse di rategang ka bosakhutleng!