Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOROBONGWE

O ne A Dira Tshwetso e e Botlhale

O ne A Dira Tshwetso e e Botlhale

1-3. (a) Go tlile jang gore lelapa la ga Abigaile le nne mo kotsing? (b) Re tlile go ithuta eng ka mosadi yono yo o molemo?

ABIGAILE o ne a lemoga kafa lekawana lengwe le neng le tlaletswe ka gone. Le ne le tshogile—mme go na le lebaka le le utlwalang la seo. Ba ne ba tloga ba welwa ke kotsi e kgolo. Ka yone nako eo, batlhabani ba ka nna 400 ba ne ba le mo tseleng ba ikaeletse go bolaya monna mongwe le mongwe mo ntlong ya ga Nabale, monna wa ga Abigaile. Ka ntlha yang?

2 Seno sotlhe se ne se bakilwe ke Nabale. Jaaka gale o ne a dirile dilo ka lenyatso le ka bosetlhogo. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno o ne a kgotlhile motshitshi—a kgopisitse molaodi yo o rategang wa setlhopha se se ikanyegang le se se thapisitsweng sentle sa batlhabani. Jaanong lengwe la makawana a a neng a direla Nabale, gongwe e le modisa le ne la ya kwa go Abigaile le solofetse gore o tla loga leano la go ba namola. Mme gone, ke eng se mosadi a le mongwe a neng a ka se dira mophato wa masole?

Ke eng se mosadi a le mongwe a neng a ka se dira mophato wa masole?

3 Sa ntlha, mma re ithuteng mo go oketsegileng ka mosadi yono yo o molemo. Abigaile e ne e le mang? Bothata jono bo bakilwe ke eng? Mme re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe sa tumelo?

“O ne A le Botlhale e Bile a le Montle”

4. Nabale e ne e le monna wa mofuta ofe?

4 Abigaile le Nabale ba ne ba sa tshwanelane. Nabale o ne a tlhophile mosadi yo o molemo go gaisa, fa Abigaile ene a ne a nyetswe ke monna yo o bosula go gaisa. Gone monna yono o ne a na le madi. Ka jalo o ne a itsaya a le botlhokwa, mme gone batho ba bangwe ba ne ba mo leba jang? Ga se gantsi batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba bidiwa ka maina a a sotlang. Leina la gagwe le kaya “Yo o Se Nang Tlhaloganyo” kgotsa “Sematla.” A batsadi ba gagwe ba ne ba mo naya leina leno fa a tsholwa kgotsa o le neilwe moragonyana ka ntlha ya tsela e a neng a itshwara ka yone? Go sa kgathalesege gore o bone leina leno jang, e ile ya nna leina lebe seromo.  Nabale o ne a le “bogale e bile a le bosula mo ditirong tsa gagwe.” A kgerisa batho e bile e le letagwa, a boifiwa ke mongwe le mongwe e bile a sa ratiwe.—1 Sam. 25:2, 3, 17, 21, 25.

5, 6. (a) O akanya gore dinonofo tse di kgatlhang thata tsa ga Abigaile e ne e le dife? (b) Ke eng se se ka tswang se dirile gore Abigaile a nyalwe ke monna yono yo o se nang molemo wa sepe?

5 Abigaile o ne a sa tshwane gotlhelele le Nabale. Leina la gagwe le kaya “Rre o Dirile Gore a Itumele.” Borre ba le bantsi ba itumelela go nna le morwadi yo montle, mme rre yo o botlhale o itumela le go feta fa ngwana wa gagwe a na le pelo e ntle. Gantsi motho fa a le montle ga a bone go le botlhokwa go lwela go nna le dinonofo tse di jaaka temogo, botlhale, bopelokgale kgotsa tumelo. Go ne go sa nna jalo ka Abigaile. Baebele e bua ka ene ka tsela e e molemo ka ntlha ya botlhale le bontle jwa gagwe.—Bala 1 Samuele 25:3.

6 Gompieno batho bangwe ba ka nna ba ipotsa gore ke eng fa lekgarebe le le botlhale jalo le ne la dumela go nyalwa ke monna yoo yo o se nang molemo wa sepe. Se lebale gore mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele e kwalwa, batsadi e ne e le bone ba batlelang bana ba bone balekane. Fa go sa nna jalo, ke bone ba neng ba naya ngwana wa bone tetla ya go nyalana le motho yo a mo tlhophileng. A batsadi ba ga Abigaile ba ne ba letlelela lenyalo leno, ba bo ba le rulaganya ka gonne ba ne ba kgatlhilwe ke gore Nabale o humile e bile o tumile? A ba ne ba dira jalo ka gonne ba humanegile? Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, madi a ga Nabale ga a ka a dira gore e nne monna yo o molemo.

7. (a) Ke eng se batsadi ba sa tshwanelang go se dira fa ba batla go ruta bana ba bone go leba lenyalo ka tsela e e tshwanetseng? (b) Abigaile o ne a ikaeletse go dira eng?

7 Batsadi ba ba botlhale ba ruta bana ba bone go leba lenyalo ka tsela e e tshwanetseng. Ga ba ba kgothaletse go nyalana le motho fela ka gonne a na le madi kgotsa go ba tlhotlheletsa go intsha le mongwe ba sa le bannye, ba ise ba gole sentle go ka rwala maikarabelo a lelapa. (1 Bakor. 7:36) Le fa go ntse jalo, go ne go setse go le thari gore Abigaile a akanye ka dilo tseo. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, o ne a nyetswe ke Nabale mme o ne a ikaeletse go dira se a ka se kgonang mo seemong seo se se thata.

“O ne A ba Kgalema a Goa”

8. Nabale o ne a tlhapaditse mang, mme ke eng fa o akanya gore seo se ne se se botlhale?

8 Nabale o ne a dira gore seemo sa ga Abigaile se nne thata le go feta. O ne a tlhapaditse monna yo o tlotlegang e bong Dafide. Dafide e ne e le motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa yo moporofeti Samuele a neng a mo tloditse, a bontsha gore o tlhophilwe ke Modimo gore a nne kgosi e e tla tlhatlhamang Saulo. (1 Sam. 16:1, 2, 11-13) Fa Dafide a ntse a iphitlhela Kgosi Saulo yo o lefufa le yo o neng a batla go mmolaya, o ne a nna kwa nageng le batlhabani ba gagwe ba ba ikanyegang ba le 600.

9, 10. (a) Dafide le banna ba gagwe ba ne ba tshela mo maemong afe a a thata? (b) Ke eng fa Nabale a ne a tshwanetse go anaanela se Dafide le banna ba gagwe ba neng ba se dira? (Bona le ntlha e e kwa tlase ya serapa 10.)

9 Nabale o ne a nna kwa Maone mme a bereka gaufi le naga ya  Karemele e bile gongwe e le ya gagwe. * Mo metseng eo go ne go na le mafelo a a tsholetsegileng a a neng a siametse go fudisa dinku, mme Nabale o ne a na le dinku di le 3 000. Karolo e nngwe yotlhe ya naga eo e ne e sa lemiwa. Ka fa borwa go ne go na le naga e kgolo ya Parana. Ka fa botlhaba, e le tsela e e yang kwa Lewatleng la Letswai e e neng e feta mo lefelong le go se nang batho kwa go lone le le nang le mekgatšha le magaga. Maemo a ne a le thata fa Dafide le banna ba gagwe ba le mo dikgaolong tseno, ga go pelaelo gore ba ne ba tshwanelwa ke go tsoma gore ba bone dijo le go itshokela mathata a le mantsi. Gantsi ba ne ba kopana le makawana a a neng a disetsa Nabale wa mohumi diruiwa.

10 Masole ano a a dirang ka natla a ile a tshwara badisa bao jang? Go ne go ka nna motlhofo gore ba nne ba utswe dinku, mme ga ba a ka ba dira jalo. Go na le moo, ba ne ba sireletsa letsomane la ga Nabale le batlhanka ba gagwe. (Bala 1 Samuele 25:15, 16.) Go ne go na le dikotsi di le dintsi tse di neng di ka tlhagela dinku le badisa. Mo motlheng oo, go ne go tletse dibatana mme molelwane wa Iseraele o o ka fa borwa o ne o le gaufi jaana mo magodu le dikebekwa tse di kotsi di neng di tlhasela gangwe le gape. *

11, 12. (a) Dafide o ne a bontsha jang go akanyetsa le tlotlo mo molaetseng o a neng a o romelela Nabale? (b) Ke eng se se neng se le phoso ka tsela e Nabale a ileng a itshwara ka yone fa a utlwa molaetsa wa ga Dafide?

11 E tshwanetse ya bo e ne e le tiro e e seng kana ka sepe go tlhomamisa gore banna bao ba nna ba na le dijo kwa nageng. Ka jalo, letsatsi lengwe Dafide o ne a romela barongwa ba le lesome kwa go Nabale go ya go kopa thuso. Dafide o ne a tlhophile nako e e siameng. E ne e le paka ya go beola dinku mme go ne go tlwaelegile gore batho ba abelane dilo le go dira meletlo ka nako eo. Gape Dafide o ne a tlhophile mafoko a gagwe ka kelotlhoko, a dirisa mafoko a a bontshang tlotlo. O ile a re, “morwao Dafide,” gongwe a tlotla Nabale ka gonne a ne a le mogolo mo go ene. Nabale o ne a dira eng?—1 Sam. 25:5-8.

12 O ne a tlala bogale! “O ne a ba kgalema a goa.” Ke sone se lekawana le le umakilweng kwa tshimologong le neng la se bolelela Abigaile. Nabale yo o timanang o ne a ngongorega a goa, a sa batle sepe ka senkgwe, metsi le nama ya diruiwa tsa gagwe. O ne a sotla Dafide a re ga se motho wa sepe a bo a mo tshwantsha le motlhanka yo o tshabileng. Tsela e Nabale a neng a leba Dafide ka yone e ka tswa e ne e tshwana le ya ga Saulo yo o neng a tlhoile Dafide. Ga go ope wa banna bano yo o neng a leba dilo kafa Jehofa a di lebang ka gone. Modimo o ne a rata Dafide mme o ne a sa mo tseye e le motlhanka wa motsuolodi, go na le moo o ne a mo tsaya e le kgosi ya Iseraele ya mo isagweng.—1 Sam. 25:10, 11, 14.

13. (a) Dafide o ne a itshwara jang kwa tshimologong fa a sena go utlwa ditlhapa tsa ga Nabale? (b) Molaomotheo o o mo go Jakobe 1:20 o re ruta eng ka tsela e Dafide a ileng a itshwara ka yone?

 13 Fa batho ba Dafide a neng a ba romile ba mmegela se se diragetseng, o ne a shakgala. O ne a ba laela jaana: “A mongwe le mongwe a gatlhe tšhaka ya gagwe!” Dafide o ne a tsaya dibetsa mme a etelela pele banna ba gagwe ba le 400 go ya go tlhasela. O ne a ikana gore o ya go gaila banna botlhe ba ntlo ya ga Nabale. (1 Sam. 25:12, 13, 21, 22) Go ne go utlwala go bo Dafide a galefile, mme gone se a neng a batla go se dira se ne se le phoso. Baebele ya re: “Tšhakgalo ya motho ga e felele ka tshiamo ya Modimo.” (Jak. 1:20) Jaanong Abigaile o ne a tla namola ba ntlo ya gagwe jang?

“A go Bakwe Tlhaloganyo ya Gago”

14. (a) Ke ka tsela efe Abigaile a ileng a tsaya kgato ya ntlha go baakanya phoso e e neng e dirilwe ke Nabale? (b) Ke thuto efe ya botlhokwa e re ka ithutang yone mo bothong jo bo sa tshwaneng jwa ga Nabale le Abigaile? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

14 Tota re setse re bone kgato ya ntlha e Abigaile a neng a e tsaya go baakanya phoso eo e e masisi. Go farologana le monna wa gagwe e bong Nabale, ene o ne a iketleeleditse go reetsa. Fa lekawana la motlhanka le ne le bua ka go itsise Nabale kgang eno, le ne la re: ‘Ke motho yo o se nang molemo wa sepe tota gore re ka bua le ene.’ * (1 Sam. 25:17) Ka maswabi, e re ka Nabale a ne a itsaya a le botlhokwa, seo se ile sa dira gore a se ka a reetsa. Tota le gompieno go na le batho ba le bantsi ba ba ntseng jalo, ba ba ikgodisang. Le fa go ntse jalo, lekawana leno le ne le itse gore Abigaile ga a tshwane le Nabale, ke gone ka moo le ileng la bolelela Abigaile ka bothata joo.

Go farologana le Nabale, Abigaile o ne a iketleeleditse go reetsa

15, 16. (a) Abigaile o ne a bontsha jang gore o tshwana le mosadi yo o nang le bokgoni yo o tlhalosiwang mo bukeng ya Diane? (b) Ke eng fa se Abigaile a ileng a se dira se ne se sa reye gore o tsuologela botlhogo jwa monna wa gagwe?

15 Abigaile o ne a ja marapo a tlhogo mme a tsaya kgato ka bonako. Re bala jaana: “Fela foo Abigaile a potlaka.” Pego eno e dirisa lediri “go potlaka” ka makgetlo a le manè fa e bua ka mosadi yono. O ne a baakanyetsa Dafide le banna ba gagwe mpho ya bopelotshweu. E ne e akaretsa senkgwe, beine, nku, mabele a a gadikilweng, dikuku tsa morara o o swabisitsweng le dikuku tsa difeige. Go a bonala gore Abigaile o ne a itse dithoto tsa gagwe sentle e bile a tlhokomela ditiro tsa ntlo ya gagwe fela jaaka mosadi yo o nang le bokgoni yo o tlhalosiwang mo bukeng ya Diane. (Dia. 31:10-31) O ne a romela dijo ka batlhanka bangwe ba gagwe mme ene a tla a ba setse morago a le nosi. Re bala jaana: “Mme a se ka a bolelela Nabale monna wa gagwe sepe.”—1 Sam. 25:18, 19.

16 A seno se kaya gore Abigaile o ne a tsuologetse botlhogo jwa  monna wa gagwe? Nnyaa le e seng; se lebale gore Nabale o ne a tshwara motlhanka yo o tloditsweng wa ga Jehofa ka tsela e e sa siamang, e leng se se neng se ka dira gore batho ba ba se nang molato ba ntlo ya ga Nabale ba bolawe. Fa Abigaile a sa tseye kgato, a o ne a ka nna le molato ka ntlha ya phoso e e neng e dirilwe ke monna wa gagwe? Mo maemong ano, o ne a tshwanetse go ikobela Modimo go feta monna wa gagwe.

17, 18. Ke eng se Abigaile a ileng a se dira gore a kgone go bua le Dafide, o ne a mo raya a reng, mme ke eng se se neng sa dira gore Dafide a tseye mafoko a gagwe tsia?

17 Go ise go ye kae, Abigaile o ne a kopana le Dafide le banna ba gagwe. Le mo lekgetlong leno o ne a potlaka gape gore a fologe esele le go ikokobetsa fa pele ga ga Dafide. (1 Sam. 25:20, 23) Go tswa foo, o ne a tshololela Dafide maikutlo a gagwe, a mo kopa go tswa pelong gore monna wa gagwe le ba ntlo ya gagwe ba utlwelwe botlhoko. Ke eng se se neng sa dira gore se a se buang se tsewe tsia?

“Tsweetswee, a lelata la gago le bue mo ditsebeng tsa gago”

18 O ne a dumela gore o dirile phoso mme a kopa Dafide gore a mo itshwarele. O ne a dumela gore monna wa gagwe o ne a se na molemo wa sepe jaaka leina la gagwe le kaya, gongwe a bo a akantsha gore go ne go tla diga Dafide seriti go otlhaya monna yo o ntseng jalo. O ile a re o ikanya Dafide gonne e le moemedi wa ga Jehofa e bile o lemoga gore o ne a “tlhabana dintwa tsa ga Jehofa.” Gape o ne a bontsha gore o ne a itse ka ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di malebana le Dafide le bogosi ka gonne o ne a re: “Jehofa . . . ruri o tla go tlhoma go nna moeteledipele wa Iseraele.” Gape o ne a kopa Dafide gore a se ka a dira sepe fela se se ka dirang gore a nne le molato wa madi kgotsa se moragonyana se ka ‘nnang sekgopi’—go bonala a ne a bua ka go nna le segakolodi se se molato. (Bala 1 Samuele 25:24-31.) Ruri mafoko ao a ne a ama pelo tota!

19. Dafide o ne a itshwara jang fa a sena go utlwa mafoko a ga Abigaile, mme ke eng fa a ile a baka Abigaile?

19 Dafide o ne a itshwara jang? O ne a amogela se Abigaile a neng a ba tliseditse sone a bo a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o go rometseng mo letsatsing leno gore o tle go nkgatlhantsha! Mme a go bakwe tlhaloganyo ya gago, mme go bakwe wena yo o nthibetseng mo letsatsing leno gore ke se ka ka tsena mo molatong wa madi.” Dafide o ne a mo lebogela go bo a ile a nna pelokgale mme a potlaka go tla go mo kgatlhantsha, mme o ne a dumela gore o mo thibile gore a se ka a nna le molato wa madi. O ne a mo raya a re, “tlhatlogela ka kagiso kwa ntlong ya gago,” mme ka boikokobetso a oketsa jaana: “Ke reeditse lentswe la gago.”—1 Sam. 25:32-35.

“Bona, Lelata la Gago ke Le”

20, 21. (a) Ke eng se o fitlhelang se kgatlha ka go iketleeletsa ga ga Abigaile go boela kwa monneng wa gagwe? (b) Abigaile o ne a bontsha jang bopelokgale le temogo fa a tlhopha nako ya go bua le Nabale?

20 Fa ba sena go kgaogana, Abigaile o tshwanetse a bo a ile a akanya thata ka motlotlo wa bone; gape o tshwanetse a bo a ile a lemoga kafa monna yono yo o ikanyegang le yo o molemo a farologaneng thata ka gone  le ntwadumela yo a neng a nyalane le ene. Mme gone, o ile a tlosa mogopolo wa gagwe mo kgannyeng eno. Re bala jaana: “Moragonyana Abigaile a tsena kwa go Nabale.” Ee, o ne a boela kwa monneng wa gagwe a ikemiseditse go dira bojotlhe go diragatsa maikarabelo a gagwe jaaka mosadi. O ne a tshwanetse go mmolelela ka mpho e a neng a e naya Dafide le banna ba gagwe. Nabale o ne a na le tshwanelo ya go itse. Gape o ne a tshwanetse go mmolelela—gonne e ne e tla nna matlhabisa ditlhong fa a ka utlwa ka mongwe—ka kotsi e a ileng a e thibela. Mme gone, o ne a ka se mmolelele ka nako eo. Nabale o ne a dirile moletlo o e keteng wa kgosi mme a tagilwe botlhoko.—1 Sam. 25:36.

Abigaile o ne a nna pelokgale mme a bolelela Nabale se a se dirileng gore a boloke botshelo jwa gagwe

21 Le mo lekgetlong leno Abigaile o ne a bontsha bopelokgale le temogo ka gonne o ne a leta go fitlha mo mosong o o latelang fa Nabale a tlhapogetswe. Aitsane o ne a tla mo tlhaloganya gonne a tlhapogetswe, mme gone go ne go ka nna kotsi gonne e le motho yo o phamogang ka bogale. Le fa go ntse jalo, o ne a mo atamela mme a mmolelela sotlhe se se diregileng. Ga go pelaelo gore o ne a lebeletse gore a shakgale, gongwe a mo lwantshe. Go na le moo, o ne a nna fela a sa sute.—1 Sam. 25:37.

22. Go ne ga direga eng ka Nabale, mme ke eng se re ithutang sone ka malapa a mo go one go nang le tirisodikgoka kgotsa go sotliwa?

22 Go ne go direga eng ka monna yono? “Pelo ya gagwe ya swa mo teng ga gagwe, mme a nna jaaka leje.” Gongwe o ne a iteilwe ke seterouku. Le fa go ntse jalo, malatsi a le lesome morago ga moo o ne a swa—mme e se fela ka ntlha ya bolwetse. Pego eo ya re: “Jehofa a itaya Nabale, mme a swa.” (1 Sam. 25:38) Katlholo eo e e siameng e ne ya dira gore lenyalo le le tletseng mathata la ga Abigaile le fele. Le fa gompieno Jehofa a sa tsenelele ka go bolaya batho ka kgakgamatso, pego eno e re gopotsa gore o bona go sotliwa kgotsa go tshwarwa makgwakgwa mo go dirwang mo malapeng. Ka metlha o lere tshiamiso ka nako ya gagwe.—Bala Luke 8:17.

23. Ke masego afe a mangwe a Abigaile a ileng a nna le one, mme o ne a bontsha jang gore kgang ya gore e tlile go nna mosadi wa ga Dafide ga e a ka ya fetola botho jwa gagwe?

23 Kwantle ga go gololwa jalo mo lenyalong le le seng monate, Abigaile o ne a letetswe ke masego a mangwe. Fa Dafide a sena go utlwa gore Nabale o sule, o ne a romela barongwa gore ba itsise Abigaile gore o batla go mo nyala. O ne a araba jaana: “Bona, lelata la gago ke le go nna lelata le le tla tlhapisang dinao tsa batlhanka ba morena wa me.” Go bonala sentle gore kgang ya gore e tla nna mosadi wa ga Dafide ga e a ka ya fetola tsela e a neng a le boikobo ka yone; tota e bile o ne a batla go nna lelata la batlhanka ba ga Dafide! Go tswa  foo, re bala gape ka go potlaka ga gagwe, mo lekgetlong leno a ipaakanyetsa go ya kwa go Dafide.—1 Sam. 25:39-42.

24. Ke mathata afe a Abigaile a ileng a lebana le one mo lenyalong le lesha, mme monna wa gagwe le Modimo wa gagwe ba ne ba mo leba jang?

24 Seno se ne se sa reye gore botshelo jwa gagwe le Dafide bo ne bo se kitla bo nna le mathata. Dafide o ne a setse a nyetse Ahinoame, mme le fa Modimo a ne a letla go nyala lefufa, ga go pelaelo gore go ne go le thata mo basading ba motlha oo ba ba ikanyegang go tshela mo lenyalong la mofuta oo. Gape Dafide e ne e ise e nne kgosi; go ne go sa ntse go na le dikgwetlho le mathata a a neng a tla lebana le one pele a direla Jehofa e le kgosi. Mme fa Abigaile a ntse a thusa Dafide le go mo ema nokeng, mme kgabagare a mo tsholela morwa, o ne a lemoga gore Dafide o a mo rata e bile o a mo sireletsa. Nako nngwe o ne a bo a mmoloka mo bathong ba ba neng ba batla go mo tsaya ka dikgoka! (1 Sam. 30:1-19) Ka jalo Dafide o ne a etsa Jehofa Modimo, yo o ratang le yo o anaanelang basadi ba ba ntseng jalo ba ba botlhale, ba ba pelokgale le ba ba ikanyegang.

^ ser. 9 Eno ga se Thaba e e itsegeng thata ya Karemele e e kwa bokone e moragonyana moporofeti Elija a ileng a nna le kganetsano le baporofeti ba ga Baale kwa go yone. (Bona Kgaolo 10.) Karamele e go buiwang ka yone fano e ne e le motse o o kwa bofelong jwa naga e e ka fa borwa.

^ ser. 10 Dafide o tshwanetse a bo a ne a tsaya gore go sireletsa beng ba lefelo leo le matsomane a bone e ne e le go direla Jehofa Modimo. Mo motlheng oo, e ne e le boikaelelo jwa ga Jehofa gore ditlogolwana tsa ga Aborahame, Isake le Jakobe di nne mo nageng eo. Ka jalo, go e sireletsa mo ditlhopheng tsa dikebekwa e ne e le mofuta mongwe wa tirelo e e boitshepo.

^ ser. 14 Mafoko a lekawana leno le neng la a bua a kaya “morwa motsuolodi (go tlhoka mosola).” Dibaebele tse dingwe di ranola polelwana eno ka go tlhalosa Nabale e le monna “yo o sa reetseng ope,” ka jalo re ka swetsa ka go re “ga go thuse sepe go bua le ene.”