Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMEPEDI

O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe

1, 2. Go ne ga diragala eng mo letsatsing le le tletseng ditiragalo go feta malatsi otlhe a mangwe mo botshelong jwa ga Elija?

ELIJA o ne a taboga mo puleng fa go ntse go fifala. O ne a saletswe ke mosepele o moleele pele a goroga kwa Jesereele, mme o ne a setse a godile. Mme gone, o ne a tswelela a taboga a sa lape ka gonne “seatla sa ga Jehofa” se ne se le mo go ene. O ne a na le maatla a a neng a ise a tsamaye a nne le one. Aitsane, Elija o ne a sa tswa go feta sepane sa dipitse tse di neng di goga koloi ya segosi ya ga Kgosi Ahabe!—Bala 1 Dikgosi 18:46.

2 Jaanong o ne a sa ntse a letetswe ke mosepele o moleele. Akanya Elija a taboga a ntse a itewa ke marothodi a pula e e maatla mo sefatlhegong a akantse ka letsatsi leo le le neng le tletse ditiragalo go gaisa malatsi otlhe a mangwe. Ga go pelaelo gore Modimo wa ga Elija e bong Jehofa, o ne a fentse, le kobamelo ya boammaaruri e ne e fentse. E re ka Elija a ne a setse a le kgakala e bile go le lefifi ka ntlha ya setsuatsue, o ne a sa tlhole a kgona go bona Thaba ya Karemele, thaba e Jehofa a neng a mo dirisa go nyeletsa baobamedi ba ga Baale ka kgakgamatso mo go yone. Baporofeti ba ga Baale ba le makgolokgolo ba ne ba senotswe gore ke maferefere a a boikepo mme go ne go tshwanela gore ba bolawe. Go tswa foo, Elija o ne a rapela Jehofa gore a fedise leuba le le neng le wetse naga eo ka dingwaga di le tharo le halofo. Go ne ga na pula e kgolo!—1 Dikg. 18:18-45.

3, 4. (a) Fa Elija a ntse a le mo tseleng go ya Jesereele ke eng fa a ka tswa a ne a solofetse gore dilo di tla fetoga? (b) Re tlile go tlotla ka dipotso dife?

3 Fa Elija a ntse a phatšha metsi a taboga sekgala seo sa dikilometara di le 30 go ya kwa Jesereele, a ka tswa a ne a solofetse gore jaanong dilo di tlile go fetoga, e re ka baporofeti ba ga Baale ba ne ba bolailwe. Ahabe o ne a tshwanetse go fetoga! Morago ga se a neng a se bone, ruri o ne a tshwanetse go tlogela kobamelo ya ga Baale; go thiba mohumagadi wa gagwe e bong Jesebele; le go emisa go bogisiwa ga batlhanka ba ga Jehofa.

“Elija . . . a siana kwa pele ga ga Ahabe tsela yotlhe go ya Jesereele”

4 Fa go bonala dilo di re tsamaela sentle, ke ga tlholego gore re ikutlwe re na le tsholofelo. Re ka nna ra akanya gore maemo a rona a tla tokafala, gongwe e bile re akanya gore kgabagare mathata a magolo a a ntseng a re tshwenya a fedile. Fa e le gore Elija le ene o ne a akanya jalo, ga go gakgamatse ka gonne “e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jak. 5:17) Boammaaruri ke gore go ne go sa ntse  go na le mathata a mantsi a a larileng kwa pele ga gagwe. Tota e bile, mo diureng di se kae Elija o ne a tla welwa ke poifo le go ngomoga pelo mo a neng a tla eletsa go swa. Go ne go diragetse eng, mme Jehofa o ne a thusa moporofeti wa gagwe jang gore a boe a nne le tumelo le bopelokgale? A re boneng.

Dilo di Tsaya Phekelo e Sele

5. A Ahabe o ne a ithutile go tlotla Jehofa morago ga se se diragetseng kwa Thabeng ya Karemele, mme re itse seo jang?

5 Fa Ahabe a tsena kwa ntlong ya gagwe ya segosi kwa Jesereele, a go ne go na le sengwe se se bontshang gore o ikwatlhaile? Re bala jaana: “Ahabe a bolelela Jesebele sotlhe se Elija a neng a se dirile le gotlhe kafa a neng a bolaile baporofeti botlhe ka teng ka tšhaka.” (1 Dikg. 19:1) Ela tlhoko gore fa Ahabe a tlhalosa ditiragalo tsa letsatsi leo ga a umake sepe ka Modimo wa ga Elija e bong Jehofa. E re ka Ahabe a ne a sa lebe dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone, o ne a tsaya gore dikgakgamatso tse di diragetseng mo letsatsing leo ‘di ne di dirilwe ke Elija.’ Go bonala sentle gore o ne a sa ithuta go tlotla Jehofa Modimo. Mme mosadi wa gagwe yo o ratang go ipusolosetsa o ne a itshwara jang?

6. Jesebele o ne a romelela Elija molaetsa ofe, mme o ne o kaya eng?

6 Jesebele o ne a tuka bogale! O ne a romelela Elija molaetsa ono a shakgetse: “E kete medimo e ka dira jalo, ya ba ya oketsa, fa ka moso ka nako eno ke ka se ka ka dira gore moya wa gago o nne jaaka moya wa mongwe le mongwe wa bone!” (1 Dikg. 19:2) Ano e ne e le matshosetsi a a masisi a gore o tla bolawa. E re ka Jesebele a ne a batla go busolosetsa go bolawa ga baporofeti ba ga Baale, o ne a ikana gore bogolo a ka swa fa a sa kgone go dira gore Elija a bolawe mo go lone letsatsi leo. Akanya fela Elija a ithobaletse mo ntlong nngwe ya maemo a a kwa tlase kwa Jesereele mo bosigong joo jwa diphefo tsa matsubutsubu, a bo a tsosiwa ke morongwa wa kgosigadi yo o tlileng go mmolelela mafoko ao a a tshosang. Seo se ne sa mo ama jang?

O ne A Tlala Poifo A bo A Kgobega Marapo

7. Matshosetsi a ga Jesebele a ne a ama Elija jang, mme o ne a dira eng?

7 Fa e le gore Elija o ne a akanya gore ntwa ya go fedisa kobamelo ya ga Baale e ne e fedile, o ne a lemoga ka yone nako eo gore o fositse. Jesebele o ne a sa fetoga. O ne a setse a dirile gore baporofeti ba bangwe ba bantsintsi ba ba ikanyegang ba bolawe, mme jaanong go ne go bonala Elija le ene a tlile go bolawa. Matshosetsi a ga Jesebele a ne a ama Elija jang? Baebele ya re: “A boifa.” A Elija o ne a simolola go akanya ka tsela e e setlhogo e Jesebele a neng a batla gore a bolawe ka yone? Fa e le gore o ne a nnela go akanya jalo, ga go gakgamatse go bo a ile a kgobega marapo. Mme gone, Elija o ne a “simolola go tsamaya ka ntlha ya moya wa gagwe”—o ne a tshaba.—1 Dikg. 18:4; 19:3.

Fa re batla go tswelela re le pelokgale ga re a tshwanela go tlhoma mogopolo mo dilong tse di re boifisang

8. (a) Bothata jwa ga Petere bo ne bo tshwana jang le jwa ga Elija? (b) Re ka ithuta eng mo go Elija le Petere?

8 Elija ga se ene fela monna wa tumelo yo o ileng a fekeediwa ke poifo. Dingwaga di le dintsi morago ga foo, moaposetoloi Petere le ene o ne  a lebana le bothata jo bo tshwanang. Ka sekai, fa Jesu a ne a dira gore Petere a tsamaye le ene mo godimo ga metsi, moaposetoloi yono o ne a simolola go “leba phefo ya matsubutsubu.” Seo se ne sa dira gore a felelwe ke bopelokgale mme a simolole go nwela. (Bala Mathaio 14:30.) Ka jalo, sekai sa ga Petere le sa ga Elija di re ruta thuto ya botlhokwa. Fa re batla go tswelela re le pelokgale, ga re a tshwanela go nnela go akanya ka dilo tse di re boifisang. Re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go Ene yo o re nayang tsholofelo le maatla.

“Go Lekane!”

9. Tlhalosa loeto lwa ga Elija le tsela e a ka tswang a ne a ikutlwa ka yone fa a ntse a tshaba.

9 E re ka Elija a ne a boifa, o ne a tshabela kwa borwabophirima kwa motseng wa Beere-sheba o o neng o le sekgala sa dikilometara di le 150 e bile o le gaufi le molelwane o o ka fa borwa jwa Juda. Fa a le koo, o ne a tlogela motlhokomedi wa gagwe mme a ya kwa nageng a le nosi. Pego eo ya re o ne a tsaya “loeto lwa letsatsi le le lengwe,” ka jalo re ka akanya gore o ne a emelela ka mahube, gongwe a sa tshola mofago. O ne a ralala naga e e tletseng matlapa mo letsatsing le le mogote, a ngomogile pelo e bile a tletse poifo. Fa letsatsi le le bogale le ntse le phirima ka iketlo go bo go fifala, Elija o ne a felelwa ke maatla. O ne a lapile mme a nna ka fa tlase ga setlhare sengwe sa monnamotswe—e leng lone fela lefelo le a neng a ka latsa tlhogo mo go lone mo nageng eo e e atlhameng.—1 Dikg. 19:4.

10, 11. (a) Thapelo e Elija a neng a e rapela Jehofa e ne e kaya eng? (b) O dirisa ditemana tse di umakilweng, tlhalosa tsela e batho bangwe ba ba boifang Modimo ba neng ba ikutlwa ka yone fa ba ngomogile pelo.

10 Elija o ne a rapela a tlaletswe tota. O ne a ikopela go swa. O ne a re: “Ga ke botoka mo go borremogologolwane.” O ne a itse gore borraagwemogologolwane e ne e le lorole le marapo fela mo lebitleng, ba sa kgone go thusa ope. (Mor. 9:10) Elija le ene o ne a ikutlwa a se na mosola. Ke sone se a ileng a goa a re: “Go lekane!” Tota o ne a sa ntse a tshelela eng?

11 A go a gakgamatsa go utlwa gore monna wa Modimo a ka kgobega marapo jaana? Nnyaa. Go na le banna le basadi ba le bantsi ba ba ikanyegang ba Baebele e tlhalosang gore ba ne ba hutsafala mo ba neng ba eletsa go swa—bangwe ba bone ke Rebeka, Jakobe, Moshe le Jobe.—Gen. 25:22; 37:35; Dipa. 11:13-15; Jobe 14:13.

12. Fa go ka direga gore o kgobege marapo, o ka etsa jang sekao sa ga Elija?

12 Gompieno re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ ka jalo ga go gakgamatse go bo ka dinako tse dingwe batho ba le bantsi, tota le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo, ba a tle ba ikutlwe ba kgobegile marapo. (2 Tim. 3:1) Fa go direga gore o lebane le maemo a a ntseng jalo a a thata, etsa sekao sa ga Elija: Bulela Modimo  mafatlha. Aitsane, Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” (Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.) A o ne a gomotsa Elija?

Jehofa O ne A Tlamela Moporofeti wa Gagwe

13, 14. (a) Jehofa o ne a dirisa moengele jang go bontsha gore o amega ka moporofeti wa gagwe yo o kgobegileng marapo? (b) Ke eng fa go gomotsa go itse gore Jehofa o itse sengwe le sengwe ka rona, go akaretsa le dilo tse re sa kgoneng go di dira?

13 O akanya gore Jehofa o ne a ikutlwa jang fa a ntse a lebile a le kwa legodimong a bona moporofeti wa gagwe yo o rategang a rapame fa tlase ga setlhare mo nageng mme a ikopela go swa? Ga re tlhoke go ikatla tlhogo. Fa Elija a sena go thulamela, Jehofa o ne a romela moengele kwa go ene. Moengele o ne a tsosa Elija ka bonolo ka go mo ama mme a re: “Tsoga, o je.” Elija o ne a dira jalo ka gonne moengele o ne a mo tliseditse dijo tse di motlhofo—senkgwe se se bothitho le metsi. A gone o ile a leboga moengele yoo? Pego eno e re bolelela fela gore moporofeti yono o ne a ja, a nwa mme a robala gape. A o ne a kgobegile marapo thata mo a neng a sa kgone le go bua? Se re se itseng ke gore moengele o ne a mo tsosa lekgetlo la bobedi, gongwe ka masa. O ne a raya Elija gape a re, “tsoga, o je,” mme a oketsa ka mafoko ano a a nametsang pelo, “gonne loeto lo loleele thata mo go wena.”—1 Dikg. 19:5-7.

14 E re ka moengele a ne a senoletswe ke Modimo, o ne a itse gore Elija o ya kae. Gape o ne a itse gore Elija o tlhoka maatla a a fetang a a tlwaelegileng gore a tseye mosepele oo. Ruri go a gomotsa go direla Modimo yo o itseng mekgele ya rona le dilo tse re sa kgoneng go di dira go feta kafa rona re itseng ka teng! (Bala Pesalema 103:13, 14.) Dijo tseo di ne tsa solegela Elija molemo jang?

15, 16. (a) Dijo tse Jehofa a neng a di naya Elija di ne tsa mo thusa go dira eng? (b) Ke eng fa re tshwanetse go anaanela tsela e Jehofa a tlamelang batlhanka ba gagwe ka yone gompieno?

15 Re bala jaana: “A tsoga a ja a ba a nwa, mme a nna a tsamaya ka maatla a dikotla tseo malatsi a le masome a manè le masigo a le masome a manè go ya go fitlha kwa thabeng ya Modimo wa boammaaruri, Horebe.” (1 Dikg. 19:8) Elija le ene o ne a itima dijo malatsi a le 40 le masigo a le 40, fela jaaka Moshe yo o neng a tshela dingwaga di ka nna makgolo a le marataro pele ga gagwe le Jesu yo o neng a tshela dingwaga di ka nna makgolo a le lesome morago ga gagwe. (Ekes. 34:28; Luke 4:1, 2) Dijo tseo ga di a ka tsa fedisa mathata a gagwe otlhe, mme gone di ne tsa mo naya maatla ka tsela ya kgakgamatso. Akanya fela monnamogolo yono a ikgoga mo nageng e e se nang le fa e le ditselana, letsatsi le letsatsi, beke le beke, a ikgoga jalo ka lobaka lo lo ka tshwarang kgwedi le halofo!

16 Le gompieno Jehofa o sa ntse a tlamela batlhanka ba gagwe, e seng ka dijo tsa kgakgamatso tse di nonotshang mmele mme ka tsela e nngwe e e botlhokwa le go feta. O ba tlamela ka dijo tsa semoya. (Math. 4:4) Go ithuta ka Modimo mo Lefokong la gagwe le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng go re nonotsha semoyeng. Go ja dijo tseno tsa semoya go ka nna ga se ka ga fedisa mathata otlhe a rona, mme go  ka re thusa go itshokela maemo a re ka nnang ra se ka ra kgona go a itshokela. Gape go dira gore re bone “botshelo jo bo sa khutleng.”—Joh. 17:3.

17. Elija o ne a ya kae, mme ke eng fa lefelo leo le ne le le botlhokwa?

17 Elija o ne a tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 320, mme kgabagare a goroga kwa Thabeng ya Horebe. Thaba eno e ne e le lefelo la botlhokwa thata, ka gonne dingwaga di le dintsi tse di fetileng Jehofa Modimo o ne a ile a iponatsa mo go Moshe mo setlhareng se se shang a dirisa moengele, e bile ke lone lefelo le moragonyana Jehofa a neng a dira kgolagano ya Molao le Baiseraele mo go lone. Elija o ne a bona logaga lo a neng a ikhutsa mo go lone.

Kafa Jehofa a Neng a Gomotsa le go Nonotsha Moporofeti wa Gagwe ka Gone

18, 19. (a) Moengele wa ga Jehofa o ne a botsa Elija potso efe, mme Elija o ne a araba jang? (b) Elija o ne a senola mabaka afe a mararo a go bo a kotlomane pelo?

18 Fa a le kwa Horebe, “lefoko” la ga Jehofa—le go bonalang le ne la tla ka moengele—le ne la mmotsa jaana: “O dirang fano, Elija?” Potso eno e tshwanetse ya bo e ne e bodiwa ka bonolo ka gonne Elija o ne a tsaya seo e le go mo kgothaletsa go ntsha maikutlo a gagwe. Mme o ne a dira fela jalo! O ne a re: “Ke ntse ke fufegela Jehofa Modimo wa masomosomo fela thata; gonne bomorwa Iseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba rutlolotse dibeso tsa gago, le baporofeti ba gago ba ba bolaile ka tšhaka, mo eleng gore go setse nna fela; mme ba batla moya wa me gore ba o tlose.” (1 Dikg. 19:9, 10) Mafoko a ga Elija a senola mabaka a ka nna mararo a go bo a ne a kotlomane pelo.

19 Lebaka la ntlha, Elija o ne a akanya gore o ne a bereketse lefela. Le fa go ne go fetile dingwaga tse dintsi Elija a direla Jehofa ka go ‘fufega fela thata,’ a dira gore leina la Modimo le le boitshepo le kobamelo ya gagwe di tle pele ga sengwe le sengwe, o ne a bona e kete maemo a ntse a senyegela pele. Batho ba ne ba sa ntse ba se na tumelo e bile ba tsuologa, fa kobamelo ya maaka yone e ne e anama. La bobedi, Elija o ne a ikutlwa e kete o nosi. O ne a re, “go setse nna fela,” jaaka e kete e ne e le ene fela mo setšhabeng sotlhe yo o neng a sa ntse a direla Jehofa. La boraro, Elija o ne a tshogile. Baporofeti ka ene ba le bantsi ba ne ba setse ba bolailwe, mme o ne a bona fela gore le ene o tlile go bolawa. Go ka tswa go ne go se motlhofo gore Elija a tlhalose maikutlo ao, mme ga a ka a letla boikgogomoso le ditlhong di mo thiba go dira jalo. Ka go rapela Modimo wa gagwe a mmulela mafatlha, o ne a tlhomela batho botlhe ba ba ikanyegang sekao se se molemo.—Pes. 62:8.

20, 21. (a) Tlhalosa se Elija a ileng a se bona fa a le mo molomong wa logaga lwa Thaba ya Horebe. (b) Tsela e Jehofa a ileng a dirisa maatla a gagwe ka yone e ne ya ruta Elija eng?

20 Jehofa o ne a thusa Elija jang gore a lebane le poifo le dilo tse di mo tshwenyang? Moengele o ne a raya Elija a re a eme fa molomong wa logaga. O ne a ikobela taelo eo le fa a ne a sa itse gore go tla diragala eng. Go ne ga tsoga phefo e e maatla! E tshwanetse ya bo e ile ya dira modumo  o o kabang ditsebe ka gonne e ne e le maatla mo e neng ya thubaganya dithaba le mafika. Akanya fela Elija a leka go sireletsa matlho a gagwe mme a ngangatletse seaparo sa gagwe se se bokete sa letlalo fa se ntse se phailakakwa ke diphefo. Mme morago ga moo o ne a tshwanelwa ke go leka ka natla gore a itsetsepele fa fatshe ka gonne lefatshe le ile la simolola go tshikinyega—go ne ga nna le thoromo ya lefatshe mo lefelong leo! Fa a ntse a akabetse jalo, go ne ga tla molelo o mogolo, o o neng wa mo pateletsa go boela mo logageng gore a itshireletse mo mogoteng o o babolang.—1 Dikg. 19:11, 12.

Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe a magolo go gomotsa le go kgothatsa Elija

21 Pego eno e tlhalosa gore Jehofa o ne a seyo mo go epe ya ditiragalo tseno tse di gakgamatsang tsa maatla a tlholego. Elija o ne a itse gore Jehofa ga se modingwana mongwe wa tlhamane ya dilo tsa tlholego jaaka Baale, yo baobamedi ba gagwe ba ba tsieditsweng ba neng ba mmaka ba re ke “mopalami wa maru” kgotsa yo o tlisang pula. Jehofa ke Motswedi wa mmatota wa maatla otlhe a a gakgamatsang a a mo dilong tsa tlholego, mme gape o mogolo thata go feta sepe fela se a se dirileng. Tota le magodimo a ka se mo tshole! (1 Dikg. 8:27) Dilo tseno tsotlhe di ne tsa thusa Elija jang? Gopola kafa a neng a boifa ka teng. E re ka Elija a ne a engwe nokeng ke Jehofa Modimo, Modimo yo o nang le maatla ao otlhe a a gakgamatsang, o ne a sa tlhoke go boifa Ahabe le Jesebele!Bala Pesalema 118:6.

22. (a) “Lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” le ne la tlhomamisetsa Elija jang gore o sa ntse a le botlhokwa? (b) “Lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” e tshwanetse ya bo e ne e la ga mang? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

22 Fa molelo o sena go feta, go ne ga nna le tidimalo e kgolo mme Elija a utlwa “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase.” Le ne la mo kopa gore a ntshe maikutlo a gagwe gape, mme o ne a dira jalo, a bulela Jehofa mafatlha lekgetlo la bobedi a mmolelela se a tshwenyegileng ka sone. * Gongwe seo se ne sa dira gore a ikutlwe a imologile le go feta. Mme ga go pelaelo gore Elija o ile a gomodiwa le go feta ke se morago ga foo “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” le neng la se mmolelela. Jehofa o ne a tlhomamisetsa Elija gore o botlhokwa. O ne a dira seo jang? Modimo o ne a mmolelela se a neng a ikaeletse go se dira malebana le go fedisa kobamelo ya ga Baale kwa Iseraele. Go bonala sentle gore Elija o ne a sa berekela lefela, ka gonne boikaelelo jwa Modimo bo ne bo tla diragadiwa bo  sa thibelwe ke sepe. Mo godimo ga moo, Elija o ne a sa ntse a tla nna le seabe mo boikaelelong joo ka gonne Jehofa o ne a mo laela go boela kwa kabelong ya gagwe a mo neile ditaelo tse di tlhomameng.—1 Dikg. 19:12-17.

23. Ke ditsela dife tse pedi tse Jehofa a ileng a thusa Elija ka tsone go itshokela maikutlo a gore o nosi?

23 Jehofa o ile a thusa Elija jang go lebana le maikutlo a gore o nosi? Jehofa o ne a dira dilo tse pedi. Sa ntlha, o ne a bolelela Elija gore a tlotse Elisha go nna moporofeti yo kgabagare a neng a tla mo tlhatlhama. Monna yono yo a neng a le mmotlana mo go Elija o ne a tla nna mopati le mothusi wa gagwe ka dingwaga di le mmalwa. A bo eno e ne e le kgomotso e e molemo jang ne! Sa bobedi, Jehofa o ne a mmolelela dikgang tseno tse di monate: “Ke tlogetse ba le dikete di supa go sala mo Iseraele, mangole otlhe a a sa khubamelang Baale, le molomo mongwe le mongwe o o sa mo atlang.” (1 Dikg. 19:18) Ruri Elija o ne a se nosi. O tshwanetse a bo a ile a kgothala tota fa a utlwa ka batho bao ba ba diketekete ba ba ikanyegang ba ba neng ba ganne go obamela Baale. Go ne go le botlhokwa gore Elija a tswelele a direla ka boikanyegi, gore a ba tlhomele sekao sa go ikanyega mo go Jehofa a sa tshikinyege mo dinakong tseo tse di thata. Elija o tshwanetse a bo a ile a amiwa maikutlo thata ke go utlwa mafoko ao a tla ka morongwa wa ga Jehofa, “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” la Modimo wa gagwe.

Baebele e ka tshwantshiwa le “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase,” le Jehofa a le dirisang gompieno go re kaela

24, 25. (a) Gompieno re ka reetsa “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” la ga Jehofa ka tsela efe? (b) Ke eng fa re ka tlhomamisa gore Elija o ile a amogela kgomotso e Jehofa a ileng a mo e naya?

24 Fela jaaka Elija, le rona re ka gakgamadiwa ke maatla a magolo a tlholego a re a bonang mo popong. Popo e bontsha sentle maatla a Mmopi. (Bar. 1:20) Jehofa o sa ntse a rata go dirisa maatla a gagwe a magolo go thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (2 Ditir. 16:9) Le fa go ntse jalo, Modimo o dirisa thata Lefoko la gagwe, Baebele, go bua le rona. (Bala Isaia 30:21.) Ka tsela nngwe, Baebele e ka tshwantshiwa le “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase,” le Jehofa a le dirisang gompieno go re kaela. Jehofa o dirisa buka eno e e molemo go re kgalemela, go re kgothatsa le go re tlhomamisetsa gore o a re rata.

25 A Elija o ne a amogela kgomotso e Jehofa a neng a mo naya yone kwa Thabeng ya Horebe? Ee ruri! Go ise go ye kae o ne a boetse gape mo tirong, e le moporofeti yole yo o pelokgale le yo o ikanyegang, yo o neng a tlhagisa batho gore ba tlogele go obamela medimo ya maaka. Le rona fa re tsaya tsia mafoko a Modimo a a tlhotlheleditsweng, “kgomotso ya Dikwalo,” re tla kgona go etsa tumelo ya ga Elija.—Bar. 15:4.

^ ser. 22 “Lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase” e ka tswa e ne e le la moya o o neng o romilwe go isa “lefoko la ga Jehofa” le le umakiwang mo go 1 Dikgosi 19:9. Mo go temana 15, moya ono o tlhalosiwa fela go twe ke “Jehofa.” Re ka nna ra gopola moengele yo Jehofa a neng a mo dirisa go kaela Baiseraele kwa nageng, yo Modimo a neng a bua jaana ka ene: “Leina la me le mo teng ga gagwe.” (Ekes. 23:21) Gone ke boammaaruri gore re ka se tlhomamise kgang eno ka botlalo, mme gone go molemo go ela tlhoko gore pele Jesu a nna motho, e ne e le “Lefoko,” Mmueledi yo o kgethegileng yo Jehofa a neng a mo dirisa go bua le batlhanka ba gagwe.—Joh. 1:1.