Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMENNGWE

O ne A Nna a Disitse Mme a Leta

O ne A Nna a Disitse Mme a Leta

1, 2. Elija o ne a lebana le kabelo efe e e sa itumediseng, mme ene le Ahabe ba ne ba farologane ka ditsela dife?

ELIJA o ne a batla go rapela Rraagwe yo o kwa legodimong mo sephiring. Le fa go ntse jalo, boidiidi jo bo neng bo dikologile moporofeti yono wa boammaaruri bo ne bo sa tswa go mmona a bitsa molelo go tswa kwa legodimong, mme ga go pelaelo gore bontsi jwa batho bano bo ne bo dira sotlhe se bo ka se kgonang go kgatlha Elija gore a tle a ba amogele. Pele ga Elija a ka tlhatlogela kwa godimo ga Thaba ya Karemele go ya go rapela Jehofa Modimo mo sephiring, o ne a tshwanelwa ke go dira tiro nngwe e e sa itumediseng. O ne a tshwanetse go bua le Kgosi Ahabe.

2 Ahabe le Elija ba ne ba farologane fela thata. Ahabe yo o neng a apere diaparo tsa segosi, e ne e le monna yo o pelotshetlha yo o neng a itetla go tlhotlhelediwa motlhofo ke batho ba bangwe go dira dilo tse di bosula. Elija ene o ne a apere diaparo tse di neng di aparwa ke baporofeti—seaparo sa maemo a a kwa tlase se gongwe se neng se dirilwe ka letlalo la phologolo kgotsa ka boboa jwa kamela kgotsa podi. E ne e le monna yo o pelokgale, yo o thokgameng le yo o nang le tumelo. Ditiragalo tse di neng tsa direga mo letsatsing leo di ne di senotse gore banna bao ke batho ba ba ntseng jang.

3, 4. (a) Ke eng fa Ahabe le baobamedi ba bangwe ba ga Baale ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong? (b) Re tlile go tlotla ka dipotso dife?

3 Ahabe le baobamedi ba bangwe ba ga Baale ba ne ba tlhabisitswe ditlhong mo letsatsing leo. Bodumedi jwa boheitane jo Ahabe le mosadi wa gagwe Kgosigadi Jesebele ba neng ba bo rotloetsa mo bogosing jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele, bo ne bo fentswe. Baale o ne a senotswe gore ke modimo wa maaka. Le mororo baporofeti ba ga Baale ba ile ba ikuela kwa go ene ba sa kgaotse, ba bina e bile ba itshegaka mo ba neng ba tshologa madi, modimo yoo yo o sa tsheleng o ne a palelwa fela ke go tshuba molelo. Baale o ne a paletswe ke go sireletsa banna bao ba le 450 ba ba neng ba tshwanelwa ke go bolawa. Go na le sengwe gape se modimo yono wa maaka a neng a paletswe ke go se dira, mme go ise go ye kae go palelwa ga gagwe go ne go tla tloga go senoga. Go ne go fetile dingwaga di le tharo baporofeti ba ga Baale ba ntse ba mo kopa go fedisa leuba le le neng le aparetse naga ya bone, le fa go ntse jalo Baale o ne a paletswe ke go le fedisa. Go ise go ye kae, Jehofa o ne a tla  tloga a itshupa gore ke ene Modimo wa boammaaruri ka go fedisa leuba leo.—1 Dikg. 16:30–17:1; 18:1-40.

4 Mme gone, Jehofa o ne a tla tsaya kgato leng? Elija o ne a tla dira eng fa a ntse a letile Jehofa? Mme re ka ithuta eng mo monneng yono wa tumelo? A re boneng seo fa re ntse re sekaseka pego eno.—Bala 1 Dikgosi 18:41-46.

O ne A Ikanya Thapelo

5. Elija o ne a bolelela Ahabe gore a dire eng, mme a go bonala Ahabe a ile a ithuta sengwe mo go se se neng sa direga mo letsatsing leo?

5 Elija o ne a ya kwa go Ahabe mme a mo raya a re: “Tlhatloga, o je o bo o nwe; gonne go na le modumo wa pheretlhego wa pula e kgolo.” A kgosi eno e e boikepo e ne e ithutile sengwe mo go se se neng se diragetse mo letsatsing leo? Pego eno ga e tlhalose dintlha tsotlhe ka kgang eo, mme gone ga go mafoko ape a a bontshang gore o ne a ikwatlhaya kgotsa a kopa moporofeti yono gore a mo thuse go rapela Jehofa le go kopa gore a itshwarelwe. Go na le moo, Ahabe o ne a “tlhatloga a ya go ja le go nwa.” (1 Dikg. 18:41, 42) Elija ene o ne a dira eng?

6, 7. Elija o ne a rapelela eng, mme ka ntlha yang?

6 “Fa e le Elija ene, a tlhatlogela kwa godimo ga Karemele mme a inamela fa fatshe a ba a nna a tsentse sefatlhego fa gare ga mangole.” Fa Ahabe a ya go ja, Elija ene o ne a nna le tshono ya go rapela Rraagwe yo  o kwa legodimong. Ela tlhoko tsela e e bontshang boikokobetso e e tlhalosiwang fano—Elija o ne a iname thata jaana mo sefatlhego sa gagwe se neng se le fa gare ga mangole. O ne a dira eng? Ga re tlhoke go fopholetsa. Mo go Jakobe 5:18, Baebele e re bolelela gore Elija o ne a rapelela gore leuba le fele. Go bonala a ne a rapela a le kwa godimo ga Karemele.

Dithapelo tsa ga Elija di ne di bontsha gore o eletsa thata go bona thato ya Modimo e diragadiwa

7 Pelenyana ga foo, Jehofa o ne a re: “Ke ikemiseditse go nesa pula mo godimo ga lefatshe.” (1 Dikg. 18:1) Ka jalo, Elija o ne a rapelela gore thato ya ga Jehofa e diragale, fela jaaka Jesu a ile a ruta balatedi ba gagwe go rapela dingwaga di ka nna sekete morago ga moo.—Math. 6:9, 10.

8. Sekao sa ga Elija se re ruta eng ka thapelo?

8 Sekao sa ga Elija se re ruta go le gontsi ka thapelo. Selo se Elija a neng a akantse thata ka sone e ne e le gore thato ya Modimo e diragadiwe. Go botlhokwa gore le rona fa re rapela re gopole gore: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya [Modimo], o a re utlwa.” (1 Joh. 5:14) Ka jalo, go bonala sentle gore re tshwanetse go itse gore thato ya Modimo ke eng gore a tle a utlwe dithapelo tsa rona—e leng lebaka le le utlwalang la go bo re tshwanetse go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi. Ke boammaaruri gore Elija le ene o ne a batla go bona leuba le fedile ka gonne batho ba gaabo ba ne ba boga fela thata. Go bonala a ile a leboga Jehofa go tswa pelong fa a sena go bona kgakgamatso e Jehofa a neng a e dira mo letsatsing leo. Le rona re batla gore dithapelo tsa rona di bontshe gore re leboga Jehofa go tswa pelong le gore re amegile ka batho ba bangwe.—Bala 2 Bakorintha 1:11; Bafilipi 4:6.

O ne A Ikanya Jehofa Mme a Nna a Disitse

9. Elija o ne a laela motlhokomedi wa gagwe gore a dire eng, mme re tla tlotla ka dinonofo dife tse pedi?

9 Elija o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o tla tsaya kgato go fedisa leuba mme o ne a sa itse gore leng. Ka jalo ke eng se moporofeti yono a neng a se dira fa a ntse a letile? Ela tlhoko gore pego eno ya reng: “A raya motlhokomedi wa gagwe a re: ‘Tsweetswee tlhatloga. O lebe ntlheng ya lewatle.’ Ka jalo a tlhatloga mme a leba a bo a re: ‘Ga go na sepe gotlhelele.’ Mme a tswelela a re, ‘Boela morago,’ ga supa.” (1 Dikg. 18:43) Sekao sa ga Elija se re ruta dithuto tse pedi. Ya ntlha, ela tlhoko kafa moporofeti yono a neng a ikanya Jehofa ka gone. Go tswa foo, ela tlhoko kafa a ileng a nna a disitse ka gone.

Elija o ne a tlhoafaletse go bona sesupo sa gore Jehofa o tloga a tsaya kgato

10, 11. (a) Elija o ne a bontsha ka tsela efe gore o ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa? (b) Ke eng fa le rona re ka mo ikanya ka tsela eo?

10 E re ka Elija a ne a ikanya se Jehofa a se solofeditseng, o ne a nna a batla sesupo sa gore Jehofa o tloga a tsaya kgato. Ka jalo o ne a romela motlhokomedi wa gagwe gore a eme kwa lefelong le le kwa godimo  go bona gore a go na le sesupo sa gore pula e tla tloga e na. Fa motlhokomedi a boa, o ne a mo tlisetsa pego eno e e kgobang marapo: “Ga go na sepe gotlhelele.” Loapi lo ne lo apogile go se na le fa e le lerunyana. A o lemogile sengwe se se sa tlwaelegang? Se lebale gore Elija o ne a sa tswa go bolelela Kgosi Ahabe gore: “Go na le modumo wa pheretlhego wa pula e kgolo.” Moporofeti yono o ne a ka bua jang selo se se ntseng jalo fa ka nako eo go ne go se na le fa e le lerunyana?

11 Elija o ne a itse tsholofetso ya ga Jehofa. E re ka e ne e le moporofeti le moemedi wa ga Jehofa, o ne a tlhomamisegile gore Modimo o tla diragatsa lefoko la Gagwe. Elija o ne a ikanya Jehofa—mo go neng go ntse jaaka e kete o utlwa pula e kgolo. Gongwe seno se re gopotsa tsela e Baebele e tlhalosang Moshe ka yone: “O ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” A le wena o tsaya Modimo e le motho wa mmatota? O re naya lebaka le le utlwalang la gore re nne le tumelo e e ntseng jalo mo go ene le mo dilong tse a di solofeditseng.—Baheb. 11:1, 27.

12. Elija o ne a bontsha jang gore o nna a disitse, mme o ne a dira eng fa a bolelelwa gore go na le lerunyana le le lengwe?

12 Jaanong ela tlhoko se se bontshang gore Elija o ne a nna a disitse. O ne a busetsa motlhokomedi wa gagwe gape kwa a neng a mo romile teng, e seng gangwe fela kgotsa gabedi, mme ka makgetlo a le supa! Akanya fela kafa motlhokomedi yono a ka tswang a ne a lapisitswe ka gone ke go nna a boaboela kwa lefelong le le lengwe, mme Elija ene o ne a tlhoafaletse go bona sesupo mme ga a ka a ineela. Kgabagare fa motlhokomedi a sena go boela lekgetlo la bosupa, o ne a bega jaana: “Bona! Go na le leru le lennye jaaka legofi la motho le le tlhatlogang mo lewatleng.” A o kgona go bona ka leitlho la mogopolo motlhokomedi yono a phutholola letsogo la gagwe mme a lekanya ka seatla bogolo jwa lerunyana le le lengwe le le tlhatlogang go tswa ntlheng ya Lewatle le Legolo? Motlhokomedi yono a ka tswa a ne a tsaya gore lerunyana leo ga le botlhokwa. Le fa go ntse jalo, Elija o ne a le tsaya le le botlhokwa fela thata. Jaanong o ne a naya motlhokomedi wa gagwe ditaelo tseno tse di potlakileng: “Tlhatloga, o ye go raya Ahabe o re, ‘Golega kara! Mme o fologe gore pula e kgolo e se ka ya go kganela!’”—1 Dikg. 18:44.

13, 14. (a) Re ka etsa jang tsela e Elija a ileng a nna a disitse ka yone? (b) Ke mabaka afe a a re tlhotlheletsang go tsaya kgato ka bonako?

13 Le mono Elija o re tlhometse sekao se se molemolemo. Le rona re tshela mo nakong e Modimo a tlogang a tsaya kgato go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jo a bo boletseng. Elija o ne a letetse bokhutlo jwa leuba; gompieno batlhanka ba Modimo ba letetse bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (1 Joh. 2:17) Fela jaaka Elija, re tshwanetse go nna re disitse go fitlha Jehofa Modimo a tsaya kgato. Morwa Modimo e bong Jesu, o ne a gakolola balatedi ba gagwe jaana: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka  letsatsi lefe.” (Math. 24:42) A Jesu o ne a raya gore balatedi ba gagwe ga ba na go itse gotlhelele gore bokhutlo bo tla tla leng? Nnyaa, ka gonne o ne a bua thata ka tsela e maemo a lefatshe a tla bong a le ka yone pele bokhutlo bo tla. Rotlhe re ka kgona go ithuta ka sesupo seno se se dikarolo dintsi sa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Bala Mathaio 24:3-7.

Lerunyana le le lengwe le ne le lekane go tlhomamisetsa Elija gore Jehofa o tloga a tsaya kgato. Sesupo sa metlha ya bofelo se re naya mabaka a a utlwalang a go dira dilo re na le boikutlo jwa go potlaka

14 Karolo nngwe le nngwe ya sesupo seo e re naya bosupi jo bo maatla le jo bo tlhatswang pelo. A bosupi jono bo lekane go re tlhotlheletsa go dira dilo re na le boikutlo jwa go potlaka fa re ntse re direla Jehofa? Lerunyana le le lengwe le le neng le tlhatloga mo lewatleng le ne le lekane go tlhomamisetsa Elija gore Jehofa o tloga a tsaya kgato. A Jehofa o ne a swabisa moporofeti yoo yo o ikanyegang?

Jehofa a mo Namola Le go Mo Segofatsa

15, 16. Ke ditiragalo dife tse di neng tsa direga ka bonako, mme Elija a ka tswa a ne a ipotsa eng ka Ahabe?

15 Pego eno ya re: “Ga diragala gore fa go sa ntse go ntse jalo magodimo ka boone a fifale ka maru le phefo mme pula e kgolo ya simolola go na. Mme Ahabe a tswelela a palame a ya Jesereele.” (1 Dikg. 18:45) Ditiragalo di ne tsa simolola go direga ka bonako. Fa motlhokomedi wa ga Elija a ntse a bolelela Ahabe molaetsa o o tswang kwa moporofeting, lerunyana leo le ne la gola, la tlala loapi mme ga sala go fifetse. Go ne ga tsubutla phefo e kgolo. Kgabagare, morago ga dingwaga di le tharo le halofo, pula e ne ya na mo Iseraele. Lefatshe le le omileng le ne la koloba. Fa pula e ntse e tshologa, noka ya Kishone e ne ya penologa, mme ya tlhatswa madi a baporofeti ba ga Baale ba ba neng ba bolailwe. Baiseraele ba ba seng kutlo le bone ba ne ba newa tshono ya go tlosa kobamelo e e leswe ya ga Baale mo nageng ya bone.

“Pula e kgolo ya simolola go na”

16 Ruri Elija o ne a solofetse gore Baiseraele ba tla tlosa kobamelo ya ga Baale mo Iseraele! Gongwe o ne a ipotsa gore Ahabe o tla itshwara jang fa ditiragalo tseo tse di gakgamatsang di ntse di direga. A Ahabe o ne a tla ikwatlhaya mme a tlogele kobamelo e e leswe ya ga Baale? Kana gone, ditiragalo tsa letsatsi leo di ne di mo neile mabaka a a utlwalang a go dira diphetogo tseo. Ke boammaaruri gore re ka se itse se Ahabe a neng a se akantse ka nako eo. Pego eno e re bolelela fela gore kgosi e ne ya ‘tswelela e palame e ya Jesereele.’ A o ne a ithutile sengwe? A o ne a ikemiseditse go fetola ditsela tsa gagwe? Ditiragalo tse di diragetseng morago ga moo di re bontsha gore ga a ka a dira jalo. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le dilo tse dingwe tse di tla diragalelang Ahabe—le Elija.

17, 18. (a) Elija o ne a diragalelwa ke eng fa a le mo tseleng go ya Jesereele? (b) Ke eng se se neng se sa tlwaelega ka go taboga ga ga Elija fa a tswa Karemele a ya Jesereele? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

 17 Moporofeti wa ga Jehofa o ne a tsena mo loetong mme a tsamaya ka tsela e Ahabe a neng a tsamaile ka yone. E ne e tlile go nna mosepele o moleele, mo puleng le mo lefifing. Mme go ne ga diragala sengwe se se sa tlwaelegang.

18 “Seatla sa ga Jehofa sa itshupa se le mo go Elija, mme a gatlha dinôka tsa gagwe a siana kwa pele ga ga Ahabe tsela yotlhe go ya Jesereele.” (1 Dikg. 18:46) Go bonala sentle gore “seatla sa ga Jehofa” se ne sa thusa Elija ka tsela e e gakgamatsang. Jesereele e ne e le bokgakala jwa dikilometara di le 30, mme Elija o ne a setse a godile. * Leka go bona ka leitlho la mogopolo moporofeti yono a gatlha seaparo sa gagwe se seleele, a se bofa mo lothekeng gore a kgone go taboga sentle mo tseleng e e tletseng metsi—a taboga ka lobelo lo logolo thata mo a neng a tshwara kara ya segosi a bo a e feta!

19. (a) Maatla le matlhagatlhaga a Modimo a neng a a naya Elija a ka re gopotsa dipolelelopele dife? (b) Fa Elija a ntse a taboga a ya Jesereele, o ne a tlhomamisegile ka eng?

19 Ruri seo e tshwanetse ya bo e ne e le tshegofatso mo go Elija! Go ikutlwa a le maatla, a nonofile e bile a le matlhagatlhaga jalo—gongwe a ikutlwa ka tsela e a iseng a tsamaye a ikutlwe ka yone fa a sa ntse a le mosha—go tshwanetse ga bo go ile ga mo itumedisa tota. Seno se ka nna sa re gopotsa boporofeti jo bo tlhomamisetsang batho ba ba ikanyegang gore ba tla nna le botsogo jo bo itekanetseng le matlhagatlhaga, mo lefatsheng le le tlang la Paradaise. (Bala Isaia 35:6; Luke 23:43) Fa Elija a ntse a taboga mo tseleng eo e e tletseng metsi, o ne a tlhomamisegile gore o amogelwa ke Rraagwe, Modimo yo o esi wa boammaaruri, Jehofa!

20. Re ka bona jang masego a ga Jehofa?

20 Jehofa o ikemiseditse go re segofatsa. Masego a gagwe a tlhwatlhwakgolo, ka jalo re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re a bone. Fela jaaka Elija, re tshwanetse go nna re disitse, re etse tlhoko bosupi jo bo maatla jo bo bontshang gore Jehofa o tloga a tsaya kgato mo dinakong tseno tse di kotsi le tse di potlakileng. Le rona fela jaaka Elija, re na le mabaka a a utlwalang a go ikanya ka botlalo ditsholofetso tsa ga Jehofa, “Modimo wa boammaaruri.”—Pes. 31:5.

^ ser. 18 Moragonyana fela ga moo, Jehofa o ne a tla naya Elija kabelo ya go thapisa Elisha, yo o neng a tla bidiwa ‘yo o tshelang metsi mo diatleng tsa ga Elija.’ (2 Dikg. 3:11) Elisha o ne a nna motlhokomedi wa ga Elija, mme go bonala a ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go thusa monnamogolo yoo.