Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOTLHANO

“Mosadi yo o Molemo Thata”

“Mosadi yo o Molemo Thata”

1, 2. (a) Ruthe o ne a dira tiro ya mofuta ofe? (b) Ruthe o ne a ithuta eng se se molemo ka Molao wa Modimo le ka batho ba gagwe?

RUTHE o khubame go bapa le mokoa wa matlhaka a barele a a a phuthileng mo letsatsing leo. Go setse go nna lefifi mo masimong a Bethelehema mme badiri ba le bantsi ba tsamaya ka iketlo ba lebile kgoro ya motsana o o agilweng mo thoteng e e fa gaufi. Ruthe o tshwanetse a bo a lapile tota, ka gonne e sa le a semeletse go tswa mo mosong. Mme le jaanong o sa ntse a semeletse, o dirisa thobane e nnye kgotsa mootlwana go photha, gore ditlhaka di foforege mo diakong. Tota le fa tiro eno e le thata, letsatsi la gagwe le tsamaile sentle—go feta kafa a neng a solofetse ka gone.

2 A jaanong dilo di setse di simolola go tsamaela mosadi yono yo mosha wa motlholagadi sentle? Jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, o ile a dira tshwetso ya gore a tsamaye le matsalaagwe e bong Naomi, a ikana gore o tla nna le ene le gore Modimo wa ga Naomi e bong Jehofa, e tla nna Modimo wa gagwe. Basadi bano ba babedi ba ba tlhokafaletsweng ke banna ba ne ba fuduga kwa Moabe ba tla mo Bethelehema, mme go ise go ye kae Ruthe wa Momoabe o ne a utlwela gore mo Molaong wa ga Jehofa go na le thulaganyo e e molemo ya go thusa bahumanegi ba Baiseraele le batswakwa. Mme jaanong o ne a lemoga gore batho bangwe ba ga Jehofa ba ba tshelang ka Molao e bile ba thapisitswe ka one ba rata melao ya Modimo e bile ba pelonomi, mme seo se ne sa mo ama pelo fela thata.

3, 4. (a) Boase o ile a kgothatsa Ruthe jang? (b) Sekao sa ga Ruthe se ka re thusa jang mo maemong a a thata a ikonomi a re lebaneng le one gompieno?

3 Mongwe wa batho bao e ne e le Boase, monna mongwe yo o godileng wa mohumi yo Ruthe a neng a ronopa mo masimong a gagwe. Mo letsatsing leo Boase o ne a amegile ka ene jaaka rre. Pelo ya ga Ruthe e ne e phophoma ka boitumelo fa a akanya kafa Boase a mo akgotseng ka gone go bo a tlhokometse Naomi le go bo a tlhophile go sirelediwa ke Modimo wa boammaaruri, Jehofa.—Bala Ruthe 2:11-14.

4 Le fa go ntse jalo, Ruthe a ka tswa a ne a ipotsa gore isagwe e mo tsholetse eng. E re ka e ne e le motswakwa yo o humanegileng e bile a se na monna kgotsa ngwana, o ne a tla tlhokomela ene le Naomi  jang mo dingwageng tse di neng di tla latela? A ba ne ba tla kgona go tshela ka tiro ya go ronopa? Mme o ne a tlile go tlhokomelwa ke mang fa a tsofetse? Go a utlwala go bo a ne a tshwenyegile ka dilo tseo. E re ka mo motlheng wa rona go na le mathata a ikonomi, batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka dilo tse di ntseng jalo. Fa re ntse re ithuta kafa tumelo ya ga Ruthe e mo thusitseng ka gone go lebana le dikgwetlho tseo, re tla lemoga dilo di le dintsi tse re ka mo etsang mo go tsone.

Tota Lelapa ke Eng?

5, 6. (a) Letsatsi la ntlha la ga Ruthe la go ronopa kwa tshimong ya ga Boase le tsamaile jang? (b) Naomi o ne a itshwara jang fa a bona Ruthe?

5 Fa Ruthe a sena go photha le go kokoanya ditlhaka, o ne a lemoga gore o ronopile mo e ka nnang selekanyo sa ifa kgotsa dilitara di le 22 tsa barele. Morwalo wa gagwe o ka tswa o ne o le boima jwa dikilogerama di ka nna 14! O ne a o tsholetsa, gongwe a o bofile ka letsela mme a o rwala mo tlhogong, go tswa foo a bo a tsena mo tseleng ka lotlatlana, a leba Bethelehema.—Ruthe 2:17.

6 Naomi o ne a itumeletse go bona ngwetsi ya gagwe e a e ratang, gongwe e bile o ile a gakgamala fa a bona morwalo o o boima wa barele o Ruthe a neng a o rwele. Gape Ruthe o ne a tlile ka dijo tse di setseng tse Boase a di nayang badiri, ka jalo ba ne ba lalela ka dijo tseo tse di motlhofo. Naomi o ne a mmotsa: “O ne o ronopa kae gompieno, le gone o ne o dira kae? A yo o neng a go ela tlhoko a segofale.” (Ruthe 2:19) Naomi o ne a le kelotlhoko; o ne a lemoga ka morwalo wa ga Ruthe gore mongwe o thusitse mosadi yono yo mosha wa motlholagadi le go mmontsha bopelonomi.

7, 8. (a) Naomi o ne a tsaya bopelonomi jwa ga Boase bo tswa kwa go mang, mme ka ntlha yang? (b) Ke tsela efe e nngwe e Ruthe a ileng a bontsha matsalaagwe lorato lo lo ikanyegang ka yone?

7 Ba ne ba simolola go tlotla mme Ruthe a bolelela Naomi ka bopelonomi jwa ga Boase. Naomi o ne a araba a amegile maikutlo a re: “A a segofadiwe ke Jehofa, yo o sa tlogelang go nna le bopelonomi jwa gagwe jwa lorato mo batsheding le mo baswing.” (Ruthe 2:20) O ne a tsaya bopelonomi jwa ga Boase bo tswa kwa go Jehofa, yo o kgothaletsang batlhanka ba gagwe go nna pelotshweu e bile a solofetsa go ba segofatsa fa ba bontsha bopelonomi. *Bala Diane 19:17.

8 Naomi o ne a rotloetsa Ruthe go dira se Boase a mo kopileng sone, gore a ronope mo tshimong ya ga Boase mme a nne gaufi le basadi ba basha ba ntlo ya gagwe gore barobi ba se ka ba mo tshwenya. Ruthe o ne a dirisa kgakololo eo. Gape o ne a “tswelela a nna le  matsalaagwe.” (Ruthe 2:22, 23) Mo mafokong ao re bona gape nonofo e e tlhomologileng ya ga Ruthe—lorato lo lo ikanyegang. Sekao sa gagwe se re tlhotlheletsa go ipotsa gore a re tlotla kamano e re nang le yone le ba malapa a rona, re ba ema nokeng le go ba thusa fa go tlhokega. Ka metlha Jehofa o a bona fa re bontsha lorato loo lo lo ikanyegang.

Sekao sa ga Ruthe le Naomi se re gopotsa gore re anaanele ba malapa a rona

9. Re ka ithuta eng ka lelapa mo go Ruthe le Naomi?

9 A mme gone Ruthe le Naomi e ne e le lelapa? Bangwe ba dumela gore mo lelapeng go tshwanetse ga bo go na le monna, mosadi, morwa, morwadi, mmèmogolo, rremogolo, jalo le jalo. Mme sekao sa ga Ruthe le Naomi se gopotsa batlhanka ba ga Jehofa gore go a kgonega gore go nne le kutlwano, bopelonomi le lorato mo lelapeng, le fa le ka nna lennye go le kana kang. A o anaanela ba lelapa la gago? Jesu o ne a gopotsa balatedi ba gagwe gore phuthego ya Bokeresete e ka nna lelapa, tota le mo bathong ba ba se nang ba gabone.—Mar. 10:29, 30.

Ruthe le Naomi ba ne ba thusana le go kgothatsana

“Ke Mongwe wa Barekolodi ba Rona”

10. Naomi o ne a batla go thusa Ruthe jang?

10 Go simolola ka nako ya thobo ya barele ka Moranang go fitlha ka nako ya thobo ya korong ka Seetebosigo, Ruthe o ne a ntse a ronopa kwa masimong a ga Boase. Ga go pelaelo gore fa dibeke di ntse di feta, Naomi o ne a akanya thata ka se a ka se direlang ngwetsi ya gagwe e a e ratang. Fa Naomi a le kwa Moabe, o ne a tlhomamisegile gore ga a kitla a kgona go thusa Ruthe go bona monna yo mongwe. (Ruthe 1:11-13) Mme jaanong o simolola go akanya ka tsela e e farologaneng. O ne a raya Ruthe a re: “Morwadiaka, a ga ke a tshwanela go go batlela lefelo la boikhutso?” (Ruthe 3:1) Mo metlheng eo go ne go tlwaelegile gore batsadi ba batlele bana ba bone balekane, mme Ruthe o ne a itshupile gore tota ke morwadia Naomi. O ne a batlela Ruthe “lefelo la boikhutso”—tshireletsego le pabalesego tse motho a ka di bonang fa a na le legae le monna. Mme Naomi o ne a tla dira eng?

11, 12. (a) Fa Naomi a ne a re Boase ke “morekolodi,” o ne a akantse ka thulaganyo efe e e lorato e e mo Molaong wa Modimo? (b) Ruthe o ne a itshwara jang fa matsalaagwe a mo gakolola?

11 Lekgetlo la ntlha fa Ruthe a ne a bolelela Naomi ka Boase, Naomi o ne a re: “Monna yono ke wa losika lwa rona. Ke mongwe wa barekolodi ba rona.” (Ruthe 2:20) Seo se ne se kaya eng? Molao wa Modimo o o neng o neilwe Baiseraele o ne o na le thulaganyo e e lorato ya go thusa malapa a a neng a goga bokete ka ntlha ya khumanego kgotsa go swelwa. Fa mosadi a ne a ka nna motlholagadi a ise a tshole ngwana, o ne a hutsafala thata ka gonne leina la monna wa gagwe  le ne le tla nyelela mo dikokomaneng tse di neng di tla latela. Le fa go ntse jalo, Molao wa Modimo o ne o letla morwarraagwe moswi go nyala motlholagadi yoo, gore a mo tsholele moruaboswa yo o neng a ka tsweletsa leina la monna wa gagwe yo o tlhokafetseng le go tlhokomela dithoto tsa lelapa. *Dute. 25:5-7.

12 Naomi o ne a bolelela Ruthe se a neng a ikaeletse go se dira. Akanya kafa mosadi yono yo mosha a neng a gamaregile ka gone fa matsalaagwe a ntse a bua. Molao wa Baiseraele o ne o le mosha mo go Ruthe, e bile o ne a ise a tlhaloganye sentle bontsi jwa dingwao tsa bone. Le fa go ntse jalo, o ne a tlotla Naomi fela thata mo a neng a reetsa ka kelotlhoko lefoko lengwe le lengwe le a neng a mmolelela lone. Se Naomi a neng a re Ruthe a se dire se ne se ka lebega se sa tlwaelega kgotsa se tlhabisa ditlhong—le e leng go diga seriti—le fa go ntse jalo, Ruthe o ne a dumela go se dira. O ne a bua jaana ka boikokobetso: “Sotlhe se o se mpolelelang ke tla se dira.”—Ruthe 3:5.

13. Re ka ithuta thuto efe mo go Ruthe ka go amogela kgakololo ya bagolo? (Bona le Jobe 12:12.)

13 Ka dinako tse dingwe go thata gore basha ba reetse kgakololo ya batho ba ba godileng le ba ba nang le maitemogelo go ba feta. Gantsi basha ba akanya gore bagolo ga ba tlhaloganye dikgwetlho le mathata a ba lebanang le one. Sekao sa ga Ruthe sa boikokobetso se re gopotsa gore go reetsa dikgakololo tse di botlhale tsa bagolo ba ba re ratang le ba ba re batlelang se se molemo, go ka re solegela molemo fela thata. (Bala Pesalema 71:17, 18.) Naomi o ne a naya Ruthe  kgakololo efe, mme gone, a Ruthe o ne a segofalediwa go reetsa kgakololo eo?

Ruthe Kwa Seboaneng

14. Seboana ke eng, mme se dirisediwa eng?

14 Maitseboa ao, Ruthe o ne a ya kwa seboaneng—bodilo jo bo sephaphathi e bile bo le thata kwa bontsi jwa balemi ba neng ba photha le go olosa ditlhaka gone. Gantsi go ne go tlhophiwa lefelo le le mo mofapheng kgotsa kwa godimo ga thota, kwa go neng go na le pheswana e e maatla maitseboa kgotsa ka lotlatlana. Gore badiri ba ntshe mmoko le matlhaka mo dijong tsa ditlhaka, ba ne ba dirisa diforoko tse dikgolo kgotsa digarawe go olosa ditlhaka tseno mo phefong e e neng e tla dira gore mmoko o o motlhofo o fokiwe ke phefo mme dijo tsa ditlhaka tsone di bo di wela mo boalong.

15, 16. (a) Tlhalosa se se neng sa direga kwa seboaneng fa Boase a ntse a wetsa tiro ya letsatsi? (b) Ke eng se se neng sa lemotsha Boase gore Ruthe o rapame mo dinaong tsa gagwe?

15 Ruthe o ne a lebile badiri ka kelotlhoko fa ba ntse ba wetsa tiro ya bone ya letsatsi. Boase o ne a tlhokometse badiri fa ba ntse ba olosa dijo tsa ditlhaka go fitlha di nna mokoa. Fa a sena go ja dijo tse di monate, o ne a robala go bapa le mokoa oo. Go bonala mokgwa ono o ne o tlwaelegile, gongwe o dirwa go sireletsa thobo mo magodung le mo dikebekweng tse di kotsi. Ruthe o ne a bona fa Boase a robala. Jaanong e ne e le nako ya gore a dire se Naomi a mo laetseng sone.

16 Ruthe o ne a ya kwa go Boase a nanabela, pelo ya gagwe e iteela ka bonako. O ne a bona gore Boase o ile ka boroko. Mme fela jaaka Naomi a buile, o ne a ya kwa dinaong tsa ga Boase a di bipolola a bo a rapama foo. Morago ga moo a bo a leta. Go ne ga feta lobaka. Ruthe o tshwanetse a bo a ne a bona e kete o letile lobaka lo loleele. Kgabagare  mo e ka nnang bosigogare, Boase o ne a itshikinya. E re ka a ne a sitwa, o ne a phutholola matsogo, gongwe a leka go ikhurumetsa dinao gape. Mme o ne a utlwa gore go na le mongwe. Pego eo ya re: “Bonang! ga bo go na le mosadi a rapame fa dinaong tsa gagwe!”—Ruthe 3:8.

17. Batho ba ba akanyang gore boitsholo jwa ga Ruthe bo ne bo sa siama ba itlhokomolosa dintlha dife tse pedi?

17 O ne a botsa: “O mang?” Ruthe o ne a araba, gongwe lentswe la gagwe le roroma a re: “Ke nna Ruthe lelata la gago, mme wena tsharololela ntlha ya seaparo sa gago mo godimo ga lelata la gago, ka gonne o morekolodi.” (Ruthe 3:9) Babatlisisi bangwe ba motlha wa gompieno ba akanya gore se Ruthe a neng a se dira le go se bua se bontsha gore o ne a batla go tlhakanela dikobo, mme ba itlhokomolosa dintlha dingwe tse pedi. Sa ntlha, se Ruthe a neng a se dira se ne se tsamaisana le dingwao tsa motlha oo, tse bontsi jwa tsone di sa tlwaelegang gompieno. Ka jalo, go tla bo go sa utlwale go bapisa se a neng a se dira le boitsholo jo bo sa siamang jo bo leng teng gompieno. Sa bobedi, Boase o ne a araba ka tsela e e neng e bontsha sentle gore o ne a tsaya se Ruthe a neng a se dira se siame e bile se tlotlega.

Maitlhomo a ga Ruthe a go ya kwa go Boase a ne a siame e bile e se a bopelotshetlha

18. Boase o ne a reng go gomotsa Ruthe, mme o ne a umaka makgetlo afe a mabedi a mo go one Ruthe a neng a bontsha bopelonomi jwa lorato?

18 Fa Boase a ntse a bua le Ruthe, ga go pelaelo gore Ruthe o ne a kgothadiwa ke tsela e e bonolo e a neng a bua le ene ka yone. O ne a re: “E kete Jehofa a ka go segofatsa, morwadiaka. O bontshitse bopelonomi jwa gago jwa lorato botoka mo lekgetlhong la bofelo go na le mo go la ntlha, ka go sa latele makawana e ka tswa e le a maemo a a kwa tlase kana a a humileng.” (Ruthe 3:10) ‘Lekgetlho la ntlha’ ke fa Ruthe a ne a bontsha Naomi lorato lo lo ikanyegang ka go tsamaya le ene le go mo tlhokomela fa a ne a boela kwa Iseraele. ‘Lekgetlho la bofelo’ ke se a neng a se dira ka nako eo. Boase o ne a lemoga gore mosadi yo mosha jaaka Ruthe o ne a ka tlhopha go nyalwa ke monna yo mosha, a ka tswa a humile kgotsa a humanegile. Le fa go ntse jalo, o ne a batla go dira molemo, e seng mo go Naomi fela mme le mo monneng yo o tlhokafetseng wa ga Naomi, gore a tsweletse leina la monna yoo mo nageng ya gaabo. Ga go gakgamatse go bo Boase a ne a kgatlhilwe thata ke mosadi yono yo mosha yo o seng pelotshetlha.

19, 20. (a) Ke eng fa Boase a sa dumela ka yone nako eo gore o tla nyala Ruthe? (b) Ke ka ditsela dife Boase a ileng a bontsha Ruthe bopelonomi le go akanyetsa seriti sa gagwe?

19 Boase o ne a tswelela ka gore: “Mme jaanong, morwadiaka, o se ka wa boifa. Sengwe le sengwe se o se buang ke tla se go direla, ka  gonne mongwe le mongwe mo [kgorong ya] batho ba gaetsho o a lemoga gore o mosadi yo o molemo thata.” (Ruthe 3:11) O ne a lebile pele go nyala Ruthe; gongwe e bile o ne a sa gakgamala fa a kopiwa gore a mo rekolole. Mme gone, Boase e ne e le monna yo o siameng e bile a sa ikaelela go dira dilo fela gore a itsholegele molemo. O ne a bolelela Ruthe gore go na le morekolodi yo mongwe, yo o gaufi ka losika le lelapa la monna yo o suleng wa ga Naomi. Boase o ne a tla bua le ene pele mme a mo neye tshono ya go nyala Ruthe.

Ruthe o ne a itirela leina le lentle ka gonne a ne a bontsha ba bangwe bopelonomi le tlotlo

20 Boase o ne a kopa Ruthe gore a robale mme a ikhutse go fitlha ka masa; mme a boele gae a sa bonwe ke ope. O ne a sa batle go diga Ruthe seriti e bile a sa batle go itiga seriti, ka gonne batho ba ne ba ka tsaya gore ba nnile le boitsholo jo bo sa siamang. Ruthe o ne a rapama gape mo dinaong tsa monna yono, gongwe jaanong a wetse makgwafo morago ga gore a mo arabe ka bopelonomi. Mme fa go sa ntse go le lefitshwana, o ne a tsoga. Boase a tlatsa kobo ya ga Ruthe ka mpho ya bopelotshweu ya barele mme Ruthe a boela gae kwa Bethelehema.—Bala Ruthe 3:13-15.

21. Ke eng se se ileng sa dira gore Ruthe a itsege e le “mosadi yo o molemo,” mme re ka etsa sekao sa gagwe jang?

21 Ruthe o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a akanya ka se Boase a se buileng—gore o ne a itsege mo bathong botlhe e le “mosadi yo o molemo thata”! Ga go pelaelo gore go tlhagafalela ga gagwe go itse Jehofa le go iketleeletsa go mo direla, ke gone go dirileng gore a itsege ka tsela eo. Gape o ile a bontsha bopelonomi le go akanyetsa Naomi le batho ba gaabo, mme a ikemisetsa go fetoga le go tshela ka melao le dingwao tse a neng a sa di itse. Fa re etsa tumelo ya ga Ruthe, re tla leka go tlotla batho ba bangwe, tsela e ba tshelang ka yone le dingwao tsa bone fela thata. Fa re dira jalo, le rona re ka itsege re le batho ba ba molemo.

Go Batlela Ruthe Lefelo la Boikhutso

22, 23. (a) Mpho e Boase a neng a e naya Ruthe e ka tswa e ne e kaya eng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Naomi o ne a kgothaletsa Ruthe go dira eng?

22 Fa Ruthe a goroga, Naomi o ne a mmotsa: “O mang morwadiaka?” E re ka go ne go le lefifi, gongwe o ne a botsa ka gonne a sa bone sentle, mme gape Naomi o ne a batla go itse gore a Ruthe o tla tswelela e le motlholagadi kgotsa go na le tsholofelo ya gore a ka nyalwa gape. Ruthe o ne a tlotlela matsalaagwe ka yone nako eo se se diragetseng magareng ga gagwe le Boase. Gape o ne a mmontsha mpho ya barele e Boase a rileng a mo e neye. *Ruthe 3:16, 17.

 23 Naomi o ne a kgothaletsa Ruthe ka botlhale gore letsatsi leo a nne mo lapeng, mme a se ka a ya go ronopa. O ne a tlhomamisetsa Ruthe: “Monna yono ga a ne a ikhutsa fa a sa fetsa kgang eno gompieno.”—Ruthe 3:18.

24, 25. (a) Boase o ne a bontsha jang gore ke monna yo o siameng le yo o seng pelotshetlha? (b) Ruthe o ne a segofadiwa ka ditsela dife?

24 Naomi o ne a nepile ka se a se buileng ka Boase. O ne a ya kwa kgorong ya motse kwa gantsi bagolwane ba motse ba neng ba kopana gone mme a leta go fitlha monna mongwe yo e neng e le wa losika a feta. Boase o ne a naya monna yoo tshono fa pele ga basupi gore a nne morekolodi ka go nyala Ruthe. Le fa go ntse jalo, monna yoo o ne a gana a re go dira jalo go tla senya boswa jwa gagwe. Ka jalo, fa ba ntse ba le kwa kgorong ya motse, Boase o ne a bua fa pele ga basupi gore o tla nna morekolodi ka go reka tshimo ya ga Elimeleke, monna yo o tlhokafetseng wa ga Naomi le ka go nyala Ruthe wa motlholagadi, yo o neng a nyetswe ke Mahelone morwa Elimeleke. Boase o ne a re o solofela gore ka go dira jalo o ne a tla “tsosa leina la monna yo o suleng mo bosweng jwa gagwe.” (Ruthe 4:1-10) Ruri Boase e ne e le monna yo o siameng le yo o seng pelotshetlha.

25 Boase o ne a nyala Ruthe. Go tswa foo re bala jaana: “Jehofa a dira gore a ithwale mme a tshola ngwana wa mosimane.” Basadi ba Bethelehema ba ile ba baka Naomi ba bo ba akgolela Ruthe go bo a le botoka mo go Naomi go na le barwa ba le supa. Moragonyana, re bala gore morwa yoo wa ga Ruthe o ne a nna mogologolwane wa ga Kgosi Dafide yo o maatla. (Ruthe 4:11-22) Mme Dafide ene o ne a nna mogologolwane wa ga Jesu Keresete.—Math. 1:1. *

Jehofa o ne a segofatsa Ruthe ka go mo naya tshiamelo ya go nna mogologolwane wa ga Mesia

26. Sekao sa ga Ruthe le sa ga Naomi di re gopotsa eng?

26 Ruri Ruthe o ne a segofaditswe. Mme Naomi le ene o ne a segofaditswe ka gonne o ne a thusa go godisa ngwana jaaka e kete ke wa gagwe. Matshelo a basadi bano ba babedi a nna a re gopotsa gore Jehofa Modimo o bona botlhe ba ka boikokobetso ba dirang ka natla go tlhokomela ba malapa a bone e bile ba mo direla ka boikanyegi mmogo le batho ba gagwe ba a ba tlhophileng. Ka metlha o segofatsa batho ba ba ikanyegang ba ba jaaka Boase, Naomi le Ruthe.

^ ser. 7 Fela jaaka Naomi a ile a bua, bopelonomi jwa ga Jehofa ga bo bontshiwe batshedi fela; bo bontshiwa le baswi. Naomi o ne a tlhokafaletswe ke monna le bomorwawe ba babedi. Ruthe o ne a tlhokafaletswe ke monna. Ga go pelaelo gore basadi bano ba babedi ba ne ba rata banna bao ba bararo fela thata. Bopelonomi le fa e ka nna bofe jo bo neng jwa bontshiwa Naomi le Ruthe, tota bo ne bo bontshiwa banna bao ba ba neng ba ka rata gore basadi bano ba ba molemo ba tshele sentle.

^ ser. 11 Go bonala tshwanelo ya go nyala motlholagadi yo o ntseng jalo e ne e newa pele morwarraa monna yo o tlhokafetseng, morago ga moo e ne e ka newa monna mongwe yo o atamalaneng thata le ene ka losika, mme go ne go ntse jalo le ka tshwanelo ya go rua boswa.—Dipa. 27:5-11.

^ ser. 22 Boase o ne a naya Ruthe dilekanyo di le thataro tsa barele tse go sa buiwang boima jwa tsone—gongwe e le go bontsha gore fela jaaka morago ga malatsi a le marataro a tiro go latela boikhutso jwa Sabata, malatsi a ga Ruthe a go dira ka natla e le motlholagadi a ne a tla tloga a latelwa ke “boikhutso” jo a neng a tla nna le jone, ka gonne a na le legae le le sireletsegileng le monna. Ka fa letlhakoreng le lengwe, dilekanyo di le thataro—gongwe tsa digarawe tse di tletseng—e ne e le tsone fela tse Ruthe a neng a ka kgona go di rwala.

^ ser. 25 Ruthe ke mongwe wa basadi ba le batlhano ba ba leng mo lenaaneng la Baebele la bagologolwane ba ga Jesu. Yo mongwe ke Rahabe yo e neng e le mmaagwe Boase. (Math. 1:3, 5, 6, 16) Fela jaaka Ruthe, e ne e se Moiseraele.