Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMEAMABEDINNGWE

O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo

O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo

1-3. Ke eng se Petere a ileng a se bona mo letsatsing leno le go neng ga direga dilo tse dintsi mo go lone, mme bosigo o ne a diragalelwa ke eng?

PETERE o ne a semeletse a tsamaisa mokoro mo lefifing a ntse a leka go bona se se diregang kwa pele. A lesedinyana le le letobo le a neng a le bona kwa ntlheng ya botlhaba le ne le bontsha gore letsatsi le tloga le tlhaba? Mokwatla le magetla a gagwe a ne a le botlhoko ka ntlha ya go tsamaisa mokoro bosigo jotlhe. Phefo e e neng e phepheula moriri wa gagwe e ne ya dira gore Lewatle la Galalea le gakale. Makhubu a lewatle a ne a itaagana kwa pele mo mokorong wa go tshwara ditlhapi mme fa metsi ao a a tsididi a ntse a phatšhega, a ne a kolobetsa Petere. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a tsamaisa mokoro.

2 Petere le ditsala tsa gagwe ba ne ba tlogetse Jesu kwa lotshitshing lwa lewatle. Mo go lone letsatsi leo ba ne ba bone Jesu a fepa boidiidi jo bo neng bo tshwerwe ke tlala ka dinkgwe le ditlhapi di le mmalwa. Seo se ne sa dira gore batho ba batle go dira Jesu kgosi, mme ene o ne a sa batle go nna le seabe mo dipolotiking. Gape o ne a ikemiseditse go thusa balatedi ba gagwe gore le bone ba se ka ba nna le seabe mo dipolotiking. Fa a sena go laela boidiidi gore bo tsamaye, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba tsene mo mokorong mme ba ye kwa ntlheng e nngwe ya lotshitshi fa ene a ya kwa thabeng go ya go rapela.—Mar. 6:35-45; bala Johane 6:14-17.

3 Fa barutwa ba tsena mo mokorong ba tsamaya, letsatsi le ne le phirima; jaanong go ne go setse go le bosigo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tsamaile dikilometara di le mmalwa fela. E re ka ba ne ba dira ka natla go tsamaisa mokoro e bile go na le modumo o mogolo wa phefo le makhubu, go ne go le thata gore ba tlotle. Go bonala Petere a ne a ile le megopolo.

Mo dingwageng di le pedi fela, Petere o ne a ithutile dilo di le dintsi mo go Jesu, mme o ne a sa ntse a tshwanelwa ke go ithuta go le gontsi

4. Ke eng fa Petere e le sekao se se molemo se re ka se etsang?

 4 Tota go ne go na le dilo tse dintsi tse a ka akanyang ka tsone! O ne a ile a kopana le Jesu wa Nasaretha lekgetlo la ntlha mo dingwageng di ka nna pedi tse di fetileng, tse mo go tsone go neng ga direga dilo di le dintsi. O ne a ithutile dilo di le dintsi, mme o ne a sa ntse a tshwanelwa ke go ithuta go le gontsi. Go iketleetsa ga gagwe go dira jalo—go lwantsha dikgoreletsi tse di jaaka dipelaelo le poifo—go dira gore a nne sekao se se molemo se re ka se etsang. A re boneng gore jang.

“Re Bone Mesia”!

5, 6. Petere o ne a tshela botshelo jo bo ntseng jang?

5 Petere o ne a ka se lebale letsatsi le a kopaneng le Jesu ka lone. La ntlha, morwarraagwe e bong Anderea, o ne a mmolelela dikgang tseno tse di gakgamatsang: “Re bone Mesia.” Mafoko ao a ne a fetola botshelo jwa ga Petere. Bo ne bo se kitla bo tshwana le pele.—Joh. 1:41.

6 Petere o ne a nna kwa Kaperenama, motse o o ka fa bokone jwa lotshitshi lwa letsha la metsi a a phepa le le bidiwang Lewatle la Galalea. Ene le Anderea ba ne ba kopanetse kgwebo ya go tshwara ditlhapi le bomorwa Sebede e bong Jakobe le Johane. Petere o ne a nna le mosadi wa gagwe, matsalaagwe le morwarraagwe e bong Anderea. Gore a kgone go tlamela ba lelapa la gagwe ka kgwebo eno, o ne a tshwanetse go dira ka natla le go dirisa mekgwa e e farologaneng ya go tshwara ditlhapi. Akanya fela banna bano ba bereka masigo a mantsi—ba latlhela matloa mo metsing fa gare ga mekoro e mebedi ba bo ba goga ditlhapi dipe fela tse ba kgonneng go di tshwara. Akanya gape ka tiro e e lapisang e ba neng ba tshwanetse go e dira motshegare ya go tlhopha ditlhapi tse di siameng le go di rekisa le ya go roka matloa le go a phepafatsa.

7. Petere o ne a utlwela eng ka ga Jesu, mme ke eng fa e ne e le dikgang tse di kgatlhang?

7 Baebele e re bolelela gore Anderea e ne e le morutwa wa ga Johane Mokolobetsi. Ga go pelaelo gore Petere o ne a kgatlhegela thata go reetsa molaetsa wa ga Johane, o morwarraagwe a neng a tlhola a mmolelela one. Letsatsi lengwe Anderea o ne a bona Johane a supa Jesu wa Nasaretha a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!” Ka bonako fela Anderea o ne a nna molatedi wa ga Jesu mme a bolelela Petere dikgang tseno tse di kgatlhang: Mesia o gorogile! (Joh. 1:35-40) Morago ga botsuolodi jwa kwa Edene, dingwaga di ka nna 4 000 pelenyana, Jehofa Modimo o ne a solofetsa gore go tla tla motho yo o kgethegileng yo o neng a tla naya batho tsholofelo ya mmatota. (Gen. 3:15) Anderea o ne a kopane le Mogolodi yono, Mesia ka boene! Petere le ene o ne a itlhaganelela go ya go kopana le Jesu.

8. Leina le Jesu a ileng a le naya Petere le kaya eng, mme ke eng fa bangwe ba sa ntse ba belaela go bo a ile a newa leina leo?

8 Go tla go fitlha mo letsatsing leo, Petere o ne a ntse a itsege ka leina la Simone kgotsa Simeone. Mme Jesu o ne a mo leba mme a mo raya a re: “‘O Simone morwa Johane; o tla bidiwa Kefase’ (mo go ranolwang ka gore Petere).” (Joh. 1:42) Leina “Kefase” le kaya “leje” kgotsa “lefika.” Go bonala sentle gore mafoko a ga Jesu e ne e le a boporofeti. O ne a bonela  pele gore Petere o ne a tla nna jaaka lefika—a tlhomame, a nonofile e bile a na le tlhotlheletso e e siameng mo balateding ba ga Keresete. A ke tsela e Petere a neng a iteba ka yone? Ga go lebege jalo. Tota le batho bangwe ba ba balang dipego tsa Efangele gompieno ga ba tseye Petere e le motho yo o neng a tlhomame e bile a nonofile jaaka lefika. Bangwe ba re tsela e botho jwa gagwe bo tlhalosiwang ka yone mo Baebeleng e bontsha gore e ne e le motho yo o sa tlhomamang, yo o sa ikanyegeng le yo o okaokang.

9. Ke eng se Jehofa le Morwawe ba se lebang mo go rona, mme ke eng fa o akanya gore re tshwanetse go ikanya tsela e ba lebang dilo ka yone?

9 Petere o ne a na le makoa. Tota e bile Jesu o ne a itse gore o na le makoa. Fela jaaka Rraagwe e bong Jehofa, ka metlha Jesu le ene o ne a leba dilo tse di molemo tse batho ba di kgonang. O ne a bona gore Petere o na le dinonofo tse di molemo, mme o ne a batla go mo thusa go tokafatsa dinonofo tseo. Le gompieno Jehofa le Morwawe ba lebelela dilo tse di molemo mo go rona. Ka dinako dingwe go ka nna thata go dumela gore go na le molemo mongwe o ba ka o bonang mo go rona. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Petere, re tlhoka go ikanya tsela e ba lebang dilo ka yone mme re bontshe gore re batla gore ba re thapise le go re bopa.—Bala 1 Johane 3:19, 20.

“Tlogela go Boifa”

10. Petere a ka tswa a ne a bone eng, mme gone o ne a boela kwa go eng?

10 Go bonala Petere a ile a tsamaya le Jesu mo maetong a go rera a a neng a latela. Ka jalo, a ka tswa a ile a bona fa Jesu a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha, ya go fetola metsi go nna beine kwa moletlong wa lenyalo kwa Kana. Sa botlhokwa le go feta, o ne a utlwa molaetsa wa ga Jesu o o kgatlhang le o o nayang tsholofelo o o ka ga Bogosi jwa Modimo. Le fa gone a ne a utlwile e bile a bone dilo tse di molemo jalo, o ne a tlogela Jesu mme a boela kwa kgwebong ya gagwe ya go tshwara ditlhapi. Le fa go ntse jalo, dikgwedi moragonyana, Petere o ne a kopana le Jesu gape—mme mo lekgetlong leno Jesu o ne a mo kopa gore a mo sale morago botshelo jotlhe jwa gagwe.

11, 12. (a) Ke tiro efe e Petere a neng a itshokela go e dira bosigo jotlhe? (b) Fa Petere a ntse a reeditse Jesu, a ka tswa a ne a ipotsa dipotso dife?

11 Petere o ne a sa tswa go kgobiwa marapo ke tiro e ba neng ba e dira bosigo jotlhe. Batshwaraditlhapi bano ba ne ba ntse ba latlhela matloa a bone gangwe le gape mo metsing mme ba sa tshware sepe. Ga go pelaelo gore Petere o ne a dirisitse bokgoni jotlhe jwa gagwe le kitso e a nang le yone ya go tshwara ditlhapi, a leka go ya mo mafelong a a farologaneng mo letsheng a ba ka bonang ditlhapi mo go one. Ga go pelaelo gore ka dinako dingwe, o ile a ikutlwa jaaka batshwaraditlhapi ba bangwe ba bantsi, a eletsa e kete a ka bo a kgona go tlhodumela mo metsing ao a a kgoberegileng gore a bone kwa ditlhapi tse dintsi di leng gone mme ka tsela nngwe a dire gore di tsene mo matloeng a gagwe. Go akanya jalo go tshwanetse ga bo go ne go mmitisa pelo le go feta. Petere o ne a sa itlose bodutu ka go tshwara ditlhapi; e ne e le tiro e a tlamelang ba lelapa la gagwe ka yone. Kgabagare, o ne a tla kwa lotshitshing a iphotlhere. Mme gone o ne a tshwanetse  go phepafatsa matloa. Ka jalo, o ne a ntse a phepafatsa matloa fa Jesu a tla kwa go ene.

Petere o ne a sa lapisiwe ke go utlwa Jesu a bua ka kgang ya konokono ya molaetsa o a neng a o rera—Bogosi jwa Modimo

12 Boidiidi jwa batho bo ne bo pitlaganyeditse Jesu bo mo reeditse ka tlhoafalo. E re ka batho ba ne ba le bantsi, Jesu o ne a palama mokoro wa ga Petere mme a mo kopa gore a o katose lefatshe go se kae. Jaanong lentswe la ga gagwe le ne le utlwala sentle fa a ruta boidiidi, ka gonne a ne a le mo metsing. Petere o ne a reeditse ka tlhoafalo, fela jaaka boidiidi jwa batho jo bo neng bo le mo lotshitshing. O ne a sa lapisiwe ke go utlwa Jesu a bua ka kgang ya konokono ya molaetsa o a neng a o rera—Bogosi jwa Modimo. Ruri Petere o ne a tla nna le tshiamelo e kgolo ya go thusa Keresete go anamisa molaetsa ono wa tsholofelo mo lefatsheng lotlhe! A mme o ne a tla kgona go dira jalo? O ne a tla tlamela ba lelapa la gagwe jang? Gongwe Petere o ne a akanya gape ka matsapa a ba a tsereng bosigo jotlhe ba leka go tshwara ditlhapi mme ba sa tshware sepe.—Luke 5:1-3.

13, 14. Ke kgakgamatso efe e Jesu a neng a e direla Petere, mme Petere o ne a dira eng?

13 Fa Jesu a sena go bua le boidiidi, o ne a raya Petere a re: “Suteletsa kwa go leng boteng gone, mme lo digele matloa a lona kwa tlase gore lo tshware.” Petere o ne a tletse dipelaelo. O ne a re: “Morutisi, re dirile ka natla bosigo jotlhe mme ga re a tshwara sepe, mme ka taelo ya gago ke tla digela matloa kwa tlase.” Petere o ne a sa tswa go tlhatswa matloa. Ga go pelaelo gore o ne a sa batle go a latlhela gape mo metsing—segolobogolo ka nako eo e ba neng ba itse gore ditlhapi ga di yo! Le fa go ntse jalo, o ne a ikobela taelo eo, gongwe o ile a kaela badirikaene ba ba mo mokorong o mongwe gore le bone ba dire jalo.—Luke 5:4, 5.

14 Petere o ne a sa lebelela go utlwa boima jo a neng a bo utlwa fa a goga letloa. Mme gone, o ne a goga ka maatla a gagwe otlhe a sa dumele se a se utlwang mme go ise go ye kae o ne a bona ditlhapi tse dintsintsi mo letloeng! Ka yone nako eo, o ne a bitsa banna ba ba mo mokorong wa bobedi go tla go mo thusa. Fa ba ntse ba mo thusa, ba ne ba lemoga gore mokoro o le mongwe o ka se kgone go tsenya ditlhapi tseo tsotlhe. Ba ne ba tlatsa mekoro e mebedi, mme gone go ne go sa ntse go na le ditlhapi tse dintsi thata—mekoro e ne e imelwa mme ya simolola go nwela. Petere o ne a tshwarwa ke kgakge. O ne a kile a bona Keresete a dira kgakgamatso pelenyana mme mo lekgetlong leno kgakgamatso eno e ne e tla thusa ene le ba lelapa la gagwe. Monna yono o ne a kgona le go dira gore ditlhapi di tsene mo matloweng! Petere o ne a tlala poifo. A khubama ka mangole mme a re: “Tloga fa go nna, ka gonne ke monna yo o nang le boleo, Morena.” Tota o ne a ka bontsha jang gore o tshwanelega go tsalana le Motho yo o kgonang go dirisa maatla a Modimo ka ditsela tse di ntseng jalo?—Bala Luke 5:6-9.

“Ke monna yo o nang le boleo, Morena”

15. Jesu o ne a ruta Petere jang gore poifo ya gagwe le dipelaelo ga di tlhokege?

 15 Jesu o ne a bua le ene ka bopelonomi a re: “Tlogela go boifa. Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” (Luke 5:10, 11) Eno e ne e se nako ya go nna le dipelaelo kgotsa go boifa. Petere o ne a tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tirong ya go rera go na le go nnela go belaela gore a o tla kgona go tlamela ba lelapa la gagwe kgotsa a o tla kgona go dira tiro ya go rera. Jesu o ne a letetswe ke namane e tona ya tiro, bodiredi jo bo neng bo tla ama isagwe ya batho. O ne a direla Modimo yo “o tla [itshwarelang] ka tsela e kgolo.” (Isa. 55:7) Jehofa o ne a tla tlhokomela Petere ka dilo tse a di tlhokang semoyeng le tse a itshedisang ka tsone.—Math. 6:33.

16. Petere, Jakobe le Johane ba ne ba dira eng fa Jesu a ba laletsa, mme ke eng fa tshwetso e ba e dirileng e ne e le molemo?

16 Petere o ne a tsaya kgato ka bonako, fela jaaka Jakobe le Johane ba ne ba dira. “Ba busetsa mekoro morago kwa lefatsheng, mme ba tlogela sengwe  le sengwe ba mo sala morago.” (Luke 5:11) Petere o ne a dumela mo go Jesu le mo go Yo a mo romileng. O ne a dirile tshwetso e e molemo tota. Le gompieno Bakeresete ba ba fenyang dipelaelo le poifo gore ba direle Modimo ba bontsha tumelo e e tshwanang le ya ga Petere. Go ikanya Jehofa ka tsela eo ga se ga lefela.—Pes. 22:4, 5.

“Ke ka Ntlha Yang Fa o Ne o Fenngwa ke Pelaelo?”

17. Petere o ne a akantse ka ditiragalo dife tse di diregileng dingwaga di le pedi a sena go kopana le Jesu?

17 Mo e ka nnang dingwaga di le pedi Petere a sena go kopana le Jesu, o ne a tsamaisa mokoro bosigo jotlhe mo Lewatleng la Galalea go le diphefo jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya kgaolo eno. Gone ke boammaaruri gore ga re itse gore o ne a akantse eng. Go ne go na le dilo tse dintsi tse a neng a ka akanya ka tsone! Jesu o ne a fodisitse matsalaagwe Petere. O ne a ile a neela Thero kwa Thabeng. O ne a ile a bontsha gangwe le gape ka dithuto tsa gagwe le ka dikgakgamatso gore ke Yo o Tlhophilweng wa ga Jehofa, Mesia. Fa dikgwedi di ntse di ya, Petere o ne a ithuta go laola go fenngwa ke poifo le go nna le dipelaelo. Jesu o ile a bo a tlhopha Petere go nna mongwe wa baaposetoloi ba ba 12! Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Petere o ne a tla lemoga gore o sa ntse a na le bothata jwa go boifa le go nna le dipelaelo.

18, 19. (a) Tlhalosa se Petere a neng a se bona mo Lewatleng la Galalea. (b) Jesu o ne a araba jang kopo ya ga Petere?

18 Ka nako ya tebelo ya bonè ya bosigo joo, kgotsa nako nngwe mo magareng ga 3:00 a.m. le pele letsatsi le tlhaba, ka tshoganyetso fela Petere o ne a tlogela go tsamaisa mokoro mme a nna fa fatshe a tshogile. O ne a bona sengwe se tsamaya mo makhubung a lewatle! A e ne e le lesedi la ngwedi le le neng le phatshima mo metsing? Nnyaa, e ne e le selo se se sa tshikhinyegeng, se eme se tlhamaletse. E ne e le motho! Ee, e bile motho yoo o ne a tsamaya mo godimo ga metsi! Fa a ntse a atamela, go ne go bonala e kete o tlile go feta fa go bone. Barutwa ba ne ba tshoga ba ithaya ba re ke sedimo. Motho yoo o ne a ba raya a re: “Nnang pelokgale, ke nna; se boifeng.” E ne e le Jesu!—Math. 14:25-28.

19 Petere o ne a araba ka go re: “Morena, fa e le gore ke wena, ntaele gore ke tle kwa go wena mo godimo ga metsi.” Kwa tshimologong o ne a le pelokgale. Le fa Petere a ne a itumeletse go bona kgakgamatso eno e e sa tlwaelegang, o ne a sa ntse a batla go nonotsha tumelo ya gagwe. Le ene o ne a batla go tsamaya mo godimo ga metsi. Jesu o ne a mo raya a re a tle kwa go ene. Petere o ne a tswa mo mokorong mme a kgona go ema mo godimo ga metsi. Akanya kafa Petere a neng a ikutlwa ka gone a eme mo godimo ga metsi mme a sa nwele. A ka tswa a ne a gakgametse fa a ntse a atamela Jesu. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Petere o ne a simolola go nna le maikutlo a mangwe.—Bala Mathaio 14:29.

“Ya re a leba phefo ya matsubutsubu, a boifa”

20. (a) Ke eng se se neng sa itaya Petere tsebe, mme go ne ga felela ka eng? (b) Ke thuto efe e Jesu a neng a e gatelela mo go Petere?

20 Petere o ne a tshwanetse go nna a tlhomile mogopolo mo go Jesu. Jesu o ne a dirisa maatla a ga Jehofa go dira gore Petere a kgone go tsamaya mo godimo ga makhubu a lewatle. Mme Jesu o ne a dira jalo ka gonne  Petere a ne a na le tumelo mo go ene. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a iteega tsebe. Re bala jaana: “Ya re a leba phefo ya matsubutsubu, a boifa.” Petere o ne a simolola go tlhoma mogopolo mo makhubung ao a a neng a itaagana le mokoro, a phatšhetsa metsi le lefulo mo phefong, mme a tshoga. Gongwe o ne a simolola go ipona a nwela mo lewatleng leo, a kgamiwa ke metsi. Fa letshogo la gagwe le ntse le oketsega, tumelo ya gagwe e ne ya koafala. Jaanong monna yo a neng a bidiwa Lefika ka go bo go ne go bonala a tla nna a nitame, o ne a simolola go nwela jaaka letlapa ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e reketlang. Petere o ne a itse go thuma, mme ka nako eo ga a ka a ikaega ka bokgoni joo jwa gagwe. O ne a goa a re: “Morena, mpoloka!” Jesu o ne a mo tshwara ka letsogo mme a mo goga. Mme fa ba ntse ba le mo godimo ga metsi o ne a gatelela thuto eno ya botlhokwa mo go Petere: “Wena yo o nang le tumelo e potlana, ke ka ntlha yang fa o ne o fenngwa ke pelaelo?”—Math. 14:30, 31.

21. Ke eng fa go nna le dipelaelo go le kotsi, mme re ka go fenya jang?

21 ‘Go fenngwa ke pelaelo’—a bo e le mafoko a a tshwanelang jang ne! Pelaelo ke maatla mangwe a a ka re fekeetsang le go re nyeletsa. Fa re nnela go belaela, tumelo ya rona e ka koafala ka iketlo mme ra felela re sule semoyeng. Re tshwanetse go leka ka natla go fenya go nna le dipelaelo! Mme gone, re ka dira seo jang? Ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng. Fa re nnela go akanya ka dilo tse di re boifisang, tse di re kgobang marapo le tse di ka dirang gore re se ka ra nna le kamano e e molemo le Jehofa le Morwawe, dipelaelo tsa rona di tla gola. Fa re tlhoma mogopolo mo go Jehofa le Morwawe, mo go se ba se dirileng, se ba se dirang le se ba tla se direlang batho ba ba ba ratang, re tla kgona go fenya dipelaelo.

22. Ke eng fa go le molemo go etsa tumelo ya ga Petere?

22 Fa Petere a ntse a tsamaya le Jesu ba boela kwa mokorong, o ne a bona sefefo se kokobela. Lewatle la Galalea le ne la sisibala. Petere le barutwa ba bangwe ba ne ba bua jaana ka Jesu: “Ruri o Morwa Modimo.” (Math. 14:33) Fa bosigo bo ntse bo sa ba le mo lewatleng, ga go pelaelo gore Petere o ne a tletse kanaanelo. O ne a ithutile gore ga a tshwanela go letla poifo e dira gore a nne le dipelaelo ka Jehofa le Jesu. Gone ke boammaaruri gore o ne a tshwanetse go dira diphetogo di le dintsi pele a ka nna Mokeresete yo o tshwanang le lefika fela jaaka Jesu a ne a bonela pele. Mme gone o ne a ikemiseditse go nna a leka le go gola semoyeng. A le wena o ikemiseditse go dira jalo? O tla fitlhela go le molemo go etsa tumelo ya ga Petere.