Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMEROBONGWE

O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka

O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka

1, 2. (a) Ke diphetogo dife tse Josefa le ba lelapa la gagwe ba neng ba lebana le tsone? (b) Ke dikgang dife tse di seng monate tse Josefa a neng a tshwanetse go di bolelela mosadi wa gagwe?

JOSEFA o pega morwalo o mongwe mo tonking. Mmone ka leitlho la mogopolo a lebile motse o o lefifi wa Bethelehema a ntse a phophotha letlhakore la phologotswana eno e e nonofileng e e rweleng morwalo. O tshwanetse a bo a akantse ka loeto lo loleele lo lo mo letetseng. Egepeto! Setšhaba se sele, puo e ba sa e itseng, dingwao tse ba sa di itseng—tota lelapa la gagwe le lennye le ne le tla lebana jang le diphetogo tseo tse dintsi?

2 Go ne go se motlhofo gore Josefa a bolelele mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Marea dikgang tse di seng monate, mme o ne a ipeta pelo a mmolelela. O ne a mmolelela ka toro e mo go yone moengele a neng a mo itsise molaetsa ono o o tswang kwa Modimong: Kgosi Herode o ne a batla go bolaya mosimanyana wa bone! Ba ne ba tshwanetse go fuduga ka yone nako eo. (Bala Mathaio 2:13, 14.) Marea o ne a tshwenyegile thata. Tota goreng motho a ka batla go bolaya ngwana wa gagwe yo o se nang molato le yo o ka se ntsheng ope kotsi? Josefa le Marea ba ne ba sa tlhaloganye. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikanya Jehofa mme ba ipaakanyetsa go tsamaya.

3. Tlhalosa kafa Josefa le lelapa la gagwe ba neng ba tswa kwa Bethelehema ka gone. (Bona le setshwantsho.)

3 E re ka batho ba kwa Bethelehema ba ne ba robetse mme ba sa itse gore go diragalang, Josefa, Marea le Jesu ba ne ba tswa mo motseng go le bosigo. Fa ba ntse ba ya kwa ntlheng ya borwa mme go simolola go apoga kwa ntlheng ya botlhaba, Josefa o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile ka se se larileng kwa pele. Mmetli yono wa maemo a a kwa tlase o ne a tla sireletsa jang lelapa la gagwe mo go Herode le Satane? A o ne a tla kgona go tswelela a tlamela ba lelapa la gagwe? A o ne a tla kgona go itshoka fa a ntse a dira kabelo e e boima e Jehofa Modimo a mo neileng yone ya go tlhokomela le go godisa ngwana yono yo o sa tshwaneng le ope? Josefa o ne a lebane le dikgwetlho tse di boima. Fa re ntse re sekaseka kafa a ileng a lebana le nngwe le nngwe ya tsone ka gone, re tla lemoga gore ke eng fa gompieno borre—le mongwe le mongwe wa rona—ba tshwanetse go etsa tumelo ya ga Josefa.

 Josefa O ne A Sireletsa Lelapa la Gagwe

4, 5. (a) Botshelo jwa ga Josefa bo ne jwa fetoga gotlhelele ka ditsela dife? (b) Moengele o ne a kgothatsa Josefa jang gore a amogele kabelo e e boima?

4 Dikgwedi pele ga moo, fa Josefa a sa ntse a le kwa motseng wa gaabo wa Nasaretha, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga gotlhelele fa a sena go beeletsa morwadia Heli. Josefa o ne a itse Marea e le lekgarebe le le siameng le le le ratang Jehofa. Mme o ne a lemoga gore o imile! O ne a dira tshwetso ya go tlhala lekgarebana leno mo sephiring gore a se ka a le tlhabisa ditlhong. * Le fa go ntse jalo, moengele o ne a bua le ene mo torong a mo tlhalosetsa gore Marea o imisitswe ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Moengele o ne a oketsa ka gore morwa yo a mo imileng o ne a tla “boloka batho ba gagabo mo maleong a bone.” Gape o ne a tlhomamisetsa Josefa jaana: “O se ka wa tshaba go isa Marea mosadi wa gago gae.”—Math. 1:18-21.

5 E re ka Josefa e ne e le monna yo o siameng le yo o kutlo, o ne a dira jaaka a laetswe. O ne a amogela kabelo eno e e boima go gaisa: a godisa le go tlhokomela morwa yo e neng e se wa gagwe mme a le botlhokwa thata mo Modimong. Moragonyana, Josefa o ne a ikobela taelo ya mmusi mme a ya le mosadi wa gagwe yo o imileng kwa Bethelehema go ya go ikwadisa. Ke gone kwa ngwana a neng a tsholelwa teng.

6-8. (a) Ke ditiragalo dife tse di neng tsa lere phetogo e nngwe mo botshelong jwa ga Josefa le lelapa la gagwe? (b) Re itse jang gore ke Satane yo o ileng a romela “naledi”? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

6 Josefa le lelapa la gagwe ga ba a ka ba boela kwa Nasaretha. Go na le moo, ba ne ba aga kwa Bethelehema, dikilometara di ka nna 10 go tswa kwa Jerusalema. Ba ne ba humanegile mme gone Josefa o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go tlamela Marea le Jesu le go ba sireletsa. Go ise go ye kae, ba ne ba bona lefelo la maemo a a kwa tlase le ba ka nnang mo go lone. Mme fa Jesu a setse a golagodile—gongwe a fetile ngwaga—botshelo jwa bone bo ne jwa fetoga gape ka tshoganyetso.

7 Go ne ga goroga setlhopha sengwe sa banna, balepadinaledi ba ba tswang kwa Botlhaba, gongwe kgakala kwa Babelona. Ba ne ba latetse “naledi” nngwe e e neng ya ba fitlhisa kwa ntlong ya ga Josefa le Marea, mme ba ne ba batlana le ngwana yo e neng e tla nna kgosi ya Bajuda. Banna bao ba ne ba le tlotlo tota.

8 Le fa balepadinaledi bao ba ka tswa ba ne ba itse kgotsa ba sa itse, ba ne ba tsentse botshelo jwa ga Jesu yo mmotlana mo kotsing. “Naledi” e ba neng ba e bone ga e a ka ya ba isa kwa Bethelehema, mme e ne ya ba isa kwa Jerusalema pele. * Fa ba fitlha koo ba ne ba bolelela Kgosi Herode yo o boikepo gore ba batla ngwana yo o tlileng go nna kgosi ya Bajuda. Pego eo e ne ya dira gore monna yoo a nne lefufa a bo a tlale bogale.

9-11. (a) Maatla mangwe a magolo a a fetang a ga Herode kgotsa a ga Satane a ne a sireletsa lelapa la ga Josefa ka ditsela dife? (b) Loeto lwa go ya Egepeto lo ne lo farologane jang le lo lo tlhalosiwang mo ditlhamaneng tsa maaka?

 9 Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore go ne go na le maatla mangwe a a fetang a ga Herode kgotsa a ga Satane a a neng a ba sireleditse. Goreng re rialo? Fa baeng bao ba goroga kwa gaabo Jesu mme ba mmona a na le mmaagwe, ba ne ba mo abela dimpho, ba sa lebelela go newa sepe. Ruri Josefa le Marea ba tshwanetse ba bo ba ne ba akabetse tota go bo ka tshoganyetso fela ba na le “gouta le lebano le mera”—dilo tse di tlhwatlhwakgolo! Balepadinaledi ba ne ba ikaeletse go boela kwa go Kgosi Herode go ya go mmolelela gore ngwana yo ba neng ba mmatla o kwa kae. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tsenelela. O ne a dirisa toro go laela balepadinaledi gore ba boele gae ka tsela e nngwe.—Bala Mathaio 2:1-12.

10 Fela fa balepadinaledi ba sena go tsamaya, moengele wa ga Jehofa o ne a tlhagisa Josefa jaana: “Nanoga, tsaya ngwana yo mmotlana le mmaagwe o tshabele mo Egepeto, mme o nne koo go fitlha ke go naya lefoko; gonne Herode o tloga a batla ngwana yo mmotlana yono gore a mo senye.” (Math. 2:13) Mme jaaka re bone kwa tshimologong ya kgaolo eno, Josefa o ne a dira fela jalo. Pabalesego ya ngwana wa gagwe e ne e le botlhokwa go feta sepe fela, ka jalo o ne a tshabisetsa lelapa la gagwe kwa Egepeto. E re ka balepadinaledi bao ba baheitane ba ne ba ba neile dimpho tse di tlhwatlhwakgolo, jaanong Josefa o ne a tla kgona go tlamela lelapa la gagwe.

Josefa o ne a intsha setlhabelo mme a tsaya kgato go sireletsa ngwana wa gagwe

11 Moragonyana, ditlhamane dingwe tse di seng boammaaruri di ne tsa leka go natetsha loeto lono lwa go ya Egepeto, di re Jesu yo mmotlana o ne a dira ka kgakgamatso gore loeto lwa bone lo nne lokhutshwane, gore dinokwane di se nne kotsi le gore ditlhare tsa mokolane di obegele mo go mmaagwe gore a kgone go kgetla maungo a tsone. * Tota boammaaruri ke gore e ne e le loeto lo loleele, lo lo lapisang e bile ba sa itse se se ba letetseng kwa pele.

Josefa o ne a tlogela botshelo jo a neng a bo itumelela gore a sireletse lelapa la gagwe

12. Ke eng se batsadi ba ba godisang bana mo lefatsheng leno le le kotsi ba ka ithutang sone mo go Josefa?

12 Batsadi ba ka ithuta go le gontsi mo go Josefa. O ne a iketleeleditse go tlogela tiro ya gagwe le botshelo jo a neng a bo itumelela gore a sireletse lelapa la gagwe mo kotsing. Go bonala sentle gore o ne a tsaya lelapa la gagwe e le mpho e e kgethegileng e e tswang kwa go Jehofa. Gompieno batsadi ba godisetsa bana ba bone mo lefatsheng le le kotsi, le le tletseng tlhotlheletso e e kotsi, e e bosula kgotsa e e ka senyang matshelo a bone. Ruri go a itumedisa go bona borre le bommè ba ba iketleeleditseng go tsaya kgato jaaka Josefa, ba dira ka natla go sireletsa bana ba bone mo tlhotlheletsong eo!

 Josefa O ne A Tlamela Lelapa la Gagwe

13, 14. Go tlile jang gore Josefa le Marea ba ye go godisetsa bana ba bone kwa Nasaretha?

13 Go bonala lelapa leno le sa ka la nna lobaka lo loleele kwa Egepeto ka gonne go ise go ye kae moengele o ne a itsise Josefa gore Herode o sule. Josefa o ne a busetsa lelapa la gagwe gae. Boporofeti jwa bogologolo bo ne bo boleletse pele gore Jehofa o ne a tla bitsa Morwawe a mo “ntsha kwa Egepeto.” (Math. 2:15) Josefa o ne a thusa go diragatsa boporofeti joo, mme jaanong o ne a tla isa lelapa la gagwe kae?

14 Josefa o ne a le kelotlhoko. O ne a boifa motlhatlhami wa ga Herode e bong Arekelao, yo le ene a neng a le setlhogo e bile e le mmolai. Modimo o ne a kaela Josefa gore a ise lelapa la gagwe kwa bokone, kgakala le Jerusalema le dikotsi tsotlhe tsa yone, kwa nageng ya gaabo ya Nasaretha kwa Galalea. Ke teng kwa ene le Marea ba neng ba godisetsa bana ba bone gone.—Bala Mathaio 2:19-23.

15, 16. Josefa o ne a dira tiro ya mofuta ofe, mme ke didirisiwa dife tse a ka tswang a ne a di dirisa?

15 Ba ne ba tshela botshelo jo bo sa raraanang—mme gone bo se motlhofo. Baebele e bitsa Josefa mmetli, e dirisa lefoko le le akaretsang ditsela tse dintsi tsa go dira ka logong, tse di jaaka go rema magong, go a goga le go a omisa gore a dirisediwe go aga matlo, mekoro, maborogo a mannye, dikolotsana, maotwana, dijokwe le dilo tse dingwe tse di dirisediwang go lema. (Math. 13:55) E ne e le tiro e e boima. Gantsi babetli ba mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, ba ne ba berekela gaufi le kgoro ya ntlo ya bone ya maemo a a kwa tlase kgotsa mo ntlwaneng e e bapileng le yone.

16 Josefa o ne a dirisa didirisiwa tse di farologaneng, tse dingwe tsa tsone a ka tswang a ne a di neilwe ke rraagwe. A ka tswa a ne a dirisa sekwere, selepe, shaga, petlo, hamore, tšhisele, boro e a neng a e dirisa ka go gogela bora kwa pele le kwa morago, dikgomaretsi tse di farologaneng gongwe le dimapo le fa di ne di ja madi a mantsi.

17, 18. (a) Ke eng se Jesu a neng a ithuta sone mo go rraagwe? (b) Ke eng fa Josefa a ne a tshwanelwa ke go dira ka natla le go feta?

17 Akanya fela Jesu yo mmotlana a ntse a lebile rraagwe a bereka. Fa a ntse a tlhomile Josefa matlho a lebile sengwe le sengwe se a se dirang, ga go pelaelo gore o ne a kgatlhiwa ke tsela e magetla a gagwe a a sephara le mabogo a neng a nonofile ka yone, diatla tsa gagwe tse di nang le bokgoni le tsela e a neng a le botlhale ka yone. Gongwe Josefa o ne a simolola go ruta morwawe yo mmotlana ditiro tse di motlhofo tse di jaaka  go rethefatsa logong ka letlalo le le omisitsweng la tlhapi. A ka tswa a ile a ruta Jesu kafa magong a a neng a a dirisa a farologanang ka teng—ka sekai, logong lwa setlhare sa mofeige wa mosikamore, lwa moakere kgotsa lwa motlhware.

Josefa o ne a thapisa morwawe go nna mmetli

18 Jesu o ne a lemoga le gore diatla tseo tse di nonofileng tse di neng di kgaola ditlhare, di dira dikota e bile di kopanya logong, gape di ne di le lorato di kgona go tlhokomela le go gomotsa ene, mmaagwe le bomonnawe. Aitsane, lelapa la ga Josefa le Marea le ne la gola mo kgabagare ba neng ba nna le bana ba bangwe ba ka nna barataro ntle le Jesu. (Math. 13:55, 56) Josefa o ne a tshwanelwa ke go dira ka natla le go feta gore a ba tlamele botlhe.

Josefa o ne a itse gore tiro ya gagwe ya botlhokwa e ne e le go tlhokomela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng

19. Josefa o ne a tlhokomela ba lelapa la gagwe jang ka dilo tsa semoya?

19 Mme gone, Josefa o ne a itse gore tiro ya gagwe ya botlhokwa e ne e le go tlhokomela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Ka jalo, o ne a ipha nako ya go ruta bana ba gagwe ka Jehofa Modimo le ka melao ya Gagwe. Ene le Marea ba ne ba ya le bone ka metlha kwa sinagogeng e e mo lefelong la bone, kwa Molao o neng o balelwa kwa godimo le go tlhalosiwa teng. Gongwe fa ba tswa koo, Jesu a ka tswa a ne a botsa dipotso tse dintsi ka ga Jehofa Modimo le melao ya Gagwe mme Josefa o ne a leka ka natla go di araba. Gape Josefa o ne a tsamaya le lelapa la gagwe kwa meletlong ya bodumedi kwa Jerusalema. Ka nako ya Tlolaganyo ya ngwaga le ngwaga, Josefa a ka tswa a ne a tlhoka dibeke di le pedi gore a tseye loeto lwa dikilometara di le 120, go ya go keteka moletlo oo le go boela gae.

Josefa o ne a ya le lelapa la gagwe ka metlha kwa tempeleng kwa Jerusalema

20. Ditlhogo tsa malapa a Bakeresete di ka etsa jang sekao sa ga Josefa?

20 Le gompieno ditlhogo tsa malapa a Bakeresete di dira se se tshwanang. Le fa ba dira ka natla go tlamela malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang, ba dira gore go ruta bana ba bone ka Jehofa go tle pele ga sengwe le sengwe. Ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tshwara kobamelo ya lelapa le go ya le bana ba bone kwa dipokanong tsa Bokeresete, tse dinnye le tse dikgolo. Fela jaaka Josefa, ba a itse gore selo sa botlhokwatlhokwa ke go ruta bana ba bone ka Jehofa.

‘Ba ne Ba Tshwenyegile mo Mogopolong’

21. Lelapa la ga Josefa le ne le dira eng ka paka ya Tlolaganyo, mme Josefa le Marea ba ne ba lemoga leng gore Jesu ga a yo?

21 Fa Jesu a le dingwaga di le 12, Josefa o ne a ya kwa Jerusalema le lelapa la gagwe jaaka tlwaelo. E ne e le nako ya moletlo wa Tlolaganyo, mme malapa a magolo a ne a tsamaya mmogo ka ditlhopha a raletse naga e tala ka paka ya dikgakologo. Fa ba ntse ba atamela karolo e e se nang dimela e e gaufi le Jerusalema, bontsi jwa bone ba ne ba opela dipesalema tse di itsegeng tsa tlhatlogo. (Pes. 120-134) Motse o tshwanetse  wa bo o ne o tlhanasela ka batho. Morago ga moletlo, malapa le ditlhopha tse ba neng ba tsamaya le tsone ba ne ba boela gae. E re ka Josefa le Marea ba ka tswa ba ne ba na le dilo tse dintsi tse ba neng ba di dira, gongwe ba ne ba akanya gore Jesu o na le batho ba bangwe, gongwe ba lelapa la gaabo. Fa ba sena go tsamaya sekgala sa letsatsi go tswa kwa Jerusalema, ba ne ba lemoga sengwe se se tshosang—gore Jesu ga a yo!—Luke 2:41-44.

22, 23. Josefa le Marea ba ne ba dira eng fa ba lemoga gore morwaabone ga a yo, mme Marea o ne a reng fa kgabagare ba mmona?

22 E re ka ba ne ba tshwenyegile thata, ba ne ba ikgata metlhala ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla. Akanya kafa ba neng ba ikutlwa ka gone fa ba ntse ba goa leina la morwaabone mo mebileng ya motse e jaanong e neng e se na ope. Tota mosimanyana yono a ka tswa a le kae? Mo letsatsing la boraro ba ntse ba mmatla, a gongwe Josefa o ne a simolola  go akanya gore o paletswe ke go dira kabelo e e kgethegileng e Jehofa a mo neileng yone? Kgabagare ba ne ba ya kwa tempeleng. Fa ba goroga koo, ba ne ba batla go fitlha ba tsena mo phaposing e kgolo e mo go yone go neng go phuthegile banna ba bantsi ba ba rutegileng, ba ba itseng Molao—Jesu yo mmotlana a ntse mo gare ga bone! Akanya kafa Josefa le Marea ba ileng ba ikutlwa ba imologile ka teng!—Luke 2:45, 46.

23 Jesu o ne a reeditse banna bao ba ba rutegileng a ntse a ba botsa dipotso. Banna bao ba ne ba gakgamaditswe ke kitso le dikarabo tsa ngwana yono. Mme Marea le Josefa bone ba ne ba jele kgakge. Mo pegong eno ya Baebele, Josefa ga a bue sepe. Mme mafoko a Marea a ileng a a bua a tlhalosa sentle kafa boobabedi ba neng ba ikutlwa ka gone: “Ngwanaka, ke ka ntlha yang fa o ne o re tshwara ka tsela eno? Bona, nna le rrago re ntse re go batla re tshwenyegile mo mogopolong.”—Luke 2:47, 48.

24. Baebele e tlhalosa jang dikgwetlho tsa go nna motsadi?

 24 Ka jalo, ka mafoko ao a le mmalwa, Lefoko la Modimo le tlhalosa ka botswerere se go nna motsadi go se kayang. Go ka ngomola pelo—tota le fa ngwana a itekanetse! Go godisa bana mo lefatsheng leno le le kotsi go ka dira gore motho a ‘tshwenyege mo mogopolong,’ mme borre le bommè ba ka kgothadiwa ke go itse gore Baebele e bua ka dikgwetlho tse ba lebanang le tsone.

25, 26. Jesu o ne a araba batsadi ba gagwe jang, mme Josefa a ka tswa a ile a ikutlwa jang ka mafoko a ga morwawe?

25 Jesu o ne a setse kwa lefelong le le lengwe fela le fa a le kwa go lone a neng a ikutlwa a atamalane thata le Rraagwe yo o kwa legodimong, Jehofa, e bile a itumelela go ithuta ka ene. Ke gone ka moo a ileng a araba batsadi ba gagwe jaana ka tlotlo: “Ke ka ntlha yang fa lo ne lo tshwanetse go mpatla? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?”—Luke 2:49.

26 Ga go pelaelo gore gangwe le gape Josefa o ne a akanya ka mafoko ao. Gongwe e bile a ne a dira gore a ikutlwe a le motlotlo. Aitsane, o ne a dirile ka natla go ruta morwawe gore a ikutlwe jalo ka Jehofa Modimo. Ka nako eo fa Jesu a sa ntse a le mosimanyana, o ne a setse a itse gore go ntse jang go nna le rre yo o lorato, mme o ne a ithutile seo mo go Josefa.

27. Fa e le gore o rre, ke tshiamelo efe e o nang le yone, mme ke eng fa o sa tshwanela go lebala sekao sa ga Josefa?

27 Fa e le gore o rre, a o lemoga tshiamelo e o nang le yone ya go thusa bana ba gago go itse gore Jehofa ke Rre yo o lorato le yo o sireletsang? Mme fa e le gore o godisa bana ba e seng ba gago, se lebale sekao sa ga Josefa. Itse gore bana ga ba tshwane mme o tseye mongwe le mongwe wa bone a le botlhokwa. Ba thuse gore ba atamalane le Rraabone yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo.Bala  Baefeso 6:4.

Josefa O ne A Itshoka ka Boikanyegi

28, 29. (a) Mafoko a a mo go Luke 2:51, 52 a re senolela eng ka Josefa? (b) Josefa o ne a thusa morwawe jang gore a tswelele a nna botlhale?

28 Baebele e re bolelela dintlha di se kae fela ka botshelo jwa ga Josefa mme re ka solegelwa molemo thata ke go di sekaseka ka kelotlhoko.  Re bala gore Jesu o ne “a tswelela a le mo taolong ya bone”—batsadi ba gagwe. Gape re bolelelwa gore “Jesu a tswelela a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele le mo kamogelong ya Modimo le batho.” (Bala Luke 2:51, 52.) Mafoko ao a senola eng ka Josefa? Dilo di le mmalwa. Re ithuta gore Josefa o ne a nna a etelela lelapa la gagwe pele, ka gonne morwawe yo o itekanetseng o ne a tlotla taolo ya ga rraagwe e bile a e ikobela.

29 Gape re ithuta gore botlhale jwa ga Jesu bo ile jwa tswelela bo gola. Josefa o tshwanetse a bo a ile a dira ka natla gore morwawe a nne le botlhale joo. Mo motlheng oo, go ne go na le seane sa bogologolo se Bajuda ba neng ba se rata thata. Le gompieno se sa ntse se dirisiwa. Sa re batho ba ba humileng ke bone fela ba ba ka nnang botlhale, mme batho ba ba dirang ka diatla jaaka babetli, balemi le bathudi ba tshipi “ba ka se ka ba bolela tshiamiso le katlholo; e bile ba ka se fitlhelwe kwa go buiwang ditshwantsho gone.” Moragonyana Jesu o ne a bontsha gore seane seo ga se boammaaruri. Fa a sa ntse a le mosimanyana, ruri o tshwanetse a bo a ile a utlwa rraagwe gantsi a ruta ka “tshiamiso le katlholo” ya ga Jehofa, le fa e ne e le mmetli wa maemo a a kwa tlase! Ga go pelaelo gore seo se ile sa direga ka makgetlo a le mantsi.

30. Ke sekao sefe se se molemo se Josefa a se tlhometseng ditlhogo tsa malapa gompieno?

30 Tsela e Jesu a ileng a gola ka yone e re bontsha kafa Josefa a neng a mo tlhokometse ka gone. E re ka e ne e le mosimanyana yo o tlhokometsweng sentle, o ne a gola go nna monna yo o nonofileng. Mo godimo ga moo, Josefa o ne a thapisa morwawe gore a nne le bokgoni jwa tiro ya diatla. Jesu o ne a sa itsiwe fela e le morwa mmetli, mme o ne a itsiwe e le “mmetli.” (Mar. 6:3) Ka jalo, thapiso ya ga Josefa e ne ya nna le diphelelo tse di molemo. Ditlhogo tsa malapa di etsa Josefa ka go tlhokomela bana ba tsone le go ba ruta gore ba kgone go itlhokomela.

31. (a) Bosupi bo bontsha gore Josefa o sule leng? (Akaretsa le  lebokose.) (b) Josefa o re tlhometse sekao sefe se re tshwanetseng go se etsa?

31 Fa re fitlha mo pegong ya Baebele e e buang ka go kolobediwa ga ga Jesu a le dingwaga di ka nna 30, ga re tlhole re utlwa sepe ka Josefa. Bosupi bo bontsha gore Marea e ne e le motlholagadi fa Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe. (Bona lebokose le le reng,  “Josefa o Sule Leng?”) Le fa go ntse jalo, Josefa o tlhomile sekao se se tlhomologileng—sa rre yo o neng a sireletsa lelapa la gagwe, a le tlamela a bo a itshoka ka boikanyegi go ya bokhutlong. Rre mongwe le mongwe, tlhogo ya lelapa kgotsa mongwe le mongwe yo e leng Mokeresete o tshwanetse go etsa tumelo ya ga Josefa.

^ ser. 4 Mo metlheng eo, go beeletsa motho go ne go tsewa masisi fela jaaka lenyalo.

^ ser. 8 “Naledi” eno e ne e se naledi fela e e tlwaelegileng, e bile e ne e sa romelwa ke Modimo. Ga go pelaelo gore Satane o dirisitse maatla ao a a sa tlwaelegang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jo bo bosula jwa go bolaya Jesu.

^ ser. 11 Baebele e tlhalosa sentle gore kgakgamatso ya ntlha ya ga Jesu, e leng “tshimologo ya ditshupo tsa gagwe,” o e dirile fa a sena go kolobediwa.—Joh. 2:1-11.