Etsa Tumelo ya Bone
Go ithuta ka banna le basadi ba tumelo ba mo Baebeleng go ka re sologela molemo jang gone jaanong?
Lenaane la Ditiragalo
Lenaane la ditiragalo le dimmapa di tla go thusa go bona ka leitlho la mogopolo gore batho ba ba ikanyegang ba mo Baebeleng ba ne ba tshela leng le gone kae.
Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang
Setlhopha se se Laolang se kgothaletsa botlhe ka lorato go solegelwa molemo ka botlalo ke go bala le go ithuta buka eno motho ka bongwe le jaaka lelapa.
Matseno
Baebele e tletse ka dipego tsa boammaaruri tse di buang ka banna le basadi ba ba ikanyegang. Re ka solegelwa molemo jang ke dikao tsa bone?
ABELE
“Le Mororo a Sule, o sa Ntse a Bua”
Re ka ithuta eng ka Abele le ka tumelo ya gagwe le fa gone go buiwa go se kae fela ka ene mo Baebeleng?
NOA
“O ne A Tsamaya le Modimo wa Boammaaruri”
Noa le mosadi wa gagwe ba ne ba lebana le dikgwetlho dife fa ba godisa bana ba bone? Ba ne ba bontsha tumelo jang ka go aga araka?
ABORAHAME
“Rre wa Botlhe ba ba Nang le Tumelo”
Aborahame o ne a bontsha jang tumelo? Ke ditsela dife tse o ka ratang go etsa tumelo ya ga Aborahame ka tsone?
RUTHE
“Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone”
Ke eng fa Ruthe a ne a iketleeleditse go tlogela lelapa la gaabo le naga ya gaabo? O ne a bontsha dinonofo dife tse di neng tsa dira gore Jehofa a mo tseele kwa godimo?
RUTHE
“Mosadi yo o Molemo Thata”
Ke eng fa lenyalo la ga Ruthe le Boase le tlhomologile? Re ka ithuta eng ka lelapa mo go Ruthe le Naomi?
HANA
O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong
Tumelo ya ga Hana mo go Jehofa e mo thusitse go lepalepana le boemo jo bo neng bo lebega bo ka se kgonege.
SAMUELE
O ne “A Tswelela a Gola fa Pele ga ga Jehofa”
Ke eng se se neng se sa tlwaelega ka Samuele fa a ntse a gola? Ke eng se se neng sa thusa tumelo ya gagwe gore e gole fa a ne a le kwa motlaaganeng?
SAMUELE
O ne A Itshoka Le fa A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo
Rotlhe re lebana le mathata le go kgobega marapo mo go lekang tumelo ya rona. Boitshoko jwa ga Samuele bo ka re ruta eng?
ABIGAILE
O ne A Dira Tshwetso e e Botlhale
Re ka ithuta eng mo lenyalong la ga Abigaile le le nang le mathata?
ELIJA
O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri
Re ka etsa jang Elija fa re bua le batho ba ba ganetsang se Baebele e se rutang?
ELIJA
O ne A Nna a Disitse Mme a Leta
Moporofeti Elija o ile a bontsha jang gore o ikanya thapelo fa a ntse a letile Jehofa gore a diragatse tsholofetso ya gagwe?
ELIJA
O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
Ke ditiragalo dife tse di neng tsa dira gore Elija a ngomoge pelo, mo a neng a bo a kopa gore a swe?
JONA
O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe
A o kile wa tlelwa ke poifo jaaka Jona fa o newa kabelo? Pego ya gagwe e re ruta dithuto tsa botlhokwa ka bopelotelele le bopelotlhomogi jwa ga Jehofa.
JONA
O ne A Ithuta go Nna Kutlwelobotlhoko
Pego ya ga Jona e ka re thusa jang gore re itshekatsheke ka kelotlhoko?
ESETHERE
O ne A Femela Batho ba Modimo
Go intsha setlhabelo ka lorato jaaka Esethere go tlhoka tumelo le bopelokgale.
ESETHERE
O ne A le Botlhale, a le Pelokgale e Bile a Akanyetsa ba Bangwe
Esethere o ne a bontsha jang go akanyetsa Jehofa le batho ba gagwe?
MAREA
“Bona! Lelata la ga Jehofa!”
Tsela e Marea a neng a araba moengele Gabariele ka yone e ne e senola eng ka tumelo ya gagwe? O ne a bontsha dinonofo dife tse dingwe tse di molemo?
MAREA
O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”
Dilo tse di diragaletseng Marea kwa Bethelehema di ne tsa nonotsha tumelo ya gagwe mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa.
JOSEFA
O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
Josefa o ne a sireletsa lelapa la gagwe ka ditsela dife? Ke eng fa a ne a isa Marea le Jesu kwa Egepeto?
MARATHA
“Ke Dumetse”
Maratha o ne a bontsha jang tumelo e e tlhomologileng tota le fa a ne a le mo khutsafalong?
PETERE
O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo
Dipelaelo di ka nna maatla e bile di ka senya. Mme Petere o ne a fenya poifo le dipelaelo tse a neng a na le tsone malebana le go latela Jesu.
PETERE
O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko
Tumelo le boikanyegi jwa ga Petere di ne tsa mo thusa jang go amogela kgalemelo ya ga Jesu?
PETERE
O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe
Jesu o ne a ruta Petere eng ka go itshwarela? Jesu o ne a bontsha jang gore o itshwaretse Petere?
Konelo
O ka tswelela o nonotsha tumelo ya gago jang le go nna o akantse ka tsholofelo e o nang le yone?
Tse Dingwe Tse O ka Di Kgatlhegelang
GO NNA LE TUMELO MO MODIMONG
Etsa Tumelo ya Bone
Etsa tumelo ya banna le basadi ba mo Baebeleng, mme o atamalane le Modimo.
DIBIDIO TSOTLHE
Etsa Tumelo ya Bone—Dibidio
Mo dibidiong tseno, ithute ka dipego tse di mo Baebeleng tsa banna le basadi ba ba neng ba ikanyega.