Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BORATARO

O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong

O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong

1, 2. (a) Ke eng fa Hana a ne a hutsafetse fa a ntse a baakanyetsa loeto? (b) Kgang ya ga Hana e ka re ruta eng?

HANA o ne a tshwaregile ka go ipaakanyetsa loeto, a leka go itebatsa mathata a gagwe. E ne e tshwanetse go nna nako e e itumedisang; monna wa gagwe Elekana o ne a tlwaetse go tsaya loeto ngwaga le ngwaga le lelapa lotlhe go ya go obamela Modimo kwa motlaaganeng kwa Shilo. Jehofa o ne a batla gore nako eno e nne e e itumedisang. (Bala Duteronome 16:15.) Mme ga go pelaelo gore go tloga fa Hana a sa ntse a le monnye, o ne a itumelela meletlo eo. Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa fetoga fa dingwaga di ntse di tsamaya.

2 O ne a segofaditswe ka monna yo o mo ratang. Le fa go ntse jalo, Elekana o ne a na le mosadi yo mongwe. Leina la gagwe e ne e le Penina, mme go bonala a ne a ikaeletse go sulafaletsa Hana botshelo. Penina o ne a bona tsela ya gore le ka dipaka tseno tsa meletlo ya ngwaga le ngwaga, a utlwise Hana botlhoko. O ne a dira seo jang? Sa botlhokwa le go feta, tumelo e Hana a neng a na le yone mo go Jehofa e ne ya mo thusa jang go lebana le boemo jono jo go neng go bonala bo ka se rarabologe? Fa o lebana le dikgwetlho tse di go amogang boitumelo, kgang ya ga Hana e ka go kgothatsa fela thata.

“Ke ka Ntlha Yang fa Pelo ya Gago e Sulafaletswe?”

3, 4. Ke mathata afe a mabedi a Hana a neng a lebane le one, mme ke eng fa bongwe le bongwe jwa one e ne e le kgwetlho?

3 Baebele e tlhalosa mathata a le mabedi a magolo a Hana a neng a lebane le one. O ne a ka leka go dira sengwe ka bothata jwa ntlha mme o ne a ka se kgone go dira sepe ka jwa bobedi. Sa ntlha, monna wa gagwe o ne a nyetse mosadi yo mongwe mme mogadikane yono wa gagwe o ne a mo tlhoile. Sa bobedi, o ne a le moopa. Boemo joo bo boima mo mosading ope fela yo o batlang go tshola bana; mme mo motlheng wa ga Hana le mo setsong sa gaabo, seno se ne se hutsafatsa fela thata. Malapa a ne a ikaegile ka bana gore a tsweledise pele leina la lelapa. Go nna moopa go ne go tsewa e le kgobo e bile go tlhabisa ditlhong.

4 Gongwe Hana o ne a ka kgona go itshokela boemo jwa gagwe fa e ne e se ka Penina. Go nyala lefufa ga e ise e ko e nne selo se se siameng. Go ne go tlwaelegile gore mo manyalong a a ntseng jalo go nne le  dikgotlhang, lefufa le kutlobotlhoko. Mokgwa oo o ne o sa dumalane le molao o Modimo a neng a o tlhomile kwa tshimong ya Edene wa gore monna a nyale mosadi a le mongwe fela. (Gen. 2:24) Ka jalo, Baebele ga e eme nokeng kgang ya go nyala lefufa mme se se neng se direga mo ntlong ya ga Elekana ke sekao se se bontshang sentle manokonoko a go nyala lefufa.

5. Ke eng fa Penina a ne a batla gore Hana a boge, mme o ne a mo utlwisa botlhoko jang?

5 Elekana o ne a rata Hana fela thata. Ngwao ya Bajuda ya re Elekana o ne a nyala Hana pele mme dingwaga moragonyana a nyala Penina. Le fa re sa tlhomamisege ka seo, se re se itseng ke gore Penina o ne a fufegela Hana thata mme o ne a bona ditsela di le dintsi tsa go mo utlwisa botlhoko. Penina o ne a kgona go tshola bana fa Hana ene a ne a le moopa. Penina o ne a tshola bana ba bantsi, mme fa ba ntse ba oketsega, o ne a nna mabela le go feta. Go na le gore Penina a tlhomogele Hana pelo le go mo gomotsa mo kutlobotlhokong ya gagwe, o ne a dirisa tshono eo go mo utlwisa botlhoko. Baebele ya re Penina o ne a tshwenya Hana mo go botlhoko, fela “gore a mo dire gore a ikutlwe a tlhakatlhakane.” (1 Sam. 1:6) Penina o ne a dira seno ka boomo. O ne a batla go utlwisa Hana botlhoko mme o ne a atlega.

Hana o ne a hutsafadiwa thata ke go bo e le moopa, mme Penina o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go mo utlwisa botlhoko

6, 7. (a) Le fa Elekana a ile a leka go gomotsa Hana, ke eng fa Hana a sa ka a mmolelela kgang ka botlalo? (b) A go nna moopa ga ga Hana go ne go bontsha gore Jehofa o ne a mo galefetse? Tlhalosa. (Bona ntlha e e kwa tlase.)

6 Go bonala Penina a ne a itumelela go utlwisa Hana botlhoko ka nako ya loeto lwa ngwaga le ngwaga lwa go ya go obamela kwa Shilo. Elekana o ne a naya bana botlhe ba ga Penina—“bomorwawe botlhe le bomorwadie”—dikarolo tse ba neng ba tla di ntshetsa Jehofa setlhabelo. Mme Hana yo o se nang bana ene o ne a newa karolo e le nngwe fela. Ka jalo, Penina o ne a kgerisa Hana le go nna a mo gopotsa gore ke moopa, mo Hana a ileng a lela a bo a felelwa ke keletso ya dijo. Elekana o ne a lemoga gore mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Hana o tshwenyegile e bile ga a je, ka jalo o ne a leka go mo gomotsa. O ne a mmotsa: “Hana, o lelela eng, le gone ke ka ntlha yang fa o sa je, mme ke ka ntlha yang fa pelo ya gago e sulafaletswe? A ga ke botoka mo go wena go na le bana ba le lesome ba basimane?”—1 Sam. 1:4-8.

7 Se se kgatlhang ke gore Elekana o ile a lemoga gore kutlobotlhoko ya ga Hana e bakwa ke go bo a le moopa. Hana o tshwanetse a bo a ile a anaanela go bo Elekana a ile a mo tlhomamisetsa gore o a mo rata. *  Mme gone, Elekana ga a ka a bua sepe ka letlhoo la ga Penina; e bile pego eno ya Baebele ga e bue sepe ka gore Hana o ne a mmolelela ka gone. Gongwe Hana o ne a lemoga gore go bolela se Penina a neng a se dira go ne go tla gakatsa bothata. A tota Elekana o ne a ka kgona go fetola boemo joo? A gongwe seo se ne se tla dira gore Penina a tlhoe Hana le go feta, le gore bana ba gagwe le batlhanka le bone ba mo tlhoe? Hana o ne a tla feleletsa a ikutlwa e le motswakwa mo ga gagwe.

Fa Hana a ne a sa tshwarwe sentle kwa lapeng, o ne a kopa Jehofa gore a mo gomotse

8. Fa o kgerisiwa kgotsa o direlwa tshiamololo, ke eng fa go kgothatsa go gopola gore Jehofa ke Modimo wa tshiamiso?

8 Le fa Elekana a ka tswa a ne a itse kgotsa a sa itse ka bosetlhogo jwa ga Penina, Jehofa Modimo o ne a bona sengwe le sengwe. Lefoko la gagwe le re bolelela gore o ne a bona dilo tsotlhe mme le tlhagisa motho ope fela yo o ka tswang a rata go fufegela ba bangwe le go ba utlwisa botlhoko. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba se nang molato e bile ba rata kagiso jaaka Hana, ba ka gomodiwa ke go itse gore Modimo wa tshiamiso o baakanya dilo ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe. (Bala Duteronome 32:4.) Gongwe Hana o ne a itse seo ka gonne o ne a kopa thuso kwa go Jehofa.

‘A se Ka a Tlhola a Tshwenyega’

9. Re ka ithuta eng mo tseleng e Hana a ileng a iketleeletsa ka yone go tsaya loeto go ya Shilo le fa a ne a itse gore mogadikane wa gagwe yo o lefufa o tlile go mo tshwara jang?

9 Ka makuku go ne go tlhanasela mo ntlong. Mongwe le mongwe, le bana tota, ba ne ba ipaakanyetsa mosepele. Lelapa leno le legolo le ne le tla tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di feta 30 go ya kwa Shilo, le ralala dithota tsa naga ya Eferaime. * Loeto loo lo ne lo ka tsaya motho letsatsi kgotsa a mabedi fa a tsamaya ka dinao. Hana o ne a itse gore mogadikane wa gagwe yo o lefufa o tlile go mo tshwara jang. Le fa go ntse jalo, ga a ka a sala kwa lapeng. Ka jalo, o tlhometse baobamedi ba Modimo sekao se se molemo se le gompieno ba ka se latelang. Ga go botlhale go letla tsela e e sa siamang e batho ba bangwe ba itshwarang ka yone e kgoreletsa kobamelo ya rona. Fa re ka dira jalo, re ka se amogele masego a a tla re thusang go itshokela maemo a a thata.

10, 11. (a) Ke eng fa Hana a ile a tlogela ba lelapa la gagwe mme a ya kwa motlaaganeng? (b) Hana o ne a bulela Rraagwe yo o kwa legodimong mafatlha jang fa a rapela?

10 Kgabagare lelapa leno le legolo le ne le setse le atametse Shilo morago ga go tsamaya letsatsi lotlhe mo ditseleng tse di motsopodia tse di mo dithabeng. Motse ono o ne o agilwe mo thoteng e e dikologilweng ke dithota tse dingwe tse di kwa godimo. Fa ba ntse ba atamela, Hana o tshwanetse a bo a ne a akanya thata ka se a tla se bolelelang Jehofa fa a rapela. Fa lelapa leno le goroga le ne la ja mmogo. Fa tshono e tlhaga,  Hana o ne a ba tlogela mme a ya kwa motlaaganeng wa ga Jehofa. Moperesiti yo mogolo Eli o ne a ntse fa thoko ga kgoro. Mme Hana ga a ka a mmona ka gonne a ne a akantse thata ka thapelo ya gagwe. O ne a tlhatswegile pelo gore fa a le mo motlaaganeng o tla utlwiwa. Fa go se ope yo o tlhaloganyang matshwenyego a gagwe, Rraagwe yo o kwa legodimong o ne a tla a tlhaloganya. O ne a tlala khutsafalo mme a simolola go lela.

11 Fa mmele wa gagwe o ntse o roroma ka ntlha ya go sisa pelo, Hana o ne a bua le Jehofa mo pelong. Dipounama tsa gagwe di ne di roroma fa a ntse a leka go akanya mafoko a a ka a dirisang go tlhalosa kutlobotlhoko ya gagwe. Ka jalo, o ne a rapela lobaka lo loleele, a bulela Rraagwe mafatlha. Mme gone, ga a ka a kopa fela gore Modimo a diragatse keletso ya gagwe e kgolo ya go nna le bana. Hana o ne a sa batle fela gore Modimo a mo segofatse mme gape o ne a batla go naya Modimo sengwe. Ka jalo, o ne a dira maikano a gore fa a ka nna le ngwana wa mosimane o tla mo naya Jehofa gore a mo direle botshelo jotlhe jwa gagwe.—1 Sam. 1:9-11.

12. Jaaka sekao sa ga Hana se bontsha, ke eng se re tshwanetseng go se gopola ka thapelo?

12 Ka jalo, Hana o tlhometse batlhanka botlhe ba Modimo sekao mo kgannyeng ya thapelo. Jehofa o kopa batho ba gagwe ka bopelonomi gore ba bue le ene ba gololesegile, ba sa okaoke, ba mmolelele dilo tse di ba tshwenyang fela jaaka ngwana yo o ikanyang motsadi wa gagwe yo a mo ratang. (Bala Pesalema 62:8; 1 Bathesalonika 5:17.) Moaposetoloi Petere o ne a tlhotlhelediwa go kwala mafoko ano a a gomotsang a a malebana le go rapela Jehofa: ‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.’—1 Pet. 5:7.

13, 14. (a) Eli o ne a dira tshwetso efe e e phoso ka Hana? (b) Tsela e Hana a neng a araba Eli ka yone ke sekao se se tlhomologileng jang sa tumelo mo go rona?

13 Le fa go ntse jalo, batho ga ba amege ka ba bangwe le go ba utlwela botlhoko jaaka Jehofa. Fa Hana a ntse a lela e bile a rapela, o ne a tshosiwa ke lentswe lengwe. E ne e le la ga Eli, moperesiti yo mogolo yo o neng a ntse a mo lebile. O ne a re: “O tla itshwara jaaka yo o tagilweng ka lobaka lo lo kae? Tlosa beine ya gago mo go wena.” Eli o ne a bone dipounama tse di roromang tsa ga Hana, go sisa pelo le tsela e a neng a itshwere ka yone. Go na le go botsa gore molato ke eng, o ne a swetsa ka gore o tagilwe.—1 Sam. 1:12-14.

14 Ruri Hana o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko tota, fa mo nakong eo e a neng a tlaletswe, a ne a latofadiwa ka tsela eo—le gone a latofadiwa ke monna yo o neng a tlotlega! Le fa go ntse jalo, o ne a re tlhomela sekao se sengwe gape se se molemo sa tumelo. Ga a ka a letla bosaitekanelang jwa motho yo mongwe bo mo kgoreletsa go obamela Jehofa. O ne a araba Eli ka tlotlo a bo a mo tlhalosetsa boemo jwa gagwe. Eli o ne a araba jaana ka bonolo, gongwe a lemoga gore o ne a le phoso: “Tsamaya ka kagiso, mme e kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng mo go ene.”—1 Sam. 1:15-17.

15, 16. (a) Hana o ile a solegelwa molemo jang ke go bulela Jehofa mafatlha le go mo obamela kwa motlaaganeng? (b) Re ka etsa jang sekao sa ga Hana fa re fekeediwa ke kutlobotlhoko?

 15 Hana o ne a solegelwa molemo jang ke go bulela Jehofa mafatlha le go mo obamela kwa motlaaganeng? Pego eno e balega jaana: “Mosadi a tsamaya a ba a ja, mme sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tshwenyega.” (1 Sam. 1:18) Baebele e e Boitshepo ya re: “Sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tlhontse.” Hana o ne a ikutlwa a imologile. E ne e kete o rotse morwalo o o ntseng o mo imela, a o rolela mongwe yo mogolo le yo o maatla go mo feta e bong Rraagwe yo o kwa legodimong, Jehofa. (Bala Pesalema 55:22.) A go na le bothata jo bo ka imelang Jehofa? Nnyaa—ga go na bothata bope fela jo bo ka mo palelang!

16 Fa re ikutlwa re imetswe, re fekeediwa ke kutlobotlhoko, go ka nna molemo gore re etse sekao sa ga Hana mme re bue re gololesegile le Ene yo Baebele e reng ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pes. 65:2) Fa re dira jalo re na le tumelo, le rona re ka fitlhela gore mo boemong jwa kutlobotlhoko, re nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—Bafil. 4:6, 7.

“Ga go Na Lefika Lepe le le Tshwanang le Modimo wa Rona”

17, 18. (a) Elekana o ne a bontsha jang gore o ema nokeng maikano a ga Hana? (b) Dilo tse Penina a neng a di dira Hana di ne tsa felela kae?

17 Mo mosong o o latelang, Hana o ne a boela kwa motlaaganeng a na le Elekana. O tshwanetse a bo a ne a mmoleletse se a se kopileng le maikano a a a dirileng ka gonne Molao wa ga Moshe o ne o re monna o ne a ka phimola maikano a a dirilweng ke mosadi wa gagwe fa a sa dumalane le one. (Dipa. 30:10-15) Le fa go ntse jalo, monna yoo yo o ikanyegang ga a ka a dira jalo. Go na le moo, ene le Hana ba ne ba obamela Jehofa mmogo kwa motlaaganeng pele ba boela gae.

18 Penina o ne a lemoga leng gore dilo tse a di dirang ga di tlhole di utlwisa Hana botlhoko? Le fa pego eno e sa tlhalose, mafoko a a reng ‘a se ka a tlhola a tshwenyega’ a bontsha gore go tloga ka nako eo, Hana o ne a itumetse e bile a sa tlhole a tshwenyega. Go ise go ye kae, Penina o ne a lemoga gore ditiro tsa gagwe tsa letlhoo ga di tlhole di tshwenya Hana. Mme Baebele ga e umake leina la ga Penina gape.

19. Hana o ne a segofadiwa ka eng, mme o ne a bontsha jang gore ga a lebala kwa masego ao a tswang teng?

19 Fa dikgwedi di ntse di feta, kagiso ya mogopolo e Hana a neng a na le yone e ne ya fetoga boitumelo jo bogolo. O ne a imile! Le fa dilo di ne di tsamaela Hana sentle, ga a ka a lebala gore o ne a segofaditswe ke mang. Fa a sena go tshola ngwana wa mosimane, o ne a mmitsa Samuele, mo go kayang “Leina la Modimo,” mme go bonala le ne le kaya go bitsa leina la Modimo e leng se Hana a neng a se dirile. Mo ngwageng oo, ga a ka a tsamaya le Elekana le ba lelapa go ya kwa Shilo. O ne a sala kwa lapeng le ngwana ka dingwaga di le tharo go fitlha a mo kgwisa. Go tswa foo, o ne a ipaakanyetsa letsatsi la fa a tla bo a kgaogana le morwawe yo a mo ratang thata.

20. Hana le Elekana ba ne ba diragatsa jang tsholofetso e ba e diretseng Jehofa?

 20 Go tshwanetse ga bo go ne go le thata go kgaogana le morwawe. Aitsane, Hana o ne a itse gore Samuele o tla tlhokomelwa sentle kwa Shilo, gongwe a tlhokomelwa ke basadi bangwe ba ba direlang kwa motlaaganeng. Le fa go ntse jalo, Samuele o ne a sa ntse a le mmotlana thata, mme ke mmè ofe yo o ka batlang go kgaogana le ngwana wa gagwe? Mme gone, Hana le Elekana ba ne ba isa mosimane kwa tempeleng ba sa ngongorege, mme ba itumetse. Ba ne ba ntsha ditlhabelo mo ntlong ya Modimo mme ba isa Samuele kwa go Eli, ba mo gopotsa maikano a Hana a neng a a dira dingwaga pelenyana ga moo.

Hana o ile a nna tshegofatso mo go morwawe e bong Samuele

21. Thapelo ya ga Hana e ne ya bontsha jang gore tumelo ya gagwe e nonofile? (Bona le lebokose le le reng, “ Dithapelo Tse Pedi Tse di Tlhomologileng.”)

21 Go tswa foo, Hana o ne a rapela thapelo e Modimo a ileng a bona go tshwanela gore e kwalwe mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Fa o bala mafoko a gagwe a a mo go 1 Samuele 2:1-10, o tla lemoga gore mola mongwe le mongwe o bontsha kafa tumelo ya gagwe e neng e nonofile ka gone. O ne a baka Jehofa kafa a dirisang maatla a gagwe a a gakgamatsang ka gone—bokgoni jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le bope jwa go kokobetsa ba ba ikgodisang, go segofatsa ba ba gateletsweng, go fedisa botshelo kgotsa go bo falotsa mo losong. O ne a baka Rraagwe ka go bo a le boitshepo, a le tshiamiso e bile a ikanyega. Go a utlwala go bo Hana a ile a re: “Ga go na lefika lepe le le tshwanang le Modimo wa rona.” Jehofa o ikanyega ka botlalo e bile ga a fetoge, ke botshabelo jwa botlhe ba ba gateletsweng le ba ba patikiwang ba ba kopang thuso kwa go ene.

22, 23. (a) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Samuele o godile a itse gore batsadi ba gagwe ba a mo rata? (b) Jehofa o ne a segofatsa Hana jang gape?

22 Ruri e ne e le tshiamelo go bo Samuele yo mmotlana a na le mmè yo o nang le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. Ga go pelaelo gore fa a ntse a gola o ne a tlhologelelwa mmaagwe, mme gone ga a ka a ikutlwa a lebetswe. Ngwaga le ngwaga fa Hana a tla Shilo, o  ne a mo tlela seaparo se se se nang mabogo se a tla se aparang fa a direla kwa motlaaganeng. Seaparo seno se ne se bonala gore se rokilwe ke mmè yo o ratang le yo o tlhokomelang morwawe. (Bala 1 Samuele 2:19.) Mmone ka leitlho la mogopolo a apesa morwawe seaparo seno se sesha, a ntse a se baakanya, a mo lebile ka lorato a ntse a bua le ene ka bonolo a mo kgothatsa. E ne e le tshegofatso go bo Samuele a na le mmè yo o ntseng jalo mme o ne a gola a itumedisa batsadi ba gagwe le Iseraele yotlhe.

23 Hana le ene o ne a sa lebalwa. Jehofa o ne a mo segofatsa ka go dira gore a kgone go tshola bana mme a tsholela Elekana bana ba bangwe ba le batlhano. (1 Sam. 2:21) Le fa go ntse jalo, gongwe masego a magolo a Hana a ileng a nna le one, ke kamano e a neng a nna le yone le Rraagwe e bong Jehofa, e e neng ya nonofa le go feta fa dingwaga di ntse di ya. E kete le wena o ka diragalelwa ke se se tshwanang fa o ntse o etsa tumelo ya ga Hana.

^ ser. 7 Le fa pego eno ya Baebele e re Jehofa ‘o ne a tswetse sebopelo sa ga Hana,’ ga go na bosupi bope jwa gore Modimo o ne a galefetse mosadi yono yo o ikanyegang le yo o boikobo. (1 Sam. 1:5) Baebele e a tle e bue ka ditiragalo dingwe tse Modimo a neng a letlelela gore di direge ka lobaka lo lo rileng.

^ ser. 9 Sekgala seno se lekanyediwa ka motse o Elekana a goletseng kwa go one wa Rama, one motse o mo motlheng wa ga Jesu o ka tswang o ne o bidiwa Arimathea.