Ketapele

Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang

Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang

Go Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Rona ba ba Rategang:

Mo kgatisong ya January 1, 2008 ya makasine wa Tora ya Tebelo wa batho botlhe, go ne ga simolola motseletsele o mosha wa ditlhogo tse di kgatlhang tsa setlhogo se se reng, “Etsa Tumelo ya Bone.” Fa e sa le go tloga ka nako eo, morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse tharo go ne go gatisiwa setlhogo se sesha mo motseletseleng oo, gore re solegelwe molemo!

Babadi ba ile ba ikutlwa jang ka motseletsele oo? Fa mmadi mongwe a sena go bala setlhogo se se buang ka Maratha, o ne a kwala jaana: “Ke ne ka tshega fa ke ntse ke se bala ka gonne ke tshwana kgo le ene—ka metlha ke rata gore baeng ba me ba ikutlwe ba amogelesegile, ka jalo seo se dira gore ke tshwarege thata mme ka dinako tse dingwe ke lebala le gore ke tshwanetse go nna fa fatshe gore ke itumelele botsalano le ditsala tsa me.” Mosha mongwe o ne a kwala ntlha eno e e kgatlhang ka pego ya ga Esethere: “Ke lemogile gore go motlhofo gore motho a rate diaparo le difeshene tsa bosheng ka tsela e e feteletseng. Gone re tshwanetse go ipaakanya sentle; le fa go ntse jalo, ga re batle go feteletsa dilo.” O ne a oketsa jaana: “Jehofa o amega ka gore re batho ba mofuta ofe ka fa teng.” Mme setlhogo se se buang ka moaposetoloi Petere se ne sa kgatlha kgaitsadi mongwe wa Mokeresete fela thata mo a neng a re: “Fa ke bala pego eo ke ne ke ipona ke le karolo ya se se diregang. E ne e kete ke koo! Ke ne ke kgona go bona ka leitlho la mogopolo sengwe le sengwe se se neng se direga!”

Babadi bano—le ba bangwe ba bantsi ba ba ileng ba kwala ba tlhalosa kafa ba anaanelang motseletsele ono ka gone—ba bontsha boammaaruri jwa mafoko ano a a sa bolong go kwalwa ke moaposetoloi Paulo: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya.” (Bar. 15:4) Ee, Jehofa o dirile gore dipego tseno di kwalwe mo Baebeleng gore a re rute dithuto dingwe tsa botlhokwa. Rotlhe fela, go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae re itse boammaaruri, re ka ithuta sengwe mo go tsone.

Re go kgothatsa ka lorato gore o bale buka eno ka bonako jo bo ka kgonegang. O e akaretse mo thulaganyong ya lona ya Kobamelo ya Lelapa—bana ba tla e rata! Fa e setse e ithutiwa mo Thutong ya Baebele ya Phuthego, tlhomamisa gore ga go beke epe e e fetang o sa ya dipokanong! E bale ka kelotlhoko, o se ka wa e tlodisa matlho fela. Dirisa leitlho la gago la mogopolo; nna karolo ya se se diregang. Leka go ikutlwa jaaka batho ba go buiwang ka bone ba ne ba ikutlwa, o bone se ba neng ba se bona. Bapisa tsela e ba ileng ba itshwara ka yone fa ba diragalelwa ke sengwe le tsela e wena o ka bong o itshwere ka yone.

Ke boitumelo jo bogolo tota go bo rotlhe re tla nna le kgatiso eno. E kete e ka go solegela molemo, wena le ba lelapa la gago. Re lo rata ka lorato lo logolo e bile re lo eleletsa tsotlhe tse di molemo,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa