Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOSOMETLHANO

O ne A Femela Batho ba Modimo

O ne A Femela Batho ba Modimo

1-3. (a) Ke eng fa Esethere a ka tswa a ne a boifa fa a akanya ka go bona monna wa gagwe? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife ka ga Esethere?

ESETHERE o ne a leka go ritibala fa a ntse a atamela lolwapa lwa ntlo ya segosi kwa Shushane. Go ne go se motlhofo. Sengwe le sengwe ka ntlo ya segosi se ne se dirilwe ka tsela e e jesang kgakge—ditshwantsho tsa yone tse di mebalabala tsa dipoo tse di diphuka, tsa bahulametswi le tsa ditau tse di neng di gabilwe mo loboteng lwa ditena tse di phatsimang, dipilara tsa yone tsa leje le difikantswe tsa yone tse dikgolo, tota le lefelo le ntlo eno e neng e le mo go lone le le tsholetsegileng le le gaufi le Dithaba tsa Zagros, tse di neng di apesitswe ke kapoko e bile le le gaufi le metsi a a itshekileng a noka ya Choaspes. Sengwe le sengwe se ne se diretswe go gopotsa moeti mongwe le mongwe ka maatla a magolo a monna yo o neng a ipitsa “kgosi e kgolo,” yo Esethere a neng a tlile go mmona, yo gape e neng e le monna wa gagwe.

2 Monna wa gagwe! Ga go na mosetsana ope yo o ikanyegang wa Mojuda yo o neng a ka batla go nyalwa ke monna yo o tshwanang le Ahasueruse! * O ne a sa tshwane le banna ba ba jaaka Aborahame, monna yo ka boikokobetso a ileng a amogela kaelo ya Modimo ya gore a reetse Sara, mosadi wa gagwe. (Gen. 21:12) Kgosi eno e ne e sa itse go le kalo kgotsa e sa itse sepe ka Modimo wa ga Esethere e bong Jehofa, kgotsa ka Molao wa Gagwe. Le fa go ntse jalo, Ahasueruse o ne a itse melao ya Baperesia, go akaretsa le molao o o iletsang selo se Esethere a neng a tloga a se dira. O ne a batla go dira eng? Aitsane molao oo o ne o laela gore ope fela yo o ka tlang kwa kgosing ya Peresia, kgosi e sa mmitsa o tshwanetse go bolawa. Esethere o ne a le mo tseleng e e yang kwa kgosing le fa gone a ne a sa bidiwa. Fa a ntse a atamela lolwapa lo lo mo teng, lo fa a le mo go lone kgosi e tla kgonang go mmona e le mo setulong sa yone sa bogosi, a ka tswa a ne a akanya gore o ya go bolawa.Bala Esethere 4:11; 5:1.

3 Goreng a ne a itsenya mo kotsing jaana? Mme re ka ithuta eng mo tumelong ya mosadi yono yo o molemo? Sa ntlha, mma re bone gore go tlile jang gore Esethere a nne le maemo a a kgethegileng a go nna kgosigadi ya Peresia.

 Tsela e Esethere a Godileng ka Yone

4. Esethere o godisitswe jang, mme go tlile jang gore a nne le ntsalae e bong Moredekai?

4 Esethere e ne e le khutsana. Re itse go le gonnye fela ka batsadi ba gagwe ba ba neng ba mmitsa Hadasa e leng lefoko la Sehebera le le kayang “moretela,” setlhatshana se sentle se se thunyang dithunya tse ditshweu. Fa batsadi ba ga Esethere ba sena go tlhokafala, monna mongwe wa losika lwa gagwe yo o pelontle yo o bidiwang Moredekai, o ne a mo tlhokomela. E ne e le ntsalae Esethere mme o ne a feta Esethere thata ka dingwaga. O ne a tsaya Esethere a ya go nna le ene kwa ntlong ya gagwe mme a mo tshwara jaaka morwadie.—Eseth. 2:5-7, 15.

Moredekai o ne a na le lebaka le le utlwalang la go nna motlotlo ka morwadie yo a mo godisitseng

5, 6. (a) Moredekai o godisitse Esethere jang? (b) Moredekai le Esethere ba ne ba tshela botshelo jo bo ntseng jang kwa Shushane?

5 Moredekai le Esethere e ne e le batshwarwa ba Bajuda kwa motsemogolong wa Peresia, kwa gongwe ba neng ba tshwanelwa ke go itshokela go nyadiwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone le Molao o ba neng ba leka go o latela. Le fa go ntse jalo, Esethere o tshwanetse a bo a ile a atamalana thata le ntsalae fa a ntse a mo ruta ka ga Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko, yo mo nakong e e fetileng a ileng a namola batho ba Gagwe gantsi mo mathateng—e bile a ne a tlile go dira jalo gape. (Lefi. 26:44, 45) Ga go pelaelo gore tsela e Esethere le Moredekai ba neng ba ratana le go tshepana ka yone, e ne ya gola.

6 Go bonala Moredekai e ne e le modiredi kwa ntlong ya segosi kwa Shushane, a nna mo kgorong ya kgosi ka metlha le batlhanka ba bangwe ba kgosi. (Eseth. 2:19, 21; 3:3) Ga re itse gore Esethere yo mosha o ne a dira eng fa a ntse a gola, mme gone a ka tswa a ne a tlhokomela ntsalae yo a neng a setse a godile, a tlhokomela le ntlo ya ga ntsalae, e gongwe e neng e le mo karolong ya motse ya maemo a a kwa tlase e e kwa moseja ga noka go tswa kwa ntlong ya segosi. Gongwe o ne a itumelela go ya kwa marekisetsong a Shushane, kwa bathudi ba gouta, ba selefera le bagwebi ba bangwe ba neng ba rekisa dilwana tsa bone gone. Esethere o tshwanetse a bo a ne a sa akanye gore moragonyana dilwana tseo tsa manobonobo e ne e tla nna dilo tse di tlwaelegileng mo go ene; o ne a sa itse gore isagwe e mo tshwaretse eng.

O ne “A le Montle”

7. Ke eng fa Fasheti a ne a tseelwa maemo a go nna kgosigadi, mme morago ga moo go ne ga direga eng?

7 Letsatsi lengwe mo Shushane go ne go dumaduma magatwe a gore go na le mathata  kwa ntlong ya kgosi. Fa Ahasueruse a ne a dirile moletlo o mogolo go itumedisa dikgosana tsa gagwe ka dijo tsa maemo le beine, o ne a swetsa ka gore go bidiwe mosadi wa gagwe yo montle e bong kgosigadi Fasheti, yo le ene a neng a keteka le basadi go sele. Mme Fasheti o ne a gana go tla. E re ka kgosi e ne e tlhabisitswe ditlhong e bile e galefile, e ne ya botsa bagakolodi ba yone gore Fasheti o tshwanetse go otlhaiwa jang. Go ne ga felela jang? O ne a tseelwa maemo a go nna kgosigadi. Batlhanka ba kgosi ba ne ba tswa letsholo la go batla makgarebane a mantle mo nageng yotlhe; kgosi e ne e tla tlhopha kgosigadi e ntšha mo go one.—Eseth. 1:1–2:4.

8. (a) Ke eng fa Moredekai a ka tswa a ne a tshwenyegile fa Esethere a ntse a gola? (b) O akanya gore re ka dirisa jang kgakololo ya Baebele ya go leba bontle ka tekatekano? (Bona le Diane 31:30.)

8 Akanya fela Moredekai a ntse a leba Esethere gangwe le gape ka lorato, a le motlotlo mme gape a tshwenyegile ka gore ntsalae o setse a godile—mme jaanong ke mosadi yo montle thata. Re bala jaana: “Morweetsana yono o ne a bopegile sentle e bile a le montle.” (Eseth. 2:7) Baebele e tlhalosa bontle ka tsela e e tekatekano—bo a kgatlha, mme gone bo tshwanetse go tsamaisana le botlhale le boikokobetso. Go seng jalo, bo ka dira gore motho a ikgantshe, a nne mabela a bo a nne le mekgwa e mengwe e e sa siamang. (Bala Diane 11:22.) A o kile wa bona seo se direga? Mme bontle jwa ga Esethere bo ne bo tla mo dira motho yo o ntseng jang—yo o molemo kgotsa yo o bosula? Go ne go tla bonala fa nako e ntse e tsamaya.

9. (a) Go ne ga direga eng fa batlhanka ba kgosi ba bona Esethere, mme ke eng fa go ne go le thata gore a kgaogane le Moredekai? (b) Ke eng fa Moredekai a ne letla Esethere go nyalwa ke moheitane? (Akaretsa le lebokose.)

9 Batlhanka ba kgosi ba ne ba bona Esethere. Ka nako ya letsholo la bone, ba ne ba mo tsaya mo go Moredekai mme ba mo isa kwa ntlong ya segosi e e kwa moseja ga noka. (Eseth. 2:8) Go tshwanetse ga bo go ne go le thata gore ba kgaogane ka gonne ba ne ba ntse jaaka rre le morwadie. Moredekai o ne a ka se batle gore morwadie yo a mo godisitseng a nyalane le motho ope yo e seng modumedi, tota le fa e le kgosi, mme go ne go se sepe se a ka se dirang. * Ruri Esethere o tshwanetse a bo a ile a reetsa ka tlhoafalo fa Moredekai a ntse a mo gakolola pele a tsewa! Fa a ne a le mo tseleng go ya kwa ntlong ya segosi kwa Shushane, o ne a ipotsa dipotso tse dintsi. O ne a tlile go tshela botshelo jo bo ntseng jang?

O ne A Bona Kamogelo “mo Matlhong a Mongwe le Mongwe yo o Mmonang”

10, 11. (a) Ke eng fa go ne go ka nna motlhofo gore Esethere a amiwe ke lefelo le lesha le a neng a nna mo go lone? (b) Moredekai o ne a bontsha jang gore o tshwenyegile ka botsogo jwa ga Esethere?

10 Esethere o ne a iphitlhela a le mo lefelong le lesha le a neng a sa le tlwaela. E ne e le mongwe wa “barweetsana ba le bantsi” ba ba neng  ba phuthilwe mo dikarolong tsotlhe tsa Mmusomogolo wa Peresia. Dingwao tsa bone, dipuo tsa bone mmogo le tsela e ba neng ba itshwara ka yone e tshwanetse ya bo e ne e farologane thata. Barweetsana bano ba ne ba tlhokometswe ke molaodi mongwe yo o bidiwang Hegai, mme ba ne ba tshwanetse go ntlafadiwa gore ba nne bantle thata, ba sidilwa ka maokwane a a nkgang monate, lobaka lwa ngwaga. (Eseth. 2:8, 12) Lefelo le barweetsana bano ba neng ba nna mo go lone le tsela e ba neng ba tshela ka yone e ne ya dira gore bangwe ba bone ba amege thata ka ditebego tsa bone, ba nne mabela ba bo ba nne le moya wa go gaisana. Botshelo joo bo ne jwa ama Esethere jang?

11 Moredekai o ne a tshwenyegile thata ka Esethere go feta motho ope fela. Pego eno ya Baebele e bontsha gore letsatsi le letsatsi o ne a iphetisa gaufi le ntlo ya basadi, a batla go utlwa gore Esethere o ntse a tsoga jang. (Eseth. 2:11) Fa a utlwa gore Esethere o ntse a itshwere sentle, gongwe a bolelelwa ke batlhanka ba ntlo ya segosi ba ba neng ba  dumela go mo thusa, o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa a le motlotlo ka ene. Ka ntlha yang?

12, 13. (a) Batho ba ba neng ba nna le Esethere ba ne ba ikutlwa jang ka ene? (b) Ke eng fa Moredekai a ka tswa a ne a itumeletse go utlwa gore Esethere ga a bolela gore ke Mojuda?

12 Hegai o ne a kgatlhiwa thata ke Esethere mo a neng a mmontsha bopelonomi jwa lorato mme a mo naya malata a le supa le lefelo le le a gaisang otlhe mo ntlong ya basadi. Tota e bile, pego eno ya re: “Nako eno yotlhe Esethere o ne a tswelela a bona kamogelo mo matlhong a mongwe le mongwe yo o mmonang.” (Eseth. 2:9, 15) A batho bano botlhe ba ne ba kgatlhiwa fela ke bontle jwa gagwe? Nnyaa, go ne go na le sengwe se se kgatlhang thata ka Esethere go feta bontle jwa gagwe.

Esethere o ne a itse gore boikokobetso le botlhale di botlhokwa thata go feta go nna montle

13 Ka sekai, re bala jaana: “Esethere o ne a sa bolela kaga batho ba gagabo kgotsa kaga ba losika lwa gagwe, gonne Moredekai ka boene o ne a mo laetse gore a se ka a bolela.” (Eseth. 2:10) Moredekai o ne a  laetse mosetsana yono gore a se ka a bua gore ke Mojuda; ga go pelaelo gore o ne a bona gore batho ba segosi ba Peresia ba tlhoile batho ba gaabo. Ruri o tshwanetse a bo a ne a itumedisiwa ke go itse gore le fa Esethere a sa tlhole a nna le ene ka nako eo, o ne a sa ntse a le botlhale e bile a le kutlo!

14. Gompieno basha ba ka etsa jang sekao sa ga Esethere?

14 Gompieno basha le bone ba ka ipedisa batsadi ba bone kgotsa batho ba ba ba godisang. Tota le fa batsadi ba bone ba sa ba bone—ba dikologilwe ke batho ba ba itshelelang fela, ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang kgotsa ba ba setlhogo—ba ka kgona go gana tlhotlheletso e e sa siamang mme ba tswelele ba ngaparetse melao e ba itseng gore e siame. Fa ba dira jalo, ba ipedisa pelo ya ga Rraabone yo o kwa legodimong, fela jaaka Esethere a ne a dira.Bala Diane 27:11.

15, 16. (a) Esethere o ne a bona jang kamogelo ya kgosi? (b) Ke eng fa botshelo jo bosha jwa ga Esethere e ka tswa e ne e le kgwetlho?

15 Fa nako ya gore Esethere a ye go ema fa pele ga kgosi e goroga, o ne a letlelelwa go tlhopha dilo dipe fela tse a akanyang gore o tla di tlhoka, gongwe gore a itire montle le go feta. Le fa go ntse jalo, o ne a nna boikokobetso mme a se ka a kopa sepe ntle le se Hegai a rileng o tla mo naya sone. (Eseth. 2:15) A ka tswa a ile a lemoga gore bontle ka bojone bo ka se gape pelo ya kgosi; go nna boingotlo le go ikokobetsa e ne e le tsone dinonofo tse di sa tlwaelegang mo lolwapeng loo tse di neng di ka mo kgatlha. A o ne a nepile?

16 Pego eno ya re: “Kgosi ya rata Esethere go feta basadi ba bangwe botlhe, mo o neng a bona kamogelo e ntsi le bopelonomi jwa lorato mo go yone go feta makgarebane a mangwe otlhe. Mme a baya serwalo sa tlhogo sa segosi mo tlhogong ya gagwe a ba a mo dira kgosigadi mo boemong jwa ga Fasheti.” (Eseth. 2:17) Go tshwanetse ga bo go ne go le boima gore mosetsana yono yo o boikokobetso wa Mojuda a tlwaele botshelo jwa gagwe jo bosha—e ne e le kgosigadi e ntšha, mosadi wa kgosi e e neng e le maatla go gaisa mo lefatsheng ka nako eo! A maemo a gagwe a masha a ile a mo ya tlhogong, a dira gore a nne mabela? Nnyaa, le e seng!

17. (a) Esethere o ne a tswelela a ikobela rraagwe yo a mo godisitseng ka ditsela dife? (b) Ke eng fa sekao sa ga Esethere se le botlhokwa thata mo go rona gompieno?

17 Esethere o ne a tswelela a ikobela rraagwe yo a mo godisitseng e bong Moredekai. Ga a ka a bolelela ope gore o amana le setšhaba sa Bajuda. Mo godimo ga moo, fa Moredekai a ne a senola leano la batho ba ba neng ba batla go bolaya Ahasueruse, Esethere o ne a nna kutlo mme a tlhagisa kgosi ka seo, ka jalo leano leo le ile la folotsa. (Eseth. 2:20-23) Gape o ne a bontsha tumelo mo Modimong wa gagwe ka go nna boikokobetso le go nna kutlo. Ruri go botlhokwa thata gore re latele sekao sa ga Esethere ka gonne batho ba le bantsi gompieno ga ba kutlo e bile ba a tsuologa! Mme batho ba ba nang le tumelo ya mmatota bone ba tsaya go nna kutlo go le botlhokwa thata, fela jaaka Esethere a ne a dira.

 Tumelo ya ga Esethere e a Lekwa

18. (a) Ke eng fa Moredekai a ka tswa a ile a gana go obama fa pele ga ga Hamane? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Gompieno banna le basadi ba ba ikanyegang ba etsa jang sekao sa ga Moredekai?

18 Monna mongwe yo o bidiwang Hamane o ne a newa maemo a a kwa godimo mo lolwapeng lwa ga Ahasueruse. Kgosi e ne ya tlhoma Hamane go nna tonakgolo, ya mo dira mogakolodi wa yone yo mogolo le gore e nne ene a tlhatlhamang kgosi mo mmusomogolong. Kgosi e ile ya bo ya ntsha taelo ya gore mongwe le mongwe fa a bona modiredimogolo yono, a obame fa pele ga gagwe. (Eseth. 3:1-4) Molao oo o ne wa thatafalela Moredekai. O ne a dumela gore o tshwanetse go ikobela kgosi fa seo se sa dire gore a tlontlolole Modimo. Aitsane, Hamane e ne e le Moagage. Go bonala e ne e le setlogolwana sa ga Agage, kgosi ya Baamaleke yo o neng a bolawa ke moporofeti wa Modimo e bong Samuele. (1 Sam. 15:33) Baamaleke ba ne ba le boikepo mo ba neng ba nna baba ba ga Jehofa le ba Baiseraele. Modimo o ne a atlhotse setšhaba sa Baamaleke. * (Dute. 25:19) Mojuda yo o ikanyegang o ne a ka obama jang fa pele ga Moamaleke? Moredekai o ne a ka se dire jalo. O ne a ema a nitame. Go tla go fitlha jaanong, banna le basadi ba ba ikanyegang ba ile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba ikobele molaomotheo ono: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Dit. 5:29.

19. Hamane o ne a batla go dira eng, mme o ne a tlhotlheletsa kgosi jang?

19 Hamane o ne a galefa. O ne a galefa thata jaana mo a neng a batla go bolaya Moredekai le batho botlhe ba gaabo! Hamane o ne a bua Bajuda bosula mo kgosing. Le fa gone a ne a sa ba umake ka leina, o ne a tlhalosa gore ke batho ba ba se nang mosola, le setšhaba “se se gasameng se se itomolotseng mo gare ga ditšhaba.” Se se maswe le go feta, o ne a re ga ba ikobele melao ya kgosi; ka jalo, ke batsuolodi ba ba kotsi. Hamane o ne a ithaopela go ntsha madi a mantsi mme a a tsenya mo bobolokela matlotlong jwa kgosi gore a duelele ditshenyegelo tsa go bolaya Bajuda botlhe ba ba mo mmusomogolong. * Ahasueruse o ne a naya Hamane palamonwana ya kgosi e e tshwayang, gore a saene taelo epe fela e a neng a e akantse.—Eseth. 3:5-10.

20, 21. (a) Molaetsa wa ga Hamane o ne wa ama jang Moredekai le Bajuda botlhe go ralala Mmusomogolo wa Peresia? (b) Moredekai o ne a kopa Esethere gore a dire eng?

20 Go ise go ye kae, barongwa ba ne ba taboga ka dipitse mo dikarolong tsotlhe tsa mmusomogolo, ba isa molaetsa wa gore Bajuda ba atlholetswe loso. Akanya fela gore molaetsa oo o ne wa ama Bajuda jang fa o fitlha kgakala kwa Jerusalema, kwa masalela a bone a a boileng go  tswa botshwarwa kwa Babelona, a neng a semeletse a aga sesha motse o o neng o ise o nne le dipota tse di ka o sireletsang. Gongwe fa Moredekai a ne a utlwa dikgang tseo tse di botlhoko o ile a akanya ka bone, mmogo le ditsala tsa gagwe le ba losika ba ba mo Shushane. E re ka a ne a fuduegile maikutlo, o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe, a apara letsela la kgetsi a bo a itshela melora mo tlhogong mme a lelela kwa godimo mo gare ga motse. Le fa go ntse jalo, Hamane o ne a ntse a nwa le kgosi, go se tsapa le mo fisang pelo ka khutsafalo e a neng a e baketse Bajuda le ditsala tsa bone tse di nnang mo Shushane.Bala Esethere 3:12–4:1.

21 Moredekai o ne a itse gore o tshwanetse go tsaya kgato. Mme o ne a tla dira eng? Esethere o ne a utlwa kafa Moredekai a tshwenyegileng ka gone mme a mo romelela diaparo, le fa go ntse jalo, o ne a gana go gomotsega. Gongwe o ne a sa bolo go nna a ipotsa gore ke eng fa Modimo wa gagwe e bong Jehofa a ile a letla gore Esethere yo a mo ratang a tsewe mo go ene mme a dirwe mohumagadi wa mmusi wa moheitane. Jaanong go ne go bonala lebaka le tla tloga le senoga. Moredekai o ne a romela molaetsa kwa go kgosigadi Esethere, a mo kopa gore a ba buelele kwa kgosing, a femele “batho ba gagabo.”—Eseth. 4:4-8.

22. Ke eng fa Esethere a ne a tshaba go ya kwa monneng wa gagwe yo e neng e le kgosi? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

22 Esethere o tshwanetse a bo a ile a kotlomana pelo fa a utlwa molaetsa oo. Jaanong o ne a lebane le teko e kgolo ya tumelo. O ne a tshogile,  jaaka go ne ga utlwala mo mafokong a gagwe fa a araba Moredekai. Esethere o ne a mo gopotsa molao wa kgosi. Fa motho a ne a ka ya kwa kgosing e sa mmitsa, o ne a ka atlholelwa loso. O ne a ka se bolawe fa fela kgosi e ne e ka otlololela lore lwa yone lwa segosi lwa gauta kwa go ene. A Esethere o ne a na le lebaka lepe la go akanya gore ga a na go bolawa, segolobogolo fa a gopola se se diragaletseng Fasheti fa a ne a gana go tla kwa kgosing fa e mmitsa? O ne a bolelela Moredekai gore go setse go fetile malatsi a le 30 kgosi e sa mmitse! E re ka e ne e setse e le lobaka lo loleele a sa bidiwe, a ka tswa a ne a ipotsa gore a kgosi eno e e sa tlhomamang e ka tswa e fetotse mogopolo ka ene kgotsa e sa tlhole e mo rata. *Eseth. 4:9-11.

23. (a) Moredekai o ne a reng go nonotsha tumelo ya ga Esethere? (b) Ke eng fa Moredekai e le sekao se re tshwanetseng go se etsa?

23 Moredekai o ne a araba Esethere a tiisitse gore a mo nonotshe tumelo. O ne a mo tlhomamisetsa gore fa a sa tseye kgato, poloko ya Bajuda e ne e tla tswa go sele. Mme gone a Esethere o ne a ka lebelela gore a falole fa pogiso e simologa? Mo kgannyeng eno, Moredekai o ne a bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, yo o neng a se kitla a letla gore batho ba Gagwe ba nyelediwe e bile a se kitla a letla gore ditsholofetso tsa gagwe di se ka tsa diragadiwa. (Josh. 23:14) Go tswa foo Moredekai o ne a botsa Esethere jaana: “Ke mang yo o itseng gore o ka tswa o fitlheletse tlotlomalo ya segosi ka ntlha ya motlha o o ntseng jaana?” (Eseth. 4:12-14) Ruri Moredekai ke sekao se re tshwanetseng go se etsa! O ne a ikanya Modimo wa gagwe e bong Jehofa ka botlalo. A le rona re a mo ikanya?—Dia. 3:5, 6.

Tumelo e e Nonofileng go Gaisa go Boifa Loso

24. Esethere o ne a bontsha jang tumelo le bopelokgale?

24 Jaanong e ne e le nako ya gore Esethere a dire tshwetso. O ne a kopa Moredekai gore a laele Bajuda botlhe gore le bone ba itime dijo ka  malatsi a le mararo, a bo a konela molaetsa wa gagwe ka mafoko ano a a bontshang tumelo le bopelokgale, a a ntseng a boelediwa go tla go fitlha le gompieno: “Fa e le gore ke tla nyelela, ke tla nyelela.” (Eseth. 4:15-17) Mo malatsing ao a mararo, Esethere o tshwanetse a bo a ile a rapela ka tlhoafalo go feta le fa e le leng pele. Mme kgabagare nako ya go tsaya kgato e ne ya goroga. O ne a apara diaparo tsa gagwe tse dintle thata tsa segosi, a dira sotlhe se a ka se kgonang go kgatlha kgosi. Go tswa foo a wela tsela.

Esethere o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse batho ba Modimo

25. Tlhalosa se se neng sa direga fa Esethere a goroga kwa monneng wa gagwe.

25 Jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya kgaolo eno, Esethere o ne a ya kwa lolwapeng lwa kgosi. Re ka akanya fela gore o tshwanetse a bo a ne a akanya thata a tshogile e bile a rapela ka tlhoafalo. O ne a tsena mo lolwapeng, mme a ema mo a neng a kgona go bona Ahasueruse a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi. Gongwe Esethere o ile a leba sefatlhego sa ga Ahasueruse a leka go bona gore o tsogile jang—sefatlhego se mo matlhakoreng se neng se na le moriri o o lekalekanang le o o tlhokometsweng sentle le ditedu tse di beotsweng go nna khutlonnè. Fa e le gore o ile a tshwanelwa ke go leta, a ka tswa a ile a utlwa e kete o letile lobaka lo loleele thata. Mme gone nako e ne ya goroga—monna wa gagwe o ne a mmona. Ahasueruse o tshwanetse a bo a ne a gakgametse, le fa go ntse jalo, sefatlhego sa gagwe se ne sa nna botsalano. O ne a otlolola lore lwa gagwe lwa segosi lwa gauta!—Eseth. 5:1, 2.

26. Ke eng fa Bakeresetse ba boammaaruri ba tlhoka bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Esethere, mme ke eng fa seo e ne e le tshimologo fela ya tiro ya gagwe?

26 Ga go pelaelo gore kgosi e ne e tlile go reetsa Esethere. O ile a ikanyega mo Modimong mme a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse batho ba gaabo, ka go dira jalo a tlhomela batlhanka botlhe ba Modimo go fitlha gompieno sekao se se molemo sa tumelo. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba anaanela dikao tse di ntseng jalo. Jesu o ile a re balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba tla lemogiwa ka lorato lwa go intsha setlhabelo. (Bala Johane 13:34, 35.) Gantsi go bontsha lorato lo lo ntseng jalo go tlhoka bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Esethere. Le fa gone Esethere a ile a femela batho ba Modimo mo letsatsing leo, seo e ne e le tshimologo fela ya tiro ya gagwe. O ne a ka tlhatswa kgosi pelo jang gore mogakolodi wa yone yo e mo ratang e bong Hamane ke leferefere? O ne a ka boloka jang batho ba gaabo? Re tla sekaseka dipotso tseno mo kgaolong e e latelang.

^ ser. 2 Go akanngwa gore Ahasueruse e ne e le Serese I, yo o neng a busa Mmusomogolo wa Peresia mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.

^ ser. 9 Bona lebokose le le reng “Dipotso ka ga Esethere,” mo Kgaolo 16.

^ ser. 18 Hamane e ka tswa e ne e le mongwe wa Baamaleke ba bofelo, e re ka “masalela” a bone a ile a fedisiwa mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia.—1 Ditir. 4:43.

^ ser. 19 Hamane o ne a ntsha ditalenta tsa selefera di le 10 000, tse gompieno e ka nnang diranta di le dimilione di le makgolokgolo. Fa e le gore Ahasueruse e ne e le Serese I, madi ao a ga Hamane a ka tswa a ile a mo ngoka. Serese o ne a tlhoka madi a mantsi thata go ipaakanyetsa ntwa e a neng a sa bolo go batla go e lwa le Gerika, e kgabagare a neng a fenngwa botlhoko mo go yone.

^ ser. 22 Serese I o ne a itsege ka go fetofetoga maikutlo le go galefa thata. Rahisitori mongwe wa Mogerika e bong Herodotus o ne a kwala dikai tsa dilo dingwe tse di diragetseng fa Serese a ne a lwa le Gerika. Kgosi eno e ne ya laela gore go bewe dikepe di bapile gore di dire borogo jo bo kgabaganyang bodiba jwa metsi jwa Hellespont. Fa borogo jono bo sena go senngwa ke setsuatsue, Serese o ne a laela gore baenjenere ba ba neng ba bo dira ba kgaolwe ditlhogo, mme a re bodiba jwa metsi jwa Hellespont le jone bo “otlhaiwe.” Banna ba gagwe ba ne ba dira seo ka go itaya metsi fa mongwe a ntse a balela ditlhapa kwa godimo. Mo go lone letsholo leo, fa monna mongwe yo o humileng a ne a kopa gore morwawe a se ka a tsenela bosole, Serese o ne a laela gore morwa yoo a kgaoganngwe ka bogare mme mmele wa gagwe o bewe mo pontsheng gore e nne tlhagiso.